Kafa o ka Lepalepanang ka Teng le Maikutlo
AGONE jaanong o tlhokomela moratwa mongwe yo o lwalang thata? Fa go le jalo, o ka nna wa bo o tla o tobekana maikutlo le go bolaisega pelo. Ke eng se o ka se dirang? Akanyetsa maikutlo ano a batlhokomedi bangwe ba kgaratlhang le one le dikakantsho tse di molemo tse di ba thusitseng go itshoka.
Go tlhabisiwa ditlhong. Gangwe le gape maitsholo a yo o lwalang a ka go tlhabisa ditlhong fa pele ga batho ba bangwe. Lefa go ntse jalo, fa o tlhalosetsa ditsala le baagelani ka mofuta wa bolwetse jwa moratwa yoo go ka nna ga ba thusa gore ba tlhaloganye e bile go ka nna ga ba dira gore ba nne “pelotlhomogi” le go nna pelotelele. (1 Petere 3:8) Fa go kgonega, tlotla le malapa a mangwe a a nang le bothata jo bo ntseng jalo. O ka nna wa ikutlwa o sa tlhabiwe ke ditlhong go le kalo fa lo ntse lo bolelelana dilo tse di lo diragalelang. Sue o tlhalosa se se ileng sa mo thusa: “Ke ne ka utlwela rre botlhoko thata—go ile ga nyeletsa maikutlo ape fela a ke neng ke na le one a go tlhabiwa ke ditlhong. Go rata go tshegisa ga gagwe le gone go ne ga thusa.” Ee, go rata go tshegisa ga molwetse le ga ba ba mo tlhokomelang ke selo se se molemo se se ka rebang maemo.—Bapisa Moreri 3:4.
Poifo. Go tlhoka kitso ka bolwetse go ka tshosa motho thata. Fa go kgonega, senka kgakololo ya ba ba itseng gore o tle o itse gore o solofele eng fa bolwetse bo ntse bo gakala. Ithute tsela ya go tlamela ka thuso mo maemong a a ntseng jalo. Fa e le ka Elsa, selo se se botlhokwa thata se se neng sa mo thusa go lepalepana le poifo ya gagwe e ne e le go tlotla le batlhokomedi ba bangwe le baoki ba mafelo a tlhokomelo kaga dilo tse a ka di solofelang fa maemo a molwetse a ntse a etegela pele. Jeanny o gakolola jaana: “Itebaganye le dilo tse di go boifisang o bo o di laole. Gantsi motho o boifa thata se se ka nnang sa direga go feta se tota se tla diregang.” Dr. Ernest Rosenbaum o akantsha gore o tshwanetse go bua ka dilo tse di go boifisang “ka yone nako e di tlhagang ka yone,” go sa kgathalesege gore di bakwa ke eng.—Bapisa Diane 15:22.
Khutsafalo. Ga go motlhofo go itshokela khutsafalo, segolobogolo fa motho a tlhokomela mongwe. O ka nna wa bo o hutsafalela go bo lo sa tlhole lo itisa mmogo, segolobogolo fa moratwa wa gago yo o lwalang a sa kgone go bua, a sa go tlhaloganye sentle kana a sa tlhole a go itse. Batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya sentle gore ke eng fa o na le maikutlo ao. O ka ikutlwa botoka thata fa o ka buisana le tsala e e tlhaloganyang le e e go sekegelang tsebe kaga khutsafalo ya gago.—Diane 17:17.
Go Galefa le go Bolaisega Pelo. Ano ke maikutlo a a nang le go tlela motho yo o tlhokomelang motho yo o lwalang thata yo boitshwaro jwa gagwe bo nang le go opisa tlhogo. (Bapisa Baefeso 4:26.) Ela tlhoko gore gantsi bolwetse ke jone bo dirang gore molwetse a itshware ka tsela eo e e opisang tlhogo e seng molwetse. Lucy o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke galefa thata, go ne go felela ka gore ke lele. Go tswa foo ke bo ke leka go ikgakolola ka seemo sa molwetse le bolwetse jwa gagwe. Ke ne ke itse gore molwetse o ne a tlhoka gore ke mo thuse. Seo se ne se nthusa gore ke kgone go tswelela pele.” Go nna jalo le temogo go ka go thusa go nna ‘bonya go galefa.’—Diane 14:29; 19:11.
Go ipona molato. Gantsi batlhokomedi ba na le go ikutlwa ba le molato. Lefa go ntse jalo, itse gore o dira tiro e e botlhokwa thata mme e le e e boima thata. Itse gore ga se ka metlha o ka kgonang go bua kana go itshwara sentle thata. Baebele e re gakolola jaana: “Re tle re kgopise rotlhe mo dilong di le dintsi. Fa mongwe a sa kgopise mo puong, yoo e be e le motho yo o itekanetseng, yo o nonofileng go kganela le one mmele otlhe.” (Jakobe 3:2; Baroma 3:23) Se letle go ikutlwa o le molato go go thibela go tsaya dikgato tse di molemo gone jaanong. Fa o kgopisitswe ke sengwe se o ileng wa se bua kana wa se dira, wena le molwetse wa gago lo ka nna lwa ikutlwa botoka fa o ka re, “Intshwarele.” Monna mongwe yo o neng a tlhokomela mongwe wa losika yo o lwalang o ne a gakolola jaana: “Dira gotlhe mo o ka go kgonang mo maemong a o leng mo go one.”
Go tshwenyega thata mo maikutlong. Gantsi malapa a a nang le mongwe yo o lwalang thata a na le go tshwenyega thata mo maikutlong mme lebaka la seo le a utlwala. (Bapisa 1 Bathesalonika 5:14.) Motlhokomedi mongwe yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong o tlhalosa selo se se neng sa mo thusa jaana: “Bontsi bo ne bo