LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 11/8 ts. 24-25
  • Go Thusa Ba Ba Swang mo Motlheng wa Rona wa Segompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Ba Ba Swang mo Motlheng wa Rona wa Segompieno
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gomotsa ba ba Lwalang Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ke Tlhokomelo Efe E E Neelwang Balwetsi Ba Ba Lwalelang go Swa?
    Tsogang!—1991
  • Thuso E E Molemolemo E Gone!
    Tsogang!—1991
  • Dikokelo Fa O Le Molwetsi
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 11/8 ts. 24-25

Go Thusa Ba Ba Swang mo Motlheng wa Rona wa Segompieno

MOSADI yono, yo eleng ngaka ka boene, o ne a sa tswa go diragalelwa ke sengwe se se botlhoko fela thata. O ne a ile a lebelela mmaagwemogolo wa dingwaga tse 94 a swa mo karolong ya kokelo ya balwetsi ba ba newang tlhokomelo e e kgethegileng morago ga gore a arelwe bolwetsi jwa kankere jo “a neng a ise a ke a tsamaye a bo batle.”

“Go bo ke ne ka lela kwa phitlhong ya gagwe e ne e se ka go bo a tlhokafetse, ka gonne mmemogolo o ne a tshedile botshelo jo botelele, jo bo tletseng ka boitemogelo,” ngaka eno e ne ya kwala jalo. “Ke ne ke lela ka ntlha ya botlhoko jo a ileng a bo itshokela, le ka go bo dikeletso tsa gagwe di sa diragadiwa. Ke ne ke lelela mmè le bana ba ga mmaagwe, ka go bo ba ne ba ikutlwa ba latlhegetswe ebile ba kgobegile marapo.”

Lefa go le jalo, o ka nna wa ipotsa fa tota go kgonega go ka thusa motho yo o ntseng jalo yo o lwalang mo go masisi. Ngaka eno e tswelela pele jaana:

“Segolobogolo, ke ne ke itelela: ka gonne ke ne ke ikutlwa ke na le molato o mogolo thata wa go palelwa ke go fodisa botlhoko jwa gagwe le go palelwa ke go thiba ditlhong tsa gagwe, le go ikutlwa ke tlhaela mo go maswe jaaka ngaka, ke sa kgone go fodisa, ke sa kgone go fedisa pogo. Ka gonne mo go ikatiseng ga me ga go na gope kwa ke ithutileng gore ke letlelele loso gone kana gore motho a swe. Bolwetsi e ne e le mmaba—yo go neng go tshwanetswe ga lwantshanwa le ene ka dinako tsotlhe, go dirisiwa sepe fela se se ka thusang. Fa motho a sule go ne go bolela gore o fentswe, go bontsha gore o paletswe; bolwetsi jo bo sa foleng bo ne bo gakolola ngaka ka metlha gore ga a thuse ka sepe. Setshwano sa mmemogolonyana wa me a ntibile ka matlho a a tletseng letshogo fa a ne a le mo motšhining o o thusang go hema a le mo ICU [karolo ya kokelo ya balwetsi ba ba newang tlhokomelo e e kgethegileng] se santse se ntshosa le gompieno.”

Setlogolwana seno se se lorato se ne sa phepafatsa kgang eno e e raraaneng ya boitsholo, ya kalafi le molao e jaanong e setseng e sekasekiwa mo dikgotlatshekelong le mo dikokelong go dikologa lefatshe: Ke eng se se ka thusang segolobogolo bao ba nang le bolwetsi jo bo sa alafesegeng mo motlheng wa rona o o gatetseng pele mo go tsa boranyane?

Ba bangwe ba na le kgopolo ya gore sengwe le sengwe se se kgonegang mo kalafing se tshwanetse sa direlwa motho mongwe le mongwe yo o lwalang. Lekgotla la Dingaka le Dingaka tsa Karo la kwa Amerika le ne la tlhalosa kgopolo eno jaana: “Go tlamega ga ngaka ka molwetsi yo o mo kidibalong e kgolo, yo boboko jwa gagwe bo sa berekeng sentle, kana yo o sa golang sentle mo tlhaloganyong ga go a ikaega ka gore o tla fola kana nnyaa. Ka metlha ngaka e tshwanetse ya berekela gore molwetsi a nne le pholo e e molemo.” Seno se raya go mo neela kalafi epe fela kana thuso ya kalafi eo go ka kgonegang gore e dirisiwe. A o akanya gore ka dinako tsotlhe seno se botlhokwa mo mothong yo o lwalang mo go masisi?

Eleruri mo bathong ba le bantsi tsela eo ba bona e le ya botlhokwa. Lefa go ntse jalo, mo masomeng a sekae a dingwaga a a fetileng, go nna le boitemogelo mo kalafing e e gatetseng pele mo go tsa boranyane go ile ga tsosa kgopolo e ntšha le e e farologaneng. Mo pampiring nngwe ya 1984 e e neng e na le setlhogo se se reng “Boikarabelo jwa Ngaka Malebana le Balwetsi Ba Ba Lwalelang go Swa” e e tshwayang dikgato tse di tsewang malebana le tlhabologo, setlhopha sengwe sa dingaka di le lesome se se nang le boitemogelo se ne sa fetsa jaana: “Go akantshiwa gore go tlogelwe kalafi e e kgethegileng mo molwetsing yo o lwalelang go swa fa kalafi e e ntseng jalo e ne e ka lelefatsa tsela e e boima ya go swa le e e sa itumediseng.” Dingwaga tse tlhano moragonyana tsone dingaka tseno di ne tsa gatisa kgang nngwe ya setlhogo se se tshwanang le se se fa godimo se se neng se bediwa “Tshekatsheko ya Bobedi.” Fa ba ne ba sekaseka bothata jo bo tshwanang, ba ne ba dira le eleng maitlamo a a papametseng a go re: “Ka gone, dingaka di le dintsi le bomankge mo go tsa boitsholo . . . ba ile ba fetsa ka gore ke go ya ka molao wa boitsholo go ntsha dikotla le metsi [diedi] mo balwetsing bangwe ba ba swang, ba ba lwalelang go swa, kana ba ba idibaletseng ruri.”

Re ka se itlhokomolose dikakgelo tse di ntseng jalo re di tsaya jaaka dikgopolo fela kana jaaka puisano fela e e sa re ameng. Bakeresete ba le bantsi ba setse ba ile ba lebana le diphetso tse di tshosang tse di malebana le seno. A moratiwa wa rona yo o lwalelang go swa o tshwanetse a bewa mo motšhining o o thusang go hema gore a tshele? A ditsela tsa go jesa motho ka ditshika kana tse dingwe tsa maitirelo di tshwanetse tsa dirisiwa mo molwetsing yo o lwalelang go swa? Fa e le gore seemo ga se se se solofetsang, a madi otlhe a mongwe wa losika, kana a lelapa lotlhe, a tshwanetse a dirisiwa go duelela kalafi, gongwe go akaretsa le sepalangwa sa go ya kwa kokelong e e kgakala gore molwetsi a bone kalafi e e di gaisang tsotlhe?

Kwantle ga pelaelo o lemoga gore dipotso tse di ntseng jalo ga di motlhofo go ka di araba. Lemororo o no o ka batla go thusa tsala nngwe e e lwalang kana mongwe yo o mo ratang, fa o ne o tshwanetse go lebagana le dipotso tseno o ne o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Ke eng se Mokeresete a nang le sone go ka mo kaela? Ke metswedi efe e eleng gone e e ka thusang? Se se botlhokwatlhokwa, Dikwalo tsone di a reng malebana le kgang eno?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela