Thulaganyo ya go Tlhokomela Batho ba ba Lwalang Thata—Boikaelelo Jwa Yone ke Eng?
“Mmè, yo o neng a na le dingwaga di le 94 e bile a na le bolwetse jwa tlhaloganyo le jwa pelo, o ne a sa kgone go tswa mo bolaong. O ne a gana go ja e bile a gana go tsoga fa re leka go mo tsosa. Kwa kokelong ke ne ka bolelelwa ka ‘seemo sa gagwe sa go nna mo maibing.’ Ke ne ke batla go mo tlhokomela kwa gae mme ke ne ke tlhoka thuso.”—Jeanne.
BOLWETSE jo bo sa alafegeng ke kgwetlho e kgolo, e seng mo molwetseng fela mme gape le mo go ba lelapa. Ba losika ba lebana le go dira tshwetso e e boima. A go tshwanetse ga dirwa sengwe le sengwe go lelefatsa botshelo jwa molwetse, tota le fa seno se ka dira gore molwetse a boge go sa tlhokege? Kgotsa a ba tshwanetse go leka go dira gore motho yo ba mo ratang a tshele botshelo jo bo ritibetseng ka mo go ka kgonegang ka teng go fitlha a swa?
Mo bathong ba le bantsi, thulaganyo ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata ke yone tharabololo. Thulaganyo eno e tlhalosiwa e le go tlhokomela molwetse yo o lwalelang go swa, mo maikutlong, mo semoyeng, gore a kopane le batho ba bangwe le go mo thusa ka tsa madi. Boikaelelo jwa yone ke go fokotsa go boga ga batho ba ba lwalelang go swa. Thulaganyo ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata e teng, le fa e ka nna ka selekanyo se sennye, mo e ka nnang mo halofong ya dinaga tsa lefatshe. Ka sekai, ka ntlha ya koketsego ya balwetse ba HIV/AIDS le ba kankere mo Afrika, dinaga di le dintsi mono di na le dithulaganyo tse di ntseng jalo kgotsa gone jaanong di dira dithulaganyo tsa gore di nne teng.
Boikaelelo Jwa Thulaganyo Eno
Balwetse bangwe ba ka nna ba akanya gore go ikwadisa mo thulaganyong eno go tshwana le go itlhoboga ka botshelo. Ba lelapa ba ka nna ba akanya gore go tsenya motho yo ba mo ratang mo thulaganyong eno go tshwana le go leta gore motho yoo a swe. Le fa go ntse jalo, go tsenya motho mo thulaganyong ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata ga se go itlhoboga ka botshelo. Go na le moo, e ka thusa molwetse gore a itumelele botshelo jo bo tlotlegang le jo bo nang le bokao a na le batho ba a ba ratang ka nako e telele ka mo go ka kgonegang ka teng mme botlhoko jwa gagwe bo ntse bo laolesega. Gape go ka naya ba lelapa tshono ya go gomotsa le go thusa motho yo ba mo ratang fa go sa ntse go tlhokega gore ba dire jalo.
Le fa thulaganyo eno e ka se kgone go alafa bolwetse jo bo sa alafegeng, e ka kgona go alafa mathata a a alafegang a a ka tswang a bakilwe ke bolwetse jo bo sa alafegeng, a a jaaka nyumonia kgotsa setlha se se tshwaeditsweng ke megare. Fa maemo a ka fetoga—ka sekai, fa go ka bonwa kalafi kgotsa fa bolwetse bo ka okobala—molwetse a ka boela mo kalafing e e tlwaelegileng.
Mosola wa go Tlhokomela Molwetse Kwa Gae
Kwa dinageng dingwe, thulaganyo ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata e nna gone fela kwa lefelong la go tlhokomela balwetse. Le fa go ntse jalo, kwa mafelong a mangwe, ba lelapa ba ka kgona go tlhokomela molwetse kwa gae. Fa molwetse a tlhokomelwa kwa gae, a ka kgona go nna le seabe mo dilong tse di dirwang mo lelapeng. Gape go tlhokomela molwetse kwa gae ke karolo ya setso mo dinageng di le dintsi tse di jaaka Uganda, kwa go tlwaelegileng gone gore ba lelapa ba tlhokomele motho yo o lwalang kgotsa yo o godileng.
Mo thulaganyong ya go tlhokomela motho yo o lwalang thata kwa gae, gantsi batlhokomedi ba ka thusiwa ke batho ba ba berekang mo thulaganyong eno, gongwe e le ngaka, baoki, bathusi le modirediloago. Batho bano ba ba ithutetseng tiro eno ba ka kgona go ruta batlhokomedi gore ba dire jang gore molwetse a nne a ritibetse le go ba tlhalosetsa gore ba ka lebelela eng ka nako ya fa molwetse a le gaufi le go swa. Gape ba tlotla dikeletso tsa molwetse le tsa ba lelapa. Ka sekai, fa ba lelapa ba batla, batho ba ba berekang mo thulaganyong ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata ba ka tila go dira ditlhatlhobo go sa tlhokege kgotsa go fepa molwetse ka tšhupu fa a sa tlhole a kgona go ja le go sila dijo.
Dolores le Jean ba tlhokomela rraabone wa dingwaga di le 96 kwa gae. Ka ntlha ya boemo jwa gagwe jo bo etegelang, ba anaanela thuso e ba e neelwang. Dolores a re: “Mothusi o tla malatsi a le matlhano mo bekeng go tla go thusa go tlhapisa Papa. Gape mothusi o tsenyetsa Papa dishiti tse dingwe a bo a thusa go mo tlhapisa le go mo baakanya fa re batla. Mooki o tla gangwe ka beke go tla go tlhatlhoba Papa le go mo tlisetsa melemo e mengwe. Mme ngaka e tla go mmona mo e ka nnang gangwe mo dibekeng dingwe le dingwe di le tharo. Fa re ba tlhoka gantsinyana, ba nna ba le teng ka metlha.”
Lebaka la go bo batho bano ba ba ithutetseng tiro ba le teng ka metlha, ke karolo ya botlhokwa ya thulaganyo ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata, ka gonne banna le basadi bano ba ba nang le bokgoni ba ka kgona go bona gore ke melemo efe e molwetse a ka e dirisang le go tlhomamisa gore molwetse ga a utlwe botlhoko mme ka nako e e tshwanang ba nna ba ntshitse matlho dinameng. Gape ba ka kgona go naya molwetse kalafi ya okosejene. Thuso ya badiredi bano e dira gore batlhokomedi le molwetse ba kgothale, ba se ka ba boifa gore molwetse o tla utlwa botlhoko thata kgotsa gore o tla nna le matshwao a mangwe a a ngomolang pelo ka nako ya fa a le gaufi le go swa.
Tlhokomelo e e Bontshang Kutlwelobotlhoko
Batho ba ba berekang mo thulaganyong ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata ba lemoga botlhokwa jwa go tshwara molwetse ka seriti le ka tlotlo ka dinako tsotlhe tsa fa ba mo tlhokomela. Martha, yo o berekileng mo thulaganyong ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata ka dingwaga tse di fetang 20, a re: “Ke ne ka simolola go itse balwetse, mmogo le dilo tse ba di ratang le tse ba sa di rateng mme ke ne ke leka go ba thusa gore ba itumelele nako ya bone e e setseng ka mo ke ka kgonang ka teng. Gantsi ke ne ke ikutlwa ke atamalane thata le bone mme ke ne ka simolola go rata bangwe ba bone fela thata. Gone ke boammaaruri gore balwetse bangwe ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba ne ba simolola go dirisa dikgoka fa ke ntse ke ba thusa. Ba ne ba leka go mpetsa, go ntoma kgotsa le e leng go nthaga. Mme gantsi ke ne ke gakologelwa gore boitshwaro jono ga se motho ka boene. E ne e le bolwetse.”
Fa Martha a bua ka kgotsofalo e a nnileng le yone ka ntlha ya go thusa batlhokomedi, a re: “Thuso ya me e ne ya ba thusa gore ba se ka ba tshwenyega thata fa ba tlhokomela batho ba ba ba ratang. Go itse fela gore batho ba ba berekang mo thulaganyong ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata ba a ba tshegetsa, go ne go ba gomotsa.”
Fa e le gore go na le thulaganyo ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata mo lefelong le o nnang mo go lone, mo maemong mangwe go ka nna molemo go tlhopha yone go na le go isa molwetse kwa kokelong kgotsa kwa lefelong le go tlhokomelwang balwetse gone. Jeanne, yo o nopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, o itumelela go bo a ile a tlhophela mmaagwe thulaganyo ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata. A re: “Mmè o ne a kgona go tswelela a nna kwa gae a na le ba lelapa, ba ba neng ba mo tlhokomela mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng mme ka nako e e tshwanang, o ne a tlhokomelwa ke baoki e bile a fiwa melemo e a e tlhokang gore a ritibale. Ka dinako tsotlhe, batho ba ba berekang mo thulaganyong ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata ba ne ba dira tiro ya bone ka tsela e e tshwanetseng e bile ba le kutlwelobotlhoko. Kgakololo ya bone le bokgoni jwa bone bo ne bo le botlhokwa thata. Ke dumela gore Mmè o ne a ka se batle tlhokomelo epe e sele.”
[Mafoko a a mo go tsebe 17]
Lebaka la go bo batho bano ba ba ithutetseng tiro ba le teng ka metlha, ke karolo ya botlhokwa ya thulaganyo ya go tlhokomela batho ba ba lwalang thata
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]
“Re ne Ra Kgona go Nna le Ene”
Isabel, mosadi mongwe wa kwa Mexico yo mmaagwe a neng a lwantshana le kankere ya mabele ka dingwaga di le 16 go fitlha e etegela mme e sa tlhole e kgona go alafega, o tlhalosa jaana: “Nna le ba lelapa la gaetsho re ne re tshwenyegile thata ka gore Mmè o tla boga. Re ne re rapela gore a se ka a utlwa botlhoko jo bogolo jo balwetse ba le bantsi ba ba nang le kankere e e sa alafegeng ba neng ba bo utlwa pele ga ba swa. Dithapelo tsa rona di ne tsa arabiwa fa re bona ngaka nngwe e e nang le bokgoni jwa go fokotsa botlhoko mono mo Mexico. O ne a tla go mmona gangwe ka beke, a mo naya melemo e e tshwanetseng ya botlhoko a bo a re naya ditaelo tse di tlhamaletseng le tse di motlhofo tsa kafa re tshwanetseng go dirisa melemo eo ka teng le gore re tshwanetse go tlhokomela Mmè jang. Go ne go re gomotsa go itse gore re ne re ka bitsa ngaka nako nngwe le nngwe, bosigo le motshegare mme o ne a tla tla. Abo go ne go itumedisa jang ne go bona mmaarona a sa utlwe botlhoko, a ritibetse mo malatsing a gagwe a bofelo, tota e bile a itumelela dijonyana tse a neng a kgona go di ja. Re ne ra kgona go nna le ene gone mo gae, go fitlha a tlhokafala mo borokong jwa gagwe.”
[Lebokoso mo go tsebe 17]
Fa Molwetse a Tloga a Swa
Dira gore dishiti di nne di le phepa, di omile e bile di sa sosobana. Go tila gore molwetse a nne le diso tsa bolao, mo fetole ka metlha mme o mo apese diaparo tse dingwe tsa ka fa gare kgotsa mengato ya batho ba ba godileng fa go tlhokega fa e le gore molwetse ga a kgone go laola setlha le mala a gagwe. Gape mala a ka laolwa ka ditlhare tse di tlhatswang mala fa go tlhokega. Ga go tlhokege gore o neye molwetse dijo le metsi go tila gore a boge fa a le gaufi le go swa. Dira gore molomo wa gagwe o nne o le metsi ka go dirisa aese kgotsa matsela a a kolobileng le setlolo sa dipounama. Go tshwara fela seatla sa molwetse go ka mo gomotsa mme gakologelwa gore a ka kgona go utlwa go fitlha a swa.