Go Godisiwa ga Malapa Lefatshe ka Bophara—Go A Godisa ka Lorato, ka Kotlhao, ka go Bontsha Sekao, le ka Ditekanyetso Tsa Semoya
BATSADI go tswa kwa dinageng tse di farologaneng ba ile ba romela dipego tse di malebana le kafa ba ileng ba atlega ka gone mo go godiseng bana go tloga ka nako ya fa ba ne ba tsholwa go fitlha ba le mo dingwageng tsa bolesome. Botlhe ba bone ke Basupi ba ga Jehofa, mme ka gone dipego tsa bone di gatelela botlhokwa jwa go tsaya dikarolo tse nnè tse di umakilweng mo setlhogong se se fa godimo tsia. Ditsopolo tse di tlhagisitsweng fano di bontsha fela dikarolo di sekae tse di farologaneng tsa go godisa lelapa tse ba neng ba di latela.
Go Tswa kwa Hawaii
“Fela jaaka fa Bibela e re bolelela, lorato ke nonofo ‘e kgolo go di gaisa tsotlhe.’ Lorato ka dikarolo tsotlhe tsa lone tse di tlhokegang le tshwanetse la rena mo legaeng le mo lelapeng lotlhe. Nna mmogo le Carol re ile ra bontshana nonofo eno ya Modimo mo lenyalong la rona. Re atamalane tota. Re rata go bo re le mmogo. Ke dumela fa go le boammaaruri gore tharabololo e kgolo fela ya go godisa bana ka katlego ke fa banyalani e le ba ba itumetseng.
“Le gompieno ke santse ke gakologelwa kafa ke neng ke ikutlwa ka gone mo pelong mo malatsing le mo dibekeng tse di neng tsa latela morago ga gore ngwana wa rona wa ntlha a tsholwe. Re ne re tle re ipotse dipotso malebana le go tsholwa ga sebopiwa se sesha seno. Ke gakologelwa ke bona Carol a itumetse thata ebile a kgotsofetse fa a ntse a amusa leseanyana leno ebong Rachel. Ke ne ke mo itumelela, mme gape ke ne ke ikutlwa ke tenega go sekae, ke fufega go sekae. Carol o ne a dira kamano e e atamalaneng thata le Rachel, mme nna? Ke ne ke ikutlwa jaaka ekete ke kgoromeleditswe kwa ntle ga lelapa la rona—ka bonolo lefa go ntse jalo gone ke kgoromeditswe. Ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka kgona go tlhalosetsa Carol kafa ke neng ke ikutlwa ka gone le seo ke neng ke amegile ka sone, mme o ne a mpontsha boutlwelobotlhoko jo bogolo le go ntshegetsa.
“Morago ga moo ke ne ka kgona go atamalana le lesea la rona le lesha ka go thusa ka ditiro tsotlhe tsa lesea, go akaretsa le tse dingwe tse di sa rategeng—go tlhatswa mengato e e leswe ke boitemogelo jo bo sa tshwaneng le bope, fa ke umaka di sekaenyana fela! Re ile ra nna le bana ba bangwe ba le batlhano morago ga Rachel. Rebecca ke gofejane, jaanong o na le dingwaga di roba bobedi. Re ile ra tshwara dithuto tsa rona tsa Bibela ka namana, ra tshwarela mongwe le mongwe wa bana ba rona thuto ya gagwe ya Bibela.
“Se sengwe gape se se oketsegileng se se leng malebana le go godisa ngwana go tloga bonnyaneng. Nna mmogo le Carol re ne re ipelela go tlotla le masea a rona go tswa ka nako ya fa ba ne ba tsholwa. Re ne re tlotla ka dilo di le dintsi tse di farologaneng. Ka dinako tse dingwe re ne re tlotla ka ga Jehofa le ditiro tsa gagwe tse dintle, tse di gakgamatsang. Ka dinako tse dingwe re ne re tlotla ka dilo tsa boeleele fela, tsa go tshameka, tse di tshegisang. Ke boammaaruri gore re ne re leka go ba ruta sengwe, mme go feta seo re ne re dira seo e le fela gore re nne le nako e e monate, ya go itapolosa, le e ntle mmogo. Ke dumela gore metlotlo e e ntseng jalo e ne e tlatseletsa ka mo gogolo mo sebofong se se magareng ga motsadi le ngwana. Kwantle ga pelaelo e ne ya thusa gore re nne le puisano e e molemo eo re ileng ra nna le yone mo lelapeng la rona.
“Jehofa o re rutile kafa dilo tsa semoya di leng botlhokwa ka gone, kafa go intsha setlhabelo go leng botlhokwa ka gone. Nna mmogo le Carol ga re ise re ko re nne le bontsi jwa dilo tse di bonalang, mme lefa go ntse jalo tota ga re ise re ko re di batle kana re di tlhoke. Fa re ka bo re ile ra senya nako ya rona e e oketsegileng re batla dikhumo, re ka bo re ne re ile ra se ka ra bona nako e e lekaneng go ka direla Jehofa mmogo le go e senya le lelapa la rona. Re ne ra dira tlhopho e e tshwanetseng.” (Dikakgelo tsa ga Carol di a latela.)
“Ke akanya gore go amusa masea a gago go thusa segolobogolo mo go atamalanyeng masea le bommabo. O senya nako e ntsi thata o tlamparetse ngwana wa gago ebile o mo kukile mo eleng gore ga go na ka mo gongwe o tshwanetse wa atamalana nae. Mmè a ka se tlogele lesea le le losi diura tse di fetang tse pedi go ya go tse nnè. Nna mmogo le Ed ka metlha re ne re sa batle go utlwa sepe malebana le go tlogela bana ba rona go sena ope yo o ba tlhokometseng. Ka metlha ke ne ke batla go ruta bongwanake le go ba tlhokomela fa ba ntse ba gola. Jalo ka nako ya fa ba ne ba santse ba le bannye, go ne go sena tiro epe ya boitshediso e ke neng ke e dira kwa ntle ga legae. Ke akanya gore seno se ne sa ba thusa go lemoga kafa ba neng ba le botlhokwa ka teng mo go rona. Tsela ya konokono ya gore o atamalane thata le bana ba gago ke ya gore o senye nako o na le bone. Ga go na sepe se se ka emelang go nna gone ga gago ka namana mo lelapeng. Dilo tsotlhe tse di bonalang ga di kake tsa ema mo boemong jwa gago.
“Dingwaga tsa bolesome e ne e le dingwaga tse di boima fela ka gonne mo go tsone ke ne ke tshwanela go fetogela mo go goleng ga bana. E ne e le sengwe se se boima thata go ka emelana le sone fa ke tla go lemoga gore ba ne ba sa ntlhoke go le kalo le gore ba ne ba setse ba simolola go nna le kgololesego e e rileng. Ke nako e e tshosang tota, ebile e leka tiro ya gago yotlhe ya go ruta, ya go otlhaya, le ya go godisa e o neng wa e senya mo go bone. Eleruri go tla bo go setse go le thari fa o ka re o simolola ka nako ya fa e setse e le basha. Go tla bo go le thari go leka ka nako eo go ba ruta ka boitsholo, go ba ruta go bontsha lorato mo bathong ba bangwe, mme segolobogolo go ba ruta go bontsha lorato mo go Jehofa. Dilo tseno ba tshwanetse ba di rutiwa go tloga fela ka nako eo ba tsholwang ka yone go ya pele.
“O na le dingwaga tse 12 tseo o tshwanetseng wa swetsa go dira tiro ya gago ka tsone pele ga go ka tla dingwaga tseo tsa bolesome tse di opisang tlhogo. Mme lefa go ntse jalo fa o ile wa bereka ka natla go dirisa melaometheo ya Bibela, ke nako ya gore o nne le boipelo le kagiso fa ba dira tshwetso ya gore ba batla go direla Jehofa go tswa mo pelong.”—Edward le Carol Owens.
Go Tswa kwa Zimbabwe
“Bana ke ‘boshwa yoa ga Yehofa.’ Bibela e bolela jalo mo go Pesalema 127:3. Go nna re gakologetswe seno go ile ga re thusa jaaka batsadi go dira sotlhe se re ka se kgonang go tlhokomela boswa jono. Maiteko a mangwe a magolo a re neng ra a dira mo lelapeng la rona e ne e le go dira dilo mmogo—re rapela mmogo, re ithuta Bibela mmogo, re obamela mmogo, re bereka mmogo, re etela ditsala mmogo, re tshameka mmogo.
“Ka dinako tse dingwe kotlhao e ne e tlhokafala. Ka nako e nngwe morwa wa rona, fa a ne a le mo masimologong a dingwaga tsa gagwe tsa bolesome, o ne a fitlha thari kwa gae. Re ne re tshwenyegile tota ka seo. E ne le motho yo o lobang dilo. Re ne ra belaela gore go ne go na le sengwe se se phoso, mme lefa go ntse jalo re ne ra fetsa ka gore re seegele kgang eo kwa thoko go fitlhela mo mosong o o latelang. Mo e ka nnang mo gare ga bosigo re ne ra utlwa mongwe a kokota mo lebating la kamore ya rona ya borobalo. E ne e le morwa wa rona, a geletse dikeledi mo matlhong.
“‘Rre, Mmè, ke ne ka se ka kgona go robala mo diureng tse nnè tse di fetileng, ka go bo fela ke ne ka se ka ka reetsa fa lo ne lo nkgakolola mabapi le ditsala tse di bosula lo itshetlegile ka Bibela. Gompieno fa sekolo se sena go tswa bana ba bangwe ba ne ba nkgatelela gore ke tsamaye le bone go ya go šapa, mme mongwe wa basimane bano o ne a nkgogela kwa tlase ga metsi. Fa mosimane yo mongwe a ne a sa nthusa, ke ka bo ke nwetse mo metsing. Ba ne ba ntshega le go mpitsa legatlapa. Ke ne ka tlhamalalela mo gae, mme lefa go ntse jalo ke ne ka dula kwa ntle ga ntlo ka gonne ke ne ke ipona phoso. Ke kopa maitshwarelo go bo ke ne ka se ka ka lo reetsa fa lo ne lo ntlhagisa mabapi le ditsala tse di bosula, jaaka fa go bontshiwa mo Bibeleng.’—1 Bakorintha 15:33.
“O ne a lela mme le rona re ne ra lela. Re ne re itumeletse gore o ne a ithuta sengwe, mme lefa go ntse jalo re ne ra mo otlhaya gore seo se tsenelele thata mo go ene. Ekesodo 34:6, 7 e bontsha gore Jehofa o pelotlhomogi ebile o itshwarela yo o dirang tshiamololo mme lefa go ntse jalo ke ‘o o se ketlañ o golola eo o molato gopè.’”—David le Betty Mupfururirwa.
Go Tswa kwa Brazil
“Ke motlholagadi ebile ke tshwanelwa ke gore ke godise mosimane wa me ke le esi. Lefa go ntse jalo, ke dira jaaka morutabana. Ga se selo se se motlhofo go ruta bana le go ba otlhaya. Se se tlhokegang mo batsading ke thuto ya ka metlha, go otlhaya ka tekatekano, le go tlhoma sekao se se molemo. Go ne go nthatafalela gore ke gagamatse dithapo mme gape ke bontsha kutlwelobotlhoko. Ke ne ka tshwanela go nna motho yo o reetsang, segolobogolo go reetsa ka pelo ya me. Go botlhokwa gore lo buisane, eseng go tlotla fela, mme go na le moo dira gore ngwana a tseye karolo mo puisanong eo, mo dire gore a arabele go tswa mo maikutlong. Ke ne ke leka go dira gore a ikutlwe e le karolo ya lelapa ka go mo akaretsa mo tekanyetsongmadi ya lelapa. Fa pampiri e e bontshang dituelelo tsa motlakase kana tsa metsi e ne e fitlha, kana fa ditlhotlhwa tsa diaparo kana tsa ditlhako di ne di ya kwa godimo, re ne re tlotla mmogo ka dilo tseno.
“Go botlhokwa gore o mo akgole ka peloephepa mo dilong tse a di dirileng ka tshwanelo. Jaaka ditshono di ntse di bulega, ke ne ke mmontsha botlhokwa jwa go latela melao le melaometheo ya Modimo. Mo lekgetlong lengwe, e ne ya re morago ga fa ke sena go mo gakolola makgetlo a le mmalwanyana, ke ne ka tshwanelwa ke gore ke dirise thupa. Abo go ne go nthatafalela jang ne, mme, ija, a diphelelo tse di itumedisang morago ga moo! Mo nakong ya bosha re na le dinako tse di molemo le tse di seng molemo, mme lefa go ntse jalo re bona botlhokwa jwa go ruta le go otlhaya. O mpolelela mathata a a nang le one ka namana le go ntsha maikutlo a gagwe.
“Ke tshwanela go nna pudimatseba gore ke tsweledise puisano e e molemo pele. Ka jalo ke leka gore ke se ka ka tshwarega thata mo tirong ya me ya boitshediso e le gore ka dinako tsotlhe ke iphe nako le morwaake. Fa re nna le mathata, ke leka go reetsa ka kelotlhoko, mme ka thuso ya ga Jehofa, re kgona go a fenya. Ke mmolelela gore le nna ke dira diphoso. Mo lekgetlong lengwe ke ne ke galefile tota, mme ke ne ka mmolelela gore a ‘tswale molomo wa gagwe.’ O ne a mpolelela gore go raya yo mongwe o re ‘a tswale molemo wa gagwe’ ga go bontshe lorato. O ne a opile kgomo lonaka. Mo tshokologong eo re ne ra nna le motlotlo o motelele tota.”—Yolanda Moraes.
Go Tswa kwa Repaboliking ya Korea
“Ke ne ka dirisa melaometheo ya Bibela ka tlhoafalo mo botshelong jwa lelapa la me. Segolobogolo Duteronome 6:6-9 e ne e le moteng ga pelo ya me. Ka jalo ke ne ka leka gore ke iphe nako le bana ba me ka moo ke neng ke ka kgona ka teng, gore ke nne gaufi le bone, ke tsenye melaometheo ya Lefoko la Modimo mo megopolong le mo dipelong tsa bone. Gape ke ne ke laletsa barongwa le maloko a lelapa la Bethele mo lelapeng la me ba ba direlang ka nako e e tletseng gore ba utlwise bongwanake kafa tirelo ya nako e e tletseng e utlwalang ka gone.
“Selo sa pele se batsadi ba tshwanetseng go se dira fa bana ba baka mathata ke go bontsha maungo a moya. Ke selo se se motlhofo gore o galefele bana le go ba tenegela. Lefa go ntse jalo, rona jaaka batsadi re tshwanetse ra nna pelotelele mme ra ba beela sekao sa boitshwaro. Ke selo se se botlhokwa gore re tlotle bana le go ba naya tshono ya go tlhalosa boemo. Fa go sena bosupi bope jo bo phepafetseng jwa gore ba dirile phoso nngwe, he ba ikanye mme ka dinako tsotlhe o ba age. Ka nako ya fa o tshwanela go otlhaya ngwana, sa ntlha mo ntshetse mabaka, mmontshe moo a dirileng phoso gone, mme o bo o mo tlhalosetse kafa seo a se dirileng se sa itumediseng Jehofa le batsadi ba gagwe ka gone. Go tswa foo ke gone kotlhao e ka latelang. Gantsi barwaake ba ne ba atisa go bolela jaana morago ga gore ba otlhaiwe: ‘Papa, ga ke itlhaloganye, gore ke ka ntlha yang fa ke ne ka tsuologa. Ke ne ke dira boeleele tota!’ Ba leboga batsadi ba ba amegang ka bone ka go ba otlhaya.
“Batsadi ba tlhoka gore ba nne pudimatseba go ka ba bona fa ba simolola go itshwara ka tsela e e sa siamang. Ka nako ya fa morwaake yo mogolo a ne a le mo bogareng jwa mophato wa borobabongwe kwa sekolong se segolwane, ke ne ka utlwa modumo wa mmino wa rock o tswa mo kamoreng ya gagwe. Ke ne ka lemoga gore o ile a tsena mo setlhopheng sa bagakolodi sa baithuti, mme o ne a setse a tsenwe ke ditlhotlheletso tsa lefatshe. Ke ne ka lemoga gore ka go tswelela pele a gatelelwa ke maloko a setlhopha seno le ka ntlha ya go rata dilo, o ne a ile a goga motsoko. Re ne ra ntshetsana mabaka mmogo malebana le ka moo go goga motsoko go leng kotsi ka gone, mme morwaake o ne a fetsa ka boene fela gore o tshwanetse a tlogela setlhopha seno, e le mo a neng a go dira. Go tswala phatlha eo e neng e bulegile ka ntlha ya go sa tlhole a tswelela pele le ditiro tsa sekolo tse di sa tshwanelang, re ne ra rulaganyetsa go nna le boitlosobodutu jo bo phepa le maloko a lelapa mmogo le a phuthego.
“Sa bofelo, ke batla go bolela gore selo se se botlhokwatlhokwa ke gore batsadi ba tlhome sekao se se molemo. Ke ne ke tlhola ke bolelela barwaake ba babedi gore ke ne ke batla go direla Modimo jaaka modihedi yo o rerang mafoko a a molemo ka nako e e tletseng. Ka nako ya fa morwaake a ne a fetsa sekolo, ke ne ka kgona go tlogela tiro ya me kwa feketoring ya matsela mme ka nna modihedi wa nako e e tletseng. Barwaake ba babedi ba ne ba bona boikemisetso jo ke neng ke na le jone mme le bone ba dira ka mo go tshwanang. Morago ga go tsaya nako e e rileng ba le mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi, ka bobedi jwa bone ba ne ba tsenelela tirelo ya nako e e tletseng mme ba tsweletse pele mo go yone le gompieno.”—Shim Yoo Ki.
Go Tswa kwa Sweden
“Re ile ra godisa bana ba le supa, basimane ba le batlhano le basetsana ba le babedi. Jaanong ba setse ba godile, botlhe ba tlhagafetse mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Go tswa fela kwa dingwageng tsa bone tsa ba sale bannyane, bana bano ba ne ba nna gone kwa dipokanong tsa phuthego mme ebile ba ne ba tsamaya le rona mo tirelong ya tshimo. Ba ne ba ithuta kgato ka kgato go dira tiro ya go rera—e e jaaka go letsa tloloko ya lebati, go dumedisa, go bolela maina a bone, le go neelana ka pampitshana ya taletso, go neelana ka pampitshana, kana ka makasine. Fa ba ne ba santse ba le bannyane thata, ba ne ba neela dipuo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo.
“Ka dinako tse dingwe mathata a a masisi a ne a tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng. Ka nako eo go botlhokwa gore o bontshe lorato le go nna pelotelele—ga go tlhokege gore o goe kana o omane. Mathata a ne a rarabololwa ka go beelana mabaka le go gatelela kafa Jehofa a lebang dilo ka gone. Re ne ra ba ruta malebana le ditsela tsa go dirisa madi. Fa ba setse ba godile, ba ne ba bereka go tsamaisa dipampiri tsa dikgang, ba bereka go kgetla merogo ya peat, ba bereka le mo ditshingwaneng, le tse dingwe fela jalo. Go etela borrabomogolo le bommabomogolo kgakala le legae go ne ga ba dira gore ba lemoge mathata a batho ba bagolo ba nang le one mme ba ba utlwele botlhoko.
“Mo segopotsong sa bo 30 sa lenyalo la rona, re ne ra amogela lekwalo le le latelang:
“‘Go Batsadi ba Rona Ba Ba Rategang:
“‘RE LEBOGELA TSOTLHE! Lorato lo lo bothitho loo lo ileng lwa re bontsha lone, tumelo ya mmannete e lo ileng lwa e tsenya mo go rona, tsholofelo e e molemolemo e lo ileng lwa re e naya—seno se ne se se kake sa lekanngwa le mafoko kana le madi. Lefa go ntse jalo, re solofela gore ka lekwalonyana leno leo lo tla re gakologelwang ka lone, lo tla tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone ka lona, rre le mmè ba ba rategang. [E saennwe ke] Bana ba lona.’
“Fa re lebelela kwa morago ‘mo dingwageng tseno tsotlhe tse 20 tsa go godisa bana,’ re leboga Jehofa tota, Rraarona wa selegodimo, yo o ileng a nna pelotlhomogi thata jaana mo go rona.”—Bertil le Britta Östberg.
Ditshedimosetso Tse Dingwe Di Sekae Tse Di Farologaneng Tse Di Tswang mo Batsading
“Mmè yo o amusang ke tsela ya ga Jehofa ya go tlisa lesea gaufiufi le mmalo, mme lefa go ntse jalo rre o ka go oketsa ka setulo se se menogelang kwa pele le kwa morago. Ke ne ke ipelela go tshwara bana ba rona ka mabogo le go nna ke ba tshikinyatshikinya gore ba robale mo e ka nnang bosigo bongwe le bongwe.”
“Jaaka rraabone, ke ne ke sa abelwa ka namana go amusa bana ba rona, mme lefa go ntse jalo ke ne ke atamela gaufiufi le bone ka go ba tlhapisa bosigo bongwe le bongwe. Eo e ne e le nako ya go ijesa monate mo go nna mmogo le mo go bone!”
“Nako le nako, ke ile ka tsaya mongwe le mongwe wa bana ba rona, ka go farologana ga bone, gore ba ye go ja le nna re le babedi fela. Ba rata nako eno ya go kopana le Papa wa bone ba le babedi fela.”
“Jaaka ba ntse ba gola, ka iketlo re ne ra ba neela kgololesego le maikarabelo a a oketsegileng. Seporeng se se gateletsweng mo seatleng sa motho se tshwanetse sa tlogelwa ka iketlo e le go tila gore se se ka sa thapogela kgakala.”
“Bontshang lorato. Ga go na ngwana ope yo o kileng a swa ka ntlha ya go tlamparelwa kana go atliwa—mme maikutlo a bone a ka nyelela fa ba sa bontshiwe seo.”
“Nna pelotelele, o se ka wa ba sulafatsa pelo. O se ka wa ba goa ka dinako tsotlhe. Ba letle go nna le boitlotlo. Nako le nako fa o ba kgalela sengwe ba akgolele se sengwe!”
“Ntsha bojotlhe jwa gago mo go bone, gore le bone ba ntshe bojotlhe jwa bone.”
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Bana ba babotlana ba ba tshwanang le Rebecca jaana ba tlhoka lorato lwa mmannete
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Go ipha nako ya gore lo dire dilo mmogo go tla tlatseletsa mo sebofong se se nonofileng sa lelapa