Lemena la go Wela mo Tlhalong
ANDREW le Ann e ne e le banyalani ba ba neng ba tshedisana sentle thata. Mo go bone Ann e ne e se motho yo o buang thata e le motho yo o ikgotsofaletseng tsa gagwe, mme go thama ga gagwe go ne go lebega go tsamaelana sentle le botho jwa botsalano, matlhagatlhaga le go rata go tshegisa ga ga Andrew. Sefatlhego sa gagwe se ne se tlala boitumelo fa Andrew a le fa. Tota ebile go ne go bona mang le mang gore Andrew o mo rata mo go maswe.
Lefa go le jalo, morago ga dingwaga tse supa, lenyalo la bone le ne la simolola go thubega. Andrew o ne a bona tiro e ntšha e e neng e mo jela nako e ntsi. Ann a simolola go kgopisiwa thata ke go tshwarega ga ga Andrew kwa tirong le go fitlhela a tletse ruri gare ga masigo. O ne a leka “go kaba phatlha,” jaaka a ile a bua, ka go tlhoafala thata mo dithutong tsa gagwe. Mme lefa go ntse jalo go ise go e kae Andrew o ne a simolola go tla gae a nkga bojalwa, seo se neng se tlhalosa gore o ne a dule le badiri ka ene. Andrew o ne a fetoga tsaga, mme kgabagare Ann a fuduga mo ba neng ba nna teng. Maikutlo a ga Andrew a ne a amega fela thata. Mo dikgweding di sekae fela, ke fa ebile ba tlhalane.
Eno ke kgang ya malatsi otlhe mo go ba le bantsi. Jaaka re setse re bone, dipalo tsa ditlhalo di ile magoletsa gongwe le gongwe mo lefatsheng. Mme ebile tota go bua boammaaruri fela, ditlhalano tse dingwe ga go na jaaka di ka fenngwa kgotsa ebile di a patelesega. Bibela ga e iletse tlhalo gotlhelele, jaaka bontsi bo gopola. Ditekanyetso tsa yone di a utlwala di bile di tekanyo, di letlelela gore tlhalo e ka dirwa ka ntlha ya boaka (Mathaio 19:9); melaometheo ya teng gape e letlelela kgaogano tlase ga maemo mangwe a a rileng a a thata, jaaka go teketwa.a (Bona Mathaio 5:32; 1 Bakorintha 7:10, 11.) Mme legale eno ga se melaometheo e e neng ya tsala go tlhalana ga ga Andrew le Ann.
Andrew le Ann e ne e le Bakeresete mme ba ne ba kile ba bo ba leba lenyalo ka masisi. Mme fela jaaka mongwe le mongwe wa rona, ba tshela mo lefatsheng le le rutang thuto e e farologaneng—ya gore lenyalo ke selo se se ka latlhiwang mme ebile tsela ya go dira jalo ke ka tlhalo. Ngwaga le ngwaga kgopolo e e ntseng jaana e tlhotlheletsa diketekete tsa banyalani go tlhalana ka mabaka a a lolea, a eseng a Dikwalo. Mme ba le bantsi ba tla go lemoga—nako e setse e ile—gore boikutlo jwa bone, “jwa segompieno,” “jwa tlhabologo” ka tlhalo bo ba tsentse ka lemena.
Ga twe lemena? ‘A lefoko le le boifisang,’ bangwe ba ka nna ba rialo. O ka nna wa ikutlwa, jaaka bontsi bo ikutlwa gompieno, gore tlhalo ga se sepe fela fa e se tsela ya setho ya segompieno ya go tswa mo lenyalong le le sa go itumediseng. A mme gone o a bo itse bomaswe jwa tlhalo? Gape a o bona kafa lefatshe le re tshelang mo go lone gompieno le ka bopang pono ya rona ka tlhalo ka teng—re sa lemoge?
Thaelo ya go Batla go Iitumedisa
Fa e le ka Andrew le Ann, sengwe sa tse di ileng tsa ba oka go fitlhelela ba raelesega go tlhalana e ne e le tsholofetso e e bonokopela ya go iitumedisa ka go atlega mo mekgeleng ya botshelo jotlhe. Boikutlo jwa gore ‘mekgele ya me ya botshelo jotlhe ke yone selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong’ ke jone bo ileng jwa thuba lenyalo la bone. E ne e se lone la ntlha go bona kotsi eo. Erile kwa morago kwa ka 1983 makasine wa Family Relations o ne wa re: “Go iitumedisa ka namana go fetogile selo se se laolang kafa batho ba dirang dilo ka teng. Kwa bofelong, katamalano le maloko a mantsi a lelapa e kgaoga ka bofefo mo eleng gore le sone sebofo sa lenyalo tota se nna kafa tlase ga kgatelelo e kgolo.” Andrew o ne a kgatlhilwe thata ke tiro ya gagwe e ntšha le ditsholofetso tsa yone tsa go mo tlhatlosa. A simolola go dira ditiro tse di fetileng selekanyo le go itisa le ditsala tsa gagwe morago ga tiro e le gore ba tle ba mo tlotle le go mo amogela. Kafa letlhakoreng le lengwe, Ann ene o ne a aga a ipona a atlegile mo mekgeleng ya gagwe fa a ka tsweledisa thutego ya gagwe pele.
Go gogwagogwa ke thaelo ya go atlega go ne ga nna le matswela a mabedi. Santlha, go ne ga raya gore Andrew le Ann ba ne ba sa tlhole ba tsaya nako e ntsi ba le mmogo. Fela jaaka Ann a ile a bua: “Ke ne ke gogela kwa ene a gogela kwa. Ka jalo re ne re sena nako eo re leng bangwe fela ka yone re tlotla jaaka re ne re tlwaetse go dira, ya go nna fa fatshe re buisana. Re ne re ipaakanyetsa letsatsi la ka moso kwa tirong. Puisano gareng ga rona e ne ya swa.”
Tsela ya bobedi e ba neng ba amega mo go yone ke ya semoya. Ka go baya mekgele ya bone kwa pele ga sengwe le sengwe, ba ne ba kgoromeletsa kamano ya bone le Modimo kwa thoko ka nako e tota ba neng ba mo tlhoka fela thata ka yone. Thulaganyo e e nitameng ya go dirisa melaometheo ya Bibela e ka bo e ile ya thusa Andrew go lwantshana le bothata jwa gagwe jwa go nwa mme gape e ka bo e ile ya naya Ann nonofo ya go ema le mogatse mo nakong eno e e thata.
Ka gone go na le gore ba rarabolole mathata a bone a lenyalo, ba ne ba simolola go bona ekete selo se se botoka ke gore ba tlhalane, kana tota le eleng go leba seo jaaka kgoro ya botso sekgweng. Morago ga go tlhalana, go ipona phoso le ditlhong di ne tsa ba dira gore ba latlhe gotlhelele tsela ya bone ya go tshela ya semoya. Ba se ka ba tlhola ba ipitsa Bakeresete.
“Baitse” Ba Thusa go Epa Lemena
Banyalani ba le bantsi, fa ba na le mathata a lenyalo, ba ya kwa bagakoloding ba tsa manyalo le kwa dingakeng tse di alafang kwantle ga melemo kgotsa ba bala dibuka tse di kwadilweng ke batho ba ba ntseng jalo. Mme se se utlwisang botlhoko ke gore, bangwe ba “baitse” ba manyalo ba motlha ono ba itshupile ba kgona thata go kgothaletsa tlhalo go na le go bopaganya lenyalo. Mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga boikutlo jo bo kgatlhanong le lenyalo jwa “baitse” bo ile jwa ntsifala fela thata.
Ka sekai, dingaka tsa malwetse a a amanang le tlhaloganyo ebong Susan Gettleman le Janet Markowitz ba ne ba bua jaana ka khutsafalo mo bukeng e go tweng The Courage to Divorce: “Go na le tumelo e e leng teng e e sa utlwaleng ya gore batho ba ba tlhadileng ba tlogetse sengwe se se mosola se se bidiwang ‘botshelo jo bo tshwanetseng jwa lelapa.’” Ba nyatsa “dikgoreletsi tsa molao le mekgwa ya boitsholo” e e kgatlhanong le tlhalo e e “ikaegileng ka melaometheo ya bodumedi e e simologileng mo makgolong a dingwaga a a fetileng.” Ba re, tlhalo e tla tswelela e le teng go fitlhelela “go nyelela ga lenyalo mo go tlang ka iketlo” go dira gore tlhalo “e se ka ya tlhokafala.” Ba re buka ya bone e siametse go balwa ke boagente, baatlhodi—le baruti!
‘Tlhalo ga e maswe. Tlhalo e a golola. Go tlalatlala ga tlhalo ga se sesupo sa gore go na le sengwe se se phoso ka mokgatlho wa setho; go na le moo ke sesupo sa gore sengwe se phoso ka thulaganyo ya lenyalo.’ Bontsi jwa “baitse” ba ile ba ruta thuto eo, bogolo jang ka bo 1960 le bo 1970 eleng ka nako eo diphetogo tebang le tlhakanelodikobo e neng e le selo se se tseetsweng kwa godimo. Bosheng jaana, bangwe ba baithutatlhaloganyo le baithutamotho ba ba tumileng ba bile ba na le kgopolo ya gore go nna le molekane yo mosha morago ga dingwaga di sekae dingwe le dingwe go “direletswe” mo mothong ka thutatlhagelelo. Ka mafoko a mangwe, bonyatsi le tlhalo ga se sepe fela fa e se selo sa tlholego.
