LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 2/8 ts. 8-10
  • Tlhalo—Thobo ya Yone E E Botlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhalo—Thobo ya Yone E E Botlhoko
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa E Amang ka TengBoitsholo le Maikutlo
  • Matlhotlhapelo mo go tsa Madi
  • Dibela Lenyalo la Gago
  • Tlhalo Eleruri E Na le Ba E Ba Amang mo go Botlhoko
    Tsogang!—1991
  • Lemena la go Wela mo Tlhalong
    Tsogang!—1992
  • Go Gola ka Lobelo ga Tlhalo
    Tsogang!—1992
  • Dilo Tse Nnè Tse o Tshwanetseng go di Itse ka Tlhalo
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 2/8 ts. 8-10

Tlhalo—Thobo ya Yone E E Botlhoko

GA SE boagente kgotsa ditsala kgotsa metswedi ya dikgang kgotsa “baitse” ba ba tshwanelang go roba ditlamorago tsa tlhalo. Ke banyalani ba ba tlhalanang—le bana ba bone—ba kwa bofelong e nnang bone ba di emaemang.a Go na le go lere boitemogelo jwa kgololesego, tlhalo e ka lopa tlhwatlhwa e kgolo fela thata.

Mo bukeng ya gagwe e go tweng The Case Against Divorce, Diane Medved a re tota fela kwa tshimologong gone o ne a ikaeletse go kwala buka e “ka mokgwa ope e sa bueleleng [tlhalo] kgotsa go e kgala.” Lefa go le jalo, o ne a patelesega go fetola mogopolo wa gagwe. Ka ntlha yang? O kwala jaana: “Ke ne ka lemoga ka motlhofo fela, mo patlisisong ya me gore tlhalo le ditlamorago tsa yone di diphatsa fela thata—mo mmeleng, mo mogopolong, le mo moyeng—mo eleng gore mo mabakeng a mantsintsi, ‘molemo’ oo e o lereng o maswe thata go gaisa ‘bolwetse’ jwa lenyalo.”

Ann, yo o neng a umakiwa mo setlhogong se se fetileng, le ene o a dumalana: “Ke ne ka gopola gore tlhalo e ne e tla nkgolola. Ke ne ke akanya gore fa ke ka somoga mo lenyalong le fela, dilo di tla ntsamaela sentle. Mme lefa go le jalo pele ga ke tlhala, kutlobotlhoko ya me e ne e ntira gore ke ikutlwe gore ke a tshela. Morago ga go tlhala, ke ne ke sa ikutlwe le go ikutlwa jaaka setshedi. Ke ne ke feletswe mo eleng gore ke ne ke ikutlwa jaaka ekete ga ke tshele. Go ne go le maswe tota. Go thata go tlhalosa kafa ke neng ke ikutlwa ke feletswe ka teng.” Morago ga tlhalo, ditsholofetso tse di lolea tsa kgololesego le monate di a nyamela go sale mathata a botshelo jaaka re bo itse a letsatsi le letsatsi le go iphataphatela.

Boammaaruri jo bo teng ke gore, lefa gongwe mabaka a tlhalo e le a a utlwalang, ditlamorago tsa yone di botlhoko di bile di a salela. Ka jalo he go tla bo go le botlhale ka mongwe le mongwe yo o akanyang go tsaya kgato eo e kgolo go tlhwaela kgakololo eno ya ga Jesu tsebe pele: ‘Bala ditshenyegelo tsa teng.’ (Luke 14:28, NW) Totatota, dingwe tsa ditshenyegelo tseo, dingwe tsa ditlamorago tse di botlhoko tseo tsa tlhalo ke dife?

Kafa E Amang ka TengBoitsholo le Maikutlo

Patlisiso nngwe ya bosheng jaana e e ileng ya kwalwa mo makasineng wa Journal of Marriage and the Family e ne ya bontsha fa tlhalo e amanngwa thata le bohutsana le go tshwenyega thata mo maikutlong. Batho ba ba tlhadileng ba tshabelelwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong, mme ba ba tlhadileng makgetlo a feta bongwe ba tshabelelwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong mo go itirang seboaboane. Mo bukeng ya gagwe e go tweng The Divorce Revolution, moithutaloago ebong Lenore Weitzman, o tlhalosa gore batho ba ba tlhadileng le ba ba kgaoganyeng le balekane ba bone ke bone ba robadiwang kwa dikokelong tsa balwalatlhaloganyo ka bontsi; gape ba tshabelelwa ke bolwetsi, go swa ka pele, le go ipolaya.

Mo patlisisong eo a e dirileng mo bathong ba ka nna 200, Medved o fitlhetse gore tlhalo e ama banna le basadi mo maikutlong dingwaga tse palogare ya tsone eleng di le supa, fa ba bangwe di kgona go nna masomesome. Selo se sengwe se a neng a lemoga fa se sa angwe ke tlhalo, e ne e le mokgwa wa go tshela o o sa reng ee o eleng one o neng wa felela ka gore banyalani ba felele ba tlhalane. Ga go gakgamatse, he, go bo go le motlhofo gore manyalo a bobedi a motlhofo go thubega go gaisa a ntlha!

Go na le go tokafatsa mokgwa wa go itshwara, tlhalo gantsi e ama boitsholo ka tsela e e maswe fela thata. Babatlisisi ba lemogile gore morago ga tlhalo, bontsi jwa banna le basadi ba a re ka bokhutshwane ba boele mo go se se ka bidiwang go boela bonyaneng labobedi. Ba akola kgololesego ya bone e ntšha ka go ratana le yole le yole ka tsela eo ba leka go tsosolosa seriti sa bone se se wang kgotsa e le go iteela bodutu ntle. Mme kana lefereo le le direlwang mabaka a bopelotshetlha jalo le ka gogela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, jo le jone bo nang le mogolaganyane wa ditlamorago tse di diphatsa. Mme ebile go ka ama maikutlo a bana fela thata le go ba gobatsa go bona batsadi ba bone ba itsaya ka tsela e e ntseng jalo.

Lefa go le jalo, gantsi banyalani ba ba tlhalanang ba bo ba setse ba dumalane le puo e e forang ya mo lefatsheng ya gore ditlhobaelo tsa bone le dilo tse ba di tlhokang di tla pele. Ka jalo he, ba bo ba nna peloethata tebang le bohutsana jo ba bong ba bo tlisetsa ba ba atamalaneng le bone—bana ba bone, batsadi ba bone, ditsala tsa bone. Bangwe ba bile ba lebala gore le pelo ya Modimo e ka utlwa botlhoko fa re itlhokomolosa ditekanyetso tsa gagwe. (Bapisa Pesalema 78:40, 41; Malaki 2:16.) Tlhalo e ka tsosa dikgogakgogano, bogolo jang fa e felela ka go lwela bana le dithoto go dirisiwa diagente.

Matlhotlhapelo mo go tsa Madi

Lenore Weitzman gape o ne a swetsa ka gore tlhalo gape e lere “matlhotlhapelo mo go tsa madi” mo basading ba United States. Palogare e bontsha gore, e poma ka bogare madi a dilo tsa botlhokwa tse di ntseng jaaka dijo, boroko, le dilo tse di oriwang. O ne a lemoga gore seemo sa bone sa botshelo se wa ka palo e e tshosang ya 73 lekgolong morago ga tlhalo!

O ne a solofetse go bona melao ya segompieno, ya “tlhabologo” ya tlhalo e sireletsa basadi. Go na le moo, o ne a fitlhela basadi ba ba begang fa ba ikutlwa ba itlhobogile ba bile ba itlhaela morago ga tlhalo. Ba bolela fa ba ne ba patelesega ka bonako go ikanya dithulaganyo tsa go thusa batlhoki, ditempe tsa dijo, go kopa boroko kwa goora goromente, le go phaka sopo le borotho kwa mafelong a go thusetswang batlhoki teng. Palo e e tletseng ya 70 lekgolong ya basadi ba a ileng a ba botsolotsa e bega fa e nna e tshwenyegile ka metlha gore e tla dira eng go bona madi a go duelela ditshenyegelo. Ba bangwe ba na le poifo, go kgobega marapo, le eleng go palelwa ke go bona batho ka ntateng ya bana, ga ba na nako e ba ka ipitsang ka yone.

Lekawana lengwe le re tla le bitsang Tom, yo batsadi ba gagwe ba neng ba tlhalana fa a ne a le dingwaga tse robedi, o gakologelwa jaana: “Morago ga fa rre a sena go tsamaya, gone, re ne re bona dijo sentle fela, mme lefa go le jalo go ise go e kae, ke fa go ipona o nwa nnotsididi e le selo se se thata. Re ne re sa kgone go bona diaparo tse disha. Mmè o ne a tshwanelwa ke go re rokela dihempe. Fa ka nako eo ke ne ke lebelela ditshwantsho tsa fa re ne re sale bana, ke ditshwantsho tse di utlwisang botlhoko tsa batho ba ba lebegang ba topetswe ke bolwetsi.”

Ereka gantsi bana ba neelwa basadi mme borrabana ba le bantsi ba palelwa ke go ntsha madi a kgotlatshekelo e ba laetseng gore ba a ntshe a go tlhokomela bana—a tota le one gantsi a bong e le lemmenyana fela—tlhalo gantsi e humanegisa basadi go na le banna. Lefa go le jalo, ga se gore go raya gore tlhalo e humisa banna. Buka e go tweng Divorced Fathers e tlhalosa gore ditshenyegelo tsa tsheko di le nosi fela di ka kometsa sephatlo sa madi otlhe a monna a a amogelang ka ngwaga. Tlhalo gape e ama maikutlo a borre le borrabana fela thata. Bontsi bo hutsafadiwa ke go latlhegelwa ke nonofo mo matshelong a bana ba bone ba ba bona ka go ba etela fela.

Dibela Lenyalo la Gago

Ga go gakgamatse, he, go utlwa go twe mo patlisisong nngwe e e neng e dirwa mo bathong ba ba nang le ngwaga ba ntse ba tlhadile, 81 lekgolong ya banna/borrabana le 97 lekgolong ya basadi/bommabana ba dumela gore ba ka tswa ba dirile phoso ka go tlhala le gore ba ka bo ba lekile thata go dibela lenyalo la bone. Palo e e oketsegelang pele ya “baitse” le bone jaanong ba ja semenogane mo boikutlong jwa bone jwa go nyenyefatsa lenyalo jo ba kileng ba bo ba bo ema nokeng. Bosheng jaana Los Angeles Times e ne ya re: “Morago ga dingwaga tse 25 ba etse tlhoko matswela a teng, dingaka tse di sa alafeng ka melemo . . . di dira ka natla go boloka manyalo.”

Ee gone, go ja semenogane, ke selo se “baitse” ba ka se dirang motlhofo fela. Sotlhe se ba tshwanelwang ke go se dira fela, ka tlhamalalo, ke go bua ba re, “O! Nxae!” ba bo ba simolola go tlhabeletsa pina e ntšha gape. Ga go motlhofo jalo ka diketekete tsa batho ba ba ileng ba reetsa kgakololo ya bone. Lefa go le jalo, ba ba wetsweng ke seru sa tlhalo ba ka ithuta thuto e e botlhokwa thata go tswa mo maitemogelong a bone a a botlhoko, jaaka e e umakilweng ka bokhutshwane mo go Pesalema 146:3, 4: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go ena. Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.”

Ditsala, dingaka tse di alafang kwantle ga melemo, baemedi ba molao, baanamisi ba dikgang ga se sepe fela fa e se batho ba ba sa itekanelang. Jaanong ke eng e re fa re tlhoka kgakololo malebana le lenyalo, re bo re ikanya bone fela jaana? A go ne go tla bo go se botoka go leba kwa go Jehofa Modimo pele, ene yo eleng Motlhami wa lenyalo? Melaometheo ya gagwe ga e fetofetoge le maikutlo a a sa nitamang a “baitse.” E sale e ntse e le boammaaruri ka diketekete tsa dingwaga, mme le gompieno e santse e dira.

Morago ga lobaka ba ntse ba tlhalane Andrew le Ann ba ne ba simolola go lemoga seno. Ba ne ba lemoga gore go tlhalana ga bone e ne e le phoso e e maswe fela thata. Lefa go ntse jalo, se se itumedisang, ke gore, ba ne ba ise ba siiwe ke nako. Ba ne ba kopana mme ba nyalana gape. Mme ba simolola go fetola mokgwa wa bone wa go akanya. Andrew o gakologelwa jaana, “ke ne ka lemoga gore boitsholo jwa me bo ne bo le makgasa, mme ka jalo ke ne ke tlhoka thuso. Ke ne ka rapelela seno, e le selo sa ntlha ke dira jalo morago ga dingwaga tse dintsi. Ke ne ke batla go dira se se siameng; ka jalo ke ne ka tshwanelwa ke go emisa se ke neng ke ntse ke se dira le go latlha mekgwa yotlhe e ke neng ke e setse kwa lefatsheng. Ke ne ke sa tlhole ke e batla gotlhelele.”

Ann o mo tseela mafoko ka go riana: “Lebaka la go bo re kopane gape jaanong, re lebetse ka botshelo jo re neng re bo tshela mo nakong e e fetileng, ke ka go bo bobedi jwa rona re ne re batla go siamisa dilo le Jehofa. Mme le lenyalo re ne re batla tota gore le atlege.” Seo ga se reye gore go simolola foo dilo di ne tsa tsamaya ka thelelo fela. “Jaanong re nna re beile kamano ya rona leitlho, jaaka ntša e disitse. Mme e re fa mongwe wa rona a bona okare e a kgwetlha, re buisane ka yone.”

Andrew le Ann jaanong ba godisa bana ba babedi ba ba itumetseng. Andrew o direla jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa. Ke boammaaruri gore, ga se gore dilo tsotlhe di apere tshiamo gotlhelele. Ga go na lenyalo lepe le le itekanetseng ka metlha mo lefatsheng leno le legologolo. Seo tota se ne se ka diragala jang, ereka le kopanya batho ba babedi ba ba sa itekanelang? Ke sone se Bibela e re tlhagisang ka gore fa esale sebe se tsena mo lefatsheng, lenyalo le ile la tlisa selekanyo se se rileng sa ‘pitlagano mo nameng.’ (1 Bakorintha 7:28) Ka jalo he, ga go a tshwanela gore re tseye go tsena mo lenyalong motlhofo; mongwe le mongwe yo o akanyang go tsena mo lenyalong o tla bo a dira sentle go ipha nako go ithuta yo a solofelang gore o tla nna molekane wa gagwe. Mme fa go setswe go nyalanwe, lenyalo gantsi le itumedisa go ya ka maiteko a a dirwang go fitlhelela seo.

Lefa go le jalo, go phepafetse gore tlhalo le yone ga e a tshwanela go tsewa motlhofo. Fa e le gore ga go na se se ka dirwang fa e se go tlhala fela kana go se kafa e ka tilwang ka gone, ka phepafalo Modimo o ka re fa thuso e re e tlhokang gore re itshokele metlha ya mathata e e ka tsalwang ke seo. Mme jaanong fa re latela boikutlo jwa lefatshe jwa go tlhaetsa thulaganyo ya lenyalo e e itshepileng matlho, ke mang yo o tla re sireletsang mo ditlamoragong tsa boeleele joo? Ka jalo dibela lenyalo la gago. Go na le go nna o emetse fela go le latlhela kwa thothobolong fa dilo di sa tsamae sentle, leka ka bojotlhe go rarabolola mathata. Leka go baya dibata go na le go e kekeletsa pele. Ikanye Lefoko la Modimo go bona dikarabo tse di mosola go ka dirisiwa tsa mathata a lenyalo.b Ditharabololo di teng. Mme ebile di a dira.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e malebana le kafa tlhalo e amang bana ka teng, bona tokololo ya Tsogang!, ya May 8, 1991.

b Bona Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible & Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Dibela lenyalo la gago ka go ipha nako ya go dira dilo lo le mmogo jaaka lelapa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela