Boikaelelo jwa Modimo Ke Gore Motho A Ipelele Botshelo mo Paradaiseng
“Me Yehofa Modimo a tsaea monna, a mmaea mo tshimoñ ea Edena, go e baakanya le go e lebèlèla.”—GENESISE 2:15.
1. Boikaelelo jwa ntlha jwa Mmopi malebana le batho ba ba kutlo e ne e le bofe?
E NE E le boikaelelo jwa ntlha jwa Mmopi, mme ebile e santse e le boikaelelo jwa gagwe gore batho ba ba kutlo ba ipelele botshelo ba sa tsofale, ba sa felelwe ke matlhagatlhaga a bosha, ba sa lapisege pelo ka gope, ka metlha ba na le maikaelelo a a mosola go a diragatsa, botshelo jwa go rata le go ratiwa ka boammaaruri, le kwantle ga bogagapa, ka botlalo—mo paradaiseng!—Genesise 2:8; bapisa Luke 23:42, 43.
2. (a) Go tshwanetse ga bo go ne ga diragala eng fa monna wa ntlha a ne a simolola go itemoga? (b) Monna wa ntlha o ne a bopiwa leng, a bopelwa kae, mme e ne e le mo nakong efe ya ngwaga?
2 Go lemoga seo, akanya ka Adame yo o neng a sa tswa go bopiwa fa a ne a simolola go ikutlwa, fa a ne a sekaseka mmele wa gagwe le sengwe le sengwe seo a neng a se bona a se utlwa le seo a neng a se ama mo tikologong ya gagwe, fa a ne a simolola go itemoga gore o a tshela! Seno se ne sa diragala dingwaga di le 6 000 tse di fetileng, mo ngwageng wa 4 026 pele ga Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, go ya ka go balwa ga nako e e neilweng mo Bibeleng e e Boitshepo. Go ne ga diragala mo lefelong la lefatshe le gompieno le bidiwang Turkey, kana mo karolong ya borwa-bophirima jwa seo gompieno se bidiwang Asia, mo lefelong lengwe go bapa le Noka ya Euferatese le Noka ya Tigris, se se rayang gore e ne e le kafa lekgamung la bokone la kgolokwe ya rona ya lefatshe. E tshwanetse go bo e ne ya nna ka October 1, ereka bontsi jwa dikhalendara tsa bogologolo tsa batho di simolola go bala nako gaufi le letsatsi leo.
3. (a) Monna yoo wa ntlha o ne a simololela botshelo mo seemong sefe? (b) Leina la monna yoo wa ntlha e ne e le mang, mme le ne le kaya eng?
3 Monna wa ntlha o ne a simolola botshelo a godile ka botlalo, a bopegile sentle, a na le botsogo jo bo itekanetseng, le boitsholo jo bo siameng. Leina leo gangwe le gape a bidiwang ka lone mo polelong ya Bibela le re lemotsha selo seo a dirilweng ka sone. Leina la gagwe e ne e le ’A·dhamʹ.a Lefatshe, kana mmu, o a neng a bopilwe ka one o ne o bidiwa ’a·dha·mahʹ. Jalo go ka nna ga bolelwa gore leina la gagwe le raya “Motho wa Lefatshe.” Seno e ile ya nna leina la monna yono wa ntlha—Adame. Abo Adame a tshwanetse a bo a ile a kgatlhega jang ne fa a simolola go tshela, a nna motho yo o ikutlwang, yo o botlhale!
4. Monna wa ntlha o ne a seka a simolola botshelo ka tsela efe e e gakgamatsang, jalo e ne e se morwa wa eng?
4 Fa monna yono wa ntlha, Adame, a ne a simolola go tshela, a simolola go nna le botlhale jwa go lemoga, a bo a bula matlho a gagwe, o ne a seka a ipitlhela a rapame mo sehubeng se se maboa, a tshotswe ke sebopiwa sengwe sa mosadi se se tshwanang le kgabo se se mabogo a a nonofileng a maleele, a se ngaparetse a bile a se lebile mo matlhong mme a se bitsa Mmè ka lorato. Monna wa ntlha, ebong Adame, o ne a seka a simolola botshelo ka tsela e e gakgamatsang eo. O ne a sa ikutlwe a amana ka gope ka tsela ya senama le kgabo epe, le eleng moragonyana fa a ne a e bona la ntlha. Mo letsatsing la go bopiwa ga gagwe, go ne go sena sepe seo se neng sa akantsha gore e ne e le setlogolwana, morwa wa losika lo lo kgakala, wa kgabo kana sebopiwa sengwe se se tshwanang le yone. Lefa go le jalo, a monna yono wa ntlha, ebong Adame, o ne a tshwanetse go nnela ruri mo kakabalong a sa itse kafa a nnileng gone ka gone? Nnyaa.
5. Ke eng seo tota-tota Adame a neng a se itse kaga tshimo ya gagwe ya seka-paraka le kaga gagwe ka boene?
5 Ka mo go tlhaloganyesegang, a ka nna a bo a ile a akabadiwa ke gore dilo tsotlhe tse dintle tseo a neng a di lebile di ne di nnile gone jang. O ne a iphitlhela a le mo tshimong ya seka-paraka, paradaise eo a neng a sa e tlhama, eo a neng a sa e dira, le eo a neng a sa e rulaganya. Seno se ne se diragetse jang? Jaaka motho yo o nang le botlhale jo bo itekanetseng, yo o akanyang, o ne a tla batla go itse. O ne a sena boitemogelo bope. O ne a itse gore e ne e se motho yo o itirileng, yo o itshimolotseng. O ne a sa fitlha mo seemong seno ka maiteko a gagwe.—Bapisa Pesalema 100:3; 139:14.
6. Adame a ka nna a bo a ne a itshwara jang fa a ne a ipona a le mo legaeng le le itekanetseng la selefatshe?
6 Monna wa ntlha, ebong Adame, o ka tswa kwa tshimologong a ne a kgatlhiwa fela thata ke boitemogelo jwa pele jwa go bo a ne a tshela ka boitumelo mo legaeng le le itekanetseng la selefatshe mo a neng a sena nako ya go akanya kaga gore o ne a tswa kae le gore ka ntlhayang. O ne a sa kgone go itshwara go goa ka boitumelo. O ne a utlwa mafoko a a tswang mo molomong wa gagwe. O ne a ikutlwa a bua ka puo ya motho, a dira dikakgelo kaga dilo tse dintle tseo a neng a di bona le tseo a neng a di utlwa. Abo go ne go le molemo jang ne go tshela mono mo tshimong eno ya Paradaise! Mme jaaka ka boipelo a ne a nna le tshedimosetso kaga dilo tsotlhe tseo a neng a di bona, a di utlwa, a di dupa, le tseo a neng a di ama, o ne a tla tlhotlheletsega go akanya. Fa e le ka rona, fa re ne re ka bo re beilwe mo maemong a gagwe, sengwe le sengwe e ne e tla nna masaitsiweng mo go rona, e le masaitsiweng ao re neng re sa kake ra kgona go a itharabololela.
Go Nna Gone ga Motho ga se Masaitseweng
7. Ke ka ntlhayang fa Adame a ne a seka a nna a akabetse ka lobaka lo loleele kaga go ipona a tshela mme ebile a le mo tshimong ya paradaise?
7 Monna wa ntlha, ebong Adame, o ne a seka a nna a tlhakantswe tlhogo ke go bo a ne a iphitlhela a tshela ebile a le nosi, a sa bone ope yo o tshwanang nae mo tshimong eo ya Paradaise. O ne a utlwa lentswe lengwe, a utlwa mongwe a bua. Monna yono o ne a le tlhaloganya. Mme motho yo o neng a bua o ne a le kae? Monna yono o ne a seka a bona motho yo o neng a bua. Lentswe leno le ne le tswa kwa bosabonaleng, kwa lefelong leo le sa bonaleng, mme le ne le bua nae. E ne e le lentswe la Modiri wa monna yono, Mmopi wa gagwe! Mme monna yono o ne a kgona go mo araba ka puo e e tshwanang. O ne a iphitlhela a buisana le Modimo wa gagwe, Mmopi wa gagwe. Monna yono o ne a sa tlhoke mogala ope wa segompieno wa boitseanape wa seromamowa e le gore a tle a kgone go utlwa lentswe leo la Modimo. Modimo o ne wa buisana nae ka tlhamalalo jaaka sebopiwa sa gagwe.
8, 9. (a) Ke dipotso dife tseo Adame a neng a ka di arabelwa, mme o ne a bontshiwa tlhokomelo le kgatlhegelo efe ya borre? (b) Rraagwe Adame wa selegodimo o ne a naya Adame karabo efe?
8 Jaanong monna yono o ne a itse gore o ne a se nosi, mme seno se tshwanetse sa bo se ne sa mo dira gore a ikutlwe botoka. O ne a na le dipotso tse dintsi thata mo mogopolong wa gagwe. O ne a ka di botsa Motho yo o sa bonaleng yono yo a neng a buisana nae. Ke mang yo o neng a mo dirile a bo a dira le tshimo e e itumedisang eno? Ke ka ntlhayang fa a ile a bewa foo, gape o ne a tshwanetse go dira eng mo botshelong jwa gagwe? A go ne go na le boikaelelo bongwe mo botshelong? Monna yono wa ntlha, ebong Adame, o ne a bontshiwa tlhokomelo ya borre le kgatlhegelo ka gonne dipotso tsa gagwe di ne tsa arabiwa ka mo go neng ga kgotsofatsa mogopolo wa gagwe o o neng o batla go itse. Abo seo se tshwanetse sa bo se ne sa itumedisa Modiri wa gagwe, Monei-Botshelo wa gagwe, Rraagwe wa selegodimo, jang ne go utlwa monna yoo a simolola go bua a bo a bua mafoko a gagwe a ntlha! Abo go tshwanetse ga bo go ile ga itumedisa Rraagwe wa selegodimo jang ne go utlwa morwaawe a bua le ene! Potso eo ka tlholego fela a neng a tla e botsa e ne e tla nna gore, “Go tlile jang gore ke bo ke le fano?” Rre wa selegodimo o ne a itumelela go araba potso eno mme ka go dira jalo a itsise gore motho yono wa ntlha e ne e le Morwaawe. E ne e le “morwa Modimo.” (Luke 3:38) Jehofa o ne a itshupa fa e le Rraagwe monna yono wa ntlha, ebong Adame. Bokao jwa karabo eo Rraagwe Adame wa selegodimo a neng a araba potso ya gagwe ka yone le eo a neng a e fetisetsa kwa baneng ba gagwe ke jono:
9 “Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ. Me Yehofa Modimo a baea tshimo kaha ntlheñ ea botlhabatsatsi, mo Edena, me a baea gōna motho eo o mmopileñ. Me Yehofa Modimo a medisa mo mbuñ setlhare señwe le señwe se se kgatlhañ mo matlhoñ, le se se molemō go yewa; setlhare sa botshelō le shōna ha gare ga tshimo, le setlhare sa kicō ea molemō le boshula. Me noka ea cwa mo Edena e ea go nosa tshimo: me ea re e cwa gōna ea kgaogana, ea nna maphata a le manè.”—Genesise 2:7-10.b
10, 11. (a) Ke dintlha dife tseo Adame a neng a di ithuta ka phepafalo, mme ke dipotso dife tse dingwe tseo a neng a tlhoka gore a di arabelwe? (b) Rara wa selegodimo o ne a naya Adame dikarabo dife?
10 Adame ka botlhale jwa gagwe jo bonana, o ne a gopa tshedimosetso eno e e kgotsofatsang. Jaanong o ne a itse gore o ne a sa tswe kwa lefelong le le sa bonaleng leo Modiri le Motlhami wa gagwe a neng a bua a le kwa go lone. Go na le moo, o ne a dirilwe ka mmu wa lefatshe leo a neng a nna mo go lone mme ka jalo e ne e le motho wa lefatshe. Monei-Botshelo wa gagwe le Rraagwe e ne e le Jehofa Modimo. E ne e le “mōea o o tshedileñ.” Ereka Jehofa Modimo e ne e le ene a mo neileng botshelo, o ne a le “morwa Modimo.” Ditlhare tseo di neng di mo dikologile mo tshimong eno ya Edena di ne di ungwa maungo a a molemo go jewa, e le gore a a je a bo a tswelele a tshela jaaka moya o o tshedileng. Mme lefa go le jalo, ke ka ntlhayang fa a ne a tshwanetse go tswelela a tshela, gape ke ka ntlhayang fa a ne a bewa mo lefatsheng, mo tshimong eno ya Edena? E ne e le monna yo o bopegileng sentle ka botlalo a le botlhale a bile a na le dikgono tsa senama, mme ka gone a tshwanela go itse. Go na le moo, ke ka tsela efe a neng a ka kgona go diragatsa boikaelelo jwa gagwe mo botshelong mme ka gone a itumedisa Modiri wa gagwe le Rraagwe ka go dira go rata ga Modimo? Dikarabo tsa dipotso tseno tse di tshwanetseng di ne tsa newa mo tshedimosetsong e e latelang:
11 “Me Yehofa Modimo a tsaea monna, a mmaea mo tshimoñ ea Edena, go e baakanya le go e lebèlèla. Me Yehofa Modimo a laola monna, a re, U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.”—Genesise 2:15-17.
12. Adame o tshwanetse a bo a ne a lebogela Mmopi wa gagwe eng, mme ka gone monna yoo o ne a ka kgona go galaletsa Modimo jang?
12 Adame o tshwanetse a bo a ile a leboga Mmopi wa gagwe go bo a mo neile sengwe se a neng a tla nna a se dira se se nang le mosola mo tshimong e ntle eno ya Edena. Jaanong o ne a itse seo go rata ga Mmopi wa gagwe e leng sone, jalo o ne a ka Mo direla sengwe mo lefatsheng. Jaanong o ne a sikarisitswe boikarabelo, jwa go baakanya tshimo ya Edena le go e tlhokomela, mme seo e ne e tla nna tiro e e itumedisang. Ka go dira seno, o ne a ka dira gore tshimo ya Edena e lebege ka tsela eo e leng gore e ne e ka galaletsa le go baka Modiri wa yone, ebong Jehofa Modimo. Fa Adame a ne a ikutlwa a tshwerwe ke tlala ka go bo a ne a bereka, o ne a ka ja a bo a kgora maungo a ditlhare tse di mo tshimong eo. O ne a ka kgona go inonotsha gape ka tsela eno mme a tsweledisa botshelo jwa gagwe jo bo itumedisang goyagoile—ka bosakhutleng.—Bapisa Moreri 3:10-13.
Tebelelo ya Botshelo Jo Bo Sa Khutleng
13. Monna wa ntlha o ne a na le ditebelelo dife, mme ka ntlhayang?
13 A gatwe ka bosakhutleng? Abo monna yo o itekanetseng yoo a tshwanetse a bo a ne a batla a sa dumele kakanyo eo jang ne! Mme ka ntlhayang? Mmopi wa gagwe o ne a sena mogopolo kana boikaelelo jwa go senya tshimo e e dirilweng ka botswerere eno ya Edena. Ke ka ntlhayang fa a ne a tshwanetse go senya tiro ya gagwe, fa e ne e le molemo jalo ebile e supa go dira dilo ga gagwe ka botswerere? Ka mo go utlwalang, o ne a sa kake a ikaelela go dira jalo. (Isaia 45:18) Mme ereka tshimo eno e e sa tshwaneng le epe e ne e tshwanetse go nna e ntse e baakanngwa, e ne e tla tlhoka mmaakanyi le motlhokomedi yo o tshwanang le monna yo o itekanetseng, ebong Adame. Mme fa motlhokomedi yoo a ne a ka seka a ja loungo lo lo ileditsweng lwa “setlhare sa kicō ea molemō le boshula,” o ne a ka seka a swa. Monna yo o itekanetseng yono o ne a ka tshelela ruri!
14. Adame o ne a ka tshela botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng jang?
14 Adame o ne a neilwe tebelelo ya go tshela ka bosakhutleng mo tshimong ya Paradaise ya Edena! O ne a ka bo ipelela ka bosakhutleng, fa a ne a ka nna kutlo ka botlalo mo Mmoping wa gagwe, fa a ne a ka seka a ja loungo loo a neng a lo ileditswe ke Mmopi wa motho. Keletso ya Gagwe e ne e le gore monna yo o itekanetseng yoo a nne kutlo ka metlha mme a tswelele a tshela ka bosakhutleng. E ne e se gore o ne a ilediwa go ja loungo lwa “setlhare sa kicō ea molemō le boshula” ka gonne lo ne lo ka seka lwa mmolaya. E ne e le fela go leka gore a motho o ne a na le kutlo e e feletseng mo go Rraagwe. Go ne ga naya monna yoo tshono ya go supa lorato lwa gagwe mo Modimong, eleng Mmopi wa gagwe.
15. Ke ka ntlhayang fa Adame a ne a ka nna le tebelelo ya isagwe e e phatsimang, ka dilo tse di molemo tseo a neng a tla di direlwa ke Mmopi wa gagwe?
15 Ereka a ne a tlhwatswegile pelo gore o ne a sa itiragalela fela gore o ne a na le Rraagwe wa selegodimo, ereka mogopolo wa gagwe o ne o na le lesedi la go tlhaloganya boikaelelo jwa gagwe mo botshelong, ereka a ne a na le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng, monna yo o itekanetseng yono o ne a na le tebelelo ya isagwe e e phatsimang. O ne a ja maungo a ditlhare tseo di neng di le molemo go jewa, a tila “setlhare sa kicō ea molemō le boshula.” O ne a batla go itse molemo o o neng o dirilwe ke Mmopi wa gagwe. Tiro e e molemo, eseng e e senyang, ya go baakanya tshimo ya Edena, mme monna yo o itekanetseng yono o ne a e dira.
A Seka A Ikutlwa A Tlhoka go Tlhalosediwa Dilo Dingwe
16-18. Ke dilo dife tseo go tweng ke masaitsiweng tseo Adame a neng a seka a ikutlwa a tlhoka go di rarabolola, mme ka ntlhayang?
16 Lesedi la letsatsi le ne la ngotlega jaaka lesedi le legolo la motshegare, leo a neng a le bona le tsamaya go kgabaganya loapi, le ne le phirima. Go ne ga tla lefifi, bosigo, mme a bona ngwedi. O ne a seka a tlelwa ke poifo; e ne e le lesedi le lebotlana leo le neng le rena mo bosigong. (Genesise 1:14-18) Go ka nna ga bo go ile ga diragala gore dinaka-ngwedi di nne di fofafofe mo tshimong eo, lobone lwa tsone lo lo botlhoswana lo ntse lo bonesa lo tima jaaka dipone tse dipotlana.
17 Fa go nna bosigo le lefifi le setse le itelekela o ne a utlwa go tlhokega gore a robale go tshwana le diphologolo tseo di neng di mo dikologile. Fa a tsoga o ne a simolola go utlwa a tshwerwe ke tlala, mme o ne a ja maungo a ditlhare ao a neng a letlelelwa go a ja ka a ne a a eleditse a ja seo se neng se ka bidiwa sefitlholo.
18 Ereka jaanong a ne a na le nonofo gape ebile a lapolositswe ke boikhutso jwa bosigo, o ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go direng tiro ya letsatsi leo. Fa a ne a elatlhoko tikologo e talana eo a neng a le mo gare ga yone, o ne a seka a ikutlwa gore o ne a tshwanetse go batlisisa bosaitsiweng jwa seo batho dingwaga tse di diketekete moragonyana ba neng ba tla se bitsa photosynthesis, eleng tiro ya boranyane eo botalana jwa ditlhare, setalafatsi sa tsone, bo gopang maikatlapelo a marang a letsatsi go direla batho le diphologolo dijo tse di jewang, mme ka nako e e tshwanang bo gopa moya o o maswe oo motho le diphologolo di o hemelang kwantle mme bo ntshe moya o o phepa gore di o heme. Motho o ka bitsa seno bosaitsiweng, mme go ne go sa tlhokafale gore Adame a bo rarabolole. E ne e le kgakgamatso ya Mmopi wa motho. O ne a e tlhaloganya mme a dira gore e solegele dibopiwa mo lefatsheng molemo. Ka gone, go ne go lekane mo botlhaleng jo bo itekanetseng jwa motho wa ntlha gore Modimo, ebong Mmopi, o ne a dirile gore dilo di gole, mme tiro eo motho a neng a e neilwe ke Modimo e ne e le gore a tlhokomele mefuta eno ya ditlhare tseo di neng di gola mo tshimong ya Edena.—Bona Genesise 1:12.
A le Esi—Mme A sa Tlhaele Boitumelo
19. Ke eng seo Adame a se kileng a se dira, lemororo a ne a lemoga gore o esi, a sena ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng?
19 Monna yono o ne a ise a fetse go rutwa ke Rraagwe wa selegodimo. Monna yono o ne a tlhokomela tshimo ya Edena a sena le ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng go mo pata kana go mo thusa. Fa e le ka dibopiwa tsa mofuta wa gagwe, batho-ka-ene, o ne a le esi. O ne a seka a ya go batla motho mongwe yo o tshwanang nae yo a neng a ka mo pata mo lefatsheng. O ne a seka a kopa Modimo, eleng Rraagwe, wa selegodimo, go mo naya morwarraagwe kana kgaitsadie. Go nna nosi ga gagwe jaaka motho go ne ga seka ya re kgabagare ga mo tsentsha mme ga mo amoga boipelo jwa go tshela le jwa go bereka. O ne a patilwe ke Modimo.—Bapisa Pesalema 27:4.
20. (a) Selo se segolo seo se neng se ipedisa le go itumedisa Adame e ne e le sefe? (b) Ke ka ntlhayang fa go tswelela a tshela ka tsela eno go ka bo go se kile ga ketefalela Adame gotlhelele? (c) Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka eng?
20 Adame o ne a itse gore o ne a etswe tlhoko ke Rraagwe wa selegodimo a bile a etse tlhoko tiro eo a neng a e dira. Selo seo se neng se mo itumedisa thata e ne e le go itumedisa Modimo wa gagwe le Mmopi, yoo bomolemo jwa gagwe bo neng bo senolwa ke ditiro tse dintle tsa popo tseo monna yoo a neng a dikologilwe ke tsone. (Bapisa Tshenolō 15:3.) Ereka monna yo o itekanetseng ka tekatekanyo yono a ne a kgona go buisana le Modimo wa gagwe o ne a sa kake a ketefalelwa fela thata ke go tswelela a tshela ka tsela eno kana a sulafadiwa pelo ke gone. Gape Modimo o ne o neile Adame tiro e e kgatlhisang, tiro e e natefisang, eo e neng e tla mo naya kgotsofalo e kgolo le boitumelo. Setlhogo se se latelang se tla re bolelela mo go oketsegileng kaga masego a Paradaise eo le ditebelelo tseo Adame a neng a di ipelela tseo a neng a di diretswe ke Mmopi wa gagwe yo o lorato.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Leno ke lefoko la puo ya ntlha-ntlha leo le dirisitsweng mo polelong ya popo ya Bibela e e Boitshepo.—Genesise 1:26, New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase.
b Moperofeti Moshe, yo o kwadileng tshedimosetso e e mo bukeng ya Genesise mo lekgolong la bo-16 la dingwaga pele ga Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, o ne a oketsa ka tshedimosetso eno mabapi le noka eno ya Edena, go ya ka kitso ya motlha wa gagwe:
“Leina ya ea ntlha ke Pishona: ke eōna e e potologañ lehatshe yeotlhe ya Hafila, kwa gouda o gōna; Me gouda oa lehatshe yeuō o molemō; gōna go na le bedeliuma, le mayana a berule. Me leina ya noka ya bobedi ke Gihona; ke eōna e potologañ lehatshe yeotlhe ya Kusha. Me leina ya noka ea boraro ke Hidekele: euō ke eōna e e pōtañ lehatshe ya Asiria kaha botlhabatsatsi. Me noka ea bonè ke Euferatese.”—Genesise 2:11-14.
Dikarabo tsa Gago ke Dife?
◻ Ke ka ntlhayang fa Adame a se kile a nna mo kakabalong ka lobaka lo loleele kaga go nna gone ga gagwe?
◻ Ke tiro efe eo Modimo o neng wa e naya Adame, mme o tshwanetse a bo a ne a arabela jang?
◻ Monna yo o itekanetseng yoo o ne a ipelela tebelelo efe, mme ka ntlhayang?
◻ Ke ka ntlhayang fa Adame a se kile a tsaya matsapa a go rarabolola masaitsiweng?
◻ Ke ka ntlhayang fa go nna nosi ga ga Adame jaaka motho go se kile ga mo sulafaletsa botshelo?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
NASA photo