Kgopolo E E mo Bibeleng
A Ka Metlha Letsatsi Lengwe le Lengwe la Popo Le ne Le Wela go Feditswe Seo Se Neng Se Simolotswe mo go Lone?
GANGWE le gape, Basupi ba ga Jehofa ba bodiwa dipotso kaga tatelano ya go bopiwa ga dilo jaaka fa e bontshitswe mo bukeng ya bone ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Dingwe tsa dipotso tseno di malebana le pharologanyo e e leng gone fa gare ga tatelano e e mo bukeng eno le eo baithutajeoloji ba le bantsi ba bolelang gore dilo tseno di diragetse ka yone.
Ka sekai, go lemogilwe gore baithutajeoloji mo lenaaneng la bone ba supa fa dinonyane di tla morago ga diamusi fa buka ya Creation yone, mo tsebeng 37, e bontsha fa dinonyane di tla pele ga diamusi.
Se se kgatlhang ke gore, lemororo baithutajeoloji ba le bantsi ba akanya gore dinoyane di tlile morago ga diamusi, ba bangwe ba dumela gore diamusi di tlile morago ga dinonyane. Sekai sa kgang ya gore diamusi di tlile morago se fitlhelwa mo bukeng eno eleng Evolution, e e kwadilweng ke Colin Patterson, tsebe 132. Seno se bontsha gore bosupi jo bo mo pegong ya dilo tsa bogologolo ga se jone makgaolakgang.
Mme lefa go ntse jalo a ka metlha letsatsi lengwe le lengwe la popo le le mo go Genesise kgaolo 1 le ne le wela dilo tse di simolotsweng mo letsatsing leo di feditswe go dirwa, kana a ditiragalo tsa popo di ne di tswelela le eleng morago ga letsatsi leo di simolotsweng ka lone le sena go wela? E theile seno mo Bibeleng, buka ya Creation e re dibopiwa tse di fofang di ne tsa simolola go bopiwa pele ga fa diphologolo di nna teng. Lefoko la Sehebera le le ranoletsweng go nna “dibopiwa tse di fofang” mo go Genesise 1:20, (NW) ke ‛ohph mme le ka akaretsa ditshenekegi tse di nang le diphuka le digagabi tse di fofang tse di tshwanang le di-pterosaur. Ditshenekegi tsa ntlha di ka nna tsa bo di ile tsa tla pele ga dibopiwa tse di tshwanang le di-pterosaur, mme digagabi tseno tse di nang le diphuka tse di dirilweng ka lotha di ka nna tsa bo di nnile gone pele ga dinonyane le diamusi.
Pego ya Bibela eo eleng kaga popo ga e bege ka botlalo ditiro tsotlhe tsa popo tsa ga Jehofa Modimo. Seo e se dirang fela ke go thathamisa ka tatelano dingwe tsa ditiragalo tse dikgolo tse di malebana le go baakanyetsa ditshedi lefatshe mme e bontsha go nna gone ga ditlhopha tse dikgolo tsa dimela le diphologolo ka go latelelana ga tsone. E ntse e tshegeditse mokgwa oo wa go bega, pego ya Genesise ga e thathamise ditshenekegi tse di nang le diphuka, digagabi tse di fofang, le dinonyane e di kgaogantse mme go na le moo e di kgobokanya mmogo kafa tlase ga lefoko la Sehebera le le lengwe fela, le le akaretsang gotlhe le le ranotsweng go nna “dibopiwa tse di fofang.”
Lebaka la go bo mo Bibeleng madiri a Sehebera a a dirisitsweng mo go Genesise kgaolo 1 e le a a bontshang tiro e e tswelelang pele le supa gore popo e ne e le tiro e e tswelelang pele ya Modimo. Mme malatsi a popo a Genesise kgaolo 1 e ne e se malatsi a diura tse 24, mme go na le moo a ne a akaretsa diketekete tse dintsi tsa dingwaga.—Bona Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, ditsebe 26-7.
Ka sekai, Genesise 1:3 e bua kaga go dirwa ga lesedi ka letsatsi la ntlha. Go ya ka thanolo ya ga J. W. Watts, temana eo e balega jaana: “Go tswa foo Modimo wa tswelela wa re, ‘A go nne lesedi’; mme lesedi la nna gone ka iketlo.” Thanolo ya ga Benjamin Wills Newton e fa kgopolo yone eo ya tiragalo e e tswelelang pele e diragala fa e sena go simololwa: “Mme Modimo wa tswelela wa re [isagwe], A Lesedi le nne gone, mme Lesedi la tswelela la nna gone [isagwe].” (Masakana ke a ga Newton; ditlhaka tse di sekamisitsweng ke rona re di dirileng jalo mo ditemaneng tseno ka bobedi jwa tsone.) Lesedi leo le neng le tswelelela mo lefatsheng le ne le nna le ntse le oketsega bogale ka iketlo, mme tiragalo eo e ne e tswelela pele le mo isagweng.—Bona New World Translation of the Holy Scriptures—With References, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Appendix 3C, ditsebe 1572-3.
“Popo” ya lesedi ka tsela eo le bonalang ka yone mo lefatsheng ga e a ka ya fela mo letsatsing la ntlha. Gone ke boammaaruri, dilo tse le tswang mo go tsone di ne di ntse di le gone pele ga letsatsi leo la ntlha mme lefa go ntse jalo di ne di sa bonale mo lefatsheng. (Genesise 1:1) Mo letsatsing la ntlha seo se diragetseng fela ke go phunyeletsa ga marang a lesedi le tswelelela mo lefatsheng, seo se dirwa ke go sesafala ga boalo jo bo sirang jo bo neng bo apesitse lefatshe jaaka ‘letsela la phapo.’ (Yobe 38:9) Lesedi mo lefatsheng le ne la oketsega ka iketlo fa boalo jo bo le kgoreletsang bo ntse bo sesafala.
Ka letsatsi la bobedi la popo, Modimo o ne wa dira gore metsi a a mo lefatsheng le a a kwa godimo ga lone a kgaogane, gore go sale go na le phuthologo, kana lefaufau, fa gare ga metse a a kwa godimo le a a kwa tlase. Jaaka Genesise 1:6, 7, ya thanolo ya ga Watts, e tlhalosa seno jaana: “Mme Modimo wa tswelela, wa re, ‘A go nne phuthologo fa gare ga metse, mme a metse a kgaogane.’ Fela jalo, Modimo wa tswelela wa kgaoganya metse ao a neng a le kwa tlase ga phuthologo le ao a neng a le kwa godimo ga phuthologo; mme ka iketlo ga nna fela jalo.” (Ditlhaka tse di sekamesitsweng ke rona re di dirileng jalo.) Fela jaaka fa go bonala ga ntlha ga lesedi mo lefatsheng go simolotse ka letsatsi la ntlha mme ga se ka ga felela ka letsatsi lone leo, fela jalo go simologa ga phuthologo go ne ga direga ka letsatsi la bobedi. Seno ga se a ka sa felela ka nako eo.
Genesise 1:9, 11, ka thanolo ya ga Watts, e bua jaana kaga letsatsi la boraro: “Mme Modimo wa tswelela, wa re, ‘A metsi a a kafa tlase ga legodimo a phuthegele felo go le gongwe, mme a lefatshe le le omileng le bonale’; mme ga nna jalo ka iketlo. Mme Modimo wa tswelela, wa re, ‘A lefatshe le tlhoge bojang, morogo o tsalang peo, ditlhare tsa maungo ao a nang le peo mo teng ga one mme di ungwa kafa losikeng lwa tsone mo lefatsheng’; mme ga nna jalo ka iketlo.” (Ditlhaka tse di sekamesitsweng ke rona re di dirileng jalo.) Go dirisiwa ga lefoko “ka iketlo” go supa tiro e e tswelelang pele ya popo, eseng tiragalo e le nngwe eo e diragalang ka nako e le nngwe fela fa nako e ntse e tsamaya.
Go ne ga direga diphetogo tse di gakgamatsang ka letsatsi la bonè: “Mme Modimo wa tswelela, wa re, ‘A go nne masedi mo phuthologong ya magodimo go farologanya motshegare le bosigo, mme a tla nnela ditshupo le dipaka le malatsi le dingwaga. Gape a tla nnela masedi mo phuthologong ya magodimo go neela lefatshe lesedi’; mme ga nna jalo ka iketlo. Fela jalo Modimo wa tswelela wa dira masedi a mabedi a magolo, lesedi le legolo gore le laole motshegare, le lesedi le lebotlana gore le laole bosigo, dinaledi le tsone fela jalo.”—Genesise 1:14-16, Watts, ditlhaka tse di sekamesitsweng ke rona re di dirileng jalo.
Jaanong, e le lantlha, lesedi le le oketsegileng le le bogale la letsatsi le ne la bonala mo lefatsheng. Dilo tseo lesedi le tswang mo go tsone—letsatsi le ngwedi le dinaledi—di ne di ka bonwa motho a le mo lefatsheng. Mo pegong ya letsatsi la ntlha la popo, lefoko la Sehebera le le rayang lesedi ke ’ohr, eleng lesedi fela ka kakaretso; mme lefa go ntse jalo ka letsatsi la bonè, go dirisiwa ma·’ohrʹ, le le rayang sengwe seo lesedi le tswang mo go sone.
Ka letsatsi la botlhano go ne ga bopiwa mefuta ya ditshedi tseo di nnang mo metsing, go bonala di ne di akaretsa digagabi tse dikgolo tse di nnang mo metsing. Pego ya Genesise e balega jaana: “Mme Modimo wa tswelela pele ka go re: ‘A mewa e e tshedileng e nyeule mo metsing mme a dibopiwa tse di fofang di fofe mo godimo ga lefatshe mo phuthologong ya magodimo.’ Mme Modimo wa tswelela wa bopa ditshedi tse dikgolo tsa lewatle le moya mongwe le mongwe o o tshedileng o o tsamatsamayang, e le tse di nyeulang mo metsing ka mefuta ya tsone, le sebopiwa sengwe le sengwe se se fofang se se nang le diphuka ka mefuta ya sone. Mme Modimo wa bona fa go siame.” (Genesise 1:20, 21, NW) Eno, he, gape e ne e le nako eo dibopiwa tse di fofang di neng di simolola go nna gone ka yone. Go bopiwa ga “sebopiwa sengwe le sengwe se se fofang se se nang le diphuka ka mefuta ya sone” go ne ga tswelela pele morago ga fa lobaka loo lwa go bopa lo sena go simololwa ka letsatsi la botlhano.
Genesise 2:19 go lebega e bontsha popo e e tswelelang pele e e akaretsang dibopiwa tse di fofang, ka gonne e re: “Modimo Yahweh a tswelela pele go bopa diphologolo tsotlhe tsa naga le dinonyane tsotlhe [“dibopiwa tsotlhe tse di fofang,” NW] tsa magodimo ka mmu mme a di isa kwa monneng gore a bone kafa a tla di rayang maina ka gone.”—Watts, ditlhaka tse di sekamesitsweng ke rona re di dirileng jalo.a
Ka jalo pego ya Bibela e e mo go Genesise kgaolo 1 e bontsha gore ditlhopha tse dikgolo tsa ditshedi tsa dijalo le diphologolo di ne tsa simolola go bopiwa ke Modimo fa lefatshe le ne le fitlhisitswe mo seemong seo se tshwanelang mofuta o o rileng wa sebopiwa se se tshelang. Go tladiwa ga ditlhopha tseno tse dikgolo ka mefuta ya ditshedi ka go farologana ga tsone, jaaka “dibopiwa tse di fofang,” e ne e le tiro e e tswelelang pele ya Modimo. Tiro eno e e tswelelang pele ya Modimo e ka nna ya bo e ile ya tswelela le eleng morago ga bowelo jwa letsatsi la popo leo e simolotsweng ka lone.
Pego ya jeoloji ga e a felela ebile e ka tlhalosiwa go ya ka ditshekamelo tsa seo se dumelwang ke bao ba batlang go rarolola dintlha tsa yone tse di raraaneng. Jaaka fa go bontshitswe mo bukeng ya Creation, Bibela ka metlha e bua boammaaruri jo bo feletseng fa e ama sengwe se se malebana le saense, go akaretsa le tatelano ya go bopiwa ga dilo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” kgatiso ya 1990, e e gatisiwang ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., tsebe 287.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 28]
Go bopiwa ga dilo ka mokgwa o o tswelelang pele go supiwa ke go dirisiwa ga lefoko “ka iketlo”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 29]
Go bopiwa ga mefuta e e farologaneng ya ditshedi e ne e le tiro e e tswelelang pele ya Modimo
[Ditshwantsho mo go tsebe 29]
Lesedi le ne la bonala lantlhantlha mo lefatsheng ka letsatsi la ntlha, mme lefa go ntse jalo la nna la oketsega mo malatsing ao a neng a latela morago ga moo
Letsatsi la ntlha
Letsatsi la bo 2
Letsatsi la bo 3
Letsatsi la bo 4
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]]
The Bettmann Archive