Bana Ba Ba Senang Magae—Ke Ka Ntlhayang Fa go le Boima Jaana Go Ba Thusa?
KA OCTOBER 14, 1987, Jessica McClure yo mmotlana o ne a tshwarwa ke seretse dimitara di le 6,7 mo sedibeng sengwe se se sa tlholeng se dirisiwa kwa United States. Mo dioureng di le 58 tse di botlhoko, badiri ba phaloso ba ne ba thuba letlapa le le thata e le gore ba ke ba bule tsela ya go fitlha kwa mosetsaneng yono wa dikgwedi di le 18. Tiragalo eno e ne ya nna yone setlhogo se segolo mo dikgannyeng mme ebile e ne ya ama dipelo tsa morafe otlhe, mme thelebishene e ne ya nna ya bolelela bareetsi ba yone ka matlhotlhapelo ano go fitlhela Jessica a ntshiwa mo mosimeng o o lefifi oo a ntse a tshela.
Mme lefa go ntse jalo Jessica o ne a na le legae. Lefa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore boemo jwa bana ba ba senang magae ga bo tsose kamego ya go tshwana le eno. A lebaka la seno e ka nna ya bo e le gore boemo jwa bone bo nyalanngwa le lehuma? Fa mokwadi mongwe wa World Health, eleng makasine wa Mokgatlho wa Pholo wa Lefatshe Lotlhe, a ne a sekaseka boemo jwa batho ba ba tlhokang, o ne a bolela jaana: “Batho ba ba humanegileng ba ba mo ditoropong ga se baagi ba sebele ba dinaga tsa bone ka namana, ka gonne ga ba na ditshwanelo dipe tsa sepolotiki, tsa loago, kana tsa itsholelo. Batho ba ba humanegileng ba tsofala ka bonako ebile ba swa ba sa le basha.” Ka gone, go tlhokafala gore go dirwe diphetogo tse dikgolo malebana le tsela eo dipuso le batho ba lebang batho ba ba humanegileng ka yone pele ga itsholelo ya naga e ka ba tlamela ka dijo tse di lekaneng, diaparo le matlo.
Tsela Eo Bangwe Ba Ka Thusiwang ka Yone
Dilo tse di tlhalosiwang go Polelo ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ya Ditshwanelo tsa Ngwana di molemo ruri, mme ke ka ntlhayang fa di lebega jaaka dilo tseo di se kakeng tsa fitlhelelwa? (Bona letlole.) Ka kakaretso, batho ba rata bana ebile ba ba ba batlela dilo tse di molemolemo. Mo godimo ga moo, bana ke bone ba ka dirang gore morafe o tsoge o atlega ka moso. Go Latin America Daily Post, James Grant, wa UNICEF o bolela jaana: “Gone tota, ke bana ba ba tshwanetseng gore kgabagare ba ntshe dinaga tsa bone mo bothateng jwa tsa itsholelo.” Pego nngwe e bega gore, Grant o a tswelela, “fa go ka senngwa madi mo go tlhokomeleng pholo ya konokono le thutego ya poraemari seo se ka felela ka gore go nne le kgolo mo ntshong-dikuno mmogo le kgolo ya ikonomi.” Dinaga tse di tshwanang le Brazil jaana di lemoga kafa boemo jwa bana ba ba senang magae le tirisano-dikgoka e e amanang le seo di ba senyang leina ka gone. Ka lesego, kwa Brazil go dirwa maiteko a go rarabolola bothata jono ka go thusa batlhoki, magae a a tlamelang bana ba eseng ba one, magae a dikhutsana, le dikolo tsa diganana.
Dipuso dingwe di bona kafa go leng botlhokwa ka gone gore go tshegediwe maiteko a go aga matlo a a dirwang ke malapa a a humanegileng le ke batho ba ba humanegileng mo boemong jwa gore dipuso di age matlo fela. Ka tsela eno, batho ba ba humanegileng ka bobone ba thusa mo go tliseng phetogo.
Ka gone, mo godimo ga go amogela thuso go tswa mo mekgatlhong e e farologaneng, malapa a a humanegileng a tshwanetse a iketleeletsa go dira seabe sa one. Lelapa le nna le katlego e kgolo mo go tsa ikonomi le mo leagong fa le ngaparelana le go itharabololela mathata a lone ka namana. Fa go tlhokafala, maloko otlhe a a nang le bokgoni a ka tsenya seatla mo ditshenyegelong tsa lelapa.
Tsela E Ba Bangwe Ba Ileng Ba Atlega ka Yone
Bana bangwe ba ba senang magae ba ile ba kgona go falola mo boemong joo. Tlhokomela sekai sa ga Guillermo. Pele ga a tsalwa, lelapa la bone le ne le nna mo motsaneng mongwe o monnyane mme ka ntlha ya maemo a a kwa tlase a tsa itsholelo le ne la fudugela kwa motseng-mogolo. Fa Guillermo a ne a na le dikgwedi di le tharo, rraagwe o ne a bolawa; mme morago ga moo, dingwaga di sekae moragonyana ga moo, mmaagwe o ne a tlhokafala, a tlogela bana bao le mmaabone-mogolo. Ka gone, Guillermo o ne a fetoga ngwana yo o senang legae a santse a le mmotlana thata. Matsatsi ka go latelana ga one, ka dingwaga di le tlhano, o ne a batlana le diresetšhurente le dibara, a kopa dijo le madi gore a ke a tlhokomele ditlhokafalo tsa lelapa la bone, a ebela mo mebileng go fitlhelela gare ga bosigo. Batho ba ba pelonomi bao ba neng ba simolola go mo itse mo mebileng ba ne ba mo ruta dilo tsa konokono tsa bophepa jwa mmele le tsa boitshwaro. Moragonyana ga moo, moemedi mongwe wa puso o ne a mo tsaya a mo ntsha mo mmileng mme a mo tsenya mo bana ba bayang tlhogo gone, koo a neng a fiwa dijo le go tsenngwa sekolo gone. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo thusa gore a bone gore Mmopi o ne a mo kgatlhegela jaaka motho ka bongwe, mme ba ne ba mo thusa ka dilo tse a neng a di tlhoka semoyeng. Ereka a ne a kgatlhilwe thata ke tsela eo Basupi ba leng pelo-e-phepa le go nna botsalano ka yone, Guillermo o ne a bolela jaana moragonyana ga moo: “Ke mang tota yo o neng a ka thusa mosha yo o godileng a sa itse gore go kgalemelwa le go otlhaiwa ke eng? Ke bakaulengwe ba ba lorato fela bao ba neng ba nnaya thuso e e ntseng jalo, mo godimo ga go nthusa ka madi.” Guillermo o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 18. Jaanong o direla jaaka leloko la badiredi ba ofisi ya lekala ya Watch Tower Society kwa nageng ya bone.
Morago ga moo go bo go nna le João, yo e neng ya re a sale mmotlana rraabone yo o neng a tagilwe a ba leleka mo legaeng la bone mmogo le barwarraagwe. Rralebenkele la korousari o ne a thapa João. Ereka João a ne a le senatla, o ne a nna le katlego mme ka bonako badiri-mmogo le ene le ba bangwe ba ne ba mo tshepa. Jaanong ke monna yo o itumetseng mmogo le lelapa la gagwe ka namana. Gape akanya ka Roberto yo o neng a na le dingwaga tse 12. Le ene o ne a lelekwa ke lelapa la bone. O ne a ya go bereka go phatsimisa ditlhako le go rekisa dimonamone, mme moragonyana ga moo o ne a bereka jaaka motho yo o pentang. Go iketleeletsa go ithuta dilo le go bereka go ne ga thusa João le Roberto gore ba fenye maparego a le mantsi. Ba gakologelwa dinako tse ba neng ba tlhobaela ebile ba sena pabalesego jaaka basha ba ba senang magae ka tsone, mme ba ne ba nonotshiwa ke go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Dikai tse di seng kae tseno di bontsha gore bana ka tlholego fela ba kgona go fetoga motlhofo mme, fa ba thusiwa ka tshwanelo, e kare kgabagare ba fenya maemo a a botlhoko thata, le eleng go latlhiwa.
Mo godimo ga moo, fa basha ba amogela kaelo e e tumalanong le Lefoko la Modimo mo batsading, seo se felela ka malapa a a nonofileng, mme mathata a a ntseng jaaka go latlhiwa le go tshwarwa makgwakgwa ga bana ga a gole.
Lebaka La Go Bo Maiteko a Motho a Itaya Se Fololetse
Lefa go ntse jalo, lebaka la go bo go na le dimilione-milione tsa bana ba ba senang magae le bontsha gore motho o paletswe ke go rarabolola bothata jono jo bo masisi. Mokaedi mongwe wa mokgatlho o o tlhokomelang bana o ne a tsopolwa go makasine wa Time a bolela jaana: “Motho yo tlhaloganyo ya gagwe e sa tseyeng sentle ebile a le segole mo tlhaloganyong, motho yo o lwalang—baagi ba ba lwalang, ba ba bokoa—ga a kake a thusa go tlisa kgatelopele.” One makasine oo o bolelela pele gore ka ntlha ya seno, naga nngwe ya Latin America e tlile go nna le “morwalo wa dimilione-milione tsa bagolo ba ba fepelwang tlase, ba ba sa itseng tiro epe ebile ba sa rutega mo eleng gore ga ba kitla ba kgona go ka thusiwa ke mofuta lefa e ka nna ofe wa tlhabololo.”
Ka ntlha ya seno, a o akanya gore diphelelo tsa phepelo-tlase, go gobololwa ka go tlhakanela dikobo, le tirisa-dikgoka di ka siamisiwa ke batho ka bobone fela? A o akanya gore thulaganyo epe fela e e dirilweng ke motho e ka phutha bana botlhe bao ba senang magae morago ga ba sena go kgaratlhela go tshela mo mebileng mo gare ga batho bao ba rumolanang, ba ba setlhogo? A o akanya gore go na le thulaganyo nngwe e e ka nnang gone ya go ruta batsadi gore ba direle bana ba bone dilo jaaka batsadi? Ka maswabi, maiteko a batho, go sa kgathalesege gore a dirwa ka bopelo-e-phepa go le kana kang, ga a kake a rarabolola bothata jono jwa bana ba ba senang magae gotlhelele.
Ka ntlhayang? Go na le mongwe kana sengwe seo se kgoreletsang bothata jono gore bo rarabololwe. Se se kgatlhisang, Jesu o ne a tlhalosa gore motho yoo ke mang, yo o neng a mmitsa “kgōsana ea lehatshe.” (Yohane 14:30) Ke Satane Diabolo. (Bona tsebe 12.) Tlhotlheletso ya gagwe e e boferefere ke selo sa konokono se se kgoreletsang go ka rarabolola mathata ano le go ka fitlhelela boitumelo jwa mmatota. (2 Bakorintha 4:4) Ka gone, go tlhokafala thata gore dibopiwa tseo tse di sa bonaleng di tlosiwe e le gore bana botlhe ba ba senang magae mmogo le batho ba ba senang lesego ba ke ba nne le maemo a a siameng. Jalo, he, a re ka solofela gore go tla nna le lefatshe leo le senang bana ba ba senang magae le leo le senang masetlana? A go na le tsholofelo ya mmatota, e e nnelang ruri ka bana ba ba senang magae?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]
Ke mang tota yo o neng a ka batla go thusa mosha yo o godileng a sa itse gore go kgalemelwa le go otlhaiwa ke eng?’
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Polelo Ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ya Ditshwanelo tsa Ngwana:
◼ Tshwanelo ya go nna le leina le morafe.
◼ Tshwanelo ya go ratiwa, le ya go utlwisisiwa mmogo le ya go nna le pabalesego ya dilo tse di bonalang.
◼ Tshwanelo ya go nna le dijo tse di lekaneng, legae, le ditirelo tsa kalafi.
◼ Tshwanelo ya go tlhokomelwa ka mo go kgethegileng fa a golafetse, e ka tswa a golafetse mo mmeleng, mo tlhaloganyong, kana go ya ka tsela ya loago.
◼ Tshwanelo ya go nna mo gare ga ba pele go amogela tshireletso le kgololo mo maemong otlhe.
◼ Tshwanelo ya go sirelediwa mo mefuteng yotlhe ya go tlhokomologiwa, go tshwarwa makgwakgwa, le go sotliwa.
◼ Tshwanelo ya go nna le sebaka ka botlalo sa go tshameka le sa go intsha bodutu le sebaka se se lekanang sa thuto e e gololesegileng le e e patelediwang e le go kgonisa ngwana gore a godise dikgono tsa gagwe ka namana le gore a fetoge leloko le le mosola la setšhaba.
◼ Tshwanelo ya gore a godise kgono ya gagwe ka botlalo mo maemong a a nang le kgololesego le seriti.
◼ Tshwanelo ya go godisediwa mo maemong a go nang le kutlwisiso, kgololesego, botsalano mo gare ga batho, kagiso, le bokaulengwe jwa boditšhabatšhaba.
◼ Tshwanelo ya go nna le ditshwanelo tseno go sa kgathalesege lotso lwa gagwe, mmala wa gagwe, bong jwa gagwe, bodumedi jwa gagwe, mogopolo wa sepolotiki kana o mongwe, morafe kana loago lo a tswang mo go lone, le thoto, lotsalo, kana maemo a mangwe.
Tshobokanyo e e tserweng go tswa go Everyman’s United Nations
[Motswedi wa setshwantsho mo go tsebe 5]
Reuters/Bettmann Newsphotos