LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 4/8 ts. 10-11
  • Go Tweng ka Isagwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tweng ka Isagwe?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikaelelo jwa Ntlha bo Tla Diragadiwa
  • Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Itumelele go Nna le Diphologolo ka Bosakhutleng
    Tsogang!—2004
  • Malatsi a Kobamelo ya ga Satane a Badilwe
    Tsogang!—1994
  • A Modimo o Amega ka Diphologolo?
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 4/8 ts. 10-11

Go Tweng ka Isagwe?

Ke ka ntlha yang fa kagiso gareng ga batho le diphologolo e kgatlhisa jaana? Ke ka gonne kwa tshimologong batho ba ne ba bopetswe go nna ka kagiso le diphologolo, le eleng tseo di tlhaolwang jaaka tsa naga.

Fa Modimo o ne o dira monna wa ntlha le mosadi, o ne wa ba baya mo karolong nngwe ya lefatshe e e neng e le paradaise go ipelela botshelo gone. E ne e le boikaelelo jwa gagwe gore ba nne le bana le go atolosa melelwane ya Paradaise eo ya pele go fitlhela e akaretsa lefatshe lotlhe. Mo kgolokweng eo yotlhe, batho ba ne ba tshwanetse go laola diphologolo ka kagiso.

Polelo ya Genesise e bolela jaana: “Me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ. . . . Me Modimo oa bōna señwe le señwe se o se dihileñ, me bōnañ, ga bo go le molemo thata.”—Genesise 1:26-31; 2:9.

Go laolwa gono ga diphologolo go ne go sa tshwanela go nna ga bosetlhogo. Boikaelelo e ne e le gore batho le diphologolo di tshele mmogo ka kagiso. Seno se ka bonwa ka ntlha ya gore fa diphologolo tseno di ne di feta fa pele ga monna gore a di fe maina, o ne a sa tlhomelela ka dibolao. Ebile go ne go sa umakiwa ka poifo epe e e neng ya bontshiwa ke motho kana phologolo.—Genesise 2:19, 20.

Boikaelelo jwa Ntlha bo Tla Diragadiwa

Ka boitumelo, boikaelelo joo jwa ntlha jwa Modimo bo tla tloga bo diragadiwa, fa dipuso tsotlhe tsa motho di setse di tseetswe sebaka ke Bogosi jwa Modimo, joo bo busang bo le kwa legodimong. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Fa bogosi jwa Modimo bo setse bo tlhomilwe gape ka mo go feletseng godimo ga lefatshe lotlhe, boikaelelo jwa ntlha jwa Modimo ka lefatshe le baagi ba lone ebong batho le diphologolo bo tla tswelela bo diragadiwa.

Matswela a a fetolang a puso ya Modimo ya tshiamo a tlhalosiwa sentlentle mo dipolelelong pele di le dintsi tsa Bibela. Ka sekai, tlhokomela seo Isaia a neng a se kwala fa a ne a tlhotlhelediwa: “Phiri e tla aga le konyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga. Kgomo e namagadi e tla hula e na le bera; bana ba cōna ba tla botha mmōgō: me tau e tla ya motlhaka yaka kgomo. Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”—Isaia 11:6, 7, 9.

Boperofeti jo bongwe bo bontsha gape ka kagiso e kgolo eo e tla nnang gone mo lefatsheng le lešha la Modimo. Mo ntlheng eno Mika o ne a bolelela pele jaana: “Ba tla thula dichaka tsa bōnè megoma, le marumō a bōnè dithipa tse di segañ mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè. Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhase ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Mika 4:3, 4.

Ga gona epe ya diphologolo tsa naga e e tla kgoreletsang kagiso ya setho ka nako eo, ka gonne lefoko la boperofeti la Modimo le bolela jaana: “Ke tla diha kgōlaganō ea kagishō nabō, ke tla khutlisa dibatana tse di boshula mo lehatshiñ: ba tla nna ka thagamō mo nageñ, ba rōbala hèla mo dikgweñ. . . . Me ba tla nna ka thagamō mo lehatshiñ ya bōnè.”—Esekiele 34:25, 27.

Ka jalo kagiso le kutlwano go ralala Paradaise e e tsosolositsweng eo e tla bo e le tse di feletseng. Ke gone ka moo maemo koo a ka tlhalosiwang ka tsela eno mo bukeng ya bofelo ya Bibela: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure. Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha. Me a re, Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.”—Tshenolō 21:4, 5.

Ee, a boikanngo ebile a boammaaruri. Seno se raya gore re ka ikaega ka ditsholofetso tsa Modimo, ka gonne eseng jaaka batho ba ba sa itekanelang, o na le maatla, botlhale, le boikemisetso jwa go diragatsa maikaelelo a gagwe. Jaaka mongwe wa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo mo metlheng ya bogologolo a ne a bolela: “Ha go sena sepè se se tlhaetseñ sa dilō cotlhe tse di molemō, tse Yehofa Modimo oa lona o di buileñ kaga lona; di lo dihahaletse cotlhe, ga goa tlhaèla sepè sa cōna.”—Yoshue 23:14; bona gape le Isaia 55:11.

Re ka nna le tsholofelo e e tshwanang ya gore mo bogautshwaneng, mo lefatsheng le lešha la Modimo, boikaelelo jwa gagwe jwa ntlha ka lefatshe leno, ka batho, le ka diphologolo bo tla diragadiwa. Kagiso e e tswang Modimong e tla nna selo sa mmatota sa lefatshe ka bophara. Mme kagiso eo ga e na go rena fela mo bathong mme gape e tla bonala le mo losikeng loophologolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela