Go Gola ka Lobelo ga Tlhalo
“MEKGABISA YA TLHALO.” Setlhogo seo se se sa tlwaelegang se ne sa tlhagelela bosheng jaana mo makasineng mongwe o o rategang thata wa basadi. Kgang eo e ne ya kgothatsa jaana: “O ikutlwa okare o apeilwe ka jaana lenyalo la gago le senyegile. Ke eng o sa nyerolose dilo tse di go le gakololang tse di tlhakatlhakantseng lebokose la gago la mekgabisa.” Modiri wa mekgabisa wa gone mo o lopa madi a sekae fela go letlelela batho ba ba tlhadilweng go dirisa molelo wa gagwe go nyerolosa dipalamenwana tsa bone tsa peelelo le tsa lenyalo. Go tsweng foo o bopa mekgabisa e e tla sekeng e ba gakolole ka manyalo a bone a a padileng.
Fela jaaka dipena, dipoleiti, metseto, le magare, lenyalo le lone malatsing ano le lebega le ratega fa le le ka tsela e eleng gore le ka kgona go latlhiwa. Boikutlo jo bo teng gompieno ke jwa gore, ‘Fa le go lapisa, le latlhele kwa thothobolong.’
Mokwadi yo o tumileng, yo o bileng gape e le moithutatlhaloganyo, le ngaka e e alafang e sa dirise melemo le loaro wa kwa Munich, kwa Jeremane, ebong Lorenz Wachinger o ne a re, “selo se totatota gotweng ke lenyalo ga se sa tlhole se le teng.” A o a tswaisa? Gongwe; mme lefa go le jalo ga go thata go bona gore ke eng fa a ne a ka ikutlwa jalo. Go ya ka pampiri ya dikgang e go tweng Stuttgarter Zeitung, manyalo a a ka tshwarang 130 000 a thubega ngwaga le ngwaga kwa Jeremane. Mme legale ga se gore tlhalo ke selo sa kwa Jeremane fela.
Ke Tiragalo ya Lefatshe ka Bophara
Se se tshwanang se ntse se tlhagisa tlhogo mo mafatsheng go dikologa lefatshe. Ka sekai, United States, e ka tshwanelwa ke go bidiwa motsemogolo wa lefatshe wa tlhalo. Ka ngwaga go nna le ditlhalo tse di fetang 1 160 000, ke gore palo e e batlileng e nna sephatlo sa manyalo a a nnang teng. Se ke palo e e rayang gore go na le ditlhalo tse di fetang bobedi motsotso mongwe le mongwe mo letsatsing lengwe le lengwe!
Dipalo tseno fa di tshwantshanngwa le tsa maloba, di bontsha kafa tlhalo e golang ka lebelo ka gone. Mo lekgolong la dingwaga le le sa tswang go feta, kwa United States go ne go na le tlhalo e le nngwe fela fela mo manyalong mangwe le mangwe a le 18. Kwantle ga go tlhatloga mo go golo ga dipalo morago ga Ntwa ya Lefatshe II, go ntsifala ga tlhalo go ne ga diragala ka iketlo go fitlhelela ka bo 1960. Jaanong erile go tswa foo, mo dingwageng tse 25 fela, ya bo e menagana gararo!
Mo bogareng jwa bo 1980, (eleng dingwaga tsa bosheng tse go nang le dipalo tse di ka ikanngwang mo go tsone), mo lefatsheng ka bophara dinaga di ne tsa nna le ditlhora tsa ditlhalo tse di tshwanang le tseno: ka ngwaga, Soviet Union e ne ya nna le tse 940 000; Japane, 178 000; United Kingdom, 159 000; Fora, 107 000; Canada, 61 000; Australia, 43 000. Diphetogo di a tsena, tota le kwa mafelong a eleng gore bodumedi le melao di ne di dirile gore tlhalo e nne kwa tlase. Ka sekai, kwa Hong Kong go santse go diragala tlhalo e le nngwe fela mo manyalong mangwe le mangwe a le 17; mme lefa go le jalo teng koo palo ya ditlhalo e ne ya menagana sebedi magareng a 1981 le 1987. Makasine wa India Today o ne wa bega gore go tlhabisiwa ditlhong ke tlhalo go ntse go a fela mo bathong ba India ba ba ikgonang. Go ile ga tlhongwa dikgotlatshekelo tse disha kwa dikgaolong tse di farologaneng tsa India go emelelana le go ntsifala ga dikgetsi tsa tlhalo tse di ntsifetseng go tloga go 100 lekgolong go ya go 328 lekgolong mo lesomeng la dingwaga le le lengwe fela.
Ke boammaaruri gore, dipalopalo ga di kake tsa supa ka gope bohutsana jo bo tlisiwang ke dipalo tseno tse dikgolo. Ka maswabi, tlhalo ke monkang e re amang rotlhe fela ka go bo lenyalo e le selo sa lefatshe lotlhe. Gongwe, re ka nna ra bo re ka tswa re nyetse/nyetswe kgotsa re le bana ba batsadi ba ba nyalaneng, kgotsa re losika le batho bangwe ba ba nyalaneng. Ka jalo he lefa gongwe tlhalo e ise e re utlwise botlhoko mo nakong eno, matshosetsi a yone a santse a ka re tshosa.
Tota ke eng se se bakang ditlhalo tseno? Diphetogo tsa sepolotiki di ka nna tsa bo di tsaya karolo. Mo mafatsheng a le mantsi dikgoreletsi tse di neng di dirilwe ke Puso kgatlhanong le tlhalo—tse ka lobaka lo loleele di neng di engwe nokeng ke diphuthego tsa bodumedi tse di nang le tlhotlheletso—di ile tsa phutlhama mo dingwageng tsa bosheng. Ka sekai, erile ka bo 1980, Argentina ya tlhalosa fa molao o o thibelang tlhalo o thulana le molaotheo wa lefatshe leo. Ka tsela e e tshwanang tlhalo e ne ya letlelesega semolao kwa Spain le Ithali. Mme legale ga go reye gore diphetogo tseo tsa molao gantsi di salwa morago ke koketsego e kgolo ya dipalo tsa tlhalo.
Ka jalo go raya gore sengwe se teng se se fetang tsamaiso ya molao se se bakang leroborobo la tlhalo mo lefatsheng lotlhe. Mokwadi ebong Joseph Epstein o ne a ama seo fa a ne a kwala gore malobanyana fela jaana, “go tlhala go ne go tsewa e le go ipega semolao, jaaka go ka tualo, gore fa go tla mo boitsholong gone o paletswe.” O kwala jaana, mme jaanong mo malatsing ano “mo bathong bangwe, go bo o ise o ko o tlhale go lebega e le selo se se gakgamatsang go na le fa o kile wa tlhala; mo go bano go tshela botshelo jwa gago jotlhe mo thulaganyong ya lenyalo le le lengwe fela go ka nna ga tsewa jaaka bohema.”—Divorced in America.
Ka mafoko a mangwe, go raya gore tsela e batho ba lebang lenyalo ka yone e fetogile. Go tlotla le go ilela thulaganyo eno e e saleng e ntse e tsewa ka masisi go tswa bogologolong go a nyelela. Ka jalo he go dikologa lefatshe, batho jaanong ba simolola go tlwaela tlhalo. Ka ntlha yang? Ke eng se se ka dirang gore batho ba amogele sengwe se se kileng sa bo se sa bewe sebete ke ope? A e ka tswa e le gore tlhalo ka boyone ga se selo se se maswemaswe go le kalo?