LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 4/8 ts. 20-25
  • Go Tlhokomela Batsofe—Bothata Jo Bo Golelang Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhokomela Batsofe—Bothata Jo Bo Golelang Pele
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Magae a go Tlhokomela Batsofe A Tlhokafala
  • “Chwanèlō Eotlhe ea Motho”
  • Ba Nosi Mme Ga ba A Lebalwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Lelapa la Bokeresete le Thusa Batsofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Tlhokomela Batsofe—Boikarabelo Jwa Bakeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 4/8 ts. 20-25

Go Tlhokomela Batsofe—Bothata Jo Bo Golelang Pele

GO NA le polelo nngwe e e buang kaga mosetsanyana mongwe yo o neng a botsa mmaagwe jaana: “Ke ka ntlha yang fa Mmèmogolo a jela mo mogotswaneng mme rona rotlhe re jela mo dijaneng tsa rona tse dintle?” Mmaagwe o ne a tlhalosa ka go re: “Diatla tsa ga Mama di a roroma, mme a ka nna a diga dijana tsa rona tse dintle mme a di thuba, ka jalo o dirisa mogotswana mo boemong jwa tsone.” Fa a sena go akanya ka seno ka nakwana, mosetsanyana o ne a botsa a re: “Jalo a o tla mpeela mogotswana ono gore ke go tsholele mo go one fa ke sena go gola?” Go akanya ka dilo tse di tla diragalang gono go ka nna ga bo go ile ga dira gore mmè yono a gamarege, le eleng go tenega go sekae. Mme lefa go ntse jalo fa a sena go akanya ka seno, gape go ka nna ga bo go ile ga mo dira gore a nne le tsholofelo—eleng ya gore mosetsanyana wa gagwe o ne a rulaganyetsa go mo tlhokomela!

Ditebelelo tsa batsofe ba le bantsi di ka nna tsa bo di sa kgatlhise thata jalo. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe jaanong ke bone karolo e e golang ka bofefo go di feta tsotlhe ya baagi. World Press Review ya August 1987 e ne ya bega gore batho ba ka nna dimilione tse 600, eo e neng e le 12 lekgolong ya palo ya batho mo polaneteng eno yotlhe ka nako eo, ba ne ba na le dingwaga tse di fetang 60 ka nako eo.

Kwa United States, palo ya batsofe e gola ka bofefo thata go feta ya basha ba dingwaga tsa bolesome e le lantlhantlha go diragala jalo. Mokwaladikgang wa saense wa pampiri nngwe ya dikgang ya kwa New York City o ne a bega jaana: “Baamerika ba le dimilione di le somamararo jaanong ba na le dingwaga tse 65 kana go feta—a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba rona ba le robedi, eleng palo e e fetang eo e kileng ya nna teng pele, mme: Palo ya batho ba ba godileng e gola ka bofefo go menagane gabedi go feta ya baagi botlhe. . . . Ka 1786 Baamerika ka kakaretso ba ne ba lebelela go tshela dingwaga tse 35. Ngwana wa Moamerika yo o tshotsweng ka 1989, o na le tebelelo ya go tshela dingwaga tse 75.”

Kwa Canada palo ya batho ba ba tsofetseng thata, ba dingwaga tse 85 go ya kwa godimo, go solofelwa gore e tla oketsega go menagane gararo kwa bokhutlong jwa lekgolo leno la dingwaga.

Dingwaga di le lekgolo tse di fetileng kwa Yuropa, palo ya batsofe e ne e le 1 lekgolong fela ya baagi botlhe. Palo ya bone e ile ya gola thata mme gompieno ke 17 lekgolong.

Pego nngwe ya U.S. Census Bureau eo e neng e bega kaga “Aging in the Third World” (Botsofe mo Mafatsheng A A Tlhabologang) e ne ya re: “Nnètlhanong ya koketsego ya batho ba ba godileng e diragala mo Mafatsheng A A Tlhabologang.”

Masome a manè a dingwaga a a fetileng Ba-China ba ne ba ka lebelela go tshela dingwaga di ka nna 35. Erile ka 1982 palo eo ya bo e tlhatlogetse kwa go dingwaga tse 68. Gompieno Ba-China ba feta dimilione tse 90 ba balelwa gare ga batsofe, mme go akanngwa gore e tla re kwa bofelong jwa lekgolo leno la dingwaga, palo eo e tla tlhatlogela go dimilione di le 130, kana 11 lekgolong ya baagi botlhe.

Boiteko Jo Bo Kgethegileng jwa go Tlhokomela Batsofe ba Gago

Ereka palo ya batho ba ba tsofetseng thata e ntse e gola ka bofefo lefatshe ka bophara jaana, kgang e e akabatsang ya gore ba ka tlhokomelwa jang e nna e e potlakileng le go feta. Mo metlheng ya go kwalwa ga Bibela bothata jono bo ne bo se bokete thata jaana. Ba ne ba na le malapa a magolo, koo bana, batsadi, le borremogolo le bommemogolo ba neng ba nna mmogo teng. Bana le borraabomogolo le bommaabomogolo ba ne ba dirisana ka tsela eo e neng e ba solegela molemo botlhe, mme batsadi ba ne ba kgona go tlamela ka dilo tse di bonalang tse di tlhokafalang mme ba tlhomamisa gore tlhokomelo epe fela e e kgethegileng eo batsofe ba neng ba e tlhoka mo lapeng ba ne ba e neelwa. Malapa a magolo a a ntseng jalo ao a tlhokomelang batsofe a ntse a dira mo dinageng dingwe le gompieno. (Go bona dikai, tsweetswee leba lebokoso le le mo tsebeng 24.) Mme lefa go ntse jalo seo ga se a nna jalo mo merafeng e e itsholetseng koo lelapa e leng batsadi le bana fela. Fa bana ba gola mme ba bo ba nyala ba nna le bana ba bone, gantsi ba lebana le bothata jwa go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng, ba ba bokoa, mme gantsi ba lwala bolwetsi jo bo ganang go fola.

Mo tsamaisong eno ya jaanong ya dilo, go dira seno e ka nna bothata jo bo boima eleruri! Go ntse go sa ratege jaana, tlase ga maemo a ga jaanong a tsa itsholelo, go ka nna ga tlhokafala gore batsadi ka bobedi jwa bone ba bereke. Dijo di a tura, dirente di kwa godimo, ditshupamolato le tsone di a tsena. Tota le one madi ao a amogelwang ke batho ba le babedi a ka tswa diphuka ka bonako fela. Fa e le gore mmè wa lelapa ga a bereke, a ka nna a bo a tshwaregile ka go tlhokomela bana, go reka, go phepafatsa—tiro eo ka boyone e leng ya letsatsi lotlhe. Seno ga se reye gore motsadi, kana batsadi, ba ba tsofetseng ga ba a tshwanela go tlhokomelwa mo gae. Seo se se rayang ke gore e ka nna tiro e e bokete tota. Batsofe ba na le go nna le matlhoko le go tshwarwa ke ditlhabi, mme go a utlwala gore ka dinako tse dingwe ba bo ba nnela go ngongorega mme ba kgopisega ka bonako, ba se botsalano mme ba sa bontshe go thama ka metlha. Ga go sepe mo go tseno se se rayang gore ga go a tshwanelwa gore go itekwe ka gotlhe mo go ka kgonegang ka gone gore go tlhokomelwe motsadi yo o tsofetseng mo gae.

Gantsi, boikarabelo jono bo rwalwa ke bomorwadiabone ba ba santseng ba le teng. Dipatlisiso di le dintsi di ile tsa senola gore lemororo banna ba ka tlamela ka madi, basadi ke bone bao totatota ba ba tlhokomelang ka go ba direla dilo ka namana. Ba apeela batsofe dijo—gantsi ba bo ba ba jesa—ba a ba tlhapisa le go ba apesa, ba a ba apola ba ba apesa diaparo tse dingwe, ba ba isa kwa dingakeng le kwa dikokelong ka dikoloi, ba tlhomamisa gore ba fiwa melemo e ba e tlhokang. Gantsi ke bone matlho, ditsebe, le megopolo ya batsadi ba bone ba ba tsofetseng. Ba dira namane e tona ya tiro, mme go bo ba iketleeleditse go e dira go sa kgathalesege mathata eleruri ke sengwe sa go ka akgolelwa mme go itumedisa Jehofa Modimo.

Go ya ka Carl Eisdorfer, M.D., Ph.D., eleng mokaedi wa Center on Adult Development and Aging kwa University of Miami, kwa Florida, U.S.A., tumelo ya gore bontsi jwa bana ba ba godileng ba isa batsadi ba bone ba ba tsofetseng kwa legaeng la go tlhokomela batsofe gore ba ye go feleletsa dingwaga tsa bone koo ga e boammaaruri le eseng. “Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore tlhokomelo e kgolo e e neelwang batsofe e neelwa ke ba malapa a bone,” o ne a rialo.

Dipalopalo di supela mafoko a gagwe. Ka sekai, 75 lekgolong ya batho bao ba neng ba botsolodiwa kwa United States ba ne ba bolela gore ba ne ba ka batla gore batsadi ba bone ba nne le bone, fa e le gore ga ba tlhole ba kgona go nna ba le bosi. “Seno se tlhomamisa gore malapa a batla go itlhokomelela batsofe ba one,” go ne ga rialo Dr. Eisdorfer. Mme pego nngwe mo makasineng wa Ms. e ne ya re: “Ke 5 lekgolong fela ya batho ba ba dingwaga di fetang 65 bao ba leng mo magaeng a go tlhokomela batsofe ka gonne batsofe le bontsi jwa ba losika ba rata legae bogolo go go tlhokomelwa ke setheo se se tlhokomelang batsofe.”

Kgang e e latelang e bontsha kafa bangwe ba tsayang matsapa ka gone gore ba tlhokomele motsadi yo o tsofetseng. Pego eno e tswa kwa moemeding mongwe yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa mme a etela diphuthego go ralala United States. O tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba neng ba ititeile sehuba ka gone gore ba nne le mmaagwe mosadi wa gagwe wa dingwaga tse 83 go na le gore ba mmeye mo legaeng la go tlhokomela batsofe. “Ke ne ka gakologelwa polelwana,” o ne a akgela jalo, “ya gore mmè a le mongwe fela o ne a ka tlhokomela bana ba le 11, mme lefa go ntse jalo bana ba le 11 ba ne ba ka se ke ba tlhokomele mmè a le mongwe fela. Mme gone, rona ka bobedi re ne re ititeile sehuba gore re ne re tla tlhokomela mmaarona yo o mongwe fela yo o tsofetseng. Lemororo bolwetsi jwa Alzheimer e ne e le gone bo santseng bo mo simologa, o ne a sepela le rona mo kharabeneng.

“La ntlha o ne a tsamaya le rona fa re ne re rera molaetsa wa Bogosi ka ntlo le ntlo. Moragonyana re ne ra tshwanelwa ke gore re mo tsamaise ka kolotsana ya digole. Beng ba matlo ba ne ba lebega ba anaanela kafa re neng re mo tlhokomela ka gone. Ka dinako tse dingwe o ne a ka bua dilo tse eseng tsone, mme lefa go ntse jalo re ne re se ke re mo tlhabisa ditlhong ka go mo tshwaya diphoso. Lefa go ntse jalo, e ne e ntse e le motho wa metlae. E ne ya re fa ke mo tlhagisa ke re, ‘Watch your step, Mother,’ a bo a araba ka go re, ‘I don’t have a stepmother.’ Re ne ra mo tlhokomela go fitlhelela a swa, a na le dingwaga di le 90.”

Fa Magae a go Tlhokomela Batsofe A Tlhokafala

Batsofe ba ka nna dimilione tse pedi ba nna mo magaeng a go tlhokomela batsofe kwa United States. Lefa go ntse jalo, gantsi e a bo e se go “latlha bagolo ka go tlhoka bopelotlhomogi,” jaaka fa bangwe ba ile ba bitsa go baya batsofe kwa magaeng a go tlhokomela batsofe. Go na le moo, gantsi e a bo e le yone fela tsela eo ka yone ba ba sa kgoneng go itlhokomela ba ka bonang tlhokomelo e e lekaneng. Gantsi, bana ba batsofe ga ba kake ba kgona go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng, bao bontsi jwa bone ba ka nnang ba bo ba gateletswe thata ke bolwetsi jwa Alzheimer kana ba sa kgone go tsoga mo bolaong ka ntlha ya bolwetsi bongwe fela jo bo koafatsang jo bo tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng ya bosigo le motshegare. Mo maemong a a ntseng jalo magae a go tlhokomela batsofe e ka nna one fela mafelo a a ka kgonang go fitlhelela ditlhokafalo tseno tse di kgethegileng.

Morongwa mongwe wa Mokgatlho wa Watch Tower kwa Sierra Leone, mo Afrika, o ne a bolela kafa mmaagwe a neng a utlwa botlhoko ka gone fa a ne a tshwanelwa ke gore a ise mmaagwe kwa legaeng la go tlhokomela batsofe: “Maloba jaana mmè kwa Florida o ne a isa mmaagwe, ebong Helen, kwa legaeng la go tlhokomela batsofe. E ne e le phetso e e bokete thata mo go ene. O ne a ile a tlhokomela Helen dingwaga di le nnè, mme jaanong Helen o ne a tlhoka gore a tlhokomelwe ka go okiwa ka dinako tsotlhe. Ditsala tsa ga mmè, ba lelapa, le badirediloago ba ba farologaneng le dingaka botlhe ba ne ba ema mogopolo wa go isa Helen kwa legaeng la go tlhokomela batsofe nokeng, mme lefa go ntse jalo e ne e ntse e le phetso e e bokete thata go e dira. Mmè o ne a akanya gore ereka mmaagwe a ne a ile a mo tlhokomela e santse e le ngwana, jaanong go ne go tshwanela gore a tlhokomele mmaagwe fa a setse a tsofetse—e le tuelo, kana ‘go leboga,’ goo moaposetoloi Paulo a neng a buile ka gone. Lefa go ntse jalo, go ne ga direga gore Helen a tlhokomelwe botoka kwa legaeng la go tlhokomela batsofe go na le jaaka fa a ka bo a ne a le kwa legaeng la ga mmè.”—1 Timotheo 5:4.

Mosupi yo mongwe, yo o berekang kwa ntlongkgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a bolela malebana le kafa rraagwe a neng a tlhaselwa ke kankere ka gone. “Papa e ne e le Mosupi yo o tlhagafetseng ka lobaka lo lo fetang dingwaga tse 30. Mo dingwageng tsa bofelo tse robong tsa botshelo jwa gagwe, o ne a tshwerwe ke kankere. Nna le mosadi wa me re ne re dirisa malatsi a rona a boikhutso re na le ene mme re tsaya malatsi a maleele re sa bereke gore re nne le ene mme re mo thuse. Ba bangwe ba losika ba ne ba thusa ka ditsela tse di farologaneng. Mme lefa go ntse jalo ka nako eo, gantsi o ne a tlhokomelwa ke mosadi wa gagwe le ke morwadie yo o nyetsweng yo o neng a agelane le bone. Gape o ne a etelwa ke maloko a phuthego ya Basupi eo a neng a ile a kopanela le yone. Mo dingwageng tse pedi tsa bofelo, o ne a tshela ka go nna a tswa a tsena mo kokelong, mme mo dikgweding tse tlhano tsa bofelo, o ne a nna mo legaeng la go tlhokomela batsofe ka mo go oketsegileng koo a neng a ka bona tlhokomelo e e kgethegileng eo a neng a e tlhoka teng.

“Phetso ya gore re mo fuduse mo gae re mo ise kwa legaeng la go tlhokomela batsofe e ne ya dirwa ke lelapa, le ene a tsaya karolo. O ne a fetsa ka gore go tlhokomelwa ga gagwe mo gae ke ba lelapa go ne go setse go nna bokete thata, ebile go sa kgonege. ‘Go tlile go lo koafatsa lotlhe fela!’ o ne a rialo. ‘Ke nako ya gore ke ye kwa legaeng leno le le tlhokomelang batsofe ka mo go oketsegileng. Go tla nna botoka mo go lona; le mo go nna.’

“Ka jalo o ne a tsamaya. Mo karolong e kgolwane ya dingwaga tseno tse robong, lelapa le ne le ile la mo tlhokomela, mme ya re labofelo go sena sepe se sele se se ka dirwang a isiwa kwa legaeng la go tlhokomela batsofe ka mo go oketsegileng gore a tle a bone tlhokomelo ya bosigo le motshegare eo a neng a e tlhoka, e e fitlhelelang ditlhokafalo tsa gagwe.”

Fa legae la go tlhokomela batsofe le tlhokafala go neela tlhokomelo e e lekaneng, e le ka go bo go sena sepe se sele se se ka dirwang, lelapa le tshwanetse go batla legae le le phepa le mo go lone go direlang batlhokomedi ba ba pelonomi mme ba na le bokgoni. Fa ka mokgwa mongwe go ka kgonega, rulaganyetsang gore a nne le moeng letsatsi le letsatsi—leloko lengwe la lelapa, mongwe go tswa mo phuthegong, lefa e le go mo leletsa mogala fela—gore motho yo o tsofetseng a se ka a ikutlwa a tlhokomologilwe, a lebetswe, a le nosinosi fela, mme a akanya gore ga go na ope yo o kgathalang ka ene. Fa ba bangwe mo legaeng la go tlhokomela batsofe ba nna le baeng, mme moratiwa wa lona ene a sa tlholwe ke ope—seno se ka kgoba marapo tota. Ka jalo lekang go tlhola motho yono ka metlha. Mo eteleng. Mo reetseng. Rapelang le ene. Seno se se boletsweng la bofelo se botlhokwa thata. Lefa a lebega a idibetse kidibalo e kgolo, rapela fela. O ka se ke o itse gore a ka tswa a utlwa sengwe go le kana kang!

Fa lo dira diphetso mabapi le batsadi, lekang go di dira le bone go na le go ba di direla. Dirang gore ba ikutlwe gore ba santse ba laola matshelo a bone. Neelang thuso e e tlhokegang ka lorato le bopelotelele le kutlwisiso ka mo lo ka kgonang ka gone. Ke yone nako ya go duela, jaaka fa moaposetoloi Paulo a kwadile, seo re se kolotang batsadi ba rona le borremogoloarona le bommemogoloarona.

“Chwanèlō Eotlhe ea Motho”

Mo lesukasukeng la lefatshe leno la segompieno, go motlhofo gore batsofe ba kgaphelwe kwa morago mo botshelong. Basha bao ba sa tswang go tsena mo lobelong mme ba itlhaganeletse go tswelela le matshelo a bone ke bone bao segolobogolo, ba ikutlwang gore batsofe ba a ba kgoreletsa, gore ga ba sa tlhole ba na le mosola. Gongwe rotlhe re tshwanetse ra ema mme ra akanya: Gone mme ke eng se se supang gore botshelo bo na le mosola? Go motlhofo gore basha ba bone matshelo a batsofe a sena boleng mme a bone ba a kgomaretse boleng jo bo kwa godimo.

Lefa go ntse jalo, ga se ba ba tsofetseng le ba ba bokoa fela bao ba ka nnang le seabe se sebotlana kana ba ka se nneng le seabe gotlhelele mo dilong tse di lebegang e le tsa botlhokwa. Kgosi Solomone mo bukeng ya Moreri o ne a bitsa ditiro tsa batho ka kakaretso kgapetsakgapetsa a re ke boithamako. O ne a bua ka basha le matlhagatlhaga a bone a nakwana mme a bontsha kafa mebele ya bone e tla koafalang ka gone fa dingwaga di ntse di ya fela jaaka fa go setse go ntse ka mebele ya batho ba bangwe ba le dimilione. Botlhe ba felela e le lerole mme ba tshwanelwa ke tlhaloso eno: “Boithamakō yoa maithamakō,” go ne ga rialo Solomone. “Gotlhe ke boithamakō hèla.”—Moreri 12:8.

Mme lefa go ntse jalo o ne a galaletsa mafoko a ba ba botlhale mme a sobokanya dikakgelo tsa gagwe kaga botshelo mo mafokong ano: “Bokhutlō yoa mahoko ke yo; go utlwilwe gotlhe: Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.” (Moreri 12:13) Eo ke yone tsela ya go nna le botshelo jo bo nang le mosola, eseng gore o mosha kana o godile go le kana kang kana gore o nna le seabe sa mofuta mang mo lefatsheng leno le legologolo le le fetang la dilo tse di bonalang.

Jesu o ne a neela molaomotheo ono o o kaelang o jaanong o bidiwang Molao wa Sekagauta, gore re laole dikamano tsa rona le batho ba bangwe ka one: “Ka dinako tsotlhe o tshware ba bangwe kafa o ka ratang ba go tshwara ka gone.” (Mathaio 7:12, The New English Bible) Go diragatsa taolo eo, re ṡhwanetse gore re kgone go ipaya mo boemong jwa motho yo mongwe, go bona gore re ne re ka rata go tshwarwa jang fa re ne re le mo boemong jo a leng mo go jone. Fa re tsofetse ebile re le bokoa mme re tlhoka thuso, re ka rata go tshwarwa jang ke mongwe wa bana ba rona? A re tla duelela batsadi ba rona go bo ba ile ba re tlhokomela le go re ema nokeng ka dingwaga tse 20 tsa fa re ne re le bana ba ba sa kgoneng go itira sepe ka go ba tlhokomela jaanong ka ba sa kgone go itira sepe ka ntlha ya botsofe?

Fa re lebelela kafa batsadi ba rona ba ba tsofetseng ba tlhokang thuso ka gone, gongwe re tla tlhatlhoba malatsi a rona a fa re ne re santse re le bana mme ra gakologelwa sotlhe seo ba se re diretseng fa re ne re sa le masea, re le bana, ba re tlhokomela fa re ne re bolawa ke malwetsi a bana, ba re jesa le go re apesa, ba re isa maitisong gore re itumele jaaka bana. Go tsweng foo, ka ntlha ya go amega ka lorato ka botsogo jwa bone, batlisisa gore ke eng se se siametseng go fitlhelela ditlhokafalo tsa bone.

Seo e ka nna go dira dithulaganyo tsa gore fa ka mokgwa mongwe go ka kgonega ba nne mo gae. Mo letlhakoreng le lengwe, thulaganyo e e molemolemo mo go botlhe ba ba kopanyelediwang, go akaretsa le batsadi ba ba tsofetseng, e ka tswa e le lefelo la go tlhokomela batsofe ka mo go oketsegileng kana legae la go tlhokomela batsofe. Lefa go dirilwe phetso epe fela, e tshwanetse go tlotliwa ke ba bangwe. Jaaka fa re bolelelwa: “Ana u [atlholelang] oa ga eno? u bile u nyaletsañ oa ga eno?” mme gape: “Wèna u bo u le mañ eo u [atlholang] oa ga eno?”—Baroma 14:10; Yakobe 4:12.

Lefa e ka nna eng se e ka tswang e le sone se tshwanelang batsadi ba ba tsofetseng, ekane e le gore ba nne le bana ba bone kana ba nne mo legaeng la go tlhokomela batsofe, fa dikgono tsa bone tsa tlhaloganyo di santse di siame, ba ntse ba ka nna le botshelo jo bo mosola. Ba ka ithuta ka boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore batho botlhe bao ba mo utlwang ba tshelele ruri ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise. Ba ka nna le tiro e ntšha ya botshelo jotlhe, e e itumedisang mme e kgotsofatsa ya go direla Mmopi wa bone, Jehofa Modimo. Eno he e nna nako e e nang le boikaelelo le e e itumedisang le go gaisa mo matshelong a bone. Bangwe e ile ya re mo dingwageng tsa bone tsa bogodi, eleng ka nako eo ba bangwe ba a bong ba tlhobogile botshelo ka bojone ka yone, ba simolola go itse kaga ditsholofetso tsa ga Jehofa tsa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo e e sa feleng mme ba ile ba itumedisiwa ke sengwe se sesha eleng go bua le batho ba bangwe kaga tsholofelo eo.

Re konela ka go fa sekai sa seno. Mosadi mongwe wa kwa California, erile a na le dingwaga tse 100, mooki mongwe kwa legaeng la go tlhokomela batsofe a mo itsise kaga masego ano a a solofeditsweng, mme ya re a na le dingwaga tse 102, a kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a wetsa botshelo jwa gagwe, eseng ka maitlhomo a a suleng a ‘boithamako jwa maithamako,’ mme ka go diragatsa ‘tshwanelo yotlhe ya botshelo’ ya gagwe, eleng, ‘go boifa Modimo wa boammaaruri le go tshegetsa ditaolo tsa gagwe.’

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 22]

Ga twe bogologolo mmè a le mongwe fela o ne a kgona go tlhokomela bana ba le 11; jaanong bana ba le 11 ga ba kgone go tlhokomela mmè a le mongwe fela

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Go Bontsha Tlotlo ka go Tlhokomela Batsofe—Dikakgelo Tse di Tswang go Dikologa Lefatshe

“Kwa Afrika go na le dipaakanyetso di sekae tse puso e di diretseng batsofe mme fa gongwe ga di yo gotlhelele—ga go na magae a go tlhokomela batsofe, ga go na dithuso tsa tlhokomelo ya tsa Kalafi kana tsa Pabalesego ya Loago, ga go na dipenšene. Batho ba ba tsofetseng ba tlhokomelwa ke bana ba bone.

“Lebaka la konokono la go bo go tshola bana go le botlhokwa thata jaana mo bathong ba dinaga tse di tlhabologang ke gore bana ba bone ba tla tsoga ba ba tlhokomela ka moso. Le eleng batlhoki ba tshola bana ba le bantsi, ba ntsha lebaka la gore fa ba nna le bana ba le bantsi, go ka direga gore ba bangwe ba tswelele ba ntse ba tshela mme ba ba tlhokomele.

“Lemororo ditekanyetso di fetoga kwa Afrika, ka kakaretso, malapa a tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela batsofe ba bone ka masisi. Fa go sena bana, maloko a mangwe a lelapa a a ba tlhokomela. Gantsi bao ba neelang tlhokomelo ba na le itsholelo e e kwa tlase, mme ba abelana nabo seo ba nang le sone.

“Tsela e nngwe eo bana ba tlhokomelang batsadi ba bone ka yone ke ka go ba adima bana ba bone. Gantsi ditlogolwana ke tsone di berekang mo ntlong.

“Mo dinageng tse di tlhabologileng, batho ba tshela ka boleejana ka ntlha ya dikgatelopele tse di dirilweng mo go tsa kalafi. Mo dinageng tse di tlhabologang, ga go a nna jalo. Batlhoki ba swa ka go bo ba sa kgone go duelela le eleng yone thuso e potlana ya kalafi e eleng teng. Seane sengwe se se buiwang kwa Sierra Leone se a re: ‘Motlhoki ga a lwale.’ Ke go re, ereka motlhoki a sena madi a kalafi, e kane o tsogile sentle kana o sule.”—Robert Landis, morongwa kwa Afrika.

“Kwa Mexico batho ba tlotla batsadi ba ba tsofetseng fela thata. Batsadi ba nna ba le nosi mo magaeng a bone fa bomorwaabo ba nyala, mme lefa go ntse jalo fa batsadi ba tsofala mme ba tlhoka thuso, bana ba ba tseela mo magaeng a bone mme ba ba tlhokomela. Ba ikutlwa ba tlamega go dira seno.

“Go tlwaelegile go bona rremogolo le mmemogolo ba nna mo legaeng le le lengwe fela le barwa ba bone le ditlogolwana tsa bone. Ditlogolwana di rata rraabonemogolo le mmaabonemogolo mme ba a ba tlotla. Lelapa le kitlane tota.

“Kwa Mexico magae a go tlhokomela batho ba ba tsofetseng ga a mantsi ka gonne barwa le barwadi ba tlhokomela batsofe. Fa go na le barwa ba le bantsi, fa gongwe morwa wa bofelo go nyala o sala mo gae mme a nne le batsadi.”—Isha Aleman, go tswa kwa Mexico.

“Kwa Korea re rutiwa kwa gae le kwa sekolong gore re tlotle batho ba ba tsofetseng. Mo lelapeng morwa yo mogolo o tshwanetse go tlhokomela batsadi ba gagwe ba ba tsofetseng. Fa a sa kgone go ba tlamela, morwa yo mongwe kana morwadi o tla dira jalo. Banyalani ba le bantsi ba nna le batsadi ba bone ba ba tsofetseng mo ntlong e le nngwe fela le go ba tlhokomela. Batsadi ba lebelela gore ba tla nna le bana ba bone, mme ba rata go laela ditlogolwana tsa bone le go di tlhokomela. Go lejwa e le matlhabisaditlhong gore banyalani ba basha ba ise batsadi ba bone ba ba tsofetseng kwa legaeng la go tlhokomela batsofe.

“Rre e ne e le ene morwa yo mogolo, mme re ne re nna le rraaronamogolo le mmaaronamogolo mo ntlong e le nngwe fela. E ne e re fa re ya gongwe, re bo re ba bolelela gore re ya kae le gore re tla boa leng. Fa re boela gae, re ne re tsena ka phaposi ya bone pele mme re ba dumedisa re obile ditlhogo re bo re ba itsise gore re boile ka gonne ba ne ba tshwenyegile kaga lelapa lotlhe gore le ntse le tsoga jang.

“Fa re ne re ba neela sengwe, re ne re tshwara selo seo ka diatla tsoopedi. Ga se maitseo go neela batho ba ba tlotlegang sengwe ka seatla se le sengwe fela, batho ba ba tshwanang le batsadi, borremogolo le bommemogolo, barutabana, kana badiredi ba maemo a a kwa godimo ba ba direlang setšhaba. Fa re ne re ja dijo tse di kgethegileng, re ne re tsholela rremogoloarona le mmemogoloarona pele.

“Go tlotla batsofe ga go a lebisa mo malokong a lelapa fela mme go akaretsa batsofe botlhe. Go tloga kwa sekolong se sepotlana go ya kwa go se segolwane, go na le dithuto tse di rutang boitshwaro. Mo thutong eo, re ne re ithuta ka go bolelelwa mainane kana ka go rutiwa fela ka tlhamalalo kafa re ka tlhomphang le go tlotla batsofe ka gone.

“Fa motho yo o tsofetseng a tsena mo phaposing, basha ba tshwanetse go ema ka dinao. Fa motho yo mosha a ntse mo setulong sa bese mme monnamogolo kana mosadimogolo a sena senno, go tlwaelegile gore mosha a mo sutele mo setulong. Fa monnamogolo a tshotse morwalo o o lebegang o le bokete thata, o tshwanetse gore o eme mme o mmotse gore a o tlhoka thuso kana nnyaa. Fa a re ee, o mo isetsa morwalo oo kwa a yang gone.

“Fela jaaka fa Bibela e boleletse pele, mo malatsing ano a bofelo a tsamaiso eno ya dilo, ditekanyetso tsa boitsholo di ne di tla senyegela pele letsatsi le letsatsi. Korea le yone e angwa ke tlhotlheletso eno. Go ntse go le jalo, mofuta ono wa boikutlo jwa go tlotla batsofe o santse o le teng mo dipelong tsa Ba-Korea ba le bantsi.” (2 Timotheo 3:1-5)—Kay Kim, go tswa kwa Korea.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go etela batsofe ga se go senya nako

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela