Kgaolo 1
Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go ‘Tlotla Rre le Mmè’?
“TLOTLA rrago le mmago.” Mo basheng ba le bantsi mafoko ano a utlwala jaaka selo sa Metlha ya Bogologolo.
Veda yo mmotlana o ne a simolola go tsuologela rraagwe a sa iphitlhe ka go ratana le mosimane mongwe yo o neng a dirisa diokobatsi ka mo go sa tshwanelang a bile a nwa bojalwa. Gape, ka lonyatso, o ne a ya tantsheng go fitlhelela a boa ka makuku a naka tsa kgomo. “Ke ne ke bona ekete o ne a gagamaditse molao thata,” Veda o tlhalosa jalo. “Ke ne ke na le dingwaga tse 18, mme ke ne ke akanya gore ke itse sengwe le sengwe. Ke ne ke bona ekete ntate o ne a le setlhogo ebile a sa batle fela gore ke je monate, jalo ke ne ka ya go dira seo ke neng ke batla go se dira.”
Gongwe basha ba le bantsi ga ba dumalane le ditiro tsa ga Veda. Lefa go le jalo, fa batsadi ba bone ba ba laolela gore ba phepafatse dikamore tsa bone, ba dire tiro ya bone ya mo gae, kana ba bo ba le mo gae ka nako e e rileng, ba le bantsi ba tenegela seo ka go ngala kana, se ebileng se le maswe go feta, ba dipela batsadi ba bone phatlalatsa! Lefa go le jalo, tsela e mosha o lebang batsadi ba gagwe ka yone kwa bokhutlong go ka raya eseng fela gore a go tla nna le ntwa kana le kagiso mo legaeng mme gape le botshelo jwa gagwe tota. Seno se ntse jalo ka gonne taolo ya go ‘tlotla batsadi ba gago’ e tswa kwa Modimong, mme o bontsha se se ka tlhotlheletsang go utlwa taolo eno ka go re: “Gore go tlè go nnè molemō mo go wèna, le gore o tshelè ka bolele mo lehatshiñ.” (Baefesia 6:2, 3) Ke kgang e e masisi eleruri. Ka jalo, a re lebeng ka tlhoafalo gore go tlotla rrago le mmago tota go kaya eng.
Seo se Kaiwang ke go ba “Tlotla”
Go “tlotla” go kopanyeletsa go sisimoga taolo e e tshwanetseng ya kafa molaong. Ka motlhala, Bakeresete ba laolelwa go ‘tlotla kgosi.’ (1 Petere 2:17) Lemororo o ka nna wa seka wa dumalana ka metlha le mmusi wa morafe mongwe, o santse o tshwanetse go tlotla boemo jwa gagwe kana maemo. Ka go tshwana, Modimo o neile batsadi bolaodi bongwe mo lelapeng. Seno se raya gore o tshwanetse go sisimoga tshwanelo ya bone eo ba e neilweng ke Modimo ya go go direla melao. Ke boammaaruri gore, batsadi ba bangwe ba ka tswa ba repisitse dikgole go na le ba gago. Lefa go le jalo, ke tiro ya batsadi ba gago go atlhola gore ke eng seo se leng molemo mo go wena—gape malapa a a farologaneng a ka nna le ditekanyetso tse di farologaneng.
Gape go boammaaruri gore le eleng batsadi ba ba molemo fela thata ba ka nna ba ba gatelelang ka dinako tse dingwe—le eleng go nna ditshele. Mme mo go Diane 7:1, 2 motsadi mongwe yo o botlhale o ne a re: “Morwaaka, [kana morwadiaka], . . . Tshegetsa ditaolō tsa me u tshelè.” Ka mo go tshwanang, melao ya batsadi ba gago, kana “ditaolō,” e diretswe go go thusa, gape ke bosupi jwa gore ba go rata le go amega ka wena ka boammaaruri.
Ka sekai, John o ne a boleletswe gangwe le gape ke mmaagwe gore ka metlha a dirise tsela ya dinao e e fetang fa godimo ga tsela ya mheru e e mela merataro e e gaufi le legae la ga bone. Letsatsi lengwe basetsana ba le babedi ba sekolo sa gagwe ba ne ba mo pateletsa go tsaya tsela e khutshwane ka go kgabaganya tsela eo. John o ne a tsaya tsela ya dinao a tlhokomologa dikgobo tsa bone tsa gore o “legatlapa!” Fa a le fa gare ga tsela eo, John o ne a utlwa modumo wa dithaere tsa koloi e e batlang go ema. Fa a leba kwa tlase, o ne a tshosiwa ke go bona basetsana ba babedi bao ba thulwa ke kara e bo e ba latlhela mo phefong! Go boammaaruri tota, gore go utlwa batsadi ba gago ka dinako tse dingwe ke kgang ya botshelo le loso. Lefa go ntse jalo, gantsi kutlo e go solegela molemo.
‘Go tlotla batsadi ba gago’ gape go raya go amogela kotlhao, eseng go khutloga, kana go shakgala fa o e neelwa. Ke lesilo fela le le ‘nyatsang kotlhao ya ga rraalone,’ go bolela jalo Diane 15:5.
Kwa bokhutlong, go bontsha tlotlo go kaya se se fetang fela go sisimoga mo go tlwaelesegileng kana go bontsha kutlo o ikgoga fela. Lediri la Segerika sa bogologolo leo le ranolwang ka gore “tlotlo” mo Bibeleng tota le raya go tsaya motho mongwe e le wa botlhokwa. Jalo batsadi ba tshwanetse go tsewa e le ba ba botlhokwa, ba ba kwa godimo, le ba ba rategang go wena. Seno se kopanyeletsa gore o nne bothitho mo go bone, le go ba anaanela. Lefa go ntse jalo, basha bangwe ga ba bothitho mo batsading ba bone gotlhelele.
Batsadi ba ba sa Itshwareng Sentle—A ba Tshwanetse go Tlotlwa?
Mosha mongwe yo o bidiwang Gina o ne a kwala jaana: “Rre o ne a nwa bojalwa fela thata, mme ke ne ke sa kgone go robala ka gore batsadi ba me ba ne ba ngangisana fela thata ba bile ba goela kwa godimo. Ke ne ke rapama mo bolaong fela ke ba ke lela. Ke ne ke sa kgone go ba bolelela kafa ke neng ke ikutlwa ka teng kaga gone ka gonne mmè o ne a ka nna a mpetsa. Bibela ya re ‘tlotla rrago,’ mme ga ke kgone.”
Batsadi ba ba bogale kana ba ba senang boitsholo jo bontle, bao e leng matagwa, kana bao ba omanang—a tota ba tshwanetse go tlotliwa? Ee, ka gonne Bibela e kgala go ‘sotliwa’ ga motsadi ope fela. (Diane 30:17) Diane 23:22 e re gakolola gape gore batsadi ba gago ba ‘go tsetse.’ Seno se le sosi se naya lebaka la go ba tlotla. Gregory, yo ka nako nngwe a neng a sena maitseo fela thata, jaanong a re: “Ke leboga Jehofa Modimo go bo [mmè] a se kile a senya mpa fa a ne a nkimile kana a ntatlhela mo kgamelong ya matlakala fa ke santse ke le ngwana. Ke motsadi yo o sa nyalwang, mme re ne re le barataro. Ke itse gore go ne go le boima mo go ene.”
Lemororo batsadi ba gago ba sa itekanela, le bone ba ithontshitse dilo dingwe go solegela wena molemo. “Ka nako nngwe dijo tseo re neng re na natso fela e ne e le mmidi o o mo tshitswaneng le mosutlhane,” ga tswelela jalo Gregory. “Mmè o ne a di fa rona bana, mme ene o ne a seka a ja. Ke ne ka ya go robala ke kgotshe, mme ke ne ka nna ka ipotsa gore ke ka ntlhayang fa Mmè a ne a sa je. Jaanong ka ke na le lelapa la me, ke lemoga gore o ne a ithontsha dilo go solegela rona molemo.” (Patlisiso nngwe e bontsha gore madi a a senngwang mo ngwaneng go fitlhelela a nna dingwaga tse 18 ke R159 360)
Gape, lemoga gore, ka go bo fela sekao sa motsadi mongwe se se molemo, seno ga se reye gore sengwe le sengwe seo a se go bolelelang se phoso. Mo motlheng wa ga Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba le bosula. Lefa go le jalo, Jesu o ne a raya batho bao a re: “Cotlhe tse ba di lo raeañ, lo di dihè, lo di tlhōkōmèlè: me lo se ka loa diha kaha ditihoñ tsa bōnè.” (Mathaio 23:1-3, 25, 26) A molao-motheo ono o ka se dirisiwe mo batsading bangwe?
