DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG
Go Dumedisa Folaga, go Tsenela Ditlhopho le Tirelo e e Seng ya Bosole
Go dumedisa folaga. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore go ikobela folaga kgotsa go e dumedisa, mo gantsi go dirwang fa go opelwa pina ya setšhaba, ke mofuta mongwe wa kobamelo o o bontshang gore poloko e ka tlisiwa ke Puso kgotsa baeteledipele ba yone, e seng Modimo. (Isaia 43:11; 1 Bakorintha 10:14; 1 Johane 5:21) Mongwe wa baeteledipele ba ba ntseng jalo e ne e le Kgosi Nebukadenesare wa Babelona wa bogologolo. E le gore kgosi eno e e maatla e kgatlhe batho ka bogosi jwa yone le go tlhoafalela bodumedi, e ne ya tlhoma setshwantsho se segolo mme ya pateletsa babusiwa ba yone gore ba se obamele fa mmino o o jaaka pina ya setšhaba o ntse o lela. Le fa go ntse jalo, Bahebera ba bararo—Shaderake, Meshake le Abedenego—ba ne ba gana go obamela setshwantsho seo, tota le fa ba ne ba ka atlholelwa loso.—Daniele, kgaolo 3.
Rahisitori Carlton Hayes o ne a re mo motlheng wa rona, “folaga ke letshwao le legolo la tumelo la bosetšhaba e bile ke yone e e obamelwang. Banna ba rola dihutshe fa folaga e feta; mme baboki ba kwala maboko ba e galaletsa le bana ba e opelela difela.” O ne a oketsa ka gore moya wa bosetšhaba gape o dirile gore go nne le “malatsi a go tweng a boitshepo,” a a jaaka Letsatsi la Bonè la July kwa United States, le batho ba ba tlotlwang jaaka “baitshepi le bagaka” le mafelo a kobamelo a a tsewang jaaka “ditempele.” Mo moletlong wa batho botlhe kwa Brazil, tona ya sesole e ne ya re: “Folaga e a tlotliwa le go obamelwa . . . fela jaaka go obamelwa Naga ya Borraetsho.” Ee, The Encyclopedia Americana e kile ya re “folaga, fela jaaka sefapaano, e boitshepo.”
Bosheng jaana buka ya tshedimosetso e e umakilweng fa godimo e ne ya re dipina tsa setšhaba “ke mafoko a a bontshang maikutlo a bosetšhaba e bile gantsi a akaretsa kopo ya gore Modimo a kaele le go sireletsa batho kgotsa babusi ba bone.” Ka jalo, batlhanka ba ga Jehofa ga ba feteletse dilo fa ba tsaya gore meetlo ya bosetšhaba e e akaretsang go dumedisa folaga le go opela dipina tsa setšhaba ke ya bodumedi. Tota e bile, fa buka ya The American Character e ne e akgela ka nako ya fa bana ba Basupi ba ga Jehofa kwa dikolong tsa United States ba ne ba gana go obamela folaga kgotsa go dira maikano a a bontshang gore ba tla ema puso nokeng, e ne ya re: “Kgabagare meetlo eno ya letsatsi le letsatsi e ne ya tlhomamisiwa gore ke ya bodumedi ke Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang mo dikgetsing di le mmalwa.”
Le fa batho ba ga Jehofa ba sa tseye karolo mo meetlong e ba e tsayang e sa dumalane le Dikwalo, ba tlotla gore batho ba bangwe ba na le tshwanelo ya go dira jalo. Gape ba tlotla difolaga tsa setšhaba ba di tsaya e le matshwao a naga e bile ba tlotla dipuso tse di tlhomilweng kafa molaong e le “balaodi ba bagolo” ba ba direlang e le “modiredi wa Modimo.” (Baroma 13:1-4) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba reetsa kgothatso ya gore ba rapelele “dikgosi le botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo.” Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa rona ke gore “re tle re tswelele re tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo le bomasisi.”—1 Timotheo 2:2.
Go tsenela ditlhopho tsa bopolotiki. Bakeresete ba boammaaruri ba tlotla tshwanelo ya batho ba bangwe ya go tlhopha. Ga ba nne kgatlhanong le ditlhopho, mme ba dirisana sentle le babusi ba ba tlhomilweng semmuso. Le fa go ntse jalo, ga ba tseye letlhakore gotlhelele mo dikgannyeng tsa dipolotiki tsa ditšhaba. (Mathaio 22:21; 1 Petere 3:16) Bakeresete ba tshwanetse go dira eng mo dinageng tse kwa go tsone batho ba patelediwang go tlhopha kgotsa mo maemong a mo go one batho ba ba sa yeng kwa lefelong la ditlhopho ba galefelwang ke batho ba bangwe? Fa Mokeresete a gakologelwa gore Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba ya kwa lebaleng la Dura, mme a le mo boemong jo bo tshwanang le joo, a ka nna a swetsa ka go ya kwa lefelong la ditlhopho fa segakolodi sa gagwe se mo letla. Le fa go ntse jalo, o tla tlhomamisa gore ga a tseye letlhakore. O tshwanetse go gakologelwa melaometheo e e latelang e merataro:
Balatedi ba ga Jesu ga ‘se karolo ya lefatshe.’—Johane 15:19.
Bakeresete ba emela Keresete le Bogosi jwa gagwe.—Johane 18:36; 2 Bakorintha 5:20.
Maloko a phuthego ya Bokeresete a dumela dilo tse di tshwanang, mme a kopantswe ke lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete.—1 Bakorintha 1:10; Bakolosa 3:14.
Batho ba ba tlhophang mmusi mongwe le bone ba ikarabelela mo go se a se dirang.—Ela tlhoko melaometheo e e mo mafokong a a kwadilweng mo go 1 Samuele 8:5, 10-18 le 1 Timotheo 5:22.
Jehofa o ne a leba keletso ya Baiseraele ya go batla kgosi ya motho e le sesupo sa gore ba mo ganne.—1 Samuele 8:7.
Bakeresete ba tshwanetse go nna le kgololesego ya go bua fa ba bua le batho ba mekgatlho yotlhe ya dipolotiki ka puso ya Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Bahebera 10:35.
Tirelo e e seng ya bosole. Mo dinageng dingwe, Puso e batla gore batho ba ba sa batleng go tsenela bosole ba dire tirelo nngwe e e seng ya bosole ka lobaka lo lo rileng. Fa re lebane le go dira tshwetso mo kgannyeng eno, re tshwanetse go rapela ka yone, gongwe re tlotle le Mokeresete ka rona yo o godileng semoyeng mme morago ga moo re bo re dirisa segakolodi sa rona go dira tshwetso go ya ka se re se ithutileng ka kgang eno.—Diane 2:1-5; Bafilipi 4:5.
Lefoko la Modimo le re bolelela gore re ‘nne kutlo mo dipusong le mo balaoding jaaka babusi, re iketleeletse tiro nngwe le nngwe e e molemo, re le tekatekano.’ (Tito 3:1, 2) Re ntse re akantse ka seo, re ka nna ra ipotsa dipotso tse di latelang: ‘A go amogela tiro e e seng ya bosole e ke e newang go tla dira gore jaaka ke le Mokeresete ke tseye letlhakore kgotsa go tla dira gore ke ikamanye le bodumedi jwa maaka?’ (Mika 4:3, 5; 2 Bakorintha 6:16, 17) ‘A go dira tiro eno go tla dira gore go nne boima gore ke diragatse maikarabelo a me a Bokeresete kgotsa go tla nthibela go a diragatsa?’ (Mathaio 28:19, 20; Baefeso 6:4; Bahebera 10:24, 25) ‘Kafa letlhakoreng le lengwe, a go dira tirelo eno go tla ntetla gore ke oketse tirelo ya me ya Bokeresete, gongwe ke nne le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng?’—Bahebera 6:11, 12.
Fa Mokeresete a dirisa segakolodi go dira tshwetso ya gore a ka dira tirelo e e seng ya bosole go na le go ya kgolegelong, Bakeresete ka ene ba tshwanetse go tlotla tshwetso ya gagwe. (Baroma 14:10) Le fa go ntse jalo, fa a akanya gore a ka se kgone go dira tirelo e e ntseng jalo, ba bangwe ba tshwanetse go tlotla tshwetso eo.—1 Bakorintha 10:29; 2 Bakorintha 1:24.