Go thata go akanya gore ke manyalo a le kae a a sentsweng ke dikgopolo tsa mofuta oo. Mme lefa go ntse jalo bontsi jwa baitse ba bangwe bone ba kgothaletsa tlhalo ka ditsela tse di bofitlha. Nako ya fa Diane Medved a ne a dira dipatlisiso mabapi le buka ya gagwe e go tweng The Case Against Divorce, o ne a fitlhela dibuka di le 50 mo laeboraring ya lefelo la bone tse eleng gore fa di ne di sa papamale mo go bueleleng tlhalo, di ne bobotlana di ‘e fa babadi thotloetso ya go ka tlhala.’ O tlhagisa jaana: “Dibuka tseno di go gogela ka bonolo mo boemong jwa motho yo o senang molekane di bo di galaletsa ‘kgololesego e ntšha’ e o e boneng jaaka ekete . . . ke yone konokono ya go iitumedisa.”
Ditlhotlheletso Tse Dingwe
Go boammaaruri gore, go na le dilo tse dintsi tse di kgothaletsang tlhalo go na le difofu tsa “baitse.” Metswedi ya dikgang—thelebishene, dibaesekopo, dimakasine, dibuka tsa marato—gantsi di tlatseletsa mo leratleng la kgoeletso kgatlhanong le lenyalo. Ka dinako tse dingwe metswedi ya dikgang e anamisa molaetsa wa gore boipelo jo bo sa feleng, monate wa menatenate, le go iitumedisa ga di bonwe mo botshelong jo bo bolaisang bodutu jwa lenyalo le gore kwa bofelong jwa monate wa go nna nosi ka kgololesego o emetswe ke molekane yo mongwe, yo o botoka thatathata go gaisa yo o mo siileng kwa gae.
Go nna le dipelaelo ka megopolo eo e e bosula go ka nna ga se ka ga re sireletsa. Fela jaaka Medved a tlhalosa: “O lebeletse baesekopo, mme lefa o ntse o le botlhale e a go kuelela. Ga se mo o ka go tilang—motshameko le ditiragalo tsa one di neelwa ka tsela e e dirang gore go utlwelwe botlhoko setshamekisegolo (a gongwe ke rre yo o matlhomatlho?) le go ila yo o dirang mathata (a gongwe ke mosadi yo o tlhogo e thata?). . . . O ka nna wa bo wena ka bowena o sa dumalane le se o se bonang, mme lebaka la go bo o itse gore ba bangwe ba dira jalo, mo go gatisediwang ka ditsela tse dingwe tse dintsintsi mo ngwaong ya rona, go roba maikemisetso a gago mokwatla a go dira molemo le go tlhomama.”
Boitshwaro jwa batho ka rona bo na le tlhotlheletso mo go rona. Fa e le gore seo se boammaaruri ka melaetsa ya metswedi ya dikgang, go tweng ka ditsala tse re di tlhophang! Bibela e tlhagisa jaana ka botlhale: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 13:33) Lenyalo le le itumetseng ke mengwe ya mekgwa e mentle thata. Re ka le senya fa re ka tlwaelana le batho ba ba sa le tlotleng. Banyalani ba le bantsi ba iphitlhetse ba rotloeditswe ka bonokopela go tlhala ka go bo ba ile ba bolelela “ditsala” tsa mofuta oo mathata a bone a lenyalo—tota fa gongwe le eleng go ba ba ileng ka bobone ba kgetha go tlhala kwantle ga mabaka a a utlwalang.
Ba bangwe fa go nna le mathata mo lenyalong go ise go twe sepe fela ba bile ba sianela go kopa dikgakololo kwa diagenteng. Ba lebala gore mo mafatsheng a le mantsi tsamaiso ya molao e rulagantswe sentle go betla tsela ya tlhalo. Mo godimo ga moo, boagente ba dira madi a mantsi fa ba seka tlhalo, go na lefa ba agisanya.
Mme, o santse o ka nna wa ipotsa gore, ‘Fa e le gore batho bano botlhe ke gore baemedi ba molao, dingaka tsa tlhaloganyo le tsa malwetse a a tsamaelanang le yone, baanamisi ba dikgang, tota le eleng le ditsala le ba re ba tlwaetseng ba ka amogela tlhalo ba bo ba e kgothaletsa, a ga se gore gongwe mafoko a bone a na le go ka sekegelwa tsebe?’ A batho ba ba bontsi bo kana ba ka nna phoso ka selo se se botlhokwa jaana? Go sekaseka dingwe tsa diphelelo tseo tlhalo e nang le tsone go tla re thusa go bona karabo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Tora ya Tebelo, July 15, 1989, ditsebe 8-9; May 15, 1988, ditsebe 4-7; November 1, 1988, ditsebe 22-3.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bangwe ba “baitse” ba manyalo ba kgona thata go kgothaletsa tlhalo go na le go bopaganya lenyalo