LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w02 9/15 ts. 21-25
  • “Poloko Ke ya Ga Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Poloko Ke ya Ga Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “O se Ka wa Di Ikobela”
  • Dipina Tsa Setšhaba ke Eng?
  • Gana ka Maitseo
  • “Nnang le Segakolodi se se Siameng”
  • “Nna Bonolo mo go Botlhe”
  • Boitsholo jo bo Tshwanelwang ke Tlotlo
    Basupi ba ga Jehofa le Thuto
  • Go Dumedisa Folaga, go Tsenela Ditlhopho le Tirelo e e Seng ya Bosole
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Tseye Karolo mo Meletlong ya Bosetšhaba?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Boitlhaodi
    Go Fetolana ka Dikwalo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
w02 9/15 ts. 21-25

“Poloko Ke ya Ga Jehofa”

KA DINAKO tsa mathata a setšhaba le a boditšhaba, batho ba lebeletse gore puso ya bone e ba sireletse. Dipuso di dira dithulaganyo tsa go dira gore batho ba di eme nokeng. Fa dithulaganyo tse di ntseng jalo di rotloetsa moya wa bosetšhaba, batho ba simolola go nna matlhagatlhaga go dira meetlo ya boratanaga.

Fa setšhaba se tlhagetswe ke mathata, go nna le maikutlo a a feteletseng a go rata setšhaba go dira gore batho ba ikutlwe ba kopane e bile ba nonofile, e bile go ka nna ga rotloetsa tirisanommogo le moya wa go batla go sireletsa setšhaba. Le fa go ntse jalo, The New York Times Magazine ya re “maikutlo a bosetšhaba a kotsi fela jaaka maikutlo mangwe le mangwe,” ka gonne “fa a bontshiwa ka kgololesego fela, a ka bontshiwa ka ditsela tse di sa siamang.” Go bontsha maikutlo a bosetšhaba go ka felela ka ditiro tse di ka gatelelang ditshwanelo tsa batho le kgololesego ya bodumedi mo baaging bangwe ba naga. Bakeresete ba boammaaruri ke bone ba segolobogolo ba gatelelwang go ineela mo dilong tse di kgatlhanong le dilo tse ba di dumelang. Ba itshwara jang fa ba dikologilwe ke moya o o ntseng jalo? Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e ba thusang go nna le temogo le go ikanyega mo Modimong?

“O se Ka wa Di Ikobela”

Ka dinako tse dingwe go dumedisa folaga e nna tsela e e tlwaelegileng ya go bontsha maikutlo a bosetšhaba. Mme gantsi difolaga di na le ditshwantsho tsa dilo tse di kwa legodimong, jaaka dinaledi, le dilo tse di mo lefatsheng. Modimo o ne a bolela kafa a ikutlwang ka gone ka go ikobela dilo tse di ntseng jalo fa a ne a laela batho ba gagwe jaana: “O se ka wa itirela setshwantsho se se setilweng kgotsa popego e e tshwanang le epe fela e e kwa magodimong kwa godimo kgotsa e e mo lefatsheng fa tlase kgotsa e e mo metsing kafa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go tlhotlhelediwa go di direla, ka gonne nna Jehofa Modimo wa gago ke Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.”—Ekesodo 20:4, 5.

A go dumedisa kana go khubama fa pele ga folaga e e emelang Puso ke go tlola taelo ya go naya Jehofa Modimo boineelo jo bo feletseng? Baiseraele ba bogologolo ba ne ba na le ‘matshwao’ a makgamu a bone a ditso tse tharo a neng a kopanela gone fa ba ne ba le kwa nageng. (Dipalo 2:1, 2) Cyclopedia ya ga McClintock le Strong fa e akgela ka mafoko a Sehebera a a buang ka matshwao a a ntseng jalo, ya re: “Le fa go ntse jalo, ga go na lepe la mafoko ao le le rayang ‘letshwao’ le rona re akanyang ka lone, e leng, folaga.” Mo godimo ga moo, matshwao a Iseraele a ne a sa tsewe a le boitshepo, e bile go ne go se na meetlo epe e matshwao ano a neng a dirisiwa mo go yone. E ne e le matshwao fela, a a neng a bontsha batho gore ba phuthegele kae.

Ditshwantsho tsa ditšheruba mo motlaaganeng le mo tempeleng ya ga Solomone di ne di tshwantshetsa ditšheruba tsa selegodimo. (Ekesodo 25:18; 26:1, 31, 33; 1 Dikgosi 6:23, 28, 29; Bahebera 9:23, 24) Go bo ditshwantsho tseno di ne di sa tshwanela go obamelwa go bonala ka gore batho ka kakaretso ba ne ba se ka ba di bona le gore baengele ga ba obamelwe.—Bakolosa 2:18; Tshenolo 19:10; 22:8, 9. 

Akanya ka noga ya kopore e moporofeti Moshe a neng a e dira fa Baiseraele ba ne ba ntse ka nakwana kwa nageng. Setshwantsho seo, e ne e le letshwao e bile se ne se na le bokao jwa boporofeti. (Dipalo 21:4-9; Johane 3:14, 15) Se ne se sa tlotliwe kana se sa dirisiwe mo kobamelong. Le fa go ntse jalo, makgolo a dingwaga morago ga motlha wa ga Moshe, Baiseraele ba ne ba simolola go obamela setshwantsho seo ba sa tshwanela, e bile ba ne ba se tshubela maswalo. Ka jalo, Kgosi Hesekia wa Judea o ne a se thubaganya.—2 Dikgosi 18:1-4.

A difolaga tsa setšhaba ke matshwao fela a a nang le mosola mongwe? Di emela eng? Mokwadi J. Paul Williams o ne a re: “Tsela e kgolo ya go bontsha gore motho o rata setšhaba sa gabone ke ka go obamela folaga.” The Encyclopedia Americana ya re: “Folaga, jaaka sefapaano, e boitshepo.” Folaga ke letshwao la Puso. Ka jalo, go e ikobela kana go e dumedisa ke moetlo wa bodumedi o o tlotlang Puso. Go dira jalo go bontsha gore batho ba dumela gore Puso e ka ba boloka mme seno ga se dumalane le se Baebele e se buang ka kobamelo ya medingwana.

Dikwalo di bua jaana ka phepafalo: “Poloko ke ya ga Jehofa.” (Pesalema 3:8) Ga go a tshwanela go tsaya gore poloko e tlisiwa ke mekgatlho ya batho kgotsa ke matshwao a mekgatlho eo. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete mmogo le ene jaana: “Baratwa ba me, tshabang kobamelo ya medingwana.” (1 Bakorintha 10:14) Bakeresete ba pele ba ne ba sa tseye karolo mo ditirong tsa go obamela Puso. Daniel P. Mannix mo bukeng ya Those About to Die, o ne a re: “Bakeresete ba ne ba gana go . . . ntshetsa ramatlhale wa mmusi wa [Roma] setlhabelo—e leng selo se se tshwanang le go dumedisa folaga.” Bakeresete ba boammaaruri le bone ba dira jalo gompieno. Gore ba kgone go naya Jehofa boineelo jo bo feletseng, ga ba dumedise folaga ya setšhaba sepe. Ka go dira jalo, ba baya Modimo pele mme ba ntse ba tlotla dipuso le babusi ba tsone. Eleruri, ba tlhokomela gore ba na le boikarabelo jwa go nna mo taolong ya “balaodi ba bagolo” ba puso. (Baroma 13:1-7) Mme Dikwalo tsa reng ka go opela dipina tsa setšhaba?

Dipina Tsa Setšhaba ke Eng?

The Encyclopedia Americana ya re: “Dipina tsa setšhaba ke mafoko a go bontsha moya wa bosetšhaba e bile gantsi batho ba kopa Modimo go kaela le go sireletsa batho ba sone le babusi ba sone.” Totatota, pina ya setšhaba ke sefela kana thapelo e e rapelelwang setšhaba. Gantsi go kopiwa gore setšhaba se hume le gore se nne se le teng ka lobaka lo loleele. A Bakeresete ba boammaaruri ba nna le seabe mo dikopong tsa mofuta oo?

Moporofeti Jeremia o ne a tshela le batho ba ba neng ba ipolela gore ba direla Modimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo laela jaana: “O se ka wa rapelela batho bano, le fa e le go ba tsholeletsa selelo sa go kopa ka tlhoafalo kgotsa thapelo le fa e le go nkokotlela, gonne ga ke na go go reetsa.” (Jeremia 7:16; 11:14; 14:11) Ke ka ntlha yang fa Jeremia a ne a laelwa jalo? Ke ka gonne setšhaba sa bone se ne se tletse ka bogodu, polaano, go dira boaka, go ikana ka maaka le kobamelo ya medingwana.—Jeremia 7:9.

Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao fa a ne a re: “Ke kopa ka ga bone, ke a kopa e seng ka lefatshe, fa e se ka ga ba o ba nneileng.” (Johane 17:9) Dikwalo tsa re “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo” mme “le a feta.” (1 Johane 2:17; 5:19) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba ka rapelela jang gore tsamaiso e e ntseng jalo e atlege le gore e nnele ruri?

Boammaaruri ke gore ga se dipina tsotlhe tsa setšhaba tse di nang le dikopo tse di yang kwa Modimong. Encyclopædia Britannica ya re: “Mafoko a dipina tsa setšhaba a akaretsa dithapelo tse di rapelelwang kgosi, di bua ka dintwa tse di botlhokwa mo setšhabeng kana go tsogologela puso . . . mmogo le mafoko a a bontshang go rata setšhaba.” A mme batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ba ka itumelela dintwa le go tsogologela puso ga setšhaba sepe fela? Isaia o ne a bolelela pele jaana ka baobamedi ba boammaaruri: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.” (Isaia 2:4) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Le fa re tsamaya mo nameng, ga re tlhabane ntwa go ya ka se re leng sone mo nameng. Gonne dibetsa tsa ntwa ya rona ga se tsa senama.”—2 Bakorintha 10:3, 4. 

Gantsi dipina tsa setšhaba di bontsha maikutlo a go rata setšhaba kana a go se tlotlomatsa. Go leba dilo ka tsela e e ntseng jaana ga go a theiwa mo Dikwalong. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua kwa Areopago o ne a re: “[Jehofa Modimo] o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe.” (Ditiro 17:26) Moaposetoloi Petere o ne a re: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

Batho ba le bantsi ka gonne ba tlhaloganya Baebele, ba itirela tshwetso ya gore ba se ka ba dumedisa folaga le go opela dipina tsa bosetšhaba. Mme ba tshwanetse go itshwara jang fa ba kopane le maemo a a ba pateletsang go lebana le dikgang tsa mofuta ono?

Gana ka Maitseo

Kgosi Nebukadenesare wa Babelona wa bogologolo o ne a tlhoma setshwantsho se segolo sa gouta kwa lebaleng la Dura, e le go leka go dira gore mmuso wa gagwe o utlwane. Go tswa foo o ne a rulaganya gore go nne le moetlo wa kgakolo o kwa go one a neng a laletsa dikgosana tsa kgaolo ya naga, badiredibagolo le balaodi, bagakolodi, le badiredi ba bangwe ba bagolo. Fa mmino o lela, botlhe ba ba neng ba phuthegile ba ne ba tshwanetse go ikoba le go obamela setshwantsho seo. Bahebera ba babotlana ba bararo—Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba le gareng ga batho ba ba neng ba le teng. Ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba sa tseye karolo mo moetlong oo wa bodumedi? Fa mmino o ne o simolola go lela mme batho ba ba neng ba phuthegile ba obama fa pele ga setshwantsho, Bahebera bao ba bararo ba ne ba nna ba ntse ba eme.—Daniele 3:1-12.

Gompieno, gantsi difolaga di dumedisiwa ka go otlolola lebogo kana ka go baya seatla mo phatleng kana fa pelong. Ka dinako tse dingwe, batho ba ema ka tsela nngwe e e kgethegileng. Mo dinageng tse dingwe, go lebeletswe gore bana kwa sekolong ba khubame mme ba atle folaga. Fa Bakeresete ba boammaaruri ba ema fela ba didimetse fa ba bangwe ba dumedisa folaga, ba bontsha gore ke babogedi ba ba nang le tlotlo.

Go tweng fa moetlo wa go dumedisa folaga o tshwarwa ka tsela e e tla dirang gore go ema fela go lebege e kete o tsaya karolo? Ka sekai, a re re gongwe moithuti mongwe kwa sekolong o tlhophiwa gore a emele sekolo sotlhe mme a dumedise folaga kwa ntle kwa paleng ya folaga mme go lebeletswe gore baithuti ba bangwe ba eme ka matsetseleko mo tlelaseng. Mo lekgetlhong leno, go ema fela ka bogone go bontsha gore o dumalana gore moithuti yo o kwa ntle a lo emele go dumedisa folaga. Go ema ka tsela le fa e le efe go tla bontsha gore o tsaya karolo mo moetlong oo. Fa e le gore go ntse jalo, batho ba ba batlang go nna babogedi fela ba ba bontshang tlotlo ba tla nna ba ntse fa fatshe. Go tweng fa e le gore tlelase e ne e ntse e eme fa moetlo wa mofuta o o ntseng jalo o simolola? Mo maemong ao, go tla bo go sa bontshe gore motho o tsaya karolo fa a nna a ntse a eme.

A re re ga o kopiwe gore o dumedise folaga mme o kopiwa fela gore o e tshware gore ba bangwe ba e dumedise, e ka tswa lo le mo mogwantong kgotsa mo tlelaseng kgotsa go sele fela. Go na le gore o ‘tshabe kobamelo ya medingwana,’ jaaka Dikwalo di laela, seno se tla bo se raya gore o mo moetlong oo. Go a tshwana le ka go gwanta mo megwantong ya setšhaba. Bakeresete ba boammaaruri ba gana go dira jalo ka gonne fa ba dira jalo ba tla bo ba bontsha gore ba ema nokeng selo se mogwanto oo o se galaletsang.

Fa go lediwa dipina tsa setšhaba, gantsi go tlhokega fela gore motho a eme ka dinao go bontsha gore o dumalana le mafoko a yone. Mo maemong a a ntseng jalo, Bakeresete ga ba eme. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ntse ba eme fa pina ya setšhaba e lediwa, ga go tlhokege gore jaanong ba nne fa fatshe. Ga se gore ba tla bo ba itlhophetse go ema ka gonne go lediwa pina ya setšhaba. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa go lebeletswe gore setlhopha se eme mme se opele, go ema fela ka go bontsha tlotlo, mme o sa opele go tla bo go sa reye gore o dumalana le mafoko a pina eo.

“Nnang le Segakolodi se se Siameng”

Fa mopesalema a sena go tlhalosa kafa dilo tse batho ba di itirelang gore ba di obamele di se nang mosola ka teng, o ne a re: ‘Ba ba di dirang ba tla tshwana fela le tsone, botlhe ba ba di ikanyang.’ (Pesalema 115:4-8) Ka jalo, baobamedi ba ga Jehofa ba ka se amogele tiro epe fela e e amanang ka tlhamalalo le go dira dilo tseo tse di obamelwang, go akaretsa difolaga tsa setšhaba. (1 Johane 5:21) Go ka nna ga tlhaga maemo a mangwe kwa tirong mo Bakeresete ba tla bontshang ka tlotlo gore ga ba obamele folaga kgotsa se e se emelang, mme ba obamela Jehofa fela.

Ka sekai, mothapi o ka nna a kopa mothapiwa wa gagwe gore a pege kgotsa a folose folaga mo kagong nngwe. Gore a motho o tla dumela go dira jalo kana a ka se dumele go ikaegile ka tsela e ene a lebang maemo ao ka yone. Fa e le gore go pega kgotsa go folosa folaga ke karolo ya moetlo mongwe o o kgethegileng, batho ba eme ka matsetseleko kana ba dumedisa folaga, fa go ntse jalo, go dira tiro eo go tla bo go tshwana le go nna le seabe mo moetlong oo.

Kafa letlhakoreng le lengwe, fa go se na moetlo ope o o tsamaisanang le go pega kana go folosa folaga, go dira ditiro tseno go tla bo go tshwana fela le go baakanya kago, go lotlolola le go lotlela ditswalo, le go bula le go tswala difensetere. Mo maemong ao, folaga ke letshwao fela la Puso, mme go e pega le go e folosa mo go dirwang le ditiro tse dingwe ke kgang e motho a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go yone go ya ka segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. (Bagalatia 6:5) Segakolodi sa motho yo mongwe se ka nna sa mo tlhotlheletsa gore a kope mookamedi wa gagwe gore a dire gore mothapiwa yo mongwe e nne ene a pegang folaga le go e folosa. Mokeresete yo mongwe o ka nna a nna le maikutlo a gore segakolodi sa gagwe se ka mo letla go tshwara folaga fa fela go sa tsamaisane le moetlo ope. Tshwetso le fa e le efe e baobamedi ba boammaaruri ba e dirang, ba tshwanetse go ‘nna le segakolodi se se siameng’ fa pele ga Modimo.—1 Petere 3:16.

Dikwalo ga di kgatlhanong le go bereka kgotsa go nna mo dikagong tsa batho botlhe, tse di jaaka diofisi tsa puso le dikolo, kwa go nang le folaga ya setšhaba. Gape folaga e ka nna ya tlhaga mo ditempeng tsa poso, mo number plate ya koloi, kgotsa mo dilong tse dingwe tse di dirwang ke puso. Go dirisa dilo tse di ntseng jalo ka bogone fela ga go reye gore motho o nna le karolo mo ditirong tsa kobamelo. Selo sa botlhokwa fano ke kafa motho a itshwarang ka teng malebana le folaga, e seng go nna teng ga folaga kgotsa go nna teng ga setshwantsho sa yone.

Gantsi difolaga di bewa mo difensetereng, mo ditswalong, mo dikoloing, mo didesekeng, kana mo dilong tse dingwe. Go rekisiwa le diaparo tse di nang le setshwantsho sa folaga. Mo dinageng tse dingwe, ga go a letlelelwa kafa molaong gore batho ba apare diaparo tsa mofuta oo. Le fa go dira jalo go sa robe molao mo nageng ya lona, go tla bo go bolelang ka tsela e motho a lebang lefatshe ka teng? Jesu Keresete o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Ntlha e nngwe e e sa tshwanelang go lebalwa ke kafa go dira jalo go ka amang badumedi ka wena ka teng. A ga go na go tshwenya digakolodi tsa bangwe? A seo se ka koafatsa boikemisetso jwa bone jwa go nitama mo tumelong? Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata, gore lo nne lo se na molato e bile lo sa kgopise ba bangwe.”—Bafilipi 1:10.

“Nna Bonolo mo go Botlhe”

Jaaka maemo a lefatshe a ntse a senyegela pele mo ‘dinakong tseno tsa mathata,’ maikutlo a bosetšhaba a ka nna a oketsega thata. (2 Timotheo 3:1) E kete le ka motlha, batho ba ba ratang Modimo ba ka se lebale gore poloko ke ya ga Jehofa fela. O tshwanelwa ke boineelo jo bo feletseng. Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba kopiwa go dira sengwe se se sa dumalaneng le thato ya ga Jehofa, ba ne ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.” (2 Timotheo 2:24) Ka jalo, Bakeresete ba leka go nna batho ba ba ratang kagiso, ba ba nang le tlotlo, e bile ba le bonolo, fa ba dirisa digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Baebele go itirela ditshwetso malebana le go dumedisa folaga le go opela pina ya setšhaba.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bahebera ba bararo ba ne ba itlhophela go itumedisa Modimo, mme ba dira jalo ka bopelokgale le ka tlotlo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Mokeresete o tshwanetse go itshwara jang ka nako ya moetlo wa boratanaga?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela