LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 5/8 ts. 13-15
  • Ke Ka Ntlha Yang Batsadi Ba me Ba Leka go Laola Botshelo jwa Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlha Yang Batsadi Ba me Ba Leka go Laola Botshelo jwa Me?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go bo Ba Nnela go go Laola
  • Botho jo bo Fetogang
  • Go Kgona go Itaola ka mo Gogolwane
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Tla Lapeng Nako E Santse E Le Teng?
    Tsogang!—1992
  • Ke Eng fa ke Beetswe Melao e Mentsi Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi ba Me Ba Sa Ntlhaloganye?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 5/8 ts. 13-15

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Ka Ntlha Yang Batsadi Ba me Ba Leka go Laola Botshelo jwa Me?

“Ke batla sebaka sa go dira, sa go sidila mesifa ya me, sa go ikutlwa gore ke nonofile go le kana kang . . . Ke batla go ithuta se se bosula go tswa go se se molemo ka go dira, eseng ka go se bua fela. Ke eletsa go nna le boitemogelo; [batsadi ba me] ba nnetse go nnaya ditlhaloso.”—Mosimane mongwe wa dingwaga di le 16.

“Nna le mmè re na le kgotlhang e kgolo tota . . . O leka go ntshwara jaaka ngwana . . . Ke batla go itsamaela; ke ka se kgone go nna ke golegilwe fela. . . . Ke leka go gola mme ga a ntetle go dira jalo.”—Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 17.

KE NGONGOREGO e e tlwaelegileng gareng ga basha ya gore batsadi ba bone ba leka go laola matshelo a bone. Mme ka gongwe o ka tswa o na le ngongorego e e tshwanang. O bolela gore o batla go ya go itisa go fitlhela go nna bosigo; ba re o tshwanetse o bo o le mo gae go santse go bonala. O bolela gore o godile mo o lekaneng lefereo; ba re o santse o le mmotlana. Go lebega ekete ‘A ke ka’ o mongwe le o mongwe o arabelwa ka ‘Nnyaa, o ka seke.’

Lefa go le jalo, fa re bua se se leng boammaaruri ka batsadi, basha ka bontsi ba dumelelwa go dira se ba se ratang bobotlana ka dinako tse dingwe. Mme gongwe le wena go ntse jalo ka wena. Go feta seo, ka gongwe batsadi ba gago ba a lemoga gore ga o sa tlhole o le ngwana; nako nngwe ba tla tshwanelwa ke go tlogela go go laola mo ba neng ba go dira esale o tsholwa. Mme jaaka batsadi ba bantsi, kwantle ga pelaelo ba batla gore o nne mogodi yo o tekatekanyo, yo o itaolang.

Ka gone, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Fa e le gore batsadi ba me ba ikutlwa ka tsela eno, ke ka ntlha yang ba sa e bontshe.’ Mo go wena go lebega ekete ba go khinne fela thata mo botshelong jwa gago ebile ga ba a ikemisetsa go go khinolola. Lefa go ntse jalo, ka gongwe ga go na pelaelo e e kalo ya gore a tota o tla kgona go laola botshelo jwa gago. Potso e e leng teng fela ke gore ke leng o tla bong o kgona go bo laola. O batla go dira jalo gone jaanong jaana. Mme batsadi ba gago ba ka nna ba batla gore o nne le kgono eo ya go bo laola ka iketlo.

Mosha mongwe o ne a leba seno jaaka “sesupo sa go sa tshepiwe” ke batsadi ba gagwe seo bokao jwa sone bo neng bo kgopisa ka bo ne bo kaya gore o na le “mokgwa o a tla itshenyang ka one oo o tshwanetseng wa thibelwa.” A mme e ka tswa e le gore batsadi ba gago ba na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo? Go sa kgathalesege gore go diragala eng, go tlhaloganya kgopolo ya bone go ka go thusa go fedisa maikutlo ape a go ngala a o ka tswang o na le one malebana le tsela e ba go tshwarang ka yone. Jaaka Diane 19:11 e bolela: “Pharologanyō ea motho e mo diha gore a nnè bonya go galeha.”

Lebaka la go bo Ba Nnela go go Laola

Sa ntlha, lemoga gore lefatshe le ile la nna la nnela diphatsa kwa pele ebile le le kgopo fa esale batsadi ba gago ba feta nako ya bone ya bosha. (2 Timotheo 3:1, 13) Mosadi mongwe o dumelana le seno jaana: ‘Lefatshe le morwa kana morwadia rona a itemogelang lone mo dingwageng tsa bo 14 kana 15 kana 16 le diphatsa go feta jaaka le ne le ntse fa re ne re santse re gola. Ga go a babalesega jaaka pele go tsamaya o le nosi kwa ntle. Basha ba le bantsi ba a ima go feta fa re ne re le basha.’ Ga go gakgamatse go bo batsadi ba gago ba batla go go sireletsa!

Fa e le gore batsadi ba gago ke ba ba boifang Modimo, gape ba amegile thata ka boitekanelo jwa gago jwa semoya. Bibela e kaela batsadi gore ba neye bana “taolo, le tlhamalatso, eo e leng kgodiso ya Bokeresete.” (Baefesia 6:4, The New English Bible) Mme ba itse gore go ka se itlele fela gore o amogele ditekanyetso tsa Bokeresete le ditumelo e le fela ka go bo bone ba dira jalo. Gape ba lemoga sentle gore “ñwana eo o lesiwañ hèla o tlhabisa mmaagwè ditlhoñ.” (Diane 29:15) Lefa ba ka nna ba seka ba go tsaya jaaka ngwana, ba santse ba ka ikutlwa ba patelesega go baya dinako tsa go tla mo gae le go go beela ditekanyetso tse dingwe.

O ka nna wa leba ditaolo tse di ntseng jalo jaaka tse di kwa tlase ga boemo jwa gago, e le tsa bana. Mme gakologelwa, e ne e se bogologolo thata fa tota o ne o le ngwana yo o sa kakeng a itira sepe mo mabogong a motsadi wa gago. Mme jaanong ba batla go go sireletsa mo kotsing ya boitsholo jo bo sa siamang, ka tsela e ba kileng ba go sireletsa ka yone gore o seka wa gobala mo mmeleng. Gakologelwa, gape, batsadi ba gago le bone e kile ya bo e le basha, ebile ba itse sentle gore ke mathata afe a mosha a ka tsenang mo go one. Ee, le eleng monna yo o siameng Jobe o ne a ipolela “maikepō a bokau yoa [gagwe].” (Yobe 13:26) Mme fela jaaka basha, batsadi ba bangwe ba ne ba dira diphoso tse di masisi tseo di neng tsa raraanya matshelo a bone mo gogolo.

Mmè mongwe o ne a bolela jaana: “Ke ne ka tshwanela go nyalwa. E ne e le ka go bo ke ne ke na le mosimane yo o tlhomameng yo ke neng ke ratana nae fa ke ne ke santse ke le mosha. Ke ne ka ima ke na le dingwaga di le lesome le borataro. Jaanong jaana ke na le bana ba le bararo, mme ba babedi ba bone ke basha. Ke ikutlwa jaaka ekete ke na le dingwaga di le masome a matlhano boemong jwa masome a mararo le bosupa a dingwaga. Ke latlhegetswe ke bosha jwa me.”

Ka gongwe batsadi ba gago ga ba ise ba ke ba nne le boitemogelo jo bo botlhoko jalo. Lefa go le jalo, ba ka nna ba bo ba amegile thata ka bodiphatsa jwa go fereana pele ga nako mme ba ka nna ba go itsa go ferea. A o tshwanetse wa ngadisiwa ke thibelo eno? Fa o ganana le yone, akanyetsa mafoko a ga Diane 27:12: “Motho eo o bonokopela o bōna yōna boshula, me a iphitlhe: me ba ba sa tlhalehañ ba hete hèla ba utlwe botlhoko ka gōna.” Eleruri, fa o utlwa kgakololo ya batsadi ba gago, o ka nna wa tila bohutsana.

Botho jo bo Fetogang

Lefa go ntse jalo, o ka nna wa ikutlwa jaaka mosha yo o neng a bolela jaana: “Ke itse se ke se dirang. Ga ke na go raraanya botshelo jwa me. Ke ka ntlha yang ba sa ntetle gore ke itshelele botshelo jwa me?” Mme bothata e ka nna gore ka go sa lemoge o bontsha batsadi ba gago ditshupo tse di dirang gore ba tsietsege. Ka dinako tse dingwe o ka itshwara jaaka mogolo yo o tshwanelegang; ka dinako tse dingwe o ka nna wa bontsha gore o santse o tlhoka thuso jaaka ngwana.

Mo bukeng ya How to Single Parent, Dr. Fitzhugh Dodson o bolela ka boitemogelo jwa mmè mongwe yo o neng a ya go reka a na le morwadie yo o dingwaga tse 15. Fa a sena go palelwa ke go tlhopha mo meseseng e meraro, morwadie o ne a mmotsa gore ke ofe o o mo tshwanelang. Mmaagwe o ne a akanyetsa seno ka nakwana mme go tswa foo a mo fetola ka go re: “Kwantle ga pelaelo ke akanya gore mosese o motala ke one o montle go gaisa e mengwe.” Phetolo ya kgakololo eno e e neng e kopilwe e ne ya nna efe? “Ao, Mmè, wena ka metlha o leka go laola botshelo jwa me le go mpolelela gore ke dire eng!”

Dikgwedi moragonyana ba ne ba ya go reka gape. Morwadie o ne a tlhopha diaparo di sekaenyana mme o ne a botsa: “Mmè, ke efe mo disutung tseno e e ka ntshwanelang?” Ka go gakologelwa se se neng sa diragala mo nakong e e fetileng, mmè yono o ne a fetsa ka gore a nne kelotlhoko mme o ne a araba jaana: “Ke tlhomamisega gore o ka kgona go itlhophela,” fa a sena go rialo morwadie o ne a goa ka go re: “Ao, Mmè, ga o ke o nthusa fa ke tlhoka thuso ya gago!”

Maikutlo ao a fetogang go tswa go go itira yo o pelokgale go ya go go dira dilo ka tsela ya bongwana a tlhakanya batsadi tlhogo tota. Mme go ya bokgakaleng jo bo rileng, basha botlhe ba nna le sebetso seno sa boitshwaro jono jo bo sa tlhomamang; ke karolo nngwe ya tlholego ya go gola. Mme lefa e le ga tlholego, go bolelela batsadi ba gago gore o santse o na le “dilō tsa bonyana” gore o di fenye le gore ga o ise o siamele go ka repisediwa ditaolo gotlhelele.—1 Bakorintha 13:11.

Go Kgona go Itaola ka mo Gogolwane

Lefa go ntse jalo o ka nna wa ikutlwa gore o ka kgona go dira kwantle le fa e le tshegetso epe le tlhokomelo. Mme mo ditsholofetsong tsa go bona kgololesego e o e eletsang, ka dinako tse dingwe o ka nna wa ba wa raelesega go ineela mo dilong tsa boferefere. “Ke a itse gore ga ke a tshwanela go bua maaka,” go ne ga kwala jalo mosetsana mongwe, “mme ke ne ke go dira jalo fela e le go dira gore dilo di nne motlhofo. [Mmè] o nkgagamaletsa dithapo thata ebile ga a ke a ntetla go tsamaya fa ke mmoleletse boammaaruri.” Lefa go le jalo, go tsietsa batsadi ba gago go ka se dire gore dilo di nne motlhofo. Fa go aka moo go ka senoga (jaaka go ka nna ga diragala jalo), go ka nna ga raraanya dilo fela thata.

Bakwadi ba buka ya Options ba lemoga seno ka botlhale. “Go aketsa [batsadi ba gago] fa o batla gore ba go ikanye go tshwana fela lefa o utswa e le sesupo sa gore o ikanyega go le kana kang. Fa ba go lemoga, go ka diragala gore ba go gagamaletse dithapo le e leng go feta, e le fela ka go bo o le leferefere.” Se se botlhokwa go feta, go bua maaka go dira gore o seka wa itumedisa Modimo ka boene. Diane 3:32 e bolela jaana: ‘Motho yo o boferefere o makgapha fa pele ga ga Jehofa.’

Ka jalo he bontsha boikanyegi mo batsading ba gago. Ba neele dintlha tse di feletseng le tse di tlhamaletseng tsa kwa o batlang go ya teng le gore ke mang yo o tsamayang le wena. Fa ba baya dinako tsa go tla mo gae, di tlotle. Seno se tla ba tlhatswa pelo gore o na le boikarabelo. Ba ka nna ba seka ba tshwenyega thata fa o seyo. Mme ka bofefo fela ba ka nna ba ikutlwa ba na le tsholofelo e e oketsegileng go go naya kgololesego e kgolwane. Ke fela jaaka Bibela e bolela: ‘Go tla solofelwa mo gogolo go ene yo o neilweng mo gogolo, mme motho yo o rwesitsweng boikarabelo jo bo oketsegileng, batho ba tla solofela mo gontsi go tswa mo go ene.’—Luke 12:48, Phillips.

Nako ya go ikarabela mo botshelong jwa gago e tla tla mo bogautshwaneng fela thata. Nna pelotelele, fa o santse o letile. Ipelele bosha jwa gago. (Moreri 11:9) Dirisana mmogo le boemo joo batsadi ba gago ba bo tsayang mabapi le lefereo, melao, dinako tsa go tla mo gae, le dilo tse di tshwanang le tseo. Go dira jalo gone jaanong jaana go ka dira gore go seka ga nna le go ikotlhaya kwa morago le mahutsana. Fa o ikutlwa gore dithibelo dingwe ga dia tshwanela dingwaga tsa gago kana ga di utlwale, o seka wa tsuologa. Tlotla dikgang tseno le batsadi ba gago o wetse dibete. Ka gongwe ba ka tswa ba lebetse gore tota o na le dingwaga di le kae kana o godile go le kana kang. E ka tswa e le ka lebaka lefe fela, ka gongwe o tla fitlhela gore tota ga ba kgatlhegele go laola botshelo jwa gago. Ba batla fela go tlhomamisega gore isagwe ya gago ke e itumedisang.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

O leba jang dinako tsa go tla mo gae le dithibelo tse dingwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela