Thuso E E Molemolemo E Gone!
GO TLHOPHELA molwetsi yo o lwalelang go swa tlhokomelo le lobaka loo e tshwanetseng ya lo tsaya go ka nna ga tsosa dipotso tse di boteng mo Mokereseteng. Ka sekai:
A go ne go tla bo go sa dumalane le Dikwalo fa go sa lekiwe sengwe le sengwe se se ka kgonegang go boloka botshelo? Mme fa e le gore go a letlelesega gore o ka lesa mongwe a swa ka tsela e e tlwaelegileng, kwantle ga gore go lelefadiwe botshelo ka metšhini e megolo, go tweng ka euthanasia—eleng tiro ya ka boomo, e e siameng ya go fedisa pogo ya molwetsi ka go khutsafatsa botshelo jwa gagwe kana go bo fedisa?
Tseno ke dipotso tse di botlhokwa mo letsatsing leno le mo motlheng ono. Lefa go ntse jalo, re thusiwa go di araba.
Mokwadi mongwe yo o tlhotlheleditsweng o ne a bolela sentle jaana: “Modimo ke botshabèlō yoa rona le thata, thushō e e gauhi thata mo tlaleloñ.” (Pesalema 46:1) Fa re sekaseka kgang eno eo re tlotlang ka yone re bona seo se le boammaaruri le ka rona. Thuso e e botlhaletlhale, e e nang le boitemogelo go gaisa e tswa kwa go Jehofa Modimo. O ile a lebelela matshelo a batho ba ba dimilione tse di diketekete. O itse—botoka go gaisa ngaka epe, mankge ope wa boitsholo, kana mmueledi ope—ka se se molemolemo. Ka jalo a re boneng gore ke thuso efe e a re e nayang.—Pesalema 25:4, 5; Bahebera 4:16.
Kgopolo E E Molemo Malebana le Botshelo
Re tla bo re dira sentle fa re ka lemoga gore kgopolo ya go leka ka bojotlhe ka mo go ka kgonagalang ka gone go boloka botshelo ga se selo sa boranyane jwa kalafi fela. Ke sengwe se se tlwaelegileng sa botlhajana jwa lefatshe jwa segompieno. Ke ka ntlha yang fa seno se ntse jalo? Ebu, fa e le gore botshelo jono jwa segompieno ke jone jotlhe jo bo leng gone, he go ka lebega ekete botshelo jwa rona bo ne bo ka tshwanelwa ke gore bo bolokiwe tlase ga maemo ape le go leka bojotlhe ka mo go ka kgonegang ka gone go bo boloka. Mme mo mabakeng a mangwe kgopolo eno ya lefatshe e ile ya felela ka bothekiniki jo bo tlhobaetsang—batho ba ba idibetseng ba setse ba bewa “ba tshela” mo metšhining ka dingwagangwaga.
Mo letlhakoreng le lengwe, go na le bao ba dumelang gore moya wa motho ga o swe. Go ya ka kgopolo ya bone, botshelo jono ke fela lefelo la go ikhutsa ereka re le mo tseleng e e yang kwa go sengwe se se botoka. Plato, yo eleng mongwe wa basimolodi ba kgopolo eno, o ne a tlhalosa tumelo ya gagwe jaana:
“Fa motho a sule o mo boemong joo eseng sepe fa a le mo go jone ebile a sa utlwe sepesepe, kana, jaaka batho ba bolela, fa motho a sule moya o a fetoga le go fuduga mo lefatsheng leno o ya kwa go le lengwe. . . . Fa e le gore go swa ke loeto lwa go ya kwa lefelong le lengwe, . . . tota ke eng, ditsala tsa me mmogo le baatlhodi, se se ka nnang molemo go lo gaisa.”
Motho yo o nang le tumelo e e ntseng jalo a ka nna a tsaya loso jaaka tsala, a lo tsaya jaaka selo se se ka itumelelwang mme gongwe le eleng go dira gore lo itlhaganele. Lefa go ntse jalo, Bibela e ruta gore botshelo bo boitshepo mo matlhong a ga Jehofa. “Mocwedi oa botshelō o nntse nau,” mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a kwala jalo. (Pesalema 36:9) He, a Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse a dumela go tsaya karolo mo go se se bidiwang euthanasia?
Ba bangwe ba akanya gore go na le koo go buiwang ka kgang eno gone mo Dikwalong eleng ka nako ya fa Kgosi Saulo, yo o neng a gobetse mo go masisi, a neng a kopa motsholadibolai wa gagwe gore a mmolaye. Ba ile ba leba seno jaaka mokgwa mongwe wa euthanasia, tsela ya ka boomo ya go potlakisa loso lwa mongwe yo o neng a setse a swa. Moamaleka mongwe e ne ya re moragonyana ga moo a bolela fa a ile a tlhwaela kopo ya ga Saulo tsebe ya gore a bolawe. A mme go ne ga akanngwa fa Moamaleka yoo a ne a dirile sentle mo go fediseng pogo ya ga Saulo? Le eseng. Motlodiwa wa ga Jehofa, Dafide, o ne a laela gore Moamaleka yono a bolawe ka ntlha ya molato wa gagwe wa madi. (1 Samuele 31:3, 4; 2 Samuele 1:2-16) He, tiragalo eno ya Bibela ga e golole Mokeresete ka gope gore a nne le seabe go euthanasia.a
Lefa go le jalo, a seno se raya gore Mokeresete o tshwanetse go dira sengwe le sengwe se se ka kgonegang fa go dirisiwa boranyane gore a lelefatse botshelo jo bo setseng bo le gaufi le go fela? A motho o tshwanetse go lelefatsa tsela ya go swa thata ka mo a ka kgonang ka teng? Dikwalo di ruta gore loso, ga se tsala ya motho, mme ke mmaba. (1 Bakorintha 15:26) Mo godimo ga moo, baswi ga ba mo pogong kana kwa legodimong, mme go na le moo ba robetse. (Yobe 3:11, 13; Moreri 9:5, 10; Yohane 11:11-14; Ditihō 7:60) Ditebelelo tsa botshelo tsa mo isagweng tsa baswi di ikaegile gotlhelele ka maatla a Modimo a go ba tsosa ka Jesu Keresete. (Yohane 6:39, 40) Ka jalo re fitlhela gore Modimo o re neile kitso eno e e botlhokwa: Loso ga se sengwe se o ka se eletsang, ebile ga wa tshwanela go sekamela mo maitekong a a diphatsa a go lelefatsa botshelo jwa motho yo o setseng a ntse a ikotlela.
Dilo Tse Di Kaelang Mokeresete
Ke dilo dife tse di kaelang tse Mokeresete a neng a ka nna a di dirisa fa moratiwa mongwe a le mo boemong jwa go lwalela go swa?
Sa ntlha, re tshwanetse ra lemoga gore bongwe le bongwe jwa maemo a a amang molwetsi yo o lwalelang go swa ga a tshwane thata, ebile ga go na melao e e amang mongwe le mongwe mo go one. Mo godimo ga moo, mo mabakeng a a ntseng jalo Mokeresete o tshwanetse a tlhokomela go sekaseka melao ya naga. (Mathaio 22:21) Gape, gopolang gore ga go na Mokeresete ope yo o lorato yo o ka buelelang gore batho ba tlhokomologiwe mo go tsa kalafi.
Ke fela fa go na le bolwetsi jo bo gogelang kwa losong jo bo sa belaetseng (koo seemo se setseng se lemogilwe ka phepafalo gore ga se solofetse) go ka nnang ga akanngwa go kopa gore boranyane jo bo bolokang botshelo bo emisiwe. Mo mabakeng a a ntseng jalo ga go na lebaka lepe la Dikwalo la gore o ganelele mo boranyaneng jwa kalafi jo sa jone fela e ka nnang go lelefatsa botshelo jwa motho yo o setseng a ntse a ikotlela a tloga a swa.
Gantsi ano e nna maemo a a boima thata ebile a ka nna a akaretsa diphetso tse di utlwisang botlhoko thata. Ka sekai, motho a ka itse jang gore seemo ga se sa tlhole se solofetsa? Lemororo go sena ope yo o ka tlhomamisegang ka botlalo ka seno, go tlhokega gore seno se jelwe tlhogo thata mmogo le go fiwa kgakololo ka kelotlhoko. Pampiri nngwe ya kalafi e akgela jaana fa e gakolola dingaka:
“Mokgwa wa go boloka botshelo o tshwanetse wa tsweledisiwa go fitlhela tumalano e e utlwalang e nna gone fa e le gore go na le kgogakgogano mabapi le tshwetso e e fitlheletsweng fa molwetsi a sena go tlhatlhobiwa kana tsholofelo ya gore bolwetsi bo tla fola kana e e mabapi le tsone tsoopedi. Lefa go ntse jalo, go ganelela mo sengweng o sa fetoge kwantle ga lebaka lepe le le utlwalang go ka nna ga kgoreletsa ngaka e e berekanang le ditsela dingwe tsa kalafi tse go ka tsewang kgato mo go tsone mo mabakeng a go lebegang a sa solofetse gotlhelele. Pego e e sa tlwaelegang ya molwetsi mongwe yo o neng a na le bolwetsi jo bo tshwanang le joo yo o neng a fola ga se lone lebaka le le ka dirang gore go tswelelwe ka kalafi e e kgethegileng. Dilo tse di ntseng jalo tse di seng botlhokwa go le kalo tse di ka kgonegang tsa dipalopalo ga di botlhokwa go gaisa matswela a a nang le tlhaloganyo ao re ka a lebelelang a a ka kaelang mabapi le diphetso tsa kalafi.”
Mokeresete, yo o mo bothateng jo bo ntseng jalo, e ka tswa e le molwetsi kana wa losika, go tla bo go tshwanela gore a solofele thuso go tswa mo ngakeng ya gagwe. Pampiri eno ya kalafi e fetsa jaana: “Mme ebile kana, ke boikutlo jo bo sa siamang go neelana fela ka mabaka a mantsi a tsa kalafi le dilo di le dintsi tse di ka dirwang mme go sena sepe se se kaelang molwetsi mabapi le ditsela tse dingwe tseo go ka tsewang kgato e e rileng mo go tsone le tseo go se kakeng ga tsewa kgato epe mo go tsone.”
Bagolwane ba Bakeresete ba lefelo la gaeno, ereka e setse e le badihedi ba ba nonofileng sentle, ba ka go thusa fela thata. Le gale, molwetsi mmogo le ba lelapa la gagwe ba a atamalaneng nabo ka losika ba tshwanetse ba itirela phetso e e lekalekaneng mo boemong jono jo bo tsosang maikutlo.
Sa bofelo, akanya ka dintlha tseno. Bakeresete ba batla thata go nna ba ntse ba tshela e le gore ba kgone go ipelela go direla Modimo. Lefa go le jalo, ba lemoga gore mo tsamaisong ya segompieno, rotlhe re a swa; ka tsela eno rotlhe re lwalela go swa. Tsholofelo e re nang le yone fela ke gore seemo seno se ka fetolwa fela ka madi a ga Jesu Keresete a thekololo.—Baefesia 1:7.
Fa moratiwa wa rona a tlhokafala, le fa seno se le thata go le kanakana, ga re a tshwanela go utlwa botlhoko le go hutsafala “yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.” (1 Bathesalonia 4:13) Go na le moo, re ka nna ra gomodiwa ke gore re dirile gotlhe mo re neng re ka go kgona ka molwetsi wa rona yo o rategang le gore thuso epe ya kalafi e re neng ra e dirisa e ne e thusa ka nakwana fela. Lefa go le jalo, re na le tsholofelo e e itumedisang ya Ene yo o tla re gololang mo mathateng otlhe a a ntseng jalo fa ‘mmaba wa bofelo, loso, a nyelediwa.’—1 Bakorintha 15:26.
Ee, kwa bokhutlong thuso e e molemolemo ya bao ba lwalelang go swa e tla tswa mo Modimong yo o neileng batho ba ntlha botshelo le yo o solofetsang go tsosa bao ba dumelang mo go ene le mo go Morwawe, Jesu Keresete.—Yohane 3:16; 5:28, 29.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha tse di oketsegileng mabapi le seo se bidiwang gore ke polao ya ka ntlha ya kutlwelobotlhoko, bona Awake! ya March 8, 1978, ditsebe 4-7, le ya May 8, 1974, ditsebe 27-8.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
A go swa ga ga Saulo go tshegetsa kgang ya se se bidiwang “euthanasia”?