LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 4/8 ts. 12
  • “Batho ba Sekadirathi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Batho ba Sekadirathi”
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhoka Magae—Go Bakwa ke Eng?
    Tsogang!—2005
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Tlhoka Magae—Tharabololo ya Gone ke Eng?
    Tsogang!—2005
  • Bana Ba Ba Senang Magae—A Go Na le Tharabololo?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 4/8 ts. 12

“Batho ba Sekadirathi”

MARIGA a a tsididi. Mafaratlhatlha a megogoro ya ditsela tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe ya boleele jwa dikhilometara tse 1 100 eo bobotlana e leng bothithonyana go feta toropo kwa ntle. Palo e e ntse e gola ya batho ba ba senang magae—go ya ka phopholetso nngwe ba 75 000. Kwa New York City, U.S.A., mabaka a mararo ao a ile a kopana go dira kgang eno e e sa tlwaelegang e bile e fudua maikutlo mo metsengsetoropo: e leng ya batho ba ba nnang mo megogorong e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe, kana “batho ba sekadirathi,” jaaka fa bangwe ba ba bitsa. Ba tlhomile malwapana a manyenyane mo mebilaneng le mo mapagamelong, mo diphaposing tse di sa tlholeng di dirisiwa tsa mabolokelo, mo megogorong e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe, le mo mafelong a mangwe a a fitlhegileng a a sa tlhokomelweng a a mo mafaratlhatlheng ano a magolo. Bontsintsi jwa bone ba ile ba fudugela mo mabolokelong a a sa tlholeng a dirisiwa a a agilweng ka konkereite, mo dikgokgotshwaneng, le mo dikobotlong tsa mogogoro o o tsamayang kafa tlase ga lefatshe wa seporo sengwe sa Manhattan seo se sa bolong go tlogelwa se sa dirisiwe. Bangwe ba bile ba agile mekhukhunyana mo mogogorong oo o o tsamayang kafa tlase ga lefatshe.

Lefa go ntse jalo, botshelo jwa mo mogogorong oo o o tsamayang kafa tlase ga lefatshe bo bokete. Magotlo a a kana ka dikatse a tlolaka gone mo lefifing. Ngwaga le ngwaga batho ba le bantsintsi ba bolawa ke diterena tse di fetang mo megogorong eo e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe di feta ka modumo o mogolo gape ba bolawa ke tshipi e e fetisetsang motlakase mo ditereneng tse di tsamayang ka motlakase. Mapodise a tsamaya a phuruphutsa mo seporong ka metlha go koba batho ba ba senang magae bano. Babereki ba tsa phuduso ba ba sala morago, ba tla ba rutlolola magae ano a ditakana. Ba ntsha malao le matsela a a bokete a a alwang fa fatshe, diromamowa le dithelebishene, le eleng makgasa a pampiri e e matarisiwang mo leboteng ba a ntsha mo maboteng a mekhukhu e e mo megogorong e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe.

Fa mapodise a sena go tsamaya, batho bano ba ba senang magae ba a boa. Jaaka fa motlhankedi mongwe wa mapodise a ne a bolelela The New York Times, seo maiteko otlhe a bone a gore ba tlose batho ba ba senang magae bano a ka se dirang fela ke go ba fudusa fela ka nako e khutshwane go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe e ntse e le mo teng ga mafaratlhatlha a megogoro e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe. “Eno ke tharabololo ya nakwana,” ke kafa a tlhalositseng ka gone. Mme lefa go ntse jalo go tlhoka magae ga se bothata jwa nakwana tota. Go ya ka phopholetso nngwe, kwa United States fela batho ba ka nna dimilione tse pedi ga ba na magae. Mo ngwageng o le mongwe fela fela, palo ya bone e ne ya gola ka selekanyo se se tshosang sa 18 lekgolong. Ka phepafalo, re tlhoka tharabololo e e nnelang ruri. Seo ke sone se Mmopi wa setho a se solofetsang mo Bibeleng—nako eo ka yone motho mongwe le mongwe mo lefatsheng a tla kgonang go ikagela ntlo ya gagwe a bo a nna mo go yone, a itumelela botshelo jo bo senang matshwenyego a lehuma le go tlhoka magae.—Isaia 65:21-23.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela