LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fy kgao. 15 ts. 173-182
  • Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo
  • Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO LEMOGA SE BA SE TLHOKANG MO MAIKUTLONG
  • GO THUSA KA DILO TSE DI TLHOKEGANG TSA SENAMA
  • LORATO LE GO INTSHA SETLHABELO
  • SUPA KAMEGO LE KUTLWELOBOTLHOKO
  • GO NNA LE BOIKUTLO JO BO SIAMENG
  • BATLHOKOMEDI LE BONE BA TLHOKA TLHOKOMELO
  • NONOFO E E FETANG E E TLWAELEGILENG
  • Baebele e a Reng ka go Tlhokomela Batsadi ba ba Godileng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Tlhokomela Bagodi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Go Tlhokomela Batsofe—Bothata Jo Bo Golelang Pele
    Tsogang!—1991
  • Tlotlang Batho ba ba Tsofetseng mo Gare ga Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
fy kgao. 15 ts. 173-182

Kgaolo ya Lesometlhano

Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo

1. Re kolota batsadi ba rona eng, mme ka gone re tshwanetse go ikutlwa jang ka bone le go ba direla eng?

“REETSA rraago yo o go tsetseng, o bo o se ka wa nyatsa mmaago fa a tsofetse,” monna yo o botlhale wa bogologolo o ne a gakolola jalo. (Diane 23:22) ‘Ga nkitla ke bo ke dira jalo!’ o ka nna wa rialo. Go na le gore re nyatse bommaarona—kana borraarona—bontsi jwa rona re ba rata thata. Re lemoga gore re ba kolota go le gontsi thata. Sa ntlha, batsadi ba rona ba re belege. Lefa gone Jehofa e le Motswedi wa botshelo, re ne re ka se ka ra nna teng kwantle ga batsadi ba rona. Ga go na sepe se re ka se nayang batsadi ba rona se se tlhwatlhwakgolo jaaka botshelo ka bojone. Ka gone, akanya fela ka go intsha setlhabelo, go tlhobaela, ditshenyegelo le tlhokomelo e e lorato, tse di thusang ngwana fa a ntse a gola go tswa boseeng go fitlha e nna mogolo. Ka gone, a bo go utlwala jang ne, go bo Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Tlotla rraago le mmaago . . . gore go tle go nne molemo mo go wena, le gore o tshele ka boleele mo lefatsheng”!—Baefeso 6:2, 3.

GO LEMOGA SE BA SE TLHOKANG MO MAIKUTLONG

2. Bana ba ba godileng ba ka “leboga” batsadi ba bone jang?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete jaana: “A [bana kana ditlogolwana] ba ithute pele go itshupa bopelonomi mo go ba ga bone, le go leboga batsadi ba bone; gonne mo, go lebosega mo matlhong a Modimo.” (1 Timotheo 5:4) Bana ba ba godileng ba “leboga” ka go supa fa ba itumelela dingwaga tse batsadi ba bone le borremogolo le bommèmogolo ba bone ba neng ba ba rata, ba ba direla le go ba tlhokomela ka tsone. Tsela e nngwe e bana ba ka dirang seno ka yone ke go lemoga gore batsofe, fela jaaka mongwe le mongwe ba tlhoka go ratiwa le go tlhomamisediwa ka dilo—gantsi e bile ba go tlhoka thata. Fela jaaka rona rotlhe, ba tlhoka go ikutlwa gore ba tseelwa kwa godimo. Ba tshwanetse go utlwa gore go na le se ba se tshelelang.

3. Re ka tseela batsadi ba rona le borremogolo le bommèmogolo ba rona jang kwa godimo?

3 Ka jalo, re ka tseela batsadi ba rona le borremogolo le bommèmogolo kwa godimo ka go dira gore ba itse gore re a ba rata. (1 Bakorinthe 16:14) Fa re sa nne le batsadi ba rona, re tshwanetse go gakologelwa gore ba itumela thata fa re ntse re tlhaeletsana le bone. Lekwalo le le monate, go ba founela kana go ba etela, go ka ba itumedisa thata. Miyo, yo o nnang kwa Japane, o ne a kwala jaana fa a ne a na le dingwaga tse 82: “Morwadiake [yoo monna wa gagwe e leng modiredi yo o etang] o tlhola a re: ‘Mma, “tsamaya” le rona tsweetswee.’ O nthomelela thulaganyo ya maeto a bone le dinomoro tsa founo tsa beke nngwe le nngwe. Ke kgona go bula mmapa ke bo ke re: ‘Ehe. Jaanong ba fano!’ Ke leboga Jehofa ka metlha ka go bo a ntshegofaditse ka go nnaya ngwana yo o ntseng jaana.”

GO THUSA KA DILO TSE DI TLHOKEGANG TSA SENAMA

4. Ngwao ya bodumedi ya Bajuta e ne e tlhotlheletsa bosetlhogo jang mo batsading ba ba tsofetseng?

4 A go tseela batsadi ba gago kwa godimo go ama gape le go ba tlamela ka dilo tsa senama? Ee. Gantsi go akaretsa seo. Mo metlheng ya ga Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta ba ne ba tshegetsa ngwao ya gore fa motho a ntshitse madi kana dithoto jaaka ‘se se abetsweng Modimo,’ go ne go sa tlhokege gore a tlamele batsadi ba gagwe. (Mathaio 15:3-6) A bosetlhogo ruri! Totatota, baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba sa kgothaletse batho go tseela batsadi ba bone kwa godimo mme ba ne ba ba kgothaletsa go ba nyatsa ka go ba tima dilo tse ba di tlhokang. Tota ga re batle go dira jalo le ka motlha!—Duteronome 27:16.

5. Kwantle ga dilo tse puso e di neelang mo dinageng tse dingwe, ke ka ntlha yang fa go tseela batsadi ba gago kwa godimo go akaretsa go ba naya madi?

5 Mo dinageng tse dintsi gompieno, dithulaganyo tsa loago tse di engwang nokeng ke goromente di tlamela batsofe ka dilo dingwe tsa senama tse ba di tlhokang jaaka dijo, diaparo le matlo. Mo godimo ga moo, batsofe ka bobone ba ka tswa ba ile ba kgona go ipolokela sengwe se ba tla se dirisang fa ba tsofetse. Mme fa dilo tseno di fela kana di sa lekane, bana ba tla supa fa ba tseela batsadi ba bone kwa godimo ka go dira kafa ba ka kgonang ka teng go naya batsadi dilo tse ba di tlhokang. E bile tota, go tlamela batsadi ba ba tsofetseng ke bosupi jwa gore o ineetse mo Modimong, ke gore, o ineetse mo go Jehofa Modimo, Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa.

LORATO LE GO INTSHA SETLHABELO

6. Bangwe ba ile ba dira dithulaganyo dife tsa bonno gore ba kgone go tlamela batsadi kafa ba tlhokang ka teng?

6 Bana ba bantsi ba ba godileng ba ile ba tlamela batsadi ba bone ba ba sa tlholeng ba kgona ka dilo ka lorato le ka go intsha setlhabelo. Ba bangwe ba ile ba tsaya batsadi ba bone gore ba nne le bone mo magaeng a bone kana ba fudugela gaufi le bone. Ba bangwe ba ile ba ya go nna le batsadi ba bone. Gangwe le gape, dithulaganyo tse di ntseng jalo di ile tsa itshupa di le molemo mo batsading le mo baneng.

7. Ke eng fa go le molemo gore o se ka wa dira ditshwetso tse di amang batsadi ba ba tsofetseng ka bofefo?

7 Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, khudugo eo ga e tswele ope molemo. Ka ntlha yang? Gongwe tshwetso eo e ne e dirilwe ka bonako kana ka go tsewa ke maikutlo. “Senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle,” Baebele e gakolola jalo ka botlhale. (Diane 14:15) Ka sekai, gongwe mmè ka ntlha ya botsofe ga a kgone go nna a le nosi e bile o akanya gore go tla nna molemo fa a ka tla go nna nao. Fa o ntse o akanyetsa dikgato tse o batlang go di tsaya ka botlhale o ka nna wa akanyetsa dilo tse di latelang: Ke eng tota se a se tlhokang? A go na le ditirelo dingwe tsa poraefete kana tse di duelelwang ke puso tse di thusang ka tsela e e siameng tse di ka rarabololang seno? A ene o batla go fuduga? Fa e le gore o a batla, botshelo jwa gagwe bo tlile go amega ka ditsela dife? A o tlile go kgaogana le ditsala tsa gagwe? Seno se ka mo ama jang mo maikutlong? A o setse o buile le ene ka dilo tseno? Wena, yo o nyalaneng nae, bana ba gago, lo tlile go amega jang fa a fuduga? Fa e le gore mmè o tlhoka tlhokomelo, ke mang yo o tlileng go mo tlhokomela? A lo ka kgona go rwadisana morwalo ono le ba bangwe? A o setse o tlotlile seno le ba bangwe botlhe ba ba amegang ka tlhamalalo?

8. Ke mang yo o ka yang kwa go ene fa o dira tshwetso ya kafa o ka thusang batsadi ba gago ba ba tsofetseng ka teng?

8 E re ka boikarabelo jono e le jwa bana botlhe mo lelapeng, go tla nna botlhale gore lelapa lotlhe le kopane gore botlhe ba nne le seabe mo go direng ditshwetso. Lo ka bona thuso gape ka go bua le bagolwane ba phuthego ya Bokeresete kana ditsala tse di kileng tsa nna mo seemong se se tshwanang. Baebele e tlhagisa jaana: “Kwa go se nang kgakololo gone, maikaelelo a tle a tlhaele, mme mo bontsing jwa bagakolodi a tle a tlhomame.”—Diane 15:22.

SUPA KAMEGO LE KUTLWELOBOTLHOKO

9, 10. (a) Le mororo ba tsofala, batsofe ba tshwanetse go akanyediwa ka tsela efe? (b) Lefa ba ka tsaya dikgato dife mabapi le batsadi ba bone, ke eng se bana ba ba godileng ba tshwanetseng go se naya batsadi ba bone ka metlha?

9 Re tlhoka go supa kamego le kutlwelobotlhoko fa re direla batsadi ba rona dilo tse di supang gore re ba tseela kwa godimo. Fa dingwaga di ntse di ba koafatsa, batsofe ba ka ketefalelwa ke go tsamaya, go ja le go gakologelwa dilo. Ba ka nna ba tlhoka go thusiwa. Gantsi bana ba tshwenyega thata ka tshireletsego ya bone ba bo ba leka go ba kaela. Lefa go ntse jalo, batsofe ke bagolo ba ba nang le botlhale le boitemogelo jo ba bo bapetseng botshelo jotlhe, ba feditse botshelo jotlhe ba itlhokomela le go itirela ditshwetso. Ba a ikitse e bile ba a itlotla ka ntlha ya seabe sa bone jaaka batsadi le bagolo. Batsadi ba ba ineelang gore bana ba bone ba laole matshelo a bone ba ka nna ba tshwenyega thata mo maikutlong kana ba galefa. Ba bangwe ba ila le go gana sepe fela se ba bonang e kete se ba amoga kgololesego.

10 Ga go na tsela epe e e motlhofo ya go rarabolola mathata a a ntseng jalo, mme o a bo o supa bopelonomi fa o letla batsadi ba ba tsofetseng go itlhokomela le go itirela ditshwetso fa go kgonega. Go botlhale gore o se ka wa dira ditshwetso tsa gore se se ba siametseng thata ke eng o sa buisana le bone pele ka gone. Ba ka tswa ba latlhegetswe thata. Ba letle go sala ka se ba santseng ba na naso. O tla fitlhela gore fa o leka gore o se ka wa laola botshelo jwa batsadi ba gago thata, botsalano jwa lona bo tla nna botoka. Ba tla itumela thata, le wena fela jalo. Lefa go le botlhokwa gore o ba pateletse dilo dingwe tse di mosola mo go bone, go tseela batsadi ba gago kwa godimo go tlhoka gore o akanyetse seriti sa bone le go ba tlotla jaaka ba tshwanetse. Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “O nanoge o eme fa pele ga yo o tlhogo e pududu, o tlotle sefatlhogo sa motsofe.”—Lefitiko 19:32.

GO NNA LE BOIKUTLO JO BO SIAMENG

11-13. Fa tirisano ya ngwana yo o godileng le batsadi ba gagwe e ne e sa itumedise mo nakong e e fetileng, a ka fenya kgwetlho ya go ba tlamela jang fa ba tsofala?

11 Ka dinako tse dingwe bothata jo bana ba ba godileng ba nnang najo fa ba batla go tseela batsadi ba bone kwa godimo bo ama kafa ba neng ba dirisana ka teng le batsadi ba bone pele. Gongwe rre o ne a sa amege ka wena e bile a sa go bontshe lorato, mmè a laola thata e bile a le bogale. O ka tswa o santse o ikutlwa o tlalelwa, o galefa kana o utlwa botlhoko gonne e ne e se batsadi ba o neng o eletsa go ka bo o ne o na nabo. A o ka kgona go itebatsa boikutlo jo bo ntseng jalo?a

12 Basse, yo a goletseng kwa Finland, o anela jaana: “Rre wa bobedi e ne e le modiredimogolo wa le-SS kwa Jeremane ya Bonasi. O ne a galefa fela ka bonako e bile a le kotsi. O ne a tlhola a itaya mmè fa pele ga me. Ka nako nngwe fa a ne a nkgalefeletse o ne a kgatikanya lebanta la gagwe a bo a ntitaya mo sefatlhegong ka tshipi ya sekopelo sa lone. Le ne la ntitaya botlhoko mo ke neng ka wela ka kwa ga bolao.”

13 Lefa go ntse jalo go ne go na le sengwe gape se se farologaneng ka ene. Basse o oketsa jaana: “Kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a dira ka natla e bile a tlamela lelapa ka dilo tsa senama. Ga a ise a ko a ntshupetse lorato jaaka rre mme lefa go ntse jalo ke ne ke itse gore maikutlo a gagwe a ne a kile a utlwisiwa botlhoko thata. Mmaagwe o ne a mo koba mo lelapeng e santse e le mosimanyana. O ne a gola a lwa mme a ya ntweng e santse e le lekawana. Ke ne ke mo utlwela botlhoko ka tsela nngwe mme ke sa mo pege molato. Fa ke gola, ke ne ka batla go mo thusa kafa ke neng nka kgona ka teng go fitlha a swa. Go ne go se motlhofo mme ke ne ka leka go mo thusa kafa ke neng ke kgona ka teng. Ke ne ka leka go nna morwa yo o siameng go fitlha kwa bokhutlong, mme ke akanya gore o ne a ntsaya jalo.”

14. Ke lokwalo lofe lo lo dirang mo maemong otlhe, go akaretsa le a a ka leriwang ke go tlhokomela batsadi ba ba tsofetseng?

14 Kgakololo eno ya Baebele e dira mo malapeng fela jaaka e dira mo dikgannyeng tse dingwe: “Lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele. Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe; fela jaaka Morena a lo itshwaretse, le lona lo dire fela jalo.”—Bakolosa 3:12, 13.

BATLHOKOMEDI LE BONE BA TLHOKA TLHOKOMELO

15. Ke eng fa go tlhokomela motsadi go ngomola pelo ka dinako tse dingwe?

15 Go tlhokomela motsadi yo o lwalang go bokete tota, go akaretsa ditiro tse dintsi, maikarabelo le go dira diura tse dintsi. Mme karolo e e bokete go di gaisa tsotlhe ke e e amang maikutlo. Go ngomola pelo tota go leba motsadi wa gago a lwala, a sa tlhole a gakologelwa dilo e bile a sa kgone go itirela sepe. Sandy, wa kwa Puerto Rico o anela jaana: “Mmè e ne e le motho wa botlhokwa thata mo lelapeng la rona. Ke ne ke utlwa botlhoko thata fa ke ntse ke mo tlhokometse. O ne a simolola a tlhotsa; morago ke fa a tlhoka thobane, morago foreimi ya tshipi ya go tsamaya, morago setulo sa maotwana. Morago ga foo o ne a nnela maswe kwa pele go fitlha a tlhokafala. O ne a tshwarwa ke kankere ya marapo mme a tlhoka go tlamelwa ka dinako tsotlhe—bosigo le motshegare. Re ne re mo tlhapisa le go mo jesa le go mmalela. Go ne go le botlhoko tota—segolobogolo mo maikutlong. Ke ne ka lela tota fa ke lemoga gore mmè o a tlhokafala gonne ke ne ke mo rata thata.”

16, 17. Ke kgakololo efe e e ka thusang motlhokomedi gore a lebe dilo ka tekatekano?

16 Ke eng se o ka se dirang fa o iphitlhela o le mo boemong jo bo tshwanang? Go reetsa Jehofa ka go bala Baebele le go bua le ene ka thapelo go tla go thusa thata. (Bafilipi 4:6, 7) Tlhomamisa gore o ja dijo tse di nang le dikotla mme o leke go robala selekanyo se se tshwanetseng. Fa o dira jaana, o tla nna mo seemong se se botoka, mo maikutlong le mo mmeleng, gore o kgone go tlhokomela yo o mo ratang yono. Gongwe o ka rulaganya gore o dire sengwe se se farologaneng le se o se dirang ka tlwaelo. Lefa o ka se ka wa tsaya malatsi a boikhutso, go botlhale gore o nne le nako ya go itapolosa. Gore o tle o bone nako ya go eta, o ka rulaganya gore go nne le mongwe yo o tla nnang le motsadi wa gago yo o lwalang.

17 Gantsi bagolo ba ba tlhokomelang ba bangwe ba dira go feta kafa ba ka kgonang ka teng. Se ipege molato ka se o sa kgoneng go se dira. Mo maemong a mangwe, go ka tlhokega gore o ise yo o mo ratang yono kwa legaeng le go tlhokomelelwang batsofe kwa go lone. Fa e le wena o mo tlhokomelang, se dire go feta kafa o kgonang ka teng. O tshwanetse go leba se o se tlhokang e seng fela se se tlhokwang ke motsadi wa gago, bana ba gago le yo o nyalaneng nae.

NONOFO E E FETANG E E TLWAELEGILENG

18, 19. Jehofa o solofeditse gore o tla go tshegetsa ka tsela efe, mme ke boitemogelo bofe jo bo supang gore o dira jaaka a solofeditse?

18 Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe, Baebele ka lorato go kaela ka tsela e e ka thusang motho thata go tlhokomela motsadi yo o tsofetseng, mme e bile ga a thuse ka tsela eo fela. “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang,” go ne ga kwala jalo mopesalema a tlhotlheleditswe. “O tlaa utlwa pitso ya bone, a ba boloke.” Jehofa o tla boloka batho ba gagwe ba ba ikanyegang le mo maemong a a bokete thata.—Pesalema 145:18, 19.

19 Myrna, yo o nnang kwa Philippines, o ne a ithuta seno fa a ne a tlhokomela mmaagwe, yo a neng a sa kgone go dira sepe ka ntlha ya go golafadiwa ke seterouku. “Ga go na sepe se se tshwenyang mo tlhaloganyong jaaka go bona motho yo o mo ratang a bogisega, a sa kgone go go bolelela gore go botlhoko fa kae,” go kwala jalo Myrna. “Go ne go tshwana fela le go mmona a nwela ka bonya ka bonya, mme go ne go sena se nka se dirang. Ke ne ke tlhola ke khubama mme ke bolelela Jehofa kafa ke setseng ke lapile ka teng. Ke ne ke lela jaaka Dafite, yoo a neng a kopa Jehofa gore a tsenye dikeledi tsa gagwe mo modutwaneng mme a mo gakologelwe. [Pesalema 56:8] Mme jaaka Jehofa a ne a solofeditse o ne a nnaya maatla a ke neng ke a tlhoka. ‘Jehofa e ne ya nna seitshwarelelo sa me.’”—Pesalema 18:18.

20. Ke tsholofetso efe ya Baebele eo batlhokomedi ba tshwanetseng go nna ba e lebeletse lefa yo ba mo tlhokometseng a tlhokafala?

20 Go ile ga bolelwa gore go tlhokomela motsadi wa gago fa a tsofala ke “kgang e e sa feleleng ka monate.” Lefa o ka ba tlhokomela ka ditsela dife tse di gaisang, batsofe ba ka nna ba tlhokafala, fela jaaka mmaagwe Myrna. Mme ba ba tshepang Jehofa ba itse gore loso ga se lone lo fetsang kgang. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.” (Ditiro 24:15) Ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi ba bone ba ba tsofetseng ba ikgomotsa ka tsholofelo ya tsogo mmogo le tsholofelo e e itumedisang thata ya lefatshe le lesha le Modimo a tla le tlisang le le ‘tla bong le sena loso.’—Tshenolo 21:4.

21. Ke matswela afe a a molemo a a bonwang fa o tseela batsadi ba gago ba ba tsofetseng kwa godimo?

21 Batlhanka ba Modimo ba tseela batsadi ba bone kwa godimo, le mororo ba tsofetse. (Diane 23:22-24) Ba ba tseela kwa godimo. Fa ba dira jalo ba bona seno se seane se se kwadilweng ka tlhotlheletso se se bolelang: “A borraago le mmaago ba itumele, le yo o go belegeng a ipele thata.” (Diane 23:25) Mo godimo ga tsotlhe, ba ba tseelang batsadi ba bone kwa godimo ba itumedisa Jehofa Modimo e bile ba a mo tlotlomatsa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fano ga re tlotle ka maemo a motsadi a neng a dirisa thata ya gagwe ka tsela e e feteletseng le ka ba ba neng ba dira dilo tse di maswe ba itse gore ba a tshepiwa mme e le tse di ka lejwang e le molato o ba ka o sekisediwang.

MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . BATHO JANG GO TSEELA BATSADI BA BONE BA BA TSOFETSENG KWA GODIMO?

Re tshwanetse go leboga batsadi le borremogolo le bommèmogolo.—1 Timotheo 5:4.

Re tshwanetse go dira dilo tsotlhe ka lorato.—1 Bakorinthe 16:14.

Ditshwetso tsa botlhokwa ga di a tshwanela go dirwa ka bonako.—Diane 14:15.

Batsadi ba ba tsofetseng, ba tshwanetse go tlotliwa lefa ba lwala e bile ba ntse ba nna bokoa.—Lefitiko 19:32.

Ga re kitla re nnela go lebelela go tsofala le go swa fela.—Tshenolo 21:4.

[Setshwantsho mo go tsebe 179]

Ga go botlhale go direla motsadi tshwetso o sa bua le ene pele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela