Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Tla Lapeng Nako E Santse E Le Teng?
TSOGANG! e ne ya botsa setlhopha sengwe sa basha jaana, “A go na le mongwe wa lona yo o beetsweng nako ya gore a bo a setse a boetse kwa lapeng ka yone?” Botlhe ba ile ba re ee! Lefa go le jalo, potso e e latelang, e ne ya nna le dikarabo tse di farologaneng. Re ne ra ba botsa jaana: “Fa lo bona ke go fitlha nako mang lo tshwanetseng go letlelelwa gore lo bo lo ise lo tle mo lapeng bosigo?”
Mosha mongwe yo o bidiwang Monica o ne a re, “ke akanya gore o tshwanetse go dira sengwe le sengwe se batsadi ba gago ba go se bolelelang.”a Bill yo mmotlana o ne a se ka a dumalana le seo. O ne a re, “ga ke bone gore tota ba tshwanetse go go bolelela gore o tle leng mo lapeng.” “Kana ebile gongwe erile le bone ba santse ba le basha ba ne ba etle ba itise go fitlhelela bosigo thata.” Mosha mongwe yo o bidiwang Sally o ne a leka gore a se ka a ema letlhakore lepe nokeng: “Ke akanya gore re tshwanetse go tla ka nako eo batsadi ba rona ba e batlang—fa fela e se pele ga 8:00 p.m.” Kwa bofelong, go ne ga bua Jerry, yo o neng a lebega a sa rate kgang eno gotlhelele. O ne a re: “Go na le gore ba re reye ba re re tle lapeng ka nako ya gore, ke ka ntlha yang fa ba sa re re ba leletse mogala fela re ba itsise kwa re leng teng? Ba tshwanetse go tlhaloganya.”
Go sa kgathalesege gore wena o ikutlwa jang, batsadi ba gago ba tshwanetse ba bo ba go beetse nako e e rileng e o tshwanetseng wa bo o setse o le kwa gae ka yone mantsiboa. E ka nna ya bo e le molao ono o o gagametseng: ‘O tle lapeng ka nako ya 10:00 p.m. eseng jalo!’ Kgotsa batsadi ba gago ba ka go beela nako e o tshwanetseng wa bo o le kwa gae ka yone mantsiboa ba lebile maemo ka go farologana ga one. Mosetsana mongwe yo o dingwaga di 16 yo o neng a tsopolwa mo makasineng wa ’Teen, a re, “morago ga gore ba sekaseke gore ke tsamaya le mang le gore re ya kae, ba baya nako e ke tshwanetseng ka bo ke le mo lapeng ka yone. Go ya fela ka gore ke na le bomang le gore ke ya kwa kae.” Tota le ene mosha yo o bonwang ka sewelo yo o lebegang a itumelela kgololesego e e sa lekanyediwang o santse a tlhoka gore a neele batsadi ba gagwe lesedinyana la koo a tla bong a le teng le gore o tla boa leng.
Basha ba le bantsi ga ba lebege ba tshwenngwa ke go bo ba na le ditekanyetso tseo. Mme lefa go le jalo bangwe ba tsaya go beelwa nako e ba tshwanetseng ba bo ba boetse gae ka yone mantsiboa e le selo se se fetang fela go kgorelediwanyana mo go rileng kana sekgoreletsi sa dithulaganyo tsa bone se se tshwenyang. Buka e go tweng Teens Speak Out e e kwadilweng ke Jane Rinzler e tsopola mongwe mosetsana yo o dingwaga tse 16 a ngongorega jaana: “Ke ikutlwa fela ekare ke lesea le gone ke tshela botshelo jo eleng gore mo go jone ga ke kgone go itlhophela dilo tse ke batlang go di dira.” Ba bangwe ga ba rate go utlwa sepe ka go beelwa nako eo ba tshwanetseng ba bo ba boetse gae ka yone mantsiboa ka ntateng ya tlhakatlhakano e go e dirang mo matshelong a bone. Mosha mongwe a re: “Pele ga ke tswa mo ntlong ke tshwanetse gore ke bolelele mmè gore ke ya kae, ke tsamaya le mang, ke tsamaya ka eng go ya teng, le gore ke tlile go boa ka eng.”
Go Beelwa Nako Eo O Tshwanetseng go Boela Gae ka Yone Mantsiboa—Kafa Batsadi ba e Lebang ka Teng
Ke ka ntlha yang fa batsadi ba gago ba sa go lese gore o tsamaye o bo o boe ka nako eo o e ratang? Legale, akanya ka “nako eo o tshwanetseng wa bo o boetse gae ka yone mantsiboa” nako e Modimo o kileng wa e beela setšhaba sa Iseraele. Mo bosigong jwa fa go ne go ketekiwa moletlo wa ntlha wa Tlolaganyo ka 1513 B.C.E., Modimo o ne wa laela Baiseraele jaana: “Opè oa lona a se ka a cwa ka moyakō oa ntlo ea gagwè, bosigo bo tsamaee bo se.” (Ekesodo 12:12, 22) A Modimo o ne o sa bontshe kakanyetso? Nnyaa. Seno e ne e le tshireletso ya gore ba seka ba bolawa ke moengele wa ga Jehofa!
Le mororo gongwe seemo se ka tswa se sa potlaka jaaka sa nako eo, batsadi ba le bantsi ba na le mabaka a a utlwalang a go leka go sireletsa bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome. Kana tota, ke ga tlholego fela gore batsadi ba tshwenyege ka bana ba bone. Batsadi ba ga Jesu Keresete ba ne ba ‘hutsafala’ fa ba ne ba sa itse kwa a teng mme le fa go le jalo e ne e le ngwana yo o neng a itekanetse! (Luke 2:41-48, NW) Batsadi ba gago ba itse gore wena ga o a itekanela lefa go le gonnye. Ka jalo he, ba tshwanelwa ke gore ba nne ba tshwenyegile ka wena nako le nako, le fa gongwe o se mongwe wa ba ba diganana. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
Ke ka ntateng ya go bo batsadi ba gago ba itse sentle kafa “dithatō tsa bokau” di ka nnang maatla ka teng. (2 Timotheo 2:22) Mme gongwe ba ka nna ba bo ba itse go tswa mo maitemogelong a bone gore “ñwana eo o lesiwañ hèla o tlhabisa mmagwè ditlhoñ.” (Diane 29:15) Motsadi mongwe o ne a ipolela jaana: “Ke ne ke le leidi la mosha. Ke itse gore ke eng se o ka se fitlhelang batsadi ba gago.” Ka jalo fa batsadi ba gago ba utlwalela kaga go nna matlhomatlho ga basha, go sa dirise bojalwa le diokobatsi sentle, kgotsa meletlo ya boitlhapediso e e mo tikologong, ba ka nna ba swetsa ka gore go go beela melao e e rileng go tshwanetse.
Batsadi ba gago le bone ba ka nna ba bo ba na le mabaka a a utlwalang a go tshwenyega ka pabalesego ya gago. Bibela e re bolelela gore fa barwa ba ga Jakobe ba ne ba diegile go boela gae go tswa gaufi le kwa Shekema, Jakobe o ne a laela morwawe ebong Josefa jaana: “A u ko u tsamaeè yana, u eè go bōna bomogoloo go re, a ba sa tshedile sentlè, . . . , u itse go ba u tla u mpolèlèla.” (Genesise 37:13, 14) Seno e ne e se dipelaelo fela tse di senang lepele le morago. Ka ntateng ya se se neng se ile sa diragala mo dingwageng tse di kwa morago, Shekema e ne e le lefelo le le neng le le diphatsa mo barweng ba ga Jakobe!—Genesise, kgaolo 34.
Lefatshe gompieno le diphatsa fela thata go gaisa mo metlheng ya Bibela—kgotsa tota le mo metlheng ya fa batsadi ba gago ba ne ba santse ba le basha. Re tseneletse fela thata mo “metlheñ ea bohèlō,” nako eo Bibela e neng ya perofesa gore e ne e tla itshupa ka “dipaka tse di tlhokohatsañ.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “tse di tlhokohatsañ” le ka ranolwa gape jaaka “tse di kotsi,” “tse di diphatsa,” “tse di hutsafatsang,” le “tse di thata.” (King James Version, Douay, English Revised Version, Moffatt) Batho ba le bantsi gompieno ga ba na “boithibo,” kgotsa “ba bogale.” (2 Timotheo 3:1-5; Today’s English Version) Ke sone se bokebekwa jo bo tsitsibanyang mmele, go kopanyeletsa le petelelo le dipolao, e le dingwe tsa dilo tse di maswe tse di teng mo botshelong gompieno.
Batsadi ba gago gape ba itse gore fa bosigo bo ntse bo tsena sebaka sa gore o ka nna wa tsena mo mathateng le sone se ntse se a gola. Mosetsana mongwe o ne a bolelela Tsogang! a dumalana le seo, jaana: “Dilo tse di maswe di ka diragala ka nako ya fa go le bosigo thata, mme batsadi ba gago ba leka go go sireletsa.” Mosha mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Morago ga bosigogare, go na le bakgweetsi ba ba tagilweng ba le bantsi thata mo tseleng, mme ka jalo ga go botlhale gore o bo o le mo tseleng ka nako eo ba leng mo tseleng ka yone.”
Mme gape go na le diphatsa tsa boitsholo. Jaaka fa bosigo bo ntse bo tsena, boikgapo bo na le go nna bo ntse bo fokotsega, mme boitshwaro jo bo sa reng ee jone bo a ntsifala. Jalo he, ka mabaka a a utlwalang, Bibela e amanya boitshwaro jo bo repileng le dinako tsa letlatlana. Mo go Isaia 5:11, (NW) Modimo o ne a re ‘go latlhega’ bao ba ‘itisang go fitlhelela bosigo bojalwa bo be bo ba tage thata.’ (Bapisa 1 Bathesalonia 5:7.) Ka jalo batsadi ba gago ba ka nna ba tshoga gore fa o ntse o diega thata kwa maitisong, go nna le kotsi ya gore o ka nna wa iphitlhela o tseneletse mo meletlong e e sa laolesegeng, mo tirisong e eseng yone ya bojalwa, kgotsa mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ka jalo fa o sa tle gae ka nako eo batsadi ba gago ba solofelang gore o bo o setse o gorogile ka yone, ba ka nna ba tshwenyega. Ka jalo o tshwanelwa ke go ba tlhalosetsa.
Mosetsana mongwe yo mosha o gakologelwa jaana: “Nako nngwe ke ile ka itisa nako e telele fela thata kwa tsaleng nngwe ya me ya mosetsana. Mmè o ne a sa itse kwa ke neng kele teng, ka jalo o ne a tsamaya mo a mpatla. O ne a simolola a tsamaya mo tikologong a bitsa leina la me!” Go tlhabisa ditlhong ga kere? Ee tota. Mme ke fela jaaka motsadi mongwe a tlhalosa, “ke tlelwa ke megopolo fela e e maswe nako le nako fa [barwadiake] ba tla go setse go le lefifi mo lapeng.”
Seno se Bontsha Gore Baa Kgathala ka Wena
Mme go tweng fa e le gore boitsholo jo bo repileng ke selo se eleng gore tota ga seyo mo mogopolong wa gago? Go tweng fa e le gore se tota o se batlang ke go nna le nakonyana fela e e rileng le ditsala tsa gago? Go boammaaruri gore ke selo se se ka go bolaisang pelo go bo o tshwanetse go nna kwa lapeng fa ba bangwe ba balekane ba gago bone ba letlelelwa go intsha. Gape ke selo se se tlhabisang ditlhong fa o tshwanelwa ke go tlhalosetsa ditsala tsa gago gore o ka seka wa tsamaya le bone ka ntateng ya go bo o tshwanetse gore o bo o le kwa lapeng nako e santse e le teng. Mme tota fa o akanyetsa seno sentle, o tlile go fitlhela gore go na le boammaaruri jo bo tletseng mo mafokong a a ileng a buiwa ke mosha yo o bidiwang Leslie. A re: “Ke eng se o yang go se dira ka nako ya bosomepedi se o ka sekang wa se dira ka nako ya borobabobedi?” Ka mafoko a mangwe, a boitlosobodutu jo bontsi jo bophepa bo ka se ka jwa itumelelwa le go dirwa ka nako eo go santseng go itisitswe ka yone? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o itsenya mo kotsing e e ka tlisiwang ke go itisa go fitlhelela bosigo thata?
Ntlha e nngwe e o ka akanyang ka yone ke e: A ka go iitsa go fitlhelela bosigo o tla bo o dirisa nako ya gago sentle? Bibela e kgothaletsa Bakeresete seno: “Ke gōna, lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula.” (Baefesia 5:15, 16) Mo godimo ga moo, a go tla thari mo lapeng go tla go thusa gore o dire tiro ya gago ya sekolo kgotsa a go tla go thusa gore o fetse ditiro tsa mo lapeng? A go tla kgoreletsa go kgona ga gago go reetsa ka kelotlhoko kwa dipokanong tsa Bokeresete?
Sa bofelo, o leke go leba go laolelwa metsamao ga gago jaaka bosupi jwa gore batsadi ba gago baa go rata. Mo bukeng ya gagwe e go tweng How to Raise Parents mokwadi wa yone ebong Clayton Barbeau o botsa jaana: “O ne o tla ikutlwa jang fa nna, jaaka motsadi wa gago, ke ne ke ka go raya ka re, ‘ga ke na sepe gore a o dirisa diokobatsi kgotsa a o a nwa kgotsa o a goga. Ga ke na sepe gore a o kgweetsa ka lebelo le le feteletseng. Ga ke na sepe gore o tla mo lapeng nako mang. . . . ’ Ke eng seo ke tla bong ke se go bolelela ka go rialo? Boammaaruri ke gore: ke ne ke tla bo ke go raya ke re, ‘ga ke go rate. Ga ke na sepe le wena. Ga o botlhokwa mo go nna.’” Go boammaaruri gore nako nngwe o ka nna wa ikutlwa o meletsa mathe basha bao eleng gore ba na le kgololesego e kgolwane. Mme fela gakologelwa: “Eo o rèkègèlañ thupa o ila morwawè: me eo o mo ratañ, o tla mo oatlhaee go sa le galè.”—Diane 13:24.
Mo botshelong jotlhe jwa gago o tlile go tshwanelwa ke go tshela tlase ga melao le ditekanyetso. Ka jalo ke ka ntlha yang fa o gana go beelwa nako ya gore o boele gae ka yone mantsiboa moo eseng sepe se se kalokalo? Go boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go beelwa nako e o tshwanetseng wa boela gae ka yone mantsiboa go ka nna ga bo go sa dirwe ka kakanyetso, mme setlhogo se se tla tlang mo isagweng se tla go thusa gore o lebagane le seemo se se ntseng jalo. Lefa go le jalo, ka dinako tsotlhe go botlhale ka wena fa o dirisana le batsadi ba gago mme o leka go tlhaloganya maikutlo a bone. Diane 28:7 ea re: “Eo o tshegetsañ molaō ke ñwana eo o botlhale.” Gongwe fa nako e ntse e tla o tla kgona go lebelela dilo jaaka mosadi mongwe yo mmotlana yo o reng: “Ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore ke eng fa mmè le rre ba ne ba na le go ntshireletsa go le kanakana mme ba nkgalefela fa ke ne ke tla kwa lapeng morago ga nako. Mme jaanong ka ke le motsadi ka bonna, ke tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mmè a ne a tle a nne a ntetile. E ne e le ka ntateng ya go bo a ne a nthata!”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ga go dirisiwe maina a bone tota.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Basha gantsi ga ba rate go tla gae go santse go bonala