Go Dirisana le Maikutlo a go Ngala
Go tweng fa o ikutlwa gore motsadi mongwe wa gago ga a dirise bolaodi jwa gagwe ka tshwanelo fela thata?a Wela dibete. Go tsuolola ga go na mosola, lefa e le kilo ya go ikgantsha. (Moreri 8:3, 4; bapisa Moreri 10:4.) Mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse 17 o ne a simolola go ngalela batsadi ba gagwe ka gore ba ne ba tlhola ba omanetse ruri ebile ekete ba mo tlhokomologile. O ne a bontshiwa gore go ba ngalela ga go a siama go ya ka melao-metheo ya Bibela eo batsadi ba gagwe ba neng ba lekile go e mo ruta. Fela ka go batla go ikgantsha, o ne a simolola go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo le go sa diriseng diokobatsi sentle. “Ke ne ke ikutlwa gore ke tshwanetse go gamola batsadi ba me,” o ne a tlhalosa jalo ka go galefa. Mme e ne ya nna ene yo o ikutlwisang botlhoko, fela ka go ikgantsha.
Bibela e tlhagisa jaana: “U itisè gore u seka ua timediwa ke boikganchō . . . U itisè, u se ka ua tlhōkōmèla boikèpō.” (Yobe 36:18-21) Lemoga gore batsadi ba ikarabelela go Jehofa ka baka la boitshwaro jwa bone le gore ba tla arabela tshiamololo epe fela e e masisi.—Bakolosa 3:25.
Diane 19:11 ya re: “Pharologanyō ea motho e mo dira gore a nnè bonya go galeha; le gōna ke kgalalèlō ea gagwè go tlhokomologa tlolō.” Ka dinako tse dingwe go botoka go leka go itshwarela le go lebala go utlwisiwa botlhoko ke motsadi. Go na le go tlhola o tlhokometse diphoso tsa gagwe, elatlhoko dinonofo tsa gagwe tse di molemo. Ka sekai, Dody o ne a na le mmè yo o neng a sa ele dilo tlhoko le rraagwe wa bobedi yo o neng a le letagwa. Elatlhoko kafa go nna le temogo mo ditlhaelong tsa bone go neng ga mo kganela gore a gakale ka gone. A re: “Gongwe mmè ga a ise a ko a re bontshe lorato ka gonne, jaaka ngwana yo o neng a sa tshwarwe sentle, o ne a ise a ko a rutiwe jalo. Rre wa bobedi o ne a kgatlhegela ditiro tsa rona fa a ne a sa nwa bojalwa, mme seo e ne e le ka sewelo fela. Lefa go le jalo, nna le morwadiarre ka metlha re ne re na le batlhokomedi le dijo mo setsidifatsing.”
Ka lesego, batsadi ba ba senang molao kana ba ba senang tlhokomelo ga ba bantsi thata. Kwantle ga pelaelo batsadi ba gago baa go kgatlhegela ebile ba leka go tlhoma sekao se se molemo. Lefa go le jalo, o ka nna wa ikutlwa o ba ngaletse ka dinako tse dingwe. “Ka dinako tse dingwe fa ke ne ke buisana bothata bongwe le Mmè mme a sa kgone go ntlhaloganya,” go ipolela jalo lekawana lengwe le le bidiwang Roger, “ke ne ke tenega fela thata mme ke ba ke bua sengwe ke ikgantsha fela go mo utlwisa botlhoko. E ne e le tsela ya me ya go mo gatisa kgoteletsa. Mme fa ke ne ke tloga fa go ene, ke ne ke ikutlwa ke sa ja monate, mme ke ne ke itse gore le ene o ne a sa itumela.”
Mafoko a a buiwang kwantle ga go akanya a ka ‘tlhaba’ le ‘go utlwisa botlhoko,’ mme ga a kitla a rarabolola mathata a gago. “Loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.” (Diane 12:18; 15:1) “Lemororo go ne go le thata, ke ne ke boela kwa go ene ke ba ke kopa maitshwarelo,” go tlhalosa jalo Roger. “Ke ne jaanong ke ka buisana bothata le ene ke wetse dibete, mme re ne re kgona go bo rarabolola.”
‘Seo Rre a Neng a se Bolela se ne se le Boammaaruri’
Ka mo go kgatlhisang, basha bangwe ba itshokodisa ba bo ba sokodisa le batsadi ba bone ka go gana ditaelo tsa batsadi ba bone, mme ba iponele moragonyana gore batsadi ba bone ba ne ba ntse ba bua boammaaruri. Ka sekai, akanyetsa Veda (yo o umakilweng kwa tshimologong). Letsatsi lengwe o ne a tsamaya le mosimane yo o neng a ratana nae ka kara. Mosimane yoo o ne a tagilwe ke motokwane le bojalwa fela thata. Kara eo e ne ya tswa mo tseleng mme ya thula kota ya motlakase e tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le 100 ka oura. Veda o ne a falola—a na le ntho e e maswe fela thata mo phatleng. Mosimane yo a neng a ratana nae o ne a mo tshabela, lefa e le go ya kwa sepatela go ya go mo thusa.
“Fa batsadi ba me ba ne ba goroga kwa sepatela,” ga ipolela jalo Veda, “ke ne ka ba bolelela gore sengwe le sengwe seo rre a neng a ntse a se bolela se ne se le boammaaruri le gore ke ka bo ke sa le ke mo reeditse. . . . Ke ne ke dirile phoso e kgolo thata, mme e ne e batlile e mpakela loso.” Morago ga seo, Veda o ne a dira diphetogo tse dikgolo fela thata mo boikutlong jwa gagwe go batsadi ba gagwe.
Gongwe le wena go ka anaanelwa fa o ka dira diphetogo dingwe. Eleruri gongwe ‘go tlotla batsadi ba gago’ go ka lebega e le mogopolo wa bogologolo. Mme ga se selo se sentle go se dira fela gape ke selo se se siameng go se dira mo matlhong a Modimo. Lefa go le jalo, go tweng fa e le gore o batla go bontsha batsadi ba gago tlotlo mme o ikutlwa o sa tlhaloganye kana gongwe o imelwa ke dithibelo? Mma re tlhatlhobise kafa o ka tokafatsang seemo sa gago ka gone mo maemong a a ntseng jalo.
[ntlha e e kwa tlase]
a Fano ga re bue ka dikgang tsa go itewa le tshokamiso ya tlhakanelo-dikobo tseo mosha a ka nnang a tlhoka go batla thuso ya batho bao ba nang le kitso kaga tsone bao eseng ba mo lelapeng.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 1
◻ Go tlotla batsadi ba motho go raya eng?
◻ Ke ka ntlhayang fa batsadi ba dira melao e mentsi jaana? A melao eo e ka go solegela molemo?
◻ A o tshwanetse go tlotla batsadi ba gago fa boitshwaro jwa bone bo na le mokgobo? Ka ntlhayang?
◻ Ditsela dingwe tse di nang le matswela tseo o ka dirisanang le go ikutlwa o na le go ngalela batsadi ba gago ka dinako dingwe ke dife? Ditsela dingwe tsa boeleele ke dife?
[Mafoko a a mo go tsebe 16]
“Ke ne ke akanya gore rre o ne a le setlhogo ebile a sa batle fela gore ke je monate, jalo ke ne ka ya go dira seo ke neng ke se rata”
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
O tshwanetse go leba melao ya batsadi ba gago jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
A o tshwanetse go tlotla batsadi bao boitshwaro jwa bone bo nang le mokgobo fela thata?