Go Thusa Bana Bao Batsadi ba Bone Ba Tlhalaneng
“Nako nngwe, fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna tharo, rre o ne a tla go ntsaya gore ke mo etele. O ne a tswa le nna mme a nthekela mpopi o o nang le mosese o montle o mohibidu, a bo a nkisa gae ka koloi. Re ne ra nna mmogo mo koloing ka lobakanyana. Mme e ne ya re fela jaaka fa mmè a tswa a tla go ntsaya, ene le rre ba bo ba simolola go omanela kwa godimo ka lefensetere la koloi—nna ke le fa gare.
“Ka tshoganyetso rre o ne a kgomola setswalo a bo a nkgoromeletsa kwa ntle ga koloi. O ne a gwetlhisa maotwana a koloi mme a tswa a tsamaya. Ke ne ke sa itse gore go diragala eng. Mmè o ne a gana le eleng gone go ntetlelela gore ke phutholole mpopi wa me o mosha. Ga ke a ka ka tlhola ke o bona gape morago ga foo. Mme ga ke a ka ka tlhola ke bona rre gape go fitlhelela ke na le dingwaga di le 19.”—Heidi.
“EA TLE e re fa nako e sena go feta dintho di fole,” go rialo polelwana nngwe ya bogologolo. A totatota ke boammaaruri? Kana a tlhalo e gobatsa bana mo ba ka se keng ba tlhole ba fola?
Go ya ka The Journal of Social Issues, go ikaegile thata ka seo se diragalang morago ga tlhalo. E bolela jaana: “Dikamano tsa lelapa tseo di nnang teng morago ga tlhalo di ama bana fela jaaka tlhalo e ba ama kana go feta tlhalo ka boyone.”
Mo kgannyeng ya ga Heidi, go tlhalana ga batsadi ba gagwe e ne e le fela tshimologo ya mathata a gagwe. Fela jaaka fa gantsi go a tle go diragale, lenyalo la ga mmaagwe la bobedi ga le a ka la nna le katlego go gaisa la ntlha, la boraro le lone fela jalo. Botshelo jwa ga Heidi ka nako ya fa a sa le ngwana e ne e ekete jwa motho a tsamaya ka koloi mo tseleng e e dithota le e e dikhutikhuti eo e neng e theoga go tswa mo dintweng tse mo go tsone go omanelwang kwa godimo, go thubaganngwa dijana go ya mo malatsing a selemo a ka one a neng a jewa ke bodutu a le nosi mo phaposing, a akanya a ntse a boifa gore mmaagwe o ne a tla tla leng gae—le gore a gone mme o ne a tla tla.
Go na le mo gontsi moo batsadi ba ka go dirang go falotsa bana ba bone ditlamorago tseno tse di sa iketlang tsa tlhalo. Kana gone, tlhalo e fedisa lenyalo eseng boikarabelo jwa go nna motsadi.
Batsadi—Seabe sa Botlhokwatlhokwa
“Ereka go ima go simololwa ke batho ba le babedi bana ba tshwanelwa ke gore ba nne le mmaabone le rraabone ka bobedi,” go ne ga kwala jalo baithutatlhaloganyo bangwe ba le babedi mo go Psychology Today. Mafoko ao a ka utlwala mo go wena a le boammaaruri jo bo sa belaetseng. Lefa go ntse jalo, ka ditsela dingwe tlhalo e dira gore ka tshoganyetso ngwana a latlhegelwe ke batsadi ba gagwe ka bobedi mo go botlhoko.
Ka sekai, tsaya United States, eo ka ntlha ya dipalopalo tsa yone e ka bidiwang motsemogolo wa tlhalo mo lefatsheng lotlhe. Gone koo, go feta 90 lekgolong ya bana bao batsadi ba bone ba tlhalaneng ba nna le mmaabone mme ba amana le rraabone fela ka go etelana le ene. Go feta sephatlo sa bana bao ga ba bone borraabone lefa e le gangwe fela ka ngwaga! Mme nako eo mmè a e senyang le ngwana wa gagwe le yone e a theoga morago ga tlhalo, e fokotsega ka mo e ka nnang diura tse 21 ka beke, go ya ka patlisiso nngwe.
Fa e le gore go na le sengwe seo bomankge ba dumalanang ka sone, ke gore fa bana ba ka tswelela ba na le kamano e e siameng ebile e tswelela pele le batsadi ba bone ka bobedi go ka kgonega gore ba boe ba tlwaele botshelo morago ga tlhalo. Fa seo se sa kgonege, kamano e e molemo le bobotlana motsadi a le mongwe fela le yone e ntse e thusa go fokotsa botlhoko jwa tlhalo. Mme lefa go ntse jalo batsadi ba ka tshegetsa go atamalana mo go ntseng jalo le bana ba bone morago ga tlhalo jang?
Go Swela Nako Molemo
Fa e le gore o mmè yo o tlhadilweng, go dira gore o nne o atamalane le bana e ka nna kgwetlho ya gago e kgolo go gaisa. Gantsi, o ka nna wa itewa ke seo ditšhaba dingwe di se lebang jaaka petso e e gabedi: eleng tlhalo le lehuma. Ka go bo o itatlhetse mo tirong ya boitshediso o ne o sa e ipaakanyetsa, mme o sokola go thiba diphatlha tse di tlogelwang ke dituelo tse di sa tleng ka metlha kana tse di sa lekanang tsa go otla bana tse di tswang kwa molekaneng wa pele wa lenyalo, o ka nna wa ikutlwa o saletswe ke nakonyana e potlana fela e o ka e dirisang o na le bana ba gago.
Tharabololo ke e: boikemisetso le thulaganyo. Swela nakonyana lefa e ka nne epe fela eo o ka e bonang molemo, mme o rulaganye le ngwana wa gago gore lo tla dira eng mmogo ka nako eo. Le eleng nako e nyenyane fela letsatsi le letsatsi eo ka yone o a bong o sa dire sepe se sele ka yone e botoka fela thata go na le fa o sa senye nako epe le bone gotlhelele. Go rulaganyetsa mosepele o o kgethegileng e sale gale le ngwana wa gago le gone go mo fa sengwe sa gore a lebelele pele go sone.
Gape ngwana wa gago o na le selo sa botlhokwatlhokwa seo a se tlhokang eleng gore a fiwe kaelo, kotlhao, le thapiso semoyeng. Go ka nna ga nna bokete go bona nako e e feletseng e e lekaneng go dira seno. Ka jalo Bibela e gakolola jaana: “U rutè . . . bana ba gago [melao ya Modimo] ka tlhōahalō, u buè kaga [yone] ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.”—Duteronome 6:7.
A le ka motlha lo a tle lo tsamaye “mo tseleñ” mmogo, gongwe lo tsamaya ka koloi kana ka dipalangwa tsa botlhe? Ke eng seo se gapang tlhokomelo ya gago—a ke ngwana wa gago, kana ke pampiri ya dikgang kana seromamowa sa koloi? Fa lo ja mmogo, a thelebishene e tseela motlotlo sebaka gotlhelele, kana a nako ya dijo ke nako ya gore lelapa la gago le tlotle ka kagiso? A go na le ditiro dingwe tsa mo lapeng tseo o neng o ka di dira le ngwana wa gago, tse di ntseng jaaka go siamisa dijo kana go tlhatswa diaparo?
Legale gone, seno ga se reye gore o tshwanetse wa dirisa dinako tseno go neela ngwana wa gago thuto e e masisi. Fela ka go nna le ngwana wa gago mme o tla le ene ka lorato le go ntsha maikutlo a gago, kwantle ga bothata bope o tla mo arolela dinonofo dingwe tsa gago tse di molemo. Dinako tse di tshwanang le tseno gape e ka nna sebaka se se molemolemo sa gore o neele bana ba gago tlhomamisetso eo ba e tlhokang thatathata jaana ka nako eno. Bana bangwe mo sephiring ba ikutlwa e le bone ba dirileng gore batsadi ba bone ba kgaogane. Ba bangwe ba ikutlwa gore motsadi yo o duleng mo gae o ba latlhile. Fa gangwe le gape o ba tlhomamisetsa gore o a ba rata, o ba akgolela mekgwa ya bone e mentle le dilo tseo ba di fitlheletseng, mme o ba dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile mo ba ka kgonang go bua se se mo megopolong ya bone ka boikanyegi, o tla bo o dirile mo gontsi go kokobetsa botlhoko jo bo tlisiwang ke tlhalo.
Batsadi bangwe ba repisa letsogo fa go tliwa mo kotlhaong morago ga tlhalo, gantsi e le ka ntlha ya go ipona molato. ‘Ngwanake o sokotse go lekane,’ go lebega ba akanya jalo. Mme lefa go ntse jalo go neela bana ba gago kgololesego ya gore ba itirele maratwaepelo ga se go ba bontsha lorato. Mokaedi wa thulaganyo nngwe ya bana ba dingwaga tsa bolesome le ba babotlana ba ba kwa kokelong nngwe ya malwetsi a tlhaloganyo o ne a bolelela The Washingtonian jaana: “Bana ba tlhola ba nthaya ba re, ‘Batsadi ba me ba ntesa ke dira sengwe le sengwe fela. Ga ba na sepe le nna.’” Jaaka fa Bibela e re: “Fa o sa otlhaye morwao, ga o mo rate. Fa e le gore ruri o a mo rata, o tla mo gakolola.”—Diane 13:24, Today’s English Version.
Ngwana Yo O Gogagogiwang
Mosimanyana mongwe e ne ya re go twe a tshwantshe ditshwantsho kwa kokelwaneng nngwe ya tlhalo, a itshwantsha a le fa gare ga batsadi ba gagwe ba ba omanang ba gogagogana ka ene; o ne a gagoga mo makopanelong a matsela a diaparo tsa gagwe ebile a rotha madi. Ke gone kafa bana bangwe bao batsadi ba bone ba tlhalaneng ba ikutlwang ka gone. Lemororo ngwana a rata batsadi ba gagwe ka bobedi jwa bone, go ka nna ga bo go se motsadi ope yo o batlang ngwana a rata motsadi yo mongwe.
Ka ntlha ya bogale le letlhoo tse gantsi di nnang gone fa go na le tlhalo, go bokete thata gore batsadi ba tlhoke go akaretsa bana ba bone mo ntweng eo. Wallerstein le Kelly ba ne ba bega gore ba le babedi mo go ba le bararo ba batsadi bao ba neng ba le mo patlisisong ya bone ba ne ba lwa ba sa iphitlhe ba lwela gore bana ba bone ba rate bone mmogo le go ba ikanya. Dr. Bienenfeld o tlhagisa batsadi gore go dira gore ngwana a ikutlwe a gogelwa kafa le kafa ke batsadi go ka tlhagisa maikutlo a go ikila le go ipona molato gape “go tla dira gore a ketefalelwe ke go itumela, go fitlhelela mekgele le go atlega.”
Bibela e gakolola jaana ka botlhale: “Gape, lona borrabana [kana bommabana], lo se ka lwa kgotla bana ba lona go ba tsenya letlhoo, mme go na le moo lo ba laye le go ba gakolola, ka tsela e e tshwanelang kgodiso ya Bokeresete.” (Baefesia 6:4, The New English Bible) Ka phepafalo, go kgotla ngwana wa gago gore a tlhoe motsadi yo mongwe ga go a tshwanela mo kgodisong ya Bokeresete.
