Ditebelelo Tse Di Molemolemo tsa Motho mo Paradaiseng ya Boitumelo
“Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.”—GENESISE 1:28.
1, 2. Jehofa o direla batho dilo ka lorato a ikaeletse eng, mme o ile a abela Adame tiro efe?
“MODIMO o loratō,” re bolelelwa jalo mo Bibeleng E E Boitshepo. O kgatlhegela setho ka lorato le kwantle ga bogagapa ebile o dira a sa ikhutse e le gore ba tle ba ipelele matshelo a a nang le botsogo jo bontle, a a nang le kagiso ka bosakhutleng mo paradaiseng ya selefatshe ya boitumelo. (1 Yohane 4:16; bapisa Pesalema 16:11.) Monna wa ntlha, Adame yo o itekanetseng, o ne a tshela botshelo jwa kagiso ebile a na le tiro e e kgatlhisang, eo e ipedisang. Mmopi wa motho o ne a mo abetse tiro ya gore a baakanye tshimo eo e e ipedisang ya Edena. Jaanong Mmopi yoo wa motho o ne a mo naya tiro e nngwe gape, e e kgethegileng, kabelo e e gwetlhang, jaaka polelo ya seo se neng sa diragala e lemotsha:
2 “Me phōlōhōlō ñwe le ñwe ea naga, le nōnyane ñwe le ñwe ea loapi, Yehofa Modimo a di bopa ka mbu, me a di isa kwa monneñ, go bōna kaha o tla di raeañ maina ka gōna; me leina ye monna o le raeañ sebopiwa señwe le señwe se se tshedileñ, ea nna yeōna leina ya shōna. Me monna a raea dikgomo cotlhe maina, le dinōnyane tsa loapi, le phōlōhōlō ñwe le ñwe ea naga.”—Genesise 2:19, 20.
3. Ke ka ntlhayang fa go ne go sena poifo mo go Adame le mo lobopong lwa diphologolo?
3 Monna yoo o ne a raya pitse leina a re ke sus, poo a e raya leina a re ke shohr, nku a re ke seh, podi a re ke ‛ez, nonyane a re ke ‛ohph, lephoi a re ke yoh·nahʹ, phikoko a re ke tuk·kiʹ, tau a re ke ’ar·yehʹ kana ’ariʹ, bera a re ke dov, kgabo a re ke qohph, ntša a re ke keʹlev, noga a re ke na·chashʹ, jalo le jalo.a Fa a ne a ya kwa nokeng eo e elelang go tswa mo tshimong ya Edena, o ne a bona ditlhapi. Tlhapi o ne a e raya leina a re ke da·gahʹ. Monna yono yo o neng a sa tshola dibolao o ne a sa boife diphologolo tseno, tse di ruiwang le tsa naga, kana dinonyane, mme le tsone di ne di sa mmoife, ka di ne di mo tsaya jaaka yo o kwa godimo mo go tsone ka mo go tlhomologileng, e le setshedi sa mofuta o o kwa godimo. E ne e le dibopiwa tsa Modimo, e le tseo O neng o di neile botshelo, mme motho o ne a sena keletso lefa e le tshekamelo epe ya go di gobatsa kana go di bolaya.
4. Re ka nna ra akanya jang kaga go raya diphologolo tsotlhe le dinonyane maina ga ga Adame, mme seno e tshwanetse ya bo e ne ya nna boitemogelo jwa mofuta ofe?
4 Gore go tsere lobaka lo lo kae monna yono a ntse a bontshiwa diphologolo tsa diruiwa le tsa naga gammogo le dinonyane tsa legodimo, polelo eno ga e re bolelele sepe. Sengwe le sengwe se ne se kaelwa ebile se rulagantswe ke Modimo. Se se ka nnang sa bo se ile sa diragala ke gore Adame o tshwanetse a bo a ile a tsaya nako e telele go ithuta phologolo nngwe le nngwe ka go farologana ga tsone, a etsetlhoko mekgwa ya yone e e sa tshwaneng gotlhelele le ya tse dingwe gammogo le popego ya yone; mme go tswa foo a kgethe leina leo le e tshwanelang ka mo go kgethegileng. Seno se ka tsaya lobaka lwa nako e telele. Ka gone e ne e le boitemogelo jo bo kgatlhisang fela thata mo go Adame go tlwaelana le ditshedi tsa lefatshe leno ka mefuta ya tsone e e farologaneng, gape go ne go tlhoka kgono e kgolo ya go dirisa tlhaloganyo le go nna setswerere sa puo go kgona go farologanya ditshedi tseno tsa mofuta mongwe le mongwe ka maina a tsone ao a di tshwanelang.
5-7. (a) Ke dipotso dife tse di ka nnang tsa bodiwa? (b) Ke dikarabo dife tseo di neng tsa newa mo polelong ya popo mo go Genesise 1:1-25?
5 Mme ditshedi tseno tsotlhe di bopilwe ka thulaganyo efe? A diphologolo tsa lefatshe di bopilwe pele ga dinonyane kana nnyaa, gape motho o dirilwe ka nako efe le morago ga efe ya ditshedi tseno tse dipotlana? Modimo o ne wa baakanyetsa ditshedi tse dintsi tseo tse di farologaneng lefatshe jang, a dira phefo eo dinonyane di neng di ka kgona go fofela kwa godimo jalo, a dira metsi ao a nowang le merogo eo e neng e le dijo, a dira lesedi je legolo go bonesa mo motshegareng le leo le neng le kgonisa motho go bona, a bo a dira masedi a mabotlana go kgabisa bosigo? Ke ka ntlhayang fa go ne go se tsididi thata ebile go le bothitho mo monna yoo a neng a ka tsamaya fela a bo a bereka a bo a robala a sa itshireletsa ka sepe ebile a sa ikatega?
6 Monna yoo o ne a sa tlogelwa fela gore a fopholetse dikarabo. Mogopolo wa gagwe o o neng o batla go itse o ne o tshwanetswe ke dikarabo tse di botlhale tse di tswang motsweding o mogolo o o nang le kitso e e tlhomameng. O ne a sa tlogelwa fela jaaka morwa Modimo yo o senang kitso, mme go lebega botlhale jwa gagwe jwa maemo a a kwa godimo bo ne jwa tlotlomadiwa ka go newa kitso e e gakgamatsang kaga ditiragalo tsa popo jaaka di kwadilwe mo go Genesise 1:1-25.
7 Adame o tshwanetse a bo a ne a lebogela fela thata polelo e e kgatlhisang eo kaga popo. E ne e tlhalosa dilo di le dintsi. Go ya kafa e kwadilweng ka teng, o ne a tlhaloganya gore go nnile le dipaka tse tharo tse ditelele tseo Modimo o di biditseng malatsi go ya ka tsela ya Gagwe ya go lekanya nako, pele ga paka ya bonè ya popo eo mo go yone Modimo o neng wa dira gore masedi a mabedi a magolo a bonale mo phuthologong ya magodimo go tshwaya letsatsi le le khutshwane fela thata la dioura tse 24 la motho. Letsatsi leno le le khutshwane la motho mo lefatsheng e ne e le nako e e simololang ka go kotlomela ga lesedi le legolo go ya go go phirima ga lone gape. Adame gape o ne a lemoga gore o ne a tshwanetse go nna le nako ya dingwaga, mme kwantle ga pelaelo o ne a simolola go bala dingwaga tsa botshelo jwa gagwe. O ne a tla kgonisiwa go dira jalo ke lesedi le legolo le le mo phuthologong ya magodimo. Mme fa e le ka malatsi a Modimo a maleele a popo, monna yo wa ntlha o ne a lemoga gore ka nako eo o ne a tshela mo letsatsing la borataro la tiro ya Modimo ya popo mo lefatsheng. O ne a ise a bolelelwe gore letsatsi leo la borataro leo diphologolo tsotlhe tse di tsamayang mo lefatsheng di bopilweng mo go lone le leo kwa morago go neng ga bopiwa motho mo go lone kwa thoko le ne le khutlile. Jaanong o ne a tla tlhaloganya thulaganyo ya go tlholwa ga merogo, ditlhapi, dinonyane, le diphologolo tse di tsamayang mo lefatsheng. Mme ereka Adame a ne a le esi mo tshimong ya Edena, o ne a sa lekana go supa boikaelelo jo bo lorato jwa Modimo ka motho mo Paradaiseng ya gagwe ya selefatshe ka botlalo, le ka mo go feletseng.
Go Bopiwa ga Mosadi wa Ntlha
8, 9. (a) Monna yo o itekanetseng o ne a lemoga eng kaga lobopo lwa diphologolo, mme o ne a konela jang malebana le ene? (b) Ke ka ntlhayang fa go ne go tshwanela gore monna yo o itekanetseng yoo a seka a kopa gore Modimo o mo neye molekane? (c) Polelo ya Bibela e tlhalosa go bopiwa ga mosadi wa ntlha wa motho jang?
8 Monna wa ntlha, ka mogopolo wa gagwe o o itekanetseng le kgono ya gagwe ya go ela dilo tlhoko, o ne a bona gore mo dinonyaneng le mo diphologolong, go ne go na le tsa senna le tsa sesadi le gore tsopedi di ne di tsala bana ba ba tshwanang le tsone. Mme fa e le ka motho ka boene, go ne go sa nna jalo. Fa e le gore go lemoga seo go ne ga mo dira gore a eletse go nna le mopati, o ne a seka a bona molekane ope yo o tshwanelang mo diphologolong, lefa e le mo go tsone dikgabo. Adame o ne a ka konela ka gore o ne a sena molekane ka gonne fa e le gore o ne a le teng, a Modimo o ka bo o se kile wa tlisa molekane yoo kwa go ene? Motho o ne a bopilwe a farologane le mefuta eo yotlhe ya diphologolo, ebile o ne a dirilwe gore a seka a tshwana natso! O ne a sena tshekamelo ya go itirela diphetso mo dikgannyeng dingwe lefa e le go nna sehatlha ka go kopa molekane mo Modimong ebong Mmopi wa gagwe. Go ne go tshwanela gore monna yo o itekanetseng yoo a tlogele kgang eo yotlhe go atlholwa ke Modimo, ka gonne ka bokhutshwane fela morago ga foo o ne a lemoga gore Modimo o ne o dirile diphetso tse e leng tsa Gagwe malebana le boemo joo. Mabapi le seno le seo jaanong se neng sa diragala, polelo e re bolelela jaana:
9 “Me Adame ènè ga se ka ga bōnwa thushō e e mo lebanyeñ. Me Yehofa Modimo a thulametsa monna ka thulamèlō e kgolo, me a thulamèla: me a ntsha logopō loñwe loa gagwè, a kopanya nama mo boemoñ yoa lōna; Me logopō lo Yehofa Modimo o lo ntshitseñ mo monneñ, a lo diha mosadi, me a mo isa kwa monneñ. Me monna a re, Yana eo, ke lesapō ya marapō a me, le nama ea nama ea me; o tla bidiwa Mosadi, ka a ntshicwe mo Monneñ. Ke gōna ka mouō monna o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, me o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama e le ñwe hèla. Me monna le mosadi oa gagwè ba bo ba sa ikatèga, ka bobedi yoa bōnè, me ba bo ba sena ditlhoñ.”—Genesise 2:20-25.
10. Monna yo o itekanetseng yoo o ne a arabela jang fa a ne a newa mosadi yo o itekanetseng, mme ke eng seo mafoko a gagwe a ka tswang a ne a se supa?
10 Mafoko a gagwe a ne a bontsha fa a kgotsofetse ka botlalo fa a ne a newa mosadi yo o itekanetseng jaaka mothusi le motlatsi wa gagwe: “[Labofelo, “NW”] eo, ke lesapō ya marapō a me, le nama ea nama ea me.” Ponong ya mafoko ano ao a neng a a bua fa labofelo a ne a bona mosadi wa gagwe yo o neng a sa tswa go bopiwa, e ka nna ya bo e le gore o ne a ile a leta ka nako e e rileng go amogela mopati wa gagwe wa motho yo o itumedisang. Fa Adame a ne a tlhalosa motlatsi yono wa gagwe, o ne a mmitsa “Mosadi” (’ish·shahʹ kana, tota go raya, “motho wa sesadi”), “ka a ntshicwe mo Monneñ.” (Genesise 2:23, New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase) Adame o ne a sa ikutlwe e le wa losika lwa dinonyane le diphologolo tse di tsamayang mo lefatsheng tseo pelenyana Modimo o neng o di mmontshitse gore a di reye maina. Nama ya gagwe e ne e farologane le ya tsone. Mme mosadi yono eleruri e ne e le sebopiwa sa mofuta wa nama ya gagwe. Lerapo la logopo leo le neng le ntshitswe mo letlhakoreng la gagwe le ne le dirile madi a a tshwanang le ao a neng a le mo mmeleng wa gagwe. (Bona Mathaio 19:4-6.) Jaanong o ne a na le mongwe yo a neng a ka nna moperofeti wa Modimo mo go ene le yoo a neng a ka abalana nae polelo e e gakgamatsang ya popo.
11-13. (a) Ke dipotso dife tse di ka nnang tsa tsosiwa ke go amogela ga ga Adame mosadi? (b) Boikaelelo jwa Modimo ka banyalani ba ntlha ba batho e ne e le bofe? (c) Dijo tsa lelapa le le itekanetseng leo la batho e ne e tla nna eng?
11 Lefa go le jalo, boikaelelo jwa Mmopi wa motho jwa go mo naya mosadi e ne e le bofe? A e ne e le fela gore a mo direle mothusi le motlatsi, molekane wa mofuta wa gagwe yo a neng a ka dira gore a seka a jewa ke bodutu? Pego eo e tlhalosa boikaelelo jwa Modimo jaaka e re bolelela masego a Modimo ao a neng a bolelwa ka nako ya lenyalo la bone:
12 “Me Modimo oa re, A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona; me a ba laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le dikgomo, le lehatshe yeotlhe, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe. Me Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi. Me Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, le ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.
13 “Me Modimo oa re, Bōnañ, ke lo neile morōgō moñwe le moñwe o o tsalañ peo, o o mo lehatshiñ yeotlhe, le setlhare señwe le señwe, se se nañ le louñō loa setlhare lo lo ntshañ peo; e tla nna diyō tsa lona. Le phōlōhōlō ñwe le ñwe le dibatana tsa lehatshe, le nōnyane ñwe le ñwe ea loapi, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe se botshelo bo leñ mo go shōna, ke di neile morōgō moñwe le moñwe o motala go nna diyō: me ga nna yalo.”—Genesise 1:26-30.
Ditebelelo tse Banyalani ba Ntlha ba Batho Ba Neng Ba na Natso
14. Ka tshegofatso ya Modimo, monna le mosadi ba ba itekanetseng bao ba ne ba na le isagwe efe, mme go ne go ba tshwanetse gore ba bonele eng pele?
14 Abo e ne e le selo se se gakgamatsang jang ne gore monna yo o itekanetseng yoo le mosadi wa gagwe yo o itekanetseng ba utlwe lentswe la Modimo o buisana nabo, o ba bolelela seo ba tshwanetseng go se dira o ba o ba segofatsa! Ka tshegofatso ya Modimo, botshelo bo ne bo tla seka bo nna lolea fela, mme ba ne ba tla kgonisiwa go dira seo ba neng ba laelwa go se dira. Abo ba ne ba na le tebelelo ya isagwe e e molemolemo jang ne! Jaaka banyalani ba ba itumetseng bao ba neng ba eme mo legaeng leo la bone, ebong tshimo ya Edena, ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhatlhanya kaga seo se neng se tla diragala jaaka ba ntse ba dira seo Modimo o se ratang ka bone. Fa ba ne ba bonelapele ka mogopolo wa bone mo nakong e telele e e tlang, ba ne ba seka ba bona fela “tshimo kaha ntlheñ ea botlhabatsatsi, mo Edena,” mme ba ne ba bona lefatshe lotlhe le tletse ka banna le basadi ba difatlhego tse di phatsimang. (Genesise 2:8) Pelo ya monna yoo le ya mosadi yoo di ne di tla tlala ka boitumelo fa ba ne ba akanya gore batho bao botlhe e ne e le bana ba bone, ditlogolwana tsa bone. Botlhe ba ne ba itekanetse, ba sena bogole bope mo mmeleng lefa e le mo popegong, ba nnela basha ruri mme ba na le botsogo jo bontle ebile ba ipelela go tshela, botlhe ba bontshana lorato ka botlalo, botlhe ba obamela Mmopi wa bone yo mogolo, ebong Rraabone wa selegodimo ka kutlwano, ba dira seno gammogo le rraabone wa ntlha wa motho le mmaabone. Abo pelo ya monna yoo wa ntlha le mosadi di tshwanetse tsa bo di ne tsa tlala ka boitumelo jang ne fa ba akanya ka go nna le lelapa la go nna jalo!
15, 16. (a) Ke ka ntlhayang fa lelapa leo la motho le ne le tla nna le dijo tse dintsi? (b) Fa balelapa le le itumetseng leo ba ne ba ntse ba oketsega ka palo, ba ne ba tla nna le tiro efe ka kwantle ga tshimo ya Edena?
15 Maloko otlhe a lelapa leno la motho a a tletseng mo lefatsheng lotlhe a ne a tla nna le dijo tse dintsi. Kwa tshimologong, mo tshimong eo ya Edena, go ne go na le dijo tse dintsi. Modimo o ne o ile wa ba baakanyetsa ebile o ba neetse dijalo tsotlhe tse di ntshang peo go nna dijo tsa bone tse di ba nayang botsogo jo bo molemo, ebile di boloka botshelo jwa bone, gammogo le ditlhare tsa maungo.—Bapisa Pesalema 104:24.
16 Jaaka balelapa la bone le le itumetseng ba ntse ba oketsega ka palo, ba ne ba tla atolosetsa tshimo eo kwa mafatsheng a a ka kwa ga melelwane ya Edena, ka gonne mafoko a Modimo a supa gore ka kwantle ga tshimo eo ya Edena, lefatshe le ne le sa tlhabololwa. Re ka re fela ra re, le ne le sa tlhokomelwe ebile le sa baakanngwa go nna mo seemong se se kwa godimo jaaka go ne go ntse mo tshimong ya Edena. Ke gone ka moo Mmopi wa bone a neng a ba raya a re ba ‘tlhabolole’ lefatshe fa ba ntse ba le tlatsa.—Genesise 1:28.
17. Ke ka ntlhayang fa batho ba ba oketsegang bao ba ne ba tla nna le dijo tse dintsi, mme kgabagare go ne go tla nna le eng fa tshimo eo e ne e ntse e atologa?
17 Fa tshimo eo e ntse e atolosiwa ke babaakanyi le batlhokomedi ba ba itekanetseng, lefatshe le le tlhabolotsweng le ne le tla ntshetsa batho ba ba oketsegang bao dijo tse dintsi. Kwa bokhutlong, tshimo eo e neng e tla bo e ntse e atologa ka bonya e ne e tla apesa lefatshe lotlhe, mme lefatshe lotlhe le ne le tla nna paradaise, eo e neng e tla tswelela go kgana jaaka legae la motho la bosakhutleng. E ne e tla nna lefelo le lentle fa le lebiwa go tswa kwa legodimong, mme Mmopi wa selegodimo o ne a tla bolela fa le le molemo fela thata.—Bapisa Yobe 38:7.
18. Ke ka ntlhayang fa tshimo ya Edena ya lefatshe lotlhe e ne e tla seke e nne le sekgoreletsi sepe, mme go ne go tla nna le kagiso efe?
18 Le ne le tla nna lefelo la kagiso le leo le senang sekgoreletsi sepe fela jaaka tshimo ele ya Edena eo monna le mosadi bao ba neng ba sa tswa go nyalana ba neng ba iphitlhela mo go yone. Go ne go tla seke go tlhokege gore go boifiwe kana go tshabiwe go golafadiwa ke diphologolo tseo tsotlhe le dinonyane tseo monna wa ntlha, ebong Adame, a neng a ile a di tlhatlhoba a bo a di raya maina. Fela jaaka rraabone le mmaabone ba ntlha, baagi ba ba itekanetseng bao ba Paradaise ya lefatshe lotlhe ba ne ba tla laola ditlhapi tsa lewatle, dinonyane tsa magodimo, le setshedi sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng, le eleng dibatana tsa naga. Ereka go le mo mading a tsone gore di tshwanetse go utlwa motho, yo a neng a bopilwe mo “chwanoñ ea Modimo,” dibopiwa tse dipotlana tseno di ne di tla nna mo kagisong le ene. Beng ba tsone ba ba bonolo, ba ba itekanetseng ba batho, fa ba ntse ba laola ditshedi tseno tsa maemo a a kwa tlase, ba ne ba tla dira gore go nne le kagiso fa gare ga lebopo la diphologolo. Tlhotlheletso ya kagiso ya beng bano ba seka-Modimo ba batho e ne e tla sireletsa ditshedi tseno tsotlhe tsa maemo a a kwa tlase tse di kgotsofetseng. Mo godimo ga tsotlhe, batho ba ba itekanetseng ba ne ba tla agisana le Modimo, yo o neng o tla ba segofatsa ka metlha.—Bapisa Isaia 11:9.
Modimo o Ikhutsa mo Ditirong tsa Gagwe tsa Popo
19. (a) Mabapi le boikaelelo jwa Modimo, ke eng seo monna wa ntlha le mosadi ba tshwanetseng ba bo ba ne ba se lemoga? (b) Modimo o ne wa supa eng ka nako?
19 Fa banyalani ba ba itekanetseng bao ba batho ba ne ba akanyetsa kafa lefatshe le neng le tla lebega ka gone kwa bokhutlong go ya ka boikaelelo jwa Modimo, ba ne ba tla lemoga sengwe. Ba ne ba tla tlhoka nako e le gore ba dire thomo e e gakgamatsang eo ba e neilweng ke Modimo. Nako e e kana kang? Mmopi wa bone le Rraabone wa selegodimo ke ene yo a neng a itse. O ne a ba supegetsa gore malatsi a magolo a a tlhomaganeng a popo a ne a fitlhile mo bowelong jo bongwe jwa one le gore ba ne ba le mo ‘maitsiboeng,’ eleng tshimologo ya letsatsi je lesha go ya ka tsela ya Modimo ya go tshwaya malatsi a popo. E ne e tshwanetse go nna letsatsi le le segofaditsweng le le bileng le tshwaetswe boikaelelo jo bo itshekileng, jo bo siameng jwa Modimo. Monna yo o itekanetseng yo, ebong moperofeti wa Modimo, o ne a lemoga seno. Polelo e e tlhotlheleditsweng e re bolelela jaana:
20. Polelo ya Bibela ya reng mabapi le “letsatsi ya boshupa”?
20 “Me Modimo oa bōna señwe le señwe se o se dihileñ, me, bōnañ, ga bo go le molemō thata. Me ga nna maitsiboea, ga ba ga nna moshō, letsatsi ya borataro. Me legodimo ya wediwa le lehatshe, le bontsi yotlhe yoa aōna. Me e rile ka letsatsi ya boshupa, Modimo oa wetsa tihō ea ōna e o e dihileñ; me oa ikhutsa ka letsatsi ya boshupa mo tihoñ eotlhe ea ōna e o e dihileñ. Me Modimo oa segohatsa letsatsi ya boshupa, oa le itshepisa; ka gonne mo go yeōna o no oa ikhutsa mo tihoñ eotlhe ea ōna, e Modimo o e tlhodileñ oa e diha. Tse, ke cōna ditshimologō tsa legodimo le tsa lehatshe, yale ka di tlhōlwa, ka motlha o Yehofa Modimo o dihileñ lehatshe le legodimo ka ōna.”—Genesise 1:31–2:4.
21. (a) A Bibela e bolela gore Modimo o ne wa digela letsatsi la gagwe la boikhutso le gore le ne le le molemo thata? Tlhalosa. (b) Go tsoga dipotso dife?
21 Polelo eno ga e re Modimo o ne wa digela letsatsi la gagwe la go ikhutsa mme a bona fa le le molemo fela thata le gore go ne ga nna maitseboa le moso, letsatsi la bosupa. Go tsamaisana le malatsi a pele a marataro a popo, letsatsi la bosupa le santse le tshwanetse go bolelwa fa le le molemo thata, ka gonne le santse le tla khutla. A Jehofa Modimo o ka bolela gore letsatsi leo le molemo fela thata go fitlha jaanong? A e nnile letsatsi leo a ileng a ikhutsa ka kagiso mo go lone go tla go fitlha jaanong? Go tweng ka tebelelo e e ipedisang pelo eo monna le mosadi wa ntlha ba neng ba ipona ba le mo go yone mo letsatsing la lenyalo la bone mo Paradaiseng? A re boneng jaaka tiragalo eo e tswelela mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ano ke maina ao a fitlhelwang mo mokwalong wa Sehebera wa Genesise le mo dibukeng tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng tsa Dikwalo tsa Sehebera.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke tiro efe e nngwe gape e Modimo o neng wa e naya Adame mo godimo ga go tlhokomela tshimo, mme seno se ne se kopanyeletsa eng?
◻ Polelo ya popo e e mo go Genesise 1:1-25 e senola eng?
◻ Mosadi wa ntlha wa motho o ne a bopiwa jang, mme Adame o ne a arabela jang mo letsatsing la bone la lenyalo?
◻ Banyalani ba ntlha ba batho ba ne ba na le ditebelelo dife?
◻ Modimo o ne wa supa jang gore malatsi a magolo a a neng a tlhomagane a popo a ne a fitlhile mo bokhutlong jwa one gape?