LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 1/8 ts. 9-11
  • Bana Ba Ba Senang Magae—A Go Na le Tharabololo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bana Ba Ba Senang Magae—A Go Na le Tharabololo?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo Oa Amega
  • A Go Sa Itekanelang ga Motho go Tla Kgoreletsa Boikaelelo Jono jwa Modimo?
  • O Ka Ipaakanyetsa Isagwe Eo Jang?
  • Go Tlhoka Magae—Tharabololo ya Gone ke Eng?
    Tsogang!—2005
  • Go Tlhoka Magae—Go Bakwa ke Eng?
    Tsogang!—2005
  • Bana Ba Ba Senang Magae—Ke Molato wa ga Mang?
    Tsogang!—1990
  • Bana Ba Ba Senang Magae—Ke Ka Ntlhayang Fa go le Boima Jaana Go Ba Thusa?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 1/8 ts. 9-11

Bana Ba Ba Senang Magae—A Go Na le Tharabololo?

BATHO bao ruri ba amegileng ka bankabone ga ba batle go itlhoboga jaaka ekete ga go na sepe se se ka direlwang bana ba ba senang magae. Ba lemoga gore bana ba ba senang magae ba tlhoka se se fetang mo ba ka bayang tlhogo teng fela. Bana ba nna le katlego fa ba ritibetse maikutlo, ba na le tiro e e monate, ba na le pholo e e molemo, le seriti. Banna le basadi ba ba pelontle ba ithaopa ka go rata ba ithaopela go thusa ba ba senang magae, mme seo ke selo se se molemo. Mme go sa kgathalesege maiteko ao ba a dirang, bothata jono jwa bana ba ba senang magae bo gana go fela.

Lebaka la seno ke gore tsamaiso ya ga jaanong eo e dirang gore maemo ao a bakang gore go nne le bana ba ba senang magae a nne gone ga e kake ya baakanngwa. E tshwana le sejanaga se se robegileng seo se se kakeng sa tlhola se baakanngwa. Tota, a ga re a tshwanela go lemoga gore botlhale jwa motho bo le josi ga bo kake jwa tlisa mokgatlho wa batho o o nang le tshiamo?

Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore go ka kgonagala gore go dirwe phetogo—legale e sa dirwe ke motho. Ke Modimo Mothatayotlhe fela yo o nang le kgono le botlhale jwa go fedisa seo se senyang lefatshe a se fedisetsa ruri. Lefoko la gagwe, eleng Bibela, le re bolelela ka puso nngwe ya Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo le ka moo e tlileng go naya motho maemo a a siameng ao a a eletsang gone mono mo lefatsheng ka gone.—Daniele 2:44.

Modimo Oa Amega

A o akanya gore go ka kgonagala gore Modimo a fedise tsamaiso ya ga jaanong mme a bo a tlhoma mokgwa o mosha wa go tshela? Fa go ntse jalo, gakologelwa gore ga go kopanyelediwe phalolo ya motho fela, mme mo godimo ga tsotlhe, go kopanyelediwa leina la ga Jehofa Modimo. Ereka e le Mmopi, e le sekao se se di gaisang tsotlhe sa go nna le thulaganyo le go boloka nako, o re solofetsa gore o tla tsaya kgato ka nako ya gagwe e e tshwanetseng le ka tsela eo a batlang ka yone, mme o tla dira seno ka Bogosi jwa gagwe. Totatota, Bogosi joo ga se selo seo o se kakeng wa se itse ka bonako seo go leng thata go se tlhaloganya mme go na le moo ke puso ya selegodimo, eo e ka kgonang go okamela le go neela taelo kgato ka kgato ya go berekana le ditlhokafalo tsa mmatota tsa motho.—Isaia 48:17, 18.

Ngwana yo o senang legae a ka tsaya mafoko ano a ga Dafide tsia a a mo go Pesalema 27:10: “Gonne rrè le mmè ba ntatlhile, me Yehofa o tla nchola.” Gape go a kgothatsa go itse gore maemo a a kwa tlase a a leng teng mo lefatsheng ga se one a dirang gore motho a seka a tshwanelegela go ithuta kaga thato ya Modimo. Diane 22:2 e bolela jaana: “Bahumi le bahumanegi baa kōpana: Yehofa ke modihi oa bōnè botlhe.” Ee, bao ba tlhokileng lesego, fa ba le pelo-e-phepa, ba ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo o iketleeleditse go ba thusa.—Pesalema 10:14, 17.

Jehofa o kgatlhegela pholo ya rona e e molemo ebile o itse ka moo a ka kgotsofatsang dikeletso tsa rona tse di molemo ka gone. Ka nako nngwe o kile a kopa Baiseraele ka moperofeti Isaia jaana: “A go ikitsa go ya mo ke go lopileñ a ga se gōna mo? . . . A ga se go abèla ba ba bolailweñ ke tlala diyō tsa gago, le go lere mo tluñ ea gago bahumanegi ba ba latlhegileñ? u re u bōna eo o sa aparañ a ga se, go re, u mo apese?” (Isaia 58:6, 7) Eno ke go lekalekana mmogo le tshiamo tseo Modimo a tlileng go di tlisa ka puso ya gagwe ya Bogosi. Ga go na ope yo o tlileng go tlhokomologiwa kana a tshwarwa jaaka ekete ga a yo. Ka gone, Pesalema 145:19 e re bolelela jaana: “O tla dihatsa keleco ea ba ba mmoihañ: le gōna o tla utlwa picō ea bōnè, a ba boloka.” Go rata Modimo le monkarona e tla nna one maatla a magolo ao a dirang gore lelapa la setho le nne seoposengwe. Ka ntlha ya seo, bothata jwa bana ba ba senang magae bo tlile go rarabololwa. Ga go na ope yo o tla latlhiwang!

A Go Sa Itekanelang ga Motho go Tla Kgoreletsa Boikaelelo Jono jwa Modimo?

Nnyaa, ditshekamelo tse di bosula tsa motho ga di kitla di letlwa gore di kgoreletse boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go fetola lefatshe leno gore e nne paradaise ya boitumelo. Bao ba nang le tshiamelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo, e le ka ntlha ya go bo ba falola ntwa ya Hara–Magedona, jaaka e tlhalosiwa mo Bibeleng, kana ka ntlha ya go bo ba tsositswe mo baswing gore ba tshele gape mo lefatsheng, ba tla kgothalediwa gore ba dire bojotlhe jwa bone.—Yohane 5:28, 29; Tshenolō 16:14, 16.

Ga go na ope yo o reetsang yo o tla fitlhelang tiro ya gagwe e le e e senang mosola. Tiro ya gagwe e tla duelwa ka tshwanelo. Tswee tswee, tlhokomela tsholofetso eno ya Modimo: “Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele: gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo loleele. Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla, leha e le go tsalèla thekisègō bana; gonne bōnè ke losika loa basegōhadiwi ba ga Yehofa, le matlhogèla a bōnè nabō.” (Isaia 65:22, 23) A wena gammogo le lelapa la gago ga lo rate go bona mafoko ao a diragadiwa? Mme abo go ipedisa jang ne go itse gore ka nako eo ga o kitla o bona tlala, lehuma, go tlhoka mmereko, kana bana ba ba senang magae gope!

Kwantle ga pelaelo, bao ga jaanong ba bogang ka ntlha ya go ediwa dilo, jaaka go ntse ka bana ba ba senang magae, ba tla anaanela ka botlalo ditshegofatso tsa lelapa le le itumetseng le legae le le monate. Jaaka fa re bala jaana mo go Isaia 65:17: “Dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ.” Batho bao ba tla nnang le tshiamelo ya go tshela ka nako eo ba tla lemoga gore maemo a a botlhoko ao a tsamaetse ruri le gore batho ba merafe yotlhe, ba dipuo tsotlhe, le ba ditso tsotlhe ba tla bo ba bereka mmogo e le bakaulengwe ba ba ratanang. Ditlhopha tsa malapa tseo di tla falolelang mo nakong eo kwantle ga pelaelo di tla tswelela pele di galaletsa Modimo. Pesalema 37:11 e bolela jaana ka lefatshe leo la Paradaise: “Bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”

O Ka Ipaakanyetsa Isagwe Eo Jang?

Le eleng gone jaanong, go ka kgonagala gore o bone kitso e e nayang botshelo eno mme o tlhagolele dinonofo tse di eletsegang, tse di ntseng jaaka lorato le bopelonomi. Jang? Jehofa o rata lelapa la setho, mme ka Morwawe, ebong Jesu Keresete, O ‘gogela batho mo go Keresete’ ka go ba dira gore ba kopane le Lefoko la Gagwe le batho ba Gagwe. (Yohane 6:44) Gape o na le phuthego mo lefatsheng eo e nang le thulaganyo ya go ruta eo e ka go thusang gore o dire thato ya Modimo e le gore o ke o lebelele pele botshelong joo jo bo itumedisang le jo bo nang le bokao o tshelela ruri. Ka gone, mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a rerelwa bao ba a tlhokang. (Mathaio 24:14) Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Eo o nyatsañ oa ga gabō oa leoha; me eo o tlhomogèlañ mohumanegi pelo, go segō èna.” (Diane 14:21) Go a itumedisa go itse gore le eleng bao ba senang lesego ba ka kgona go atamela Modimo fa e le gore ba mo atamela ka boikutlo jo bo siameng. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Me nna, ke humanegile, kea tlhōka; a ko u nkakohèlè, Modimo; wèna u thushō ea me, le mogolodi oa me; Yehofa, u se ka ua dièga gopè.”—Pesalema 70:5.

Ee, Lefoko la Modimo le ka go neela tsholofelo ya mmatota ka isagwe. Lefa go ntse jalo, tsela eo lefoko “tsholofelo” le dirisiwang ka yone ka tlwaelo ga se ka gale le bolela selo se se tlhomameng. Kwa Brazil motho gantsi o utlwa polelo e e reng: “A esperança é a última que morre” (eo e tshwanang le ya Seesemane e e reng “Tsholofelo e tsala bosakhutleng”). Mogopolo wa yone ke gore o nne o na le tsholofelo le eleng fa go lebega go sena lebaka la go nna le yone. Go farologana le seo, Dikwalo di neela mabaka a a tiileng a gore re nne le tumelo e e nonofileng mo Modimong le go nna le tsholofelo mo ditsholofetsong tsa gagwe. Re bala jaana mo go Baroma 10:11: “Leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna ga a ketla a tlhabisiwa ditlhoñ.” Tsholofelo e e ntseng jalo e e theilweng mo Bibeleng ga e kitla e felela ka maswabi. Fela jaaka fa dilo tse di gakgamatsang tsa lefatshe la rona e le tsa mmatota, tseo di supang kafa Jehofa a leng botlhale le lorato ka gone, jalo go diragadiwa ga dipolelelopele tsa Bibela go go letla gore o lebege o na le tsholofelo, eleng tsholofelo ya mmatota ka isagwe.—Baroma 15:13.

Bogosi jwa Modimo ke tharabololo ya mmatota ya bana ba ba senang magae, ee, ya botlhe ba ba ratang se se siameng. Fa o bapala kitso ya boammaaruri ya Bibela jaanong seo se tla go kgonisa gore o nne le boitumelo le botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. Go lebelela ditsholofetso tseno ga se go ijesa dijo tsa ditoro. Jaaka fa Diane 11:19 e bolela jaana: “Eo o nitameñ mo tshiamoñ o tla hitlha botsheloñ.”

[Lebokoso mo go tsebe 11]

A Ke Tharabololo ya Nakwana?

Seatla se se otlolotsweng sa ngwana yo o senang legae yo o tlhomolang pelo se ka go tlhaba mo pelong. Mme batho ba ba nang le kamego ga ba itse gore ba direng malebana le kafa ba ka thusang ngwana yo o senang legae ka gone. Gore ba seka ba ikutlwa ba le molato go le go kalokalo, batho bangwe ba atisa go latlhela ditiki di sekae mo seatleng sa ngwana yoo ba bo ba feta ka bonako. Lefa go ntse jalo, ga se gantsi go diragala gore madi ao a o a mo fileng a a dirise mo dijong kana kwa a bayang tlhogo gone. Go na le moo, a ka nna a felela ka gore a dirisediwe go reka diokobatsi kana bojalwa. Ka gone, bagolo bangwe bao ba ratang go thusa ba bangwe ba neela tlhokomelo ya bone le madi a bone go dithulaganyo tseo di tshegediwang ka madi ke puso ya mo lefelong la bone tseo ba akanyang gore di tla thusa bana bano ba ba senang magae. Batho ba bangwe ba dumela gore tsela e nngwe e e mosola segolo ke ya go kaela ngwana yo o senang legae kwa mokgatlhong o o tshwanetseng gore a bone thuso. Ka tsela eno, baagi ba ba nang le kamego ba akanya gore ba leka go dira setšhaba sa bone ka namana gore e tswe batho.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

“Ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele.”—Isaia 65:22

[Motswedi wa Setshwantsho]

FAO photo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo.”—Isaia 65:22

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela