Ke Ka Tila Jang go Utlwisiwa Botlhoko ke Mokgwa wa go Itira Ekete Motho O Batla go Ratana?
“KANTE wena o motho yo o ntseng jang? A o motho kana o letlapa?” A utlwile botlhoko thata e bile a tlhakane tlhogo, Michelle o batla go itse gore tota go ne go tla jang gore Eduard a mo kgothaletse ka tsela eo a ileng a dira ka yone gore a akanye gore o ne a mo rata. Morago ga fa Eduard a sena go bontsha Michelle gore o na le kgatlhego mo go ene, go ne go tla jang gore jaanong a bo a mmolelela gore o ne a sa ikemisetsa go ratana nae? Eduard o bolela gore tota o ne a sa ikaelela go mo utlwisa botlhoko, mme lefa go ntse jalo Michelle ga a kitla a mo itshwarela. Mo go ene, Eduard ga a farologane ka gope le motho yo o setlhogo yo o nang le mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana.
Mokgwa wa go itira e kete motho o batla go ratana o kaya go itshwara ka tsela e e bontshang maikutlo a lorato mme o sena maikaelelo ape a go ratana. Go dira jalo go ka utlwisa botlhoko thata, le eleng fa seo se dirwa ke basha ba ba santseng ba tsena sekolo bao ba batlang fela go gapa kgatlhego ya ba bangwe kana go tsholetsa seriti sa bone. Mme fa bagolo ba babotlana ba ba nang le dingwaga tse motho a ka tsenang mo lenyalong fa a na le tsone ba tshameka ka maikutlo a ba bangwe, seo se ka nna sa felela ka kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe mme ebile se ka felela ka go utlwa botlhoko thata mo pelong.
Batho bangwe ba ba nang le mokgwa wa go itira jaaka e kete ba batla go ratana ba utlwisa maikutlo a batho ba bangwe botlhoko fela ka boomo, le eleng go dira jalo ka ntlha ya letlhoo, seo se felela ka gore batho ba nne ba utlwisiwe botlhoko ka go latelana ga bone ba tobekane maikutlo molato e se wa bone. Lefa go ntse jalo, se se kgatlhisang ke gore batho ba le bantsi bao ba utlwisang ba bangwe botlhoko gantsi ba dira jalo ka ntlha ya go tlhoka boitemogelo go na le go dira jalo ka ntlha ya letlhoo. Gantsi makawana le makgarebe tota ga ba tlhaloganye kafa ditsela tseo ba itshwarang ka tsone di amang maikutlo a ba bangwe ka gone. Kana ba ka nna ba tsiediwa ke ‘dipelo tse di boferefere’ tsa bone le go leka go tlhatswa mokgwa wa bone wa go itira jaaka e kete ba batla go ratana.—Yeremia 17:9.
A o ko o akanye ka kgang ele ya ga Eduard le Michelle. Ka nako ya fa botsalano jwa bone bo ne bo santse bo le bosha, Eduard o ne a tlhalosetsa Michelle ka kelotlhoko gore lemororo a ne a mo rata jaaka tsala, o ne a sa ikemisetsa go ratana nae. Mme lefa go ntse jalo, o ne a tle a ye kwa mafelong mangwe le go dira dilo di le dintsi a na nae, a buisana le ene mo mogaleng, ba abelana dimpho. O kile a bo a tshwarana nae ka seatla. Lefa go ntse jalo, Eduard o ne a bolela gore ereka a se kile a ikgolega, molato ope fela oo o neng o tla nna gone e ne e se kitla e nna wa gagwe. Ka gone, Eduard o ne a sala a sa itse gore a ka reng ebile a sa itse gore a arabe Michelle a reng fa Michelle a ne a mo senolela kafa a neng a ikutlwa ka gone ka ene go tswa pelong.
Lefa go ntse jalo, go phepafetse gore Eduard o ne a letla pelo ya gagwe gore e mo tsietse. Wena ka bowena o ka tila jang go dira phoso e e tshwanang le eno? Ebile a go na le tsela epe eo o ka tilang ka yone gore o se ka wa utlwisiwa botlhoko ke motho yo o nang le mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana?
Motho Yo O Nang le Mokgwa wa go Itira Ekete O Batla go Ratana le Ene O Utlwisiwa Botlhoko ke One
Santlha, o tshwanetse go lemoga gore go tshola motho yo mongwe jaaka ekete o eletsa go nyalana nae mme totatota go sa nna jalo ke go aka, ga go na ka mo gongwe. Motho yo o nang le mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana o na le mekgwa e mebedi e e setlhogo eo a tshelang ka yone. O lebeletse gore batho ba bangwe ba nne peloephepa kaga maikaelelo a bone ka ene, mme lefa go ntse jalo ene ga a ba direle jalo. O tshwana fela le morekisi wa kwa metlheng ya Bibela yo a neng a tle a nne le “dibokete [tse pedi] tse di hapaanyeñ” tsa dikaele tsa gagwe tse di kalang dilo—se sengwe se bereka sentle fela ka tshwanelo, mme se sengwe sone se diretswe go tsietsa batho bao ba rekang mo go ene. Tiro e e ntseng jalo ya boitimokanyi e ne e le “makgapha” mo go Jehofa ebile e sa ntse e ntse fela jalo mo go ene. (Diane 12:22, NW; 20:23) Ebile e ka nna ya go senya leina mo go ba bangwe.
Mokwadi ebong Kathy McCoy o tswelela pele go tlhagisa jaana mo setlhogong se se mo makasineng wa Seventeen gore mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana o ka “nna le diphelelo tsa gore o se ka wa kgona go ipelela go dira dilo mmogo le ba bangwe, ebile tota o ka go kgoreletsa go nna le kamano e e atamalaneng le ba bangwe. Morago ga nako e e rileng, mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana mme o dira jalo go sa tswe mo maikutlong go ka fetoga selo se se go dirang gore o nne letlapa fela.”
Kafa O Ka Tilang ka Gone go Nna Motho Yo O Nang le Mokgwa wa go Itira Ekete O Batla go Ratana
Ka gone, o tshwanetse gore o tlhatlhobe maikutlo a gago a a go tlhotlheletsang gore o itshole ka tsela eno ka nako ya fa o raelesega gore o bontshe kgatlhego mo mothong wa bong bo sele. A totatota o rata go nyalana nae? Fa e le gore ga go a nna jalo, lebaka la go bo o tlhomile tlhokomelo ya gago thata mo mothong yoo e ka tswa e le eng? Mme fa e le gore o akantse ka lenyalo, o santse o tlhoka gore o ikgalemele gore o dire seo ka boikanyegi, ka boammaaruri, le ka go sa nne megopolo mebedi. Bibela e tlhalosa kamano e e molemo eo mosimane wa modisa a neng a na le yone le lekgarejana lengwe. Go ne go sena sepe seo se neng se belaetsa kana go sa ikanyane mo go bone; ba ne ba ikanyega ebile ga go ope wa bone yo o neng a fitlhela yo mongwe maikutlo a gagwe.—Sehela sa Dihela 2:16.
Go tshela go ya ka melaometheo e e ntseng jalo go ungwa maungo a a molemo le gompieno jaana. Juan le Anaeli ba na le dingwaga tse di fetang tse pedi jaanong ba ntse ba nyalane. Juan o bolela jaana: “Go na le selo se le sengwe fela se se di fetang tsotlhe se se re thusitseng gore re itumele ka mmatota. Go sobokanya selo seo ka lefoko le le lengwe fela, ke BOIKANYEGI.” Go ikanyana ga bone go ile ga ba thusa gore ba thaye motheo o o tiileng oo lorato lwa boammaaruri lo neng lo tla gola mo go one. Leo Buscaglia o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Loving Each Other—The Challenge of Human Relationship: “Ga re kake ra ipaya mo kotsing ka go aga botsalano mo godimo ga maaka, le eleng mo godimo ga maaka a a siameng. . . . Ke boammaaruri fela jo bo ka re tlisetsang boikanyegi jo bo tlhokafalang gore botsalano bo nnele ruri.” Bogologolo tala Bibela e ile ya nyalanya boikanyegi le lorato ka go bolela jaana: “Ka go bua boamaruri mo loratoñ, re bè re golèlè èna mo diloñ cotlhe.”—Baefesia 4:15; bapisa Diane 3:3.
Gone ke boammaaruri gore le eleng motho yo o lekang go ikanyega le go akanyetsa ba bangwe a ka nna a kopanela mo kamanong e e sa atlegeng. Selo sa boikanyegi seo o tshwanetseng wa se dira ke go tlotla dikgang tseno ka botlalo mme lo bo lo fedisa kamano eo ya lona, fa e le gore go a tlhokega.a Lefa go ntse jalo, Erik o ne a ratana le Ingrid ka sebaka se se fetang ngwaga pele ga fa a ka simolola go lemoga gore ba ka se ka ba nyalana. Go na le gore Erik a ntshe maikutlo a gagwe a sa potapote, o ne a leka go fedisa botsalano jwa bone ka iketlo. Kgabagare fa boammaaruri bo sena go senoga, Ingrid o ne a bua jaana a hutsafetse: “Nako yotlhe eno ke ntse ke mo emetse gore a bue gore o eme kae, mme jaanong o mpolelela maikutlo ano a gagwe a a garolang pelo!” Ke bopelonomi jo eseng jone go ratana le motho ka lobaka lo loleele jaana o ratana le ene mme o ntse o bona gore seo ga se tle go nna le katlego. Ebile e ka nna ya re fa go ntse go ya o ka newa leina le le maswe la gore o motho yo o nang le mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana.
Lefa go ntse jalo, gantsi maiteko ao a se kitlang a atlega a go ratana mmogo le go tsaya dilo ka tsela e sele go ka thibelwa di santse di tloga fela ka go dirisa kgakololo eno ya Bibela e e reng: “A go se nne motho opè eo o ipatlèlañ molemō hèla, me a moñwe le moñwe a batlèlè oa ga gabō molemō.” (1 Bakorintha 10:24) Jaaka fa mokwadi ebong Kathy McCoy a tlhalosa jaana: “Lemoga maikutlo ao o a tsosang mo go ba bangwe o bo o rwale boikarabelo jwa seo.” Ee, dirisa Molao wa Sekagauta mo dikamanong tsa gago le ba bangwe mme “ka metlha o tshware batho ba bangwe ka tsela eo o tla ratang gore le bone ba go tshware ka yone.” (Mathaio 7:12, The New English Bible) Ikgakolole gore kana batho ba bangwe le bone ba na le maikutlo. Tila go dira gore batho ba bangwe ba akanye dilo tseo e seng tsone go na le gore o ba tshwaye phoso o re ke bone bao ba sa go tlhaloganyang.
O Se Ka Wa Utlwisiwa Botlhoko ke Motho Yo O Nang le Mokgwa wa go Itira Ekete O Batla go Ratana!
Lefa go ntse jalo, o ka tila jang go utlwisiwa botlhoko ka tsela eno? Santlha, tila go tsibogela kgatlhego eo o e bontshiwang ke motho wa bong bo sele o e tsibogela ka mafega. O se ka wa swetsa ka gore monyenyo mongwe le mongwe fela o o botsalano o supa gore motho o a bo a na le kgatlhego ya go ratana le wena.
Gape, bagolo bangwe ba babotlana ba dira phoso ka go tlogela maikutlo e santse e ise e nne nako ya go dira jalo. Jonathan o ne a nna le kgatlhego ya go ratana le Deborah le eleng lemororo Deborah a ne a itsege jaaka motho yo o nang le mokgwa wa go rata go itira ekete o batla go ratana. Go ise go e kae ke fa ba setse ba beeletsane. Go tswa foo, ka tshoganyetso fela le gone kwantle ga go tlhalosa sepe fela, Deborah o ne a khutlisa kamano eo ya bone. A itira ekete o ne tota a sa utlwa botlhoko, Jonathan o ne a leka go dira gore ba bangwe ba se ka ba bona gore tota o ne a utlwile botlhoko ka go bolela jaana: “Ga ke na sepe le ene. Ke ikemiseditse go tswelela pele ke ntse ke le motho yo o itumetseng fela jaaka pele!” Mme lefa go ntse jalo morago ga moo o ne a ipipa tlhogo ka diatla mme a lela mo go botlhoko. Go ne go diragala eng ka Deborah? O ne a tswelela pele go beelediwa makgetlo a mangwe a le mabedi, nako le nako a ntse a khutlisa kamano eo ka mokgwa o o tshwanang.
Lemororo ka phepafalo fela Deborah e ne e le ene yo o molato, ga se gore Jonathan ene o ne a se na molato gotlhegotlhe. Ka ntlha ya gore Jonathan ka boene o ne a itsege jaaka motho yo o nang le mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana. Ka gone, molaomotheo o o reng: ‘O roba seo o se jalang’ o ne wa mo diragalela ka namana. (Bagalatia 6:7) O se ka wa dira phoso e e tshwanang le wena. Ereka batho bao ba nang le mokgwa wa go itira ekete ba batla go ratana ba a tle ba ngoke ba bangwe bao le bone ba nang le mokgwa wa go itira ekete ba batla go ratana, wena go ka diragala fela thata gore o tile go utlwisiwa botlhoko ka tsela eno fa e le gore ka metlha o tshola batho ba bong bo sele ka tlotlo.
Gape Jonathan o ne a ile a palelwa ke go bontsha botlhale le go atlhola dilo ka tsela e e siameng. Diane 14:15 e bolela gore “senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentle.” Ka mafoko a mangwe, tlhatlhoba boemo pele ga o tsaya kgato. Pele ga o ratana le motho mongwe, batlisisa go tswa mo bagolong ba ba nang le boikarabelo, ba ba nang le maitemogelo gore a e ka ne motho yoo o bolelwa ka molemo kana nnyaa. (Bapisa Ditihō 16:2.) Fa Jonathan a ka bo a ile a dira seo, a ka bo a ile a utlwalela gore Deborah o ne a itsiwe jaaka motho yo o ikgatlhegelang a le nosi fela fa a dira dilo le ditsala tsa gagwe.
Sa bofelo, itse pharologano fa gare ga lorato le lorato lwa bonyana. Deborah o ne a sa ikanyege, o ne a tlhakanngwa tlhogo motlhofo fela ke makawana a mangwe. Seno se tshwanetse go bo se ile sa dira gore Jonathan a tsibogele ntlha ya gore kgatlhego eo Deborah a neng a na nayo mo go ene e ne e le ya nakwana fela. Lorato lwa boammaaruri lo a ikanyega.—Bapisa Sehela sa Dihela 8:6.
Go Fodisa Botlhoko jwa Teng
E ka nna ya tswa e le gore matsadi a le mmalwa mmogo le mangaponyana a sekae e batla e le dilo tseo di ka se kang tsa kgona go tilwa mo tseleng e e isang loratong lwa boammaaruri. Mme lefa go ntse jalo fa o iphitlhela o utlwisitswe botlhoko thata mo maikutlong ke motho yo o nang le mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana, o se ka wa itlhoboga mo botshelong. Michelle (yo o umakilweng kwa tshimologong) o ne a se ka a itetlelela go nna pelotlhoi kana go batla go ipusolosetsa ka bopelotshetlha. Mo boemong jwa gore a tswelele pele a na le kgatlhego ya go ratana le Eduard mme ene a sena yone mo go ene, o ne a tswelela pele fela le botshelo jwa gagwe ebile o ile a ipelela ditshiamelo di le dintsi thata mo bodiheding jwa Bokeresete fa esale go tloga ka nako eo. Bosheng jaana o ne a beelediwa ke lekawana lengwe le le molemo jaana.
Go fitlhelela o nyala kana o nyalwa, nna o ntse o bolokile seriti sa gago. Ga go tlhokege gore o nne le mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana le mongwe kana gore o ratane le motho yo o nang le mokgwa wa go itira ekete o batla go ratana gore o ithute ka batho ba bong bo sele kana gore o bone lorato lwa mmatota. Tila batho ba bong bo sele bao ba sa kgathaleleng maikutlo a ba bangwe kana bao ba shebileng go aga seriti sa bone fela. Nna motho yo o thokgameng, yo o ikanyegang, le yo o seng pelotshetlha mo go seo o se buang le mo dilong tseo o di dirang. Ka go dira jalo, o ka kgona go tila go utlwisiwa botlhoko ke mokgwa wa go itira ekete motho o batla go ratana.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Should We Break Up?” (A Re Tshwanela go Kgaogana?) se se tlhagang mo tokololong ya Awake! ya July 22, 1988.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Mokgwa wa go itira ekete motho o batla go ratana o ka nna wa felela ka gore lo se utlwane ga bo ga felela le ka kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe