Bana Ba Ba Senang Magae—Ke Molato wa ga Mang?
Ka Mokwaledi wa Tsogang! wa kwa Brazil
BOSIGO bongwe Francisco o tsaya mosadi wa gagwe le bana go ya kwa lebenkeleng le go jelwang kwa go lone la lefelo la bone. Kwa go emisiwang dikoloi gone, mosimane mongwe yo o apereng makgasa o ithaopela go disa koloi ya ga Francisco ka nako ya fa lelapa leo lone le ipelela dijo. Fa Francisco le lelapa la gagwe ba tswa mo lebenkeleng leo le go jelwang mo go lone, mosimane yoo o ntsha seatla sa gagwe ka tlhoafalo e le gore a ke a amogele ditekinyana di sekae a duelelwa tiro eo ya gagwe. Mo gare ga mpa ya bosigo mo mebileng ya toropo, bana ba ba tshwanang le ene ba kgaratlhela gore ba kgone go itshedisa. Ga ba itlhaganelele go tsamaya, ereka mmila e le legae la bone.
BANA ba ba senang magae ba lebiwa jaaka bana ba ba sa batliweng ke setšhaba mme ba ile ba shewa maina a gore ke “bana ba eseng ba ga ope” kana “bana ba ba latlhilweng.” Palo ya bone e a gola mme ebile e a boifisa—gongwe ke dimilione di le 40. Lefa go ntse jalo, go thata go itse gore palo ya bone tota ke bokae. Lefa go ntse jalo, ka maswabi bomankge botlhe ba dumalana gore bothata jono bo a gola lefatshe ka bophara, segolo-bogolo kwa Latin America. Go bona bana ba ba senang magae ba itirile dikgotlho mo go tsenwang gone mo meagong kana ba kopa madi ke selo se se utlwisang botlhoko mo eleng gore batho ba morafe ba ba leba fela jaaka dilo tse di sa ikutlweng tseo di leng mo lenaaneng la batswa-setlhabelo, ba tshikinya magetla, ba bo ba fetela pele. Mme setšhaba ga se kake sa tlhola se kgona go dira jalo. Go ya ka UNICEF (eleng United Nations International Children’s Emergency Fund), 60 lekgolong ya bana ba ba senang magae ba dingwaga tse di leng magareng ga 8 le 17 ba dirisa dilo tseo di ba tseanyang tlhaloganyo ka nakwana, 40 lekgolong ya bone ba dirisa dino-tagi, 16 lekgolong ya bone ba fetogile makgoba a diokobatsi, mme 92 lekgolong ya bone ba goga motsoko. Mme ereka ba sena dikgono dipe tseo di batliwang ke bathapi, gantsi ba tshela ka go kopa, ka go utswa, kana ka boaka. Ereka ba gola e le “bana ba eseng ba ga ope,” ba mo kotsing ya go fetoga batsuolodi, mme batsuolodi ke matshosetsi mo ipabalelong ya setšhaba lefa e ka nna sefe.
Lekwalo-dikgang la Brazil eleng O Estado de São Paulo le ne la bega jaana malebana le segopa sa bana ba ba senang magae: “Ga ba na lelapa, ga ba na ba losika, mme ebile ga ba na tsholofelo epe ya isagwe. Ba tshela letsatsi lengwe le lengwe jaaka ekete ke letsatsi la bofelo. . . . Bana bano . . . ga ba senye nako ka gope: Ba tsaya tshupa-nako ya letsogo ya mosha, ba tsubule sebaga sa molala sa mosadi, ba tlhasele kgetsi ya monna yo o tsofetseng ka ponyo ya leitlho. Mme gape ga ba senye nako ka gope ba bo ba timatimela mo boidiiding jwa batho. . . . Ba babotlana ba bone . . . ba simolola go kopanela lepae esale bana. Basetsana ba ba nang le dingwaga di le lesome le bongwe le basimane ba ba nang le dingwaga di le 12 ba a ratana mme morago ga moo ba bo ba tlogela go ratana goo mo kgweding e le nngwe kana di le pedi, ba tlogelana ka tsela e e bonolo fela e e tshwanang le eo ba go simolotseng ka yone.”
Lebaka la Go Bo Ba Nna mo Mebileng
Ga go motlhofo go thusa bana bano ba ba senang magae. Pego nngwe e ne ya bontsha gore 30 lekgolong ya bana ba ba senang magae ba ne ba boifa mo eleng gore ba ne ba gana go neela balaodi tshedimosetso epe e eleng malebana le tsela eo ba godisitsweng ka yone, tota le eleng go ba neela maina a bone. Mme ke ka ntlhayang fa ba nna mo mebileng? A e ka tswa e le ka go bo ba batla go itaola? Go ne go ntse jalo ka mosha mongwe wa kwa Brazil yo o neng a bolela gore o ne a sa batle go boela kwa gae ka ntlha ya gore rraagwe o ne a sa batle go mo letla gore a dire se a se ratang. Lefa go ntse jalo, go ya ka lekwalo-dikgang la kwa Mexico eleng El Universal, lebaka la konokono la go bo go na le palo eno e e kwa godimo ya bana ba ba senang magae ke ka ntlha ya go bo ba latlhilwe ke borraabo. Ka gone, go thubega ga manyalo e ka nna selo se segolo seo se leng molato go bo palo ya bana ba ba senang magae e oketsega jaana.
Mo godimo ga moo, batsadi, bangwe ga ba tlhokomele bana ba bone jaaka batsadi, ba a ba betsa, ba a ba gobolola ka go tlhakanela dikobo nabo, ba a ba leleka, kana ba a ba tlhokomologa fela. Ka ntlha ya seo, ngwana yo o tshwerweng makgwakgwa kana yo o sa tlhokomelweng gantsi o ikutlwa gore go botoka fa a nna a le esi, le eleng mo mebileng.
Lefa go ntse jalo, bana ba tlhoka go tlhokomelwa ka lorato le go kaelwa. Seno se ne sa tlhalosiwa sentle ke James Grant, yo eleng mokaedikhuduthamaga wa UNICEF. O ne a bolela jaana fa a ne a tsopolwa mo kanaanelong-kgang ya Latin America Daily Post e e nang le setlhogo se se reng “Kids and Tomorrow” (Basha le Isagwe ya Bone): “Fa motho a na le dingwaga di le tharo kana di le nnè, 90 lekgolong ya disele tsa boboko jwa gagwe di a bo di setse di nyalane mme o a bo a setse a godile mo mmeleng mo eleng gore thulaganyo ya mokgwa o a tlileng go tshela ka one botshelo jwa gagwe jotlhe ea bo e setse e dirilwe. Ka gone dingwaga tseo tsa e sale bana ke tseo di kuang di kuela gore ba sirelediwe, eleng gore go femelwe tshiamelo ya ngwana ya go gola go fitlhela a nna le kgono e e tletseng le go tlatseletsa mo kgatelongpele ya batho e le gore ka go dira jalo ba ka tlatseletsa ka botlalo mo pholong e e molemo ya malapa a bone le mo merafeng ya bone.”
Ka gone, baela-dilo-tlhoko ba tshwenyegile, ba bona ikonomi molato, mebuso, kana setšhaba sa bana ba ba senang magae. Yone kanaanela-kgang eo e tswela pele jaana: “Kgang e e malebana le go etleetsa pholo e e molemo ya batho kana ya tsa itsholelo ya gore ‘go ipeelwe mo baneng’ ga di a dira kgatelopele epe e e kalo. . . . ‘Go dirwa ga diphetogo mo ikonoming, gantsi go ile ga bolela gore madi a ketleetso mo dijong le mo dilong tseo di tlhokafalang tsa letsatsi le letsatsi a ile a kgaolwa. . . . Ereka go fokodiwa go go ntseng jalo ga madi a ketleetso go tla mo godimo ga go tlhoka mmereko go go golang le go fokodiwa ga dituelo tsa mmatota, seo se ile sa bolela gore morwalo ono o o boima go e gaisa yotlhe wa go kgaolwa ga madi a ketleetso o fitisetswe mo go bao ba se kakeng ba kgona go o sikara—eleng malapa a a humanegileng thata le bana ba one.”
Kwantle ga pelaelo, ikonomi e e humanegileng ya mo dinageng di le dintsi ke lebaka le lengwe la go bo palo ya bana ba ba senang magae e oketsega jaana. Batsadi gantsi ba lelekela bana ba bone kwa mebileng gore ba amogele lefa e ka nna eng fela seo ba ka kgonang go se amogela, go sa kgathalesege gore ba se amogela ka tsela e e ntseng jang. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlhayang fa go le boima jaana go rarabolola bothata jono jwa bana ba ba senang magae?