Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Beetswe Molao O O Gagametseng Jaana wa Nako ya go Boela Gae Maitsiboa?
LEN o ne a rata thata go itisa go fitlhelela bosigo le ditsala tsa gagwe. Mme moragonyana rraagwe o ne a lemoga gore go itisa go fitlhelela bosigo mo ga ga Len go na le dibelebejane. Len o gakologelwa jaana, “nako nngwe ke ne ka tsena mo mathateng a matona, mo eleng gore ke ne ka se ka ka letlelelwa gore ke tswe mo kamoreng ya me beke tse pedi—fa e se fela fa ke ya go ja le fa ke ya sekolong. Ke ne ke sa tshwanela go fitlhelwa le eleng ke okometse ka fensetere! Fa katlholo ya me e fela, ke ne ka tsamaya le ditsala tsa me go fitlhelela bosigogare. Fa ke tsena mo gae ka koloi, ke fitlhela rre a ntse fa mokatakong a ntetile . . .”
Basha ba le bantsi ga ba rate gore metsamao ya bone e bo e ntse e etswe tlhoko ke batsadi ba bone. Mosetsana mongwe yo mmotlana a re: “Fa ke tsena mo dingwageng tsa bosha, batsadi ba me ba ne ba simolola go mpeela melao le dikgoreletsi tse di seng kana ka sepe, jaaka go tla gare ga bosigo. Ke ne ke sa rate seo gotlhelele.” Fa basha ba ba ntseng jalo ba bontsha go sa rate ga bone seo ka tsela ya go tsuologa, se ba se ipiletsang ke dithibelo tse di gagametseng, eseng kgololesego e kgolwane.
Fa e le go tlola molao mo eseng ga sepe katlholo e ka nna gore nako ya gore motho a bo a setse a le mo lapeng e busediwe kwa morago ka ura. Fa e le melato e megolo, mosha o ka nna a tingwa ditshiamelo dingwe tse di rileng, gongwe a bo a khinwa ka nakonyana. Mosetsana mongwe yo mosha o ne a tlhalosa jaana, “fa o ka tla gare ga bosigo ka Matlhatso, o ka nna wa seka wa letlelelwa gotlhelele gore o tswe ka Matlhatso o o latelang.” Gape go na le ‘go tlhaolwa’: o sa etelwe, o sa bue le mogala, o sa lebelele thelebishene. Mme mo basheng ba bangwe, kotlhao e e utlwisang botlhoko ke ya go engwa ka lefoko. Mosimanyana mongwe yo mosha o ne a bua ka phegelo jaana, “Hei, maitemogelo a go lemotshiwa molato! Ba simolola ka go go bolelela ka fa eleng gore ba ne ba tshwenyegile thata ka wena ka teng. O tla utlwa o ikutlwela botlhoko.”
A mme gone ga go boammaaruri gore batsadi ba gago baa go rata ebile ba na le tshwanelo ya gore ba batle gore o bo o le mo lapeng ka nako e e tshwanetseng? Mme fa o sa dire jalo, ba felela ba tshwenyegile, ba tlhobaetse, tota le go tlhorega boroko. Mosha yo o ratang batsadi ba gagwe ka boammaaruri mme ebile a ba kgatlhegela ga a ka ke a rata gore a iphitlhele a dira gore ba nne ba ntse ba tshwenyegile ka tsela eno e e sa tlhokafaleng. A seo se tla bo se sa bontshe bopelotshetlha jo bo feteletseng?
Lefa go le jalo, basha ba le bantsi ba ikutlwa gore batsadi ba bone ba ba beetse dithibelo tse eleng gore ga se tsone, kgotsa tse di sa bontsheng kakanyetso. Fred yo o dingwaga tse 18 o ne a ngongorega jaana “baa tsenwa, ba batla go ntsaya jaaka ngwana wa dingwaga tse di lesome le botlhano fela. Ke gana go dira se a reng ke se dire mme nna le rre re aga re le mo ntweng ka ntlha ya seo.” Mme le fa go le jalo go na le ditsela tse di botoka tsa go dirisana le batsadi ba gago go na le go nna seganana.
A E Siame Kgotsa Ga E A Siama?
Santlhantlha, dithibelo tseo ga di a siama go le kana kang? Jaaka fa setlhogo se go tlotlilweng ka sone pele se ile sa bontsha, batsadi ba gago ba ka nna ba bo ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba tshwenyega ka pabalesego ya gago le botsogo jwa gago.a A basha ba bangwe ba Bakeresete ga ba thibelwe ka tsela e e tshwanang le ya gago? Fa go ntse jalo he, ke mabaka afe a o nang nao a ka one o ngongoregelang tshwetso ya batsadi ba gago?
Len yo mmotlana, yo go neng ga buiwa ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a sa kgone go tlhaloganya gore kante rraagwe o ne a mo kgatlhegela fela thata. O gakologelwe gore e ne ya re a sena go tla morago ga nako e rraagwe a neng a e mmeetse, mme ya re a goroga a fitlhela rraagwe a mo emetse fa mokatakong. Len o ne a rarabolola bothata jono jang? Ka go nnela seganana kwa pele. “Fela jaaka koloi e tsena, ke ne ka boba mo setilong sa koloi gore Rre a se ka a mpona, mme ka kopa tsala ya me gore a boe ka sammamorago mme re tsamaye. Ke ne ka fetsa mogopolo gore ke tlile go tlogela legae.” Ka boammaaruri Len o ne a tlogela legae mme a simolola go tsamaya le setlhopha sengwe se se neng se sa itshware sentle mme se ne sa mo gogela mo go reng a dire boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, a nne le seabe mo bogodung jwa dikoloi, le go sa dirise diokobatsi ka tsela e e tshwanetseng. Kgabagare o ne a felela a le mo kgolegelong. A ke kgang e e feteletseng. Ee gongwe. Mme lefa go le jalo e bontsha kafa lekwalo la ga Diane 1:32 le leng boammaaruri ka teng: “Gonne go tenèga ga ba ba sa tlhalehañ go tla ba bolaea.”
Basha bangwe ga se gore tota ba ila go beelwa nako eo ba tshwanetseng ba boela gae ka yone, mme go na le moo ba ka nna ba bo ba sa rate go bo bana ba bangwe ba neelwa kgololesego e kgolwane go feta eo bone ba e fiwang. Mosha mongwe yo o bidiwang Patti o ne a ngongorega jaana, “nkgonne ebong Mark o ne a tlhola a itisa go fitlhelela bosigo kafa a ratang ka teng, mme ga a ise a ko a khinwe. Fa e le nna—fa nka tla thari metsotsonyana e sekae fela, ke a itse gore ke ipolaile! Tota ga go a siama.” Go motlhofo go lemoga gore ke ka ntlha yang fa seemo seo se ka go kgopisa. Mme pele ga o lela o re, “ga go a siama!” akanya ka molaomotheo wa Bibela o o mo go Bagalatia 6:4, 5: “Me a motho moñwe le moñwe a sekasekè e e leñ tihō ea gagwè, me hoñ o tla bōna go ipelahatsa kaga gagwe ka esi, me e señ kaga oa ga gabō. Gonne motho moñwe le moñwe o tla ithwalèla morwalō oa gagwè.”
O motho yo o foo. Mme lebaka la go bo mogoloo a bona ditshiamelo dingwe tse di rileng ga go reye gore le wena di go tshwanetse. Kwantle ga pelaelo mogoloo o tshwanetse a bo a ile a itshupa mo nakong e e rileng gore ke motho yo o ka ikanngwang. Le wena ke selo se o tshwanetseng gore o se dire. Gape, a ga se selo se o sa se rateng gore motsadi wa gago a go bapise le kgaitsadio kana mogoloo? Jaanong wena o dirang ka go bapisa ditshiamelo tsa lona tse di sa tshwaneng? Dr. Louis Fine o bolela jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng “After All We’ve Done for Them”: “Batsadi gantsi ba tshwara bana le go ba otlhaya ka ditsela tse di farologaneng. Seno se ka bo se dirwa ke gore ba lemoga gore bana ba bone ke batho ba ba farologaneng ba ba nang le dilo tse ba di tlhokang tse di farologaneng le dikgono tse di farologaneng ka jalo ba tshwanetse gore ba tsewe jaaka ba ba farologaneng.”
Lefa go le jalo, fa gongwe basha ba ikutlwa gore ba duelela diphoso tsa bomogoloabone. “Fela ka go bo nkgonne a ile a tsaya koloi mme a tla gare ga bosigo, go fiwa tetla ya go intsha go fitlhelela go nna bosigo ke selo seo ke ka se keng ka se solofela. Ga ke fiwe sebaka sa gore le nna ke itshupe!” Lefa go le jalo, seemo seno ga se gore ga se a siama jaaka se lebega mo go wena. Batsadi ba gago jaanong ba godile mme ebile ba tlhalefile go feta ka nako ya fa ba ne ba godisa kgaitsadio kana mogoloo. Ka ntateng ya go bo ba sa batle go boela magaleng gabedi, ba ka nna ba go gagamaletsa dithapo.
Tota ke eng motho a otlhaelwa go tla thari go sekae? Kwantle ga pelaelo, go khinwa ga go monate. Ka jalo gantsi o akanya gabedi fa o gopola ka go tla thari gape mo lapeng. Marcus yo mmotlana a re: “Ke otlhailwe gantsi thata. . . . Fa o ka bo o ne o sa otlhaiwa, o ka bo o sa ithuta lefa e le sepe.” Fela jaaka Bibela e bolela, “eo o èlañ koatlhaō tlhōkō o mo tseleñ ea botshelō.”—Diane 10:17.
Batsadi Ba Ba Sireletsang Bana go Feta Selekanyo
Ke boammaaruri gore fa gongwe go lebega kotlhao e fetela “molato” kgakala. Batsadi ba ka nna ba go sireletsa go feta selekanyo mme fa gongwe ba bo ba se ke ba bontshe kakanyetso mo dilong tseo ba di batlang. Mme fa go le jalo, puisano e e molemo, fa gongwe e rarabolola bothata bo ise go jwelele. Fa o itsise batsadi ba gago gore o ya kae, o ya go dira eng, gore o tla bo o na le mang, le gore o tlile go boa leng, go ka nna ga ba dira gore ba ikutlwe ba batla go go fa kgololesegonyana e e rileng. Fa e le gore ba lebega ba se na kakanyetso, leka go bua le bone ka ‘nako e e tshwanetseng’—gongwe fa o bona ba iketlile ba itapolositse. (Diane 25:11, NW) Tlhaloganya matshwenyego a bone le dipoifo tsa bone. Ba tlhomamisetse gore o a ba rata mme ebile o eletsa gore o dirisane le bone sentle. Ba thuse gore ba lemoge gore go nna le kgololesego e kgolwane ke karolo ya go nna mogolo.
Mosetsana mongwe yo mosha a re, “O tshwanetse gape go ba itsise ka tlhomamo gore seemo ke se se ntseng jang. Fa o ba tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang o ka se ka wa tla mo gae go sale gale ka letsatsi le le rileng, gantsi baa tlhaloganya.” Fa o leka go bua le bone ka tsela ya segolo, seo se tla dira gore batsadi ba gago ba lemoge gore o motho yo o dirang dilo segolo—motho yo o ka ikanngwang. Fa batsadi ba gago ba santse ba na le dipelaelo, gongwe o ka akantsha gore lo dumalane ka ntlha nngwe e e rileng e e tla lo kgotsofatsang boobabedi.
Mme go tweng fa e le gore o neetswe tetla? Dira gore ‘Ee wa gago e nne Ee,’ mme o tle mo lapeng ka nako! (Mathaio 5:37) Ee gone, dithulaganyo tse di dirilweng sentle di kgona gore di tlhatlhamologe. (Bapisa Yakobe 4:13, 14.) Go ka nna ga nna le diphetogo tsa tshoganyetso mo dithulaganyong. Mme fa seno se diragala, leletsa mogala kwa lapeng fa go kgonega, o itsise batsadi ba gago gore go diragalang. Mosha mongwe a re, “fa fela mmè a itse gore ke kae le gore ke e tla, mo go ene go siame.”
Go itirela leina le le siameng ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa. Diane 20:11 e a re: “Le eleñ ñwanyana o tla itshenole ka ditihō tsa gagwè, bo tihō ea gagwè e ntlè go re, a e siame.” Fa ka dinako tsotlhe o le motho yo o boikobo yo o itshwarang sentle batsadi ba gago ba ka nna ba itshwara fa o ka tla morago ga nako, nako nngwe. Mme kana gone, tota le eleng Jesu yo o neng a na le boitshwaro jo bo senang molato gotlhelele, batsadi ba gagwe ba ne ba ‘tshwenyega mo moyeng’ fa ba ne ba sa mmone. (Luke 2:48) Ka jalo o seka wa gakgamala fa batsadi ba gago ba kgopega—ba kgopega mo eleng gore kwa tshimologong ga ba batle le go utlwa sepe mabapi le gore ke ka ntlha yang fa o ne o tla thari!
Diane 29:11 e a re: “Seeleele se tle se bolèlè bogale yotlhe yoa shōna: me motho eo o botlhale oa bo kganèla a bo didimatse.” Mma bogale jwa bone bo kokobele pele. Fa bo sena go kokobela go sekae, leka go tlhalosa. Mme o “bue boamarure.” (Baefesia 4:25) O seka wa tshwara kwa le kwa o dira diipato; seo se tla bontsha fela gore ga o motho yo o ka ikanngwang. Fa e le gore ke botlhaswa kgotsa o ne o lebetse, ikope maitshwarelo go tswa pelong, mme o bo o itetle gore o amogele kotlhao. Gongwe batsadi ba gago ba ka nna ba bona go tshwanela gore ba lese kgang gone foo. Mme lefa go le jalo, ba ka nna ba ikutlwa gore o tlhoka go gagamalediwa dithapo go sekae gape, mme fa go ntse jalo o tla tshwanelwa ke gore o dire gore ba go tshepe gape.
Go beelwa nako e o tshwanetseng wa bo o boetse gae ka yone go ka nna ga bo go kgoreletsa, mme lefa go le jalo ga go maswe mme ebile ga se kotlhao e e sa tlwaelegang. Tsamaisana le tsone. Mme fa o dirisana le batsadi ba gago o tila go nna seganana, ba ka nna ba swetsa ka gore ba go repisetse dikgole go sekaenyana mme ba go neye kgololesego e kgolwane.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang . . . Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Tla Lapeng Nako E Santse E Le Teng?” Se se mo tokololong ya Tsogang! ya May 8, 1992.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go tsuologela batsadi ba gago gantsi go felela ka gore o timiwe kgololesego le go feta