Go Itira Ekete O Batla go Ratana Go Kotsi ka Eng?
“SARAH! Sarah wee!” go seba jalo mosimane mongwe yo o ntseng mo moleng wa ditulo o o kwa moragonyana. “Tla o nne go bapa le nna!” Morago ga metsotso mengwe le mengwe e metlhano o boeletsa kopo ya gagwe—mme ga go thuse sepe. Mo go Sarah, maiteko a mosimane yono a go itira ekete o batla go ratana nae ao a a dirang mo phaposing ya borutelo ke selo se se mo tshwenyang malatsi otlhe.
Jennifer yo mmotlana ene ga a ise a lekane go tsena kwa sekolong se segolwane, mme lefa go ntse jalo o anela jaana: “Basimane ba atisa go bua dilo tse o ka se keng o tlhomamise gore tota di rayang mme ba atisa go itshwara ka tsela e e bontshang botsala jo e seng botsala fela.” “Matlho a teng!” go oketsa jalo Erika. “Ba go leba ka monyenyo o o fa o o tletseng boferefere, mme e bo e re ka tshoganyetso fela ba bo ba ntsha lentswe le le fa le le kodu tota—go mpolaisa ditshego. Ebile ba go atamela tota.” Basimane le bone ke gantsi go nna le bao ba itirang ekete ba batla go ratana nabo. John, yo e leng mosha wa dingwaga tsa bolesome, o bolela jaana: “Basetsana [kwa sekolong] ba leka go go atamela le go go kgoma, ba go pega matsogo mo magetleng. Ba go kgatlhantsha mo mekgotheng ba bo ba leka go go tlamparela.”
Gone ke boammaaruri, basha ba le bantsi ba lebega ba itumelela go bontshiwa kgatlhego ka tsela e e ntseng jalo. “Go monate,” go ne ga bolela jalo mosetsana mongwe yo go tweng Connie yo o dirang gore batho ba mo lebe ka matlho a keletso ka go apara ka tsela e e raelang. Basha ba le bantsi gape ba itumelela go bontsha kgatlhego mo bathong ba le bantsi. “Nna ke mosetsana yoo mo basimaneng botlhe ke ratang go itira ekete ke batla go ratana—go sa kgathalesege gore a ke a ba rata kana ga ke ba rate,” go ne ga kwala jalo mosetsana mongwe a kwalela makasine wa ’Teen. “Go itira ekete ke batla go ratana go ntira gore ke ikutlwe ke itshepa botoka ebile ke kgatlha tota.”
Mme he, mosha wa Mokeresete o tshwanetse go leba jang mokgwa wa go itira ekete motho o batla go ratana? A ke go ja monate fela mo go senang molato, karolo e e ka se kang ya tilwa e e mo tseleng ya lorato? Kana a go na le dikotsi dingwe tsa mmatota tse di tshwanetseng go tilwa?
Seo go Itira Ekete O Batla go Ratana Go Se Akaretsang
Mo puong ya Seesemane, go itira ekete o batla go ratana ga go tshwane le kgatlhego e e tshwanetseng eo monna a ka e bontshang mosadi (kana eo mosadi a ka e bontshang monna) fa ba santse ba simolola go ratana. Go na le moo, go raya “go itshwara ka tsela e e bontshang maikutlo a lorato mme o sena maikaelelo ape a go ikemisetsa.” Bafora ba bitsa mosadi yo o itshwarang ka tsela eno ba re ke coquette.
Lefa go ntse jalo, ga go motlhofo fela gore o tlhaole seo totatota se akarediwang mo boitshwarong jwa motho yo o itirang ekete o batla go ratana. Go itira ekete o batla go ratana go ka akaretsa go leba motho, go mo kgoma, tsela ya go bua, go nyenya ga motho a tlhabiwa ke ditlhong—e sita le tsela eo motho a aparang, a emang, kana a tsamayang ka yone. Lefa go ntse jalo, lemororo go itira ekete o batla go ratana go ka nna bokete go go tlhalosa, gantsi go nna motlhofo fela go bona fa e le gore motho o bontshiwa seno. Lefa go ntse jalo, fa e le gore motho o sa le mosha thata go ka tsenelela lenyalo, kwantle ga pelaelo go itira ekete o batla go ratana go kotsi!
A Ke “go Ja Monate” Go Go Kotsi?
Ga se gore go ikutlwa o kgatlhegela mongwe wa bong bo sele go phoso. Eleruri, mo nakong ya “dingwaga tsa bosha,” ke ga tlholego fela gore maikutlo a a ntseng jalo a nne magolo; ke kafa Mmopi a re dirileng ka gone. (1 Bakorintha 7:36, NW) Gongwe o ipotsa gore o montle go le kana kang; go itira ekete o batla go ratana go ka nna ga lebega e le tsela e e seng kotsi e o ka tlhatlhobang seno ka yone. Makasine wa ’Teen o ne wa ba wa kgothaletsa basetsana gore ba itire ekete ba batla go ratana o re, “Go Itira Ekete O Batla go Ratana Go Ka Jesa Monate!” Kgang eo e neng ya latela e ne ya fa ditaelo tse di sedimosetsang thata malebana le botswerere jwa kafa motho a ka itirang jaaka ekete o batla go ratana ka gone.
Mme lefa go ntse jalo go itira ekete motho o batla go ratana ga go dirwe gore go nne mosola kana go nne botlhale go go dira fela ka lebaka la go bo go bidiwa go ijesa monate. Tlhokomela kafa monna yo o siameng ebong Jobe a neng a leba dilo ka gone. O kile a re: “Ke ne ka diha kgōlaganō le matlhō a me; me yalo ke ne ke ka leba mosetsana yañ?” (Yobe 31:1, 9-11) Totatota, Jobe o ne a dira kgolagano le ene ka nosi gore o ne a tla laola matlho a gagwe mme a se ka le ka motlha a tadinya mosadi yo o sa nyalwang jaaka ekete o batla go ratana nae. Ka ntlha yang? Ka gonne Jobe e ne e le monna yo o nyetseng. Go tsenelela mo mokgweng o o senang mosola wa go itira ekete o batla go ratana go ne go ka bo go sa tshwanela, e le go sa ikanyege mo mosading wa gagwe. Bobotlana, go ka bo go ile ga tsosa dikeletso le ditsholofelo tse di phoso. Ka jalo Jobe o ne a tila go itira ekete o batla go ratana.
Ke boammaaruri, ga o a nyala kana ga o a nyalwa. Mme lefa go ntse jalo fa o akanya ka gone fela, a o na le lebaka le le utlwalang go feta Jobe la gore o leke go gapa kgatlhego ya motho mongwe yo o rileng wa bong bo sele? Gone tota, fa e le gore ga o ise o lekane go nyala kana go nyalwa, maikaelelo a seo e tla bo e le eng? O ne o ka dira eng fa motho yoo a ne a ka rabela? A ruri o mo seemong sa go ka gorosa kamano eo kwa mokgeleng wa yone o o ka solofelwang—eleng lenyalo?a Fa go sa nna jalo, go itira ekete o batla go ratana ga go felele ka sepe fela fa e se ka go kgobega marapo.
Go Tsholetsa Serite
Lefa go ntse jalo, gantsi go ratana ke selo se se kgakala le mogopolo wa motho yo o itirang ekete o batla go ratana. A ka nna a bo a leba go gapa kgatlhego ya mongwe wa bong bo sele e le mofuta mongwe wa motshameko. Ka sekai, mosetsana mongwe wa Mokeresete yo go tweng Maria, o ne a itse sentle fela gore taolo ya Bibela ke gore re se ka ra ikgolaganya ka tsela ya go ratana le motho yo o sa dumeleng. (2 Bakorintha 6:14) Mme lefa go ntse jalo o ne a dira phoso ka go ithaya a re go itira mo basimaneng ba a neng a tsena sekolo le bone ekete o batla go ratana go ne go se kotsi. O itlhaganelela go tlhalosa jaana, “Fela fa ke ne ke sena go gapa kgatlhego ya bone, e ne e le gone gotlhe. Go tla nako e ba go laletsang gore o intshe le bone, mme ke gone fa o emang teng foo.” A mme ke gone fa bone ba emang teng?
Mokwadi Kathy McCoy o ne a akgela jaana mo setlhogong sengwe sa makasine wa Seventeen: “Batho ba ba tshamekang motshameko o mo go one go tshwaratshwaranwang le batho ba bong bo sele gantsi e a bo e le batho ba ba senang seriti bao ba lekang go dira gore ba itebe ka maikutlo a a siameng ka go dira gore ba bangwe ba ba ele tlhoko le go ba bontsha kgatlhego.” Eleruri fa go tadinya kana go ama ga gago mo go raelang go tsewa tsia go ka nna ga oketsa seriti sa gago—mme lefa go ntse jalo ke ga nakwana fela. Mo godimo ga moo, mokwadi wa Bibela ebong Paulo, fa a ne a kwala kaga lorato lwa boammaaruri, lorato lo lo pepetletsang, le kutlwano ya Bokeresete, o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba se dire ‘sepe ka go ipelafatsa,’ kana “ka go ikgopola,” jaaka fa thanolo nngwe e ne ya e tlhalosa.—Bafilipi 2:1-3; The New English Bible.
Go na le ditsela tse di nang le matswela ebile e le tse di nnelang ruri le go feta seno kgakala tse go ka agiwang seriti ka tsone go na le go tshameka ka maikutlo a ba bangwe. Ke ka ntlha yang fa o sa leke go dira gore o age “motho oa . . . kaha teñ,” kana motho yo o leng ene kafa teng?—2 Bakorintha 4:16.
‘Go Latlhela Dirumola’
Setlhogo sengwe sa makasine wa Seventeen se tlhagisa kotsi e nngwe gape, se re: “Selo se se bokete ka go itira ekete o batla go ratana ke gore go kaya dilo tse di farologaneng mo bathong ba ba farologaneng, mme ka dinako tse dingwe motho o fosa bokao jwa gone—mme maikutlo a bo a utlwisiwa botlhoko.”
Ee, gantsi basha ka go tlhoka boitemogelo ba tsaya motlhofo botlhoko jo bo ka tlelang maikutlo a yo mongwe bo tla ka ntlha ya motho go itira ekete o batla go ratana. Ke fela jaaka fa seane sengwe ka botlhale se re: “Yaka setsènwa se se latlhèlañ dirumola, mecwi, le losho; Motho eo o tsietsañ oa ga gabō o nntse yalo, me a ba a re, A ga ke tshameke hèla?” (Diane 26:18, 19) Thata ya go ka ama maikutlo a ba bangwe e ka nna kotsi. Jaaka thata epe fela, e tshwanetse go dirisiwa ka kelotlhoko, ka tlhaloganyo.
Go itira ekete o batla go ratana go a tsietsa, go bontsha go tlhoka lorato, mme gantsi go setlhogo. Go ka sulafatsa kamano eo e neng e ka nna molemo, e itumedisa. Go ka dira gore ba bangwe ba go nyatse. Se se maswe le go feta, go felela ka gore o tsenelele mo dithatanong e ise e nne nako le eleng mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong! Bibela e tlhagisa jaana: “A motho o ka tsaea molelō mo sehubeñ sa gagwè, me diaparo tsa gagwè di sa she?”—Diane 6:27.
‘Ke Batla go Ratwa ke Batho’
Gone ke boammaaruri, ke ga tlholego fela gore o batle go ratiwa. Mme o ka nna wa bona ekete batho ba ba ratang go itira ekete ba batla go ratana ke bone ba jang monate go gaisa, gore bao ba nang le botsipa jwa teng ke bone ba nang le ditsala tse dintsi. Mme lefa go ntse jalo a motho yo o itirang ekete o batla go ratana tota o dira botsala jwa mmannete, jo bo nnelang ruri? Ga se gantsi. Ke boammaaruri, bangwe ba ka rata motho yo o ratang go itira ekete o batla go ratana fela fa kgatlhego e santse e lebisitswe kwa go bone. Mme lefa go ntse jalo fa ka tshoganyetso kgatlhego e lebisiwa mo mothong o sele, gantsi ba ikutlwa ba tennwe ke motho yono yo o ratang go itira ekete o batla go ratana.
Ga go gakgamatse, he, go bo mo patlisisong nngwe ya basetsana ba dingwaga tsa bolesome, 80 lekgolong ya bone ba ne ba bontsha gore mosimane fa a na le “mokgwa wa go rata go itira ekete o batla go ratana” ga se “sengwe sa go ka akgolelwa le eseng.” Jaaka seane sengwe sa bogologolo se bolela: “Motho eo o . . . selalome o ichwenya nama ea gagwè.”—Diane 11:17.
Dikamano Tse Di Nang le Mosola
Gone ke boammaaruri, ga se ka metlha go leng motlhofo gore o nne tekatekanyo ka mo go tshwanetseng fa o dirisana le batho ba bong bo sele. Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo go tweng Kelly o bolela gore o “na le bothata jwa go bona pharologano fa gare ga go nna botsalano le go itira ekete o batla go ratana.” O oketsa ka go re: “Ke motho yo o botsalano fela thata.”
Go nna motho yo o botsalano ga go phoso. Ebile ga go tlhokafale gore o nne motho yo o didimetseng thata kana yo o seng botsalano. Go kgona go nna le metlotlo e e agelelang, ya dilo tse di bontshang botlhale ke bokgoni jo bo ka go thusang go gapa ditsala. Mo godimo ga moo, puisano e mo go yone go ntshiwang maikutlo ga se gantsi e ka tsewang ka tsela e sele jaaka go ntse ka go tadinya mo go sa tlhaloganyesegeng kana go nyenya ga motho a tlhabiwa ke ditlhong a dira jalo a le kwa ntlheng e nngwe ya phaposi. Mme lefa go ntse jalo fa o le botsalano le balekane ba bong bo sele fela mme ba bangwe o ba itlhokomolosa tota, a bangwe ba ka se ke ba dire phetso e e phoso ka wena?
Tharabololo ke gore ‘o se tlhokomele dilo tse e leng tsa gago fela, mme o tlhokomele le tse eleng tsa ba bangwe’—go sa kgathalesege gore dingwaga tsa bone di kae kana gore ke ba bong bofe. (Bafilipi 2:4) Tila go bua, go apara, go ikgabisa, kana go dira dilo ka tsela e e ka lejwang e raela. (Bapisa 1 Timotheo 2:9.) Fa o itsege ka go bontsha batho ka kakaretso kgatlhego e e tswang pelong, ga se gantsi botsalano bo ka tsewang e le tsela ya go gogela maikutlo a lorato. Ka go bua ga gago le ka ditiro, o ka fa molaetsa ono o o phepafetseng: ‘Nna ga ke motho yo o itirang ekete ke batla go ratana!’
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona kgaolo 29 (“A ke Godile mo Ke Siametseng Lefereo?”) go Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bontsha batho botlhe kgatlhego go tswa pelong—go sa kgathalesege gore ba na le dingwaga tse kae kana gore ke ba bong bofe