Ngwana mongwe le mongwe o na le batsadi ba le babedi. Loso ke lona lo ka fetolang seo, mme eseng tlhalo. Mme kwantle ga fa dikgotlatshekelo di ngotla makgetlo ao motsadi yo mongwe a ka bonang bana ka one (kana motsadi yo mongwe a itlhokomolosa boikarabelo jwa gagwe ka boomo), go ka nna ga tlhokafala gore o dirisane mmogo le molekane wa gago wa pele mo go godiseng bana.
Gone ke boammaaruri, o ka nna wa bo o na le lebaka le le utlwalang la gore o tenegele monna kana mosadi wa gago wa pele. Mme lefa go ntse jalo fa o dirisa bana ba lona go mo otlhaya, bana ba lona ke bone ba tota ba bogang. Dr. Bienenfeld o akantsha gore go ipolelela ka boikanyegi gore le wena o ka tswa o ne o na le seabe mo mathateng a lenyalo la lona go ka thusa go fedisa kutlobotlhoko ya gago. Makasine wa Parents o bolela kaga mosadi mongwe yo o neng a leka go rapelela monna wa gagwe wa pele nako le nako fa a ne a simolola go akanya bosula ka ene. O ne a fitlhela gore go dira jalo go ne go mo dira gore a ikutlwe a le botoka gape a kgona go laola dikakanyo tsa gagwe e le boikutlo jo bosha tota mo go ene mme bo mo golola gore a se ka a ‘nna a tlhomeletse ntwa ruri.’—Bapisa Mathaio 5:43-45.
A Ba Bangwe Ba Ka Thusa?
Baithutatlhaloganyo ebong Julius le Zelda Segal ba ne ba kwala mo makasineng wa Parents gore “bana ba malapa a a thubegileng ba nonotshiwa ke fa e le gore bogolo dikamano dingwe tsone di tswelela pele di sa kgorelediwa” morago ga moferefere wa tlhalo. Ka maswabi, go ya ka baithutatlhaloganyo bano, “baagelani le ditsala gantsi ba emela kgakala, mme gape go dire jalo le borremogolo le bommemogolo bangwe ka gonne ba tshwaregile ka go tsaya letlhakore mo diphapaanong tsa batsadi.”
Ee, tlhalo e nna setlhogo mo baneng segolobogolo fa ba bangwe ba losika le bone ba tswa gotlhelele mo matshelong a bone. Seno se etegetsa maikutlo a bone a gore ba latlhilwe. Ka jalo fa o le rakgadi, malome, kana mmemogolo kana rremogolo wa bana bape bao batsadi ba bone ba tlhalaneng, lebisa tlhokomelo ya gago mo go ba neeleng tlhomamisetso eo ba e tlhokang thatathata jaanong jaana go na le gore o tsenelele mo dikomanong tsa lenyalo tsa batsadi ba bone. Ka dinako tse dingwe, ngwana yo o kgobegileng marapo ga a kake a itumedisiwa ke ope go feta jaaka go ne go ka dira rraagwemogolo kana mmaagwemogolo yo o lorato.
Heidi, yo o tsopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, ga a ka a amogela tshegetso epe e e ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, o ne a atlega. Gompieno, o na le dingwaga di le 26, ke morweetsana yo o nang le lenyalo le le itumetseng, yo o pelonamagadi ebile a le senatla. Ke eng se se dirileng gore a atlege?
Ka lefoko le le lengwe fela ke: ditsala. Fa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome, Heidi o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Kwa Holong ya Bogosi eo a neng a tsenela dipokano kwa go yone, o ne a bona ditsala tsa boammaaruri. “Ke kile ka ne ke akanya gore go padile gotlhelele ka nna,” a rialo. “Mme lefa go ntse jalo go a thusa go nna le batho bao o ka tlotlang le bone. Ke ne ke na le tsala nngwe eo ke neng ke ka e bolelela sengwe le sengwe. Ka metlha o ne a kgona go bona fa go na le bothata bongwe, mme ke ne ke aga ke feleletsa ke mmoleletse. E ne ekete ke mmè. Mme lefa go ntse jalo go ne go na le ba bangwe gape bao ke neng ke kgona go dira dilo le bone.” Heidi o ne a bona kafa tsholofetso ya ga Jesu eleng boammaaruri ka gone ya gore phuthego ya Bokeresete e ne e ka nna lelapa le legolo mo go bao ba neng ba latlhegetswe ke a bone.—Mareko 10:29, 30.
Mme lefa go ntse jalo Heidi ga e a ka ya nna ene a ithaopelang go itirela ditsala tseno. “Ba ile ba ntatelela,” a rialo. Mme ao ke mafoko a a atileng mo gare ga bana ba ba mo phuthegong ya Bokeresete bao batsadi ba bone ba tlhalaneng. Ka sekai, morweetsana mongwe yo go tweng Meg o gakologelwa ka boitumelo banyalani bangwe bao ba neng ba mo ntsha tsala fa batsadi ba gagwe ba ne ba kgaogana: “Ba ne ba itse sentle gore ke ne ke ba tlhoka, mme ba ne ba le teng. Ga o batle go re, ‘Bona, ke a go tlhoka. Ke batla gore o nthate gone jaanong jaana.’”
Go tweng ka wena? A o ka nna jaaka morwarre, morwadiarre, mmè, rre, rremogolo kana mmemogolo wa ngwana yo batsadi ba gagwe ba tlhalaneng? Gongwe mosha ga a kitla a go kopa, mme lefa go ntse jalo seo ga se reye gore ga a go tlhoke.
Gone ke boammaaruri, ga o kitla le ka motlha o kgona go emisetsa ditiro tsotlhe tsa lelapa le le kitlaneng. Mme lefa go ntse jalo o ka nna tsala, moreetsi yo o molemo, yo o kutlwelobotlhoko. Gape o ka thusa go kaela motho yono yo mosha gore a nne le kamano e e botoka le Mmopi wa rona—“rra masièla” wa boammaaruri le Tsala e kgolo go feta tsotlhe tse motho ope a neng a ka kopa go nna nayo.—Pesalema 68:5.
Lefa go ntse jalo, a ga go na tsholofelo ya gore go tla tla nako eo ka yone dipalo tsa ditlhalo di tla welang kwa tlase, nako eo ka yone ntle le pelaelo bana ba tla golelang mo malapeng a a sa kgaoganang, a a itumetseng?
Nako Eo Lelapa Le Tla Folang ka Yone
Fa re ne re tshwanelwa ke go ikaega ka motho go bona tharabololo, he karabo ke nnyaa, ga go na tsholofelo epe ya mmatota ka bana. Motho ga a kgone le gone go simolola go baakanya lelapa la motho la lefatshe lotlhe le le makgaoganyane, re sa bue sepe ka malapa a mantsintsi a a kgaoganeng ao a le bopang. Jaaka fa Linda Bird Francke a ne a kwala mo go Growing Up Divorced: “Go diragetse dilo di le dintsi ka bofefo thata. Dikgotlatshekelo di a reketla. Dikolo di a reketla. Malapa a a reketla. Ga go ope yo o itseng gore a ka solofela eng mo go yo mongwe mo malatsing ano a ditlhalo tse dintsintsi ereka go sena melao, go sena dikgato dipe tse di ka latelwang.”
Mme lefa go ntse jalo Mmopi wa setho ene ga a reketle. O tlhaloganya lefatshe la rona le le makgaoganyane, mme o bona gore ga le tlhoke go baakanngwa ke “bomankge” ba batho. Le tlhoka go emisediwa ka le lengwe. Mme o solofetsa gore o tla dira sone seo. O solofetsa gore bao ba dirang thato ya gagwe ba tlile go falola phediso ya tsamaiso eno e e boikepo ba bo ba kgona go bona go busediwa ga paradaise ya lefatshe lotlhe. (Luke 23:43; 1 Yohane 2:17) Ka nako eo ya fa motho a tla bo a tshela kafa tlase ga taolo ya Modimo, o tla alafiwa boleo jo bo amang botho jwa gagwe. Bogagapa le basaitekanelang tseo di lereng dikgaogano, kilano, le go tlhoka kutlwano di tla bo jaanong di phimotswe. Lelapa la motho le tla fola.—Tshenolō 21:3, 4.
Mme tlhalo ka nako eo e tla bo e le selo sa nako e e sa bolong go feta.
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Kgakololo e e Lebaneng Batsadi ba ba Tlhadilweng
O se ka wa lwa le molekane wa gago wa pele wa lenyalo—mo mogaleng kana matlho a lebane—fa pele ga bana.
O se ka wa kgala molekane wa gago wa pele wa lenyalo fa pele ga bana. Fa bana ba lona ba kgala motsadi yo mongwe yo o seong, o se ka wa ba kgothatsa kana wa tsaya karolo.
O se ka wa pateletsa bana gore ba tlhaole batsadi ba bone, mme o se ka wa ba lotlhanya le molekane wa gago wa pele.
O se ka wa letlelela bana gore ba go tshosetse ba re ba tla fudugela kwa motsading yo mongwe. Go letlelela boferefere jo bo ntseng jalo jo bo amang maikutlo go tla ba kgothaletsa gore ba nne tsietso ebile go ka nna ga bo ga kgoreletsa kgolo ya bone ya mo boitsholong.
O se ka wa dirisa bana jaaka ditlhodi mo molekaneng wa gago wa pele, o ba pateletsa gore ba go neele tshedimosetso nako le nako fa ba tswa go mo etela.
O se ka wa neeletsa bana melaetsa e e bogale kana dikopo tsa lonyatso tsa madi kwa molekaneng wa gago wa pele.
O se ka wa kgoba ngwana wa gago marapo ka mafoko a a tshwanang le a, “O tshwana fela le rrago.” Ngwana ga a tseye seno e le go kgala rraagwe fela mme gape go ka dira gore ngwana a ikutlwe a tlholetswe go dira diphoso tse di neng di dirwa ke motsadi yo mongwe.
Dira gore o itshupe o le moreetsi yo o molemo, o letlelela ngwana wa gago gore a ntshe maikutlo a gagwe—le eleng maikutlo ao o sa dumalaneng le one.
Dira gore o buisane le bana ka phepafalo, o gololesegile, ebile o sa ba fitlhele sepe. Legale, o ba sireletse mo dikgannyeng tse go sa tlhokafaleng gore ba di itse. Morwao kana morwadio a ka lebega a tshwanelega gore o ka mo ikanya mme wa mmolelela diphiri. Mme le fa go ntse jalo gakologelwa, ngwana ga se mogolo fela yo o nang le mmele o o eketeng ke wa ngwana le gore ga se moemedi wa molekane wa lenyalo, go sa kgathalesege gore o ka tswa a lebega a godile go le kana kang.
Dira gore o gomotse bana ba gago gape o ba tlhomamisetse gore ga se bone ba bakileng tlhalo, ebile ga se nako ya gore ba re ba a tsenelela go boloka lenyalo la lona.
Dira gore o ba bontshe lorato lwa mmatota, lo lo tswang mo pelong. Bana ba ka tseela gore batsadi ba ba kgonang gore ba se ka ba tlhola ba ratana go ka diragala motlhofo fela jalo gore ba se ka ba tlhola ba rata bana ba bone.
Dira gore o dirisane mmogo le molekane wa gago wa pele wa lenyalo mo go sireletseng bana ba lona mo dikomanong tsa lona.
Dira gore o lekalekanye kakgolo le kotlhao, o ba beela ditekanyetso tse di sa gobeleleng le mekgele e e ka fitlhelelwang.
Dira gore o tlhome sekao ka bowena, o tila boitshwaro jo bo repileng jo o ba rutang gore ba bo tile.
Dira gore o dirise nako ya gago e le ntsi ka mo o ka kgonang ka teng eo o seng kwa mmerekong ka yone o na le bana.
[Lebokoso mo go tsebe 11]
A o Motsadi yo o Arogantsweng le Bana?
FA O le ene, o ka nna wa go fitlhela go le motlhofo fela gore o intshe mo dilong. Gongwe ga o utlwane le go dira thulaganyo ya go etelana le bana ka gonne go lebega ekete o kopa tetla mo molekaneng wa gago wa pele gore o bone bana ba e leng ba gago ka namana. Kana gongwe bana ba gago ba na le motsadi yo mosha, mme o ikutlwa gore ga o sa tlhole o tlhokafala.
Mme lefa go ntse jalo o a tlhokafala. Bibela e kgothatsa jaana: “Borrabana, lo se ka lwa shakgatsa bana ba lona.” (Baefesia 6:4, New International Version) Fa o tswa gotlhelele mo matshelong a bana ba gago, o tla bo o sa ba shakgatse fela gape o ka nna wa koafatsa seriti sa bone, o ba dira gore ba ikutlwe ba sa ratiwe ebile ba ka se ke ba ratiwe ke ope. Le eleng kamano fela e potlana le bana ba gago e botoka go na le fa e seo gotlhelele.
Go bonala gore nako e o e senyang o etile ka yone e botlhokwa go feta palo ya maeto a gago. Fa loeto lo le lotelele, he go ka diragala gore nako eo o e dirisang o na le ngwana wa gago e nne eo a ka se keng a e lebale. Miriam Galper Cohen, yo ka boene e leng motsadi yo o arogantsweng le bana, o akgela mo bukeng ya gagwe malebana le kgang eno gore maeto ano ga go tlhokafale gore e nne a a kgethegileng. Ka dinako tse dingwe ke go tsamaya mmogo fela, kana go ja dijo mmogo, mo go ka gakologelwang ka boitumelo.
Go leletsa ngwana wa gago mogala kgapetsakgapetsa, o rulaganyeditse go dira jalo ka metlha, le gone go ka dira gore wena le ngwana wa gago lo nne lo buisana. Kana o ka nna wa gatisa lentswe la gago o balela ngwana wa gago polelo nngwe kana o bua ka ga nako ya fa wena o ne o sale ngwana. Mo godimo ga digatisamantswe le dikwalo, o ka nna wa romelela ngwana wa gago dinepe, ditshwantsho, ditshwantsho tsa metlae, kana ditlhogo dingwe tsa makasine tse o boneng di tshegisa kana di kgatlha. Cohen gape o akantsha gore o batlisise gore ngwana wa gago o itumelela dibuka dife kana dithulaganyo dife tsa thelebishene, o bo o di bala kana o di lebelela ka bowena, go tswa foo lo bo lo tlotla ka tsone ka dikwalo kana ka mogala.
Jaaka fa Cohen a akgela, “go nna motsadi yo o arogantsweng le bana ke yone thulaganyo e e sa rategeng thata mo dithulaganyong tsotlhe tsa go tsaya bana morago ga tlhalo, e le thulaganyo e e sa farologaneng thata le go sa bone bana gotlhelele.” Lefa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo go na le ditsela tse ka tsone o ka bontshang ngwana wa gago, o dira jalo ka metlha, gore o santse o mo rata le go amega ka ene. Le e leng kgato e potlana fela eo o e tsayang go bontsha ngwana wa gago kamego e ka mo falotsa masetlapelo a magolo.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A go na le ditiro dingwe tse o ka di tshwaraganelang le ngwana wa gago? Tlhalo e fedisa lenyalo, eseng go nna motsadi
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
A o itse ka bana bape bao batsadi ba bone ba tlhalaneng bao ba ka ratang go nna le tsala?