Tlhalo Eleruri E Na le Ba E Ba Amang mo go Botlhoko
FA O ne o ka dumela sengwe le sengwe seo “bomankge” ba ileng ba se kwala malebana le tlhalo mo masomeng a dingwaga a sekae a a fetileng, o ka nna wa fetsa ka go re mo tlhalong ya malatsing ano, ga go na ope yo o molato ebile ga go na ope yo o utlwang botlhoko.
Go ile ga nna motlhofo fela mo batsading ba le bantsi gore ba tlhalane ka ntlha ya dipolelwana di sekae fela tse di tswapogileng tse di toutiwang ke batho ba le bantsi, tse di ntseng jaaka: Tlhalo e botoka mo baneng go phala lelapa le le sa itumelang; letela fela gore bana ba nne le ‘dingwaga tse di tshwanetseng,’ gore o ba falotse kutlobotlhoko epe fela; go tlhakatlhakana maikutlo ga bana go fola morago ga dingwaga di le mmalwanyana fela.
Bangwe ba ile ba ema megopolo eno e e fang tsholofelo nokeng. Ka sekai, Susan Gettleman le Janet Markowitz bao e leng bakwadi ba ganetsa “mainane a gore ngwana o a gobala.” Ba bolela ka bopelokgale gore tlhalo ga e kake ya tlhakatlhakanya bana maikutlo fa fela batsadi ba e ‘tshwara segolo.’ Ba bile ba bolela gore go tlhalana ga batsadi go ka nna ga thusa bana gore ba itshokele ditlhalo tsa bone ka nosi nako nngwe! Ba re: “Dilo tsa mmatota tseo di tshwanetseng tsa fetolwa e tshwanetse ya nna setheo sa lenyalo le kgopolo e e anameng ya botshelo jwa lelapa ka bojone.”—The Courage to Divorce.
Mme lefa go ntse jalo a dipuo tse di ntseng jalo tsa bopelokgale tota di boammaaruri? Mo lefatsheng leno la ditlhalo tse di ntsifalelang pele, ditlamorago tsa mmatota tsa tlhalo mo baneng ke dife? A ke boammaaruri gore ga go na ope yo o utlwang botlhoko?
Ditlamorago Tse Di Maswe
Ka 1971, babatlisisi bangwe ba U.S. ebong Judith Wallerstein le Joan Berlin Kelly ba ne ba simolola patlisiso eo e ileng ya fetola dilo malebana le ditlamorago tse di nnelang ruri tsa tlhalo mo malapeng. Ba ne ba tlhopha malapa a le 60 ao a neng a le mo masetlapelong a tlhalo. Fa a tlhakanngwa, malapa ano a ne a na le bana ba le 131 ba dingwaga tse di fa gare ga 2 le 18. Seo se neng sa gakgamatsa babatlisisi ke gore, ba ne ba fitlhela gore tlhalo e batla le ka motlha e sa tswe bana thuso. Seno se ne se diragala le fa batsadi ba bone ba ne ba na le lenyalo le le sa itumelang. Go na le moo, tlhalo e ne e tlogela bana ba tlhakatlhakane mogopolo.
A ditlamorago tseno e ne e le go tlhakatlhakana maikutlo ga nakwana fela? Ka maswabi, nnyaa. Morago ga dingwaga tse tlhano, 37 lekgolong ya bana bao ba ne ba utlwile botlhoko ka selekanyo mme ba bangwe mo go bone ba utlwile botlhoko thata. Bontsi jwa bone ba ne ba santse ba eletsa gore batsadi ba bone ba ne ba ka boa ba nna mmogo gape—le fa ba ne ba setse ba nyetse/nyetswe gape! Morago ga dingwaga tse 10 kana le eleng tse 15, mo e batlang e le sephatlo sa bana bao ba neng ba dirisiwa mo patlisisong eo ba ne ba “tsene mo dingwageng tsa bogodi e le makau le makgarebe a a tshwenyegileng, a a sa direng dilo ka tsela e e kgotsofatsang, a a inyatsang, mme ka dinako tse dingwe a le bogale.”
Maduo a a ntseng jalo a ne a le kgatlhanong le seo ka tlwaelo se lejwang e le botlhale. Jaaka fa Wallerstein a kwala jaana: “Seo re se boneng se ne se ganetsana gotlhelele le seo re neng re se solofetse. Batho ba le bantsi ba ne ba sa itumelele mafoko ano, mme re ne ra amogela makwalo a a bontshang go kgopisega a tswa kwa dingakeng, kwa batsading, le kwa diagenteng a bolela gore re phoso kwantle ga pelaelo.”
Lefa go ntse jalo, bana bano ba ne ba sa ake; dipatlisiso tse dingwe di ile tsa otlelela mogopolo wa ga Wallerstein le Kelly. Journal of Social Issues e ne ya bontsha gore bontsi jwa baitseanape, ba ba ntseng jaaka borasaense ba boitshwaro jwa batho, “ba dumela gore go kgaogana ga batsadi le go fedisiwa ga lenyalo di ama bana ba babotlana mmogo le ba dingwaga tsa bolesome thata ka tsela e e sa siamang.” Lekwalopaka leno le ne la oketsa ka go re ditumelo tse di ntseng jalo “di ile tsa engwa nokeng ka botlalo,” le tsopola diphitlhelelo tse di tshwanang le tseno: Mo baneng ba ba diganana le ba ba senang boitshwaro jwa setho palo ya bana bao batsadi ba bone ba tlhalaneng e kwa godimo go feta ya bao malapa a bone a sa tlhalanang; palo ya bana bao batsadi ba bone ba tlhalaneng bao ba amogelwang mo dikokelong tsa malwetsi a tlhaloganyo e ka nna ya bo e feta go menagane gabedi ya bana bao malapa a bone a sa tlhalanang; gongwe tlhalo ke yone lebaka la konokono la go tshwenyega thata mo maikutlong ga bana.
Go Tweng ka Bana Ba Ba Setseng Ba Golagodile?
Bana ba ba setseng ba golagodile ba itshokela tlhalo botokanyana go feta ba babotlana. Fa bana ba dingwaga tsa bolesome ba bona batsadi ba bone ba tlhalana, ba ka nna ba swaba thata ka mokgwa o o sulafatsang tsela eo ba lebang lenyalo le ditheo tse dingwe ka yone, tse di ntseng jaaka sekolo. Bangwe ba fetsa ka go re dikamano tsotlhe ga di tshepege, di lebanwe ke gore nako nngwe di phatlakane ka ntlha ya go tswiwa ke ba bangwe le go sa ikanyege.
Ka ntlha ya go tlhakana maikutlo ka tsela e e ntseng jalo, basha bangwe ba dingwaga tsa bolesome ba sekamela mo go direng dilo tse di maswe mo go feteletseng fa batsadi ba bone ba tlhalana. Bangwe ba retologela mo diokobatsing, bangwe ba tsena mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong, ba bangwe ba ngwega mo gae. Ba bangwe kwa tshimologong go lebega tlhalo e sa ame tsela ya bone ya botshelo, mme e bo e tla go ba ama nako nngwe moragonyana. Gongwe ga se selo se se tshoganeng se diragetse, jaaka makasine wa The Washingtonian o ne wa bontsha, ditlhalo di ile tsa oketsega ka selekanyo se se lekanang fela le sa koketsego ya go tlhoka go ja sentle ga basha ba dingwaga tsa bolesome le eleng go ipolaya ga bone.
Ka jalo batsadi bao ba letileng, ba letetse gore bana ba bone ba nne le ‘dingwaga tse di tshwanetseng’ pele ga ba ka simolola tlhalo, ba ka nna ba tshwanelwa ke go leta lobaka lo loleele. Ga go lebege go na le ‘dingwaga tse di tshwanetseng’ tsa kgakgamatso tseo ka tsone bana ba ka fetang fela ba sa amega fa batsadi ba tlhalana.a Moitseanape wa tsa loago ebong Norval D. Glenn o ne a ba a akantsha mo makasineng wa Psychology Today gore bana ba ka nna ba nna le ditlamorago tse di bosula tsa tlhalo tseo di tla “tswelelang di sa fele botshelo jotlhe.” O ne a konela jaana: “Motho o tshwanetse gore a akanye ka masisi ka kgang e e tshwenyang ya gore dipalo tse jaanong di oketsegileng tsa bana bao batsadi ba bone ba tlhalaneng di tla gogela kwa tshenyegong ya ka iketlo ya tswelelopele ya setšhaba ka kakaretso.”
Mme lefa go ntse jalo diphitlhelelo, dipatlisiso, le dipalopalo tseno, lemororo di le maswe jaana, ga di reye gore ngwana mongwe le mongwe yo batsadi ba gagwe ba tlhalaneng o lebanwe ke botshelo jwa matshwenyego. Lefa go ntse jalo, gone di bontsha gore tlhalo e tsenya bana mo kotsing ya mmatota. Potso ke gore: Bana ba ka sirelediwa jang mo ditlamoragong tsa tlhalo?
Go Ka Solofelwa Eng Mabapi le Bana?
Ga go na tshireletso epe e e molemo go phala thibelo. Jaaka fa Dr. Diane Medved a ne a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya The Case Against Divorce: “Re tshwanetse ra kgaotsa go letlelela dilo tsa bopelotshetlha tse di amang motho ka nosi go nna tsone fela lebaka leo ka lone re atlholang gore a tlhalo e tshwanetse.” Ga go na pelaelo gore manyalo a se kana ka sepe a koafaditswe ke boikutlo jwa boithati, jwa motho go ikakanyetsa a le nosi fela jo bo tseneng setšhaba sa mo malatsing ano. Batho ba ba nyalaneng ba ka lwantsha tlhotlheletso eno jang go e tlosa mo go bone le go dira gore manyalo a bone a nnele ruri?
Bibela e bolela gore Mokwadi wa yone ke Motlhodi wa lenyalo. Kgakololo ya Bibela ka lenyalo eleruri e a dira e le selo se se emang mafoko ano nokeng. E ile ya thusa dimilionemilione tsa banna le basadi gore ba tokafatse boleng jwa matshelo a bone a lelapa. Bibela e ile ya falotsa manyalo a se kana ka sepe mo serung sa tlhalo. Le wena e ka go direla jalo.b
Lefa go ntse jalo, ka maswabi ga se ka dinako tsotlhe tlhalo e ka tilwang kana ya thibelwa. Ke selo sa mmatota seo se diragalang mo lefatsheng la segompieno. Batsadi ba bangwe ba ithuta ditekanyetso tsa Modimo tsa lenyalo ba setse ba tlhalane. Mme ba bangwe gape ba tshela ka boikanyegi ba dirisa ditekanyetso tseo, mme ba bo ba tla go lomelediwa ke molekane yo o pelotshetlha, yo o boitsholo bo maswe. Bibela ka boyone e a dumela gore maemo mangwe a a feteletseng a dira gore tlhalo e letlelelwe. (Mathaio 19:9) Mme lefa go ntse jalo jaaka fa Jesu a rutile, o ka se ka wa dira phetso epe e e botlhale o sa ‘bala ditlamorago’ pele.—Luke 14:28, NW.
Fa e le gore tlhalo e setse e diragetse, eno ruri ga se nako ya gore o nnele go itshwaya diphoso kana go ikotlhaya o sa kgaotse. Eno ke nako ya gore o tlhofofaletse bana dilo. Go ka kgonega! Dr. Florence Bienenfeld yo e leng mogakolodi le motsereganyi wa batho ba ba tlhalanang yo o tlotlwang ke batho ba le bantsi, o tlhomamisetsa batsadi ba ba tlhadilweng jaana: “Tlhalo ga e a tshwanela go tshwana le polelo ya Segerika ya matlhotlhapelo e mo go yone batho botlhe ba swang. Botlhe ba ka falola, mme e re nako e ntse e ya ba tokafale, ba fole mme ba tswelela sentle fela thata.”—Helping Your Child Succeed After Divorce.
Mme lefa go ntse jalo seno se ka dirwa jang? Ke eng seo batsadi, ba losika, le ditsala ba ka se dirang go thusa bana bao batsadi ba bone ba tlhalaneng?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ebile tota, dipatlisiso tsa bosheng jaana di ile tsa bontsha gore le eleng bagolo ba basha ba ba leng mo masimologong a dingwaga tsa bo 20 ba boga fela thata fa batsadi ba bone ba tlhalana. Go wela tlase mo ba go bonang ga maitsholo a batsadi ba bone go dira gore ba sale ba gamaregile, go bega jalo The New York Times Magazine. Ba le bantsi ba itigela mo boitlhapedisong le mo boakeng, fa ba bangwe bone ba ikgogona mo dikamanong dipe tsa maikutlo a lorato, ba bangwe ba ikana gore ba ka itoma sekgono fa ba ka tsena mo nyalong.
b Bona buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.