Lekwalo Le Le Tswang go Motho Yo O Re Eleletsang Molemo
MALOBA jaana go ile ga amogelwa lekwalo le le tswang kwa mothong mongwe yo o re eleletsang molemo wa kwa nageng nngwe ya Afrika koo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetsweng gone. Monna yono o ne kwala jaana:
“Motlotlegi Yo O Rategang,
“Ke tla bua fela ke sa dikologe malebana le se ke batlang go lo bolelela ka sone; ke batla fela go lo itsise gore puso ya mono e ile ya thibela ditiro tsa kereke ya lona. Abo go nkgopisa jang ne!
“Ga ke tlhole ke amogela Tsogang! ya me ka metlha. Mme ka boammaaruri, Tsogang! kwantle ga pelaelo ke makasine o o e gaisang yotlhe e nkileng ka e bala. E gakolola babadi kafa ba ka itlhokomelang ka katlego le ka tshwanelo ka gone, ka tsela ya semolao le ya semoya. Ke sengwe se se itumedisang eleruri.
“Ke tlhomamisa gore ga go na motlhatlheledi ope wa unibesithi yo o itseng go le gontsi jaana kana yo o ka rutang ka botlalo jaana. Fa e le ‘baruti’ ba rona bone ba tlhaelela kgakala fela thata. Mme lefa go ntse jalo puso ya rona e bolela gore dimakasine tseno le dilo tse dingwe tsa mofuta wa tsone, tse di rutang thata jaana, di thibetswe. Ka ntlha yang? Ka go bo bagatisi ba tsone ba sa dumedise folaga. Go siame.
“Mme potso e le nngwe ke e: Fa motho mongwe a e dumedisa mme go tswa foo a bo a ya go tsaya madi a naga ka tsietso, a tsaya dipipamolomo, a sa ntshe makgetho, a bolaya batho, jalo le jalo, a motho yoo go ka twe o a ikanyega? Seo ke se ‘Bakeresete’ ba rona ba se dirang. Ba dumedisa difolaga kwa lebaleng la phareite le eleng go di tsaya le go di tsenya mo mafelong a bone a kobamelo gore ba di dumedisetse koo. Ka Bakeresete ba bangwe gone ga ke bue! Ke a itse gore ga ke a itekanela kana le eleng gore ga ke a siama mo matlhong a Modimo. Mme ka tlholego fela seno ga se yone tsela.
“Lona Basupi lo ganana le go dumedisa folaga, go tshelwa madi, Keresemose le Ista mme godimo ga tseo ga lo dumalane le bokebekwa, go tsaya madi ka tsietso, dipipamolomo, go bolaya. Ebile ga lo dumalane le boaka le kgokafalo. Fa o umaka boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, le jone Basupi ga ba dumalane le jone gotlhelele.
“Ke a solofela ebile ke rapelela gore puso e lemoge boitimokanyo jono mme e neye kereke ya lona kgololesego ya yone ya go ruta.”