Ke Tlhokomelo Efe E E Neelwang Balwetsi Ba Ba Lwalelang go Swa?
MO METLHENG ya segompieno mokgwa wa batho wa go dirisana le loso le go tshelela go swa o ile wa nna wa fetoga mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe.
Mo metlheng e e fetileng dingaka di ne di amogela loso jaaka bokhutlo jwa se ba ka thusang ka sone jaaka lo o ka se kang wa lo thibela mo balwetsing ba bangwe—bofelo jo bo tshwanetseng jwa okobadiwa, gantsi ebile ba tlhokomelelwa kwa gae.
Mo bosheng jaana, ereka go rotloediwa boranyane mmogo le go dira gore batho ba fole, badiri ba tsa kalafi ba setse ba tsaya loso jaaka sengwe se se bontshang gore o paletswe kana se se bontshang gore o fentswe. Ka jalo mokgele o mogolo wa kalafi e ile ya nna wa go thibela loso go sa kgathalesege matswela a a ka nnang teng. Go ne ga tla kgatelopele ya boranyane jotlhe jo bosha ka phetogo eno gore batho ba tshele ka lobakanyana go gaisa jaaka go ne go ntse pele.
Boranyane jwa kalafi bo ile jwa lere dikgatelopele tse di tlhomameng mo dinageng di le dintsi; lefa go ntse jalo, bo bakile dipelaelo tse dikgolo thata. Ngaka nngwe e ne ya akgela jaana: “Dingaka di le dintsi di ile tsa latlha nonofo e e tlhokegang thata e e kileng ya bo e le karolo ya botlhokwatlhokwa mo kalafing, mme eo ke botho. Metšhini, dingaka tse di nang le bokgoni le tse di latelang tsela e e tshwanetseng ya go alafa di ile tsa tlosa botsalano, bopelonomi, boutlwelobotlhoko le go akanyetsa motho yo o lwalang. Jaanong kalafi e setse e le saense e e senang botsalano; nonofo ya yone ya go itumedisa ga e sa tlhole e le gone. Motho yo o swang ga a bone kgomotso epe e e tswang mo ngakeng e e dirisang metšhini go alafa molwetsi.”
Seno ke kgopolo ya motho a le mongwe fela, mme totatota ga se tatofatso e e amang mongwe le mongwe yo o ithutetseng kalafi. Lefa go ntse jalo, o ka tswa o ile wa lemoga gore batho ba le bantsi ba ile ba simolola go tshaba go bewa mo metšhining gore ba nne ba ntse ba tshela.
Fa nako e ntse e ya kgopolo e nngwe e ne ya simolola go utlwiwa. E ne e le ya gore mo mabakeng a mangwe batho ba tshwanetse ba lesiwa gore ba swe ka tsela e e tlwaelegileng, ba na le seriti, ebile ba sa laolwe ke go itshunya nko ga boranyane jo bo senang pelotlhomogi. Mo bogautshwaneng jaana go ne ga nna le potsolotso nngwe mo makasineng wa Time e e neng e bontsha gore ba ba fetang tharonneng mo go bao go neng ga ikopanngwa le bone ba ne ba ikutlwa gore ngaka e tshwanetse ya letlelelwa gore e se ka ya dirisa kalafi e e ka bolokang botshelo jwa molwetsi yo o lwalelang go swa. Patlisiso eno e ne ya fetsa jaana: “[Batho] ba batla go swa ba sa tlhabisiwa ditlhong, fa ba setse ba ineetse go sengwe se ba ka sekang ba se thibela, go na le go golegelelwa mo metšhining e mentsi mo karolong ya kokelo ya balwetsi ba ba newang tlhokomelo e e kgethegileng jaaka ekete ke sengwe sa laboratori se se fang sekai se tsentswe mo galaseng.” A o dumalana le seo? O a reng malebana le kgang eno?
Ditharabololo Tse Di Akantshitsweng
Go na le ditsela tse di farologaneng thata tse di amanang le kgang eno ya loso le go tshelela go swa, go ikaegile ka setso sa motho kana tsela e motho a godisitsweng ka yone. Lefa go ntse jalo, mo dinageng di le dintsi batho ba bontsha kgatlhego e e oketsegileng mo balwetsing ba ba mo boemong jo bo kotsi jwa go lwalela go swa. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, bomankge mo go tsa boitsholo, dingaka, le batho ka kakaretso ba ile ba tshegetsa maiteko a go baakanya tsela ya go tlhokomela batho ba ba ntseng jalo ba ba seng lesego.
Gareng ga ditsela di le dintsi tse di sekasekilweng gore di berekane le kgang eno e e ileng ya dirisiwa ka mo gogolo thata mo dikokelong tse dintsi ke maikemisetso a a reng “Do Not Resuscitate,” (O Seka Wa Boloka Botshelo) kana DNR. A o itse gore seno se akaretsa eng? Morago ga go tlotla thata le balelapa la molwetsi, mme gape segolobogolo le molwetsi, dithulaganyo tse di kgethegileng tsa maemo a a kwa godimo di a dirwa, mme tseno ba di kwala mo karateng ya molwetsi. Seno maikaelelo a sone a magolo ke go bontsha dithibelo tseo di tla bewang mo maitekong a go leka go tsosa molwetsi yo o lwalelang go swa mo diphateng, kana go boloka botshelo jwa gagwe, fa go ka diragala gore seemo sa gagwe se nnele maswe go ya kwa pele.
Mo e ka nnang mongwe le mongwe o lemoga gore selo sa konokono seo se sa tshwanelwang go lebalwa fa go dirwa ditshwetso tse di ntseng jalo tse di boima e tshwanetse ya nna gore “Molwetsi o ne a ka batla gore go dirwe eng?” Lefa go le jalo, se se dirang gore seno e nne bothata jo bogolo ke gore gantsi molwetsi o a bo a idibetse kana gongwe a sa kgone go dira ditshwetso tse a nang le tsone ka namana tse a di dirang a sena go fiwa tshedimosetso. Seno se ile sa dira gore go simololwe lekwalo le le ka bidiwang gore ke wili ya botshelo. E dirilwe ka tsela ya go golola batho gore ba tlhophe esale pele gore ke kalafi efe eo ba neng ba ka e eletsa fa ba setse ba le gaufi le go swa. Ka sekai, wili e e ntseng jalo e ka balega jaana:
“Fa go ka diragala gore ke nne le bolwetsi bongwe jo bo sa alafesegeng kana jo bo ka se kang jwa twe sepe jo ke ka nnang ka swa mo nakong e khutshwanyane fela mo go jone, ke eletsa gore botshelo jwa me bo se ka jwa lelefadiwa ka go dirisa ditsela tse di ka bolokang motho a ntse a tshela. Fa e le gore boemo jwa me ke jo bo gogelang kwa losong ebile ke sa kgone go tsaya karolo mo ditshwetsong tse di ka dirwang malebana le kalafi ya me, ke laela ngaka e e ntlhokometseng go tlogela kana go tila ditsela tse di ka dirisiwang go lelefatsa fela tsela ya go swa ebile di sa nkgomotse kana go nkgolola mo botlhokong.” Makwalo a a ntseng jalo gape a ka bontsha gore ke mofuta ofe wa dikalafi o molwetsi a ka batlang gore o dirisiwe kana tse a sa batleng gore di dirisiwe fa a le mo boemong jo bo gogelang kwa losong.
Diwili tseo tsa botshelo, lemororo di sa pateletse ope semolao tlase ga maemo ape fela, di a tlotlwa mo mafelong a le mantsi. Batho ba ka tshwara dimilione tse tlhano kwa United States ba ile ba kwala diwili tsa botshelo tsa kalafi. Mo nageng eo balaodi ba le bantsi ba tsaya seo e le selo se se molemolemo se se leng gone go ka tlhomamisa gore dikeletso tsa molwetsi di a tlotliwa le go latelwa.
Ke Mofuta Ofe wa go Alafa Kana wa Tlhokomelo?
Go tweng ka go tlhokomelwa ga mmatota ga balwetsi ba ba lwalelang go swa? Gongwe tsela e e botlhokwatlhokwa eo e ileng ya tlhaga ke kgopolo e go tweng ke hospice e e ntseng e tlotlwa ka mo go oketsegileng lefatshe ka bophara. Tota gone “hospice” ke eng?
Go na le go raya lefelo lengwe kana kago nngwe, hospice go ya ka kutlwisiso eno tota le raya botlhale bongwe kana thulaganyo nngwe ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa. Le tswa mo lefokong la Sefora la mo motlheng wa dingwaga tsa bogare le le rayang lefelo la go ikhutsa la baeng. Thulaganyo eno ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa e ikaegile ka mokgwa wa setlhopha (dingaka, baoki, le baithaopi) se se dirang go tlhomamisa gore molwetsi yo o lwalelang go swa o bewa mo boemong jo bo itumedisang ebile a sa utlwe botlhoko go le kalo, segolobogolo go akantshiwa gore a bewe mo legaeng la gagabo.
Batho ba le bantsi ga ba ikaega ka sepe, lemororo dithulaganyo tse dingwe tsa go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa di direlwa mo dikokelong. Ba le bantsi ba solegelwa molemo ke dithuso tsa loago, tse di ntseng jaaka go etela baoki, bomankge mo go tsa dikotla, baruti, le bao ba ithutetseng go alafa malwetsi ba dirisa diatla. Thulaganyo eno ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa e bontsha bopelotlhomogi jo bogolo fela thata, go na le gore go dirisiwe didirisiwa tsa kalafi tse dikgolo. Go na le go alafa bolwetse jwa molwetsi ka tsela e e kgethegileng, thulaganyo eno e itshetlega thata mo go alafeng boemo jo bo sa itumediseng jo molwetsi a leng mo go jone e dira jalo ka tsela e e kgethegileng. Ngaka nngwe e ne ya e tlhalosa ka tsela e: “Thulaganyo ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa ga se fela go ba naya tlhokomelo e potlana kana go sa ba tlhokomele gotlhelele kana go ba naya tlhokomelo ya maemo a a kwa tlase. Ke tlhokomelo fela ya mofuta o o farologaneng gotlhelele.”
O ikutlwa jang ka kgopolo eno? A mokgwa ono wa go dirisana le balwetsi o lebega o tshwana le o o bonang go tshwanetse ga tlotliwa ka one le ope wa baratiwa ba gago bao ba ka nnang ya re fa ba sena go tlhatlhobiwa ke ngaka ba lemogiwa fa ba na le bolwetsi jwa go lwalela go swa, mme gongwe go akarediwa le ngaka mo motlotlong oo?
Lemororo jaanong jaana thulaganyo ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa e ka tswa e se gone mo karolong ya ga eno, e ka nna ya nna gone mo isagweng, ereka jaana mokgatlho wa dithulaganyo tseno o ntse o gola lefatshe ka bophara. Pele e ne e lebiwa jaaka boiteko jo bo kgatlhanong le thulaganyo e e tlhomilweng ya tlhokomelo ya tsa kalafi, jaaka fa nako e ntse e ya jaana thulaganyo ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa e ntse e fetoga karolo ya thulaganyo ya tsa kalafi, mme jaanong e setse e tsewa e le tsela nngwe e e amogelesegang mo balwetsing ba ba lwalelang go swa. Thulaganyo ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa e ile ya tlatseletsa mo dikgatelopeleng tse di bonalang tsa kalafi ka bothekiniki jwa yone, segolobogolo fa go dirisiwa dibolayaditlhabi ka tsela e e tshwanetseng.
Dr. Gloria Werth o ne a tlhalosa ka loso lwa morwadiammaagwe yo o neng a le mo thulaganyong eno ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa, fa a ne a kwalela New England Journal of Medicine jaana: “Go ne go sena nako epe eo morwadiammè a neng a pateletswa kalafi ka yone, dijo, kana metsi. O ne a kgona go ja, go nwa, . . . kana go alafiwa kafa ene a neng a batla ka teng . . . Mme selo se se botlhokwatlhokwa ka thulaganyo ya go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa ke gore go gopola ga rona loso lwa ga Virginia go a nametsa ka tsela e e sa tlwaelegang ebile go a itumedisa. Seno se ka buiwa ka makgetlo a le makae morago ga gore go tlhokafale molwetsi yo o neng a le mo karolong ya kokelo ya balwetsi ba ba newang tlhokomelo e e kgethegileng?”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 26]
“Jaanong kalafi e setse e le saense e e senang botsalano; nonofo ya yone ya go itumedisa ga e sa tlhole e le gone. Motho yo o lwalelang go swa ga a bone kgomotso epe e e kalo go tswa mo ngakeng e e dirisang metšhini go alafa molwetsi”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 27]
Dithulaganyo tsa go tlhokomela balwetsi ba ba lwalelang go swa di lebisitse mo go alafeng boemo jo bo sa itumediseng jwa molwetsi di dira jalo ka mo go kgethegileng go na le go dirisa kalafi e e kgethegileng mo bolwetseng ka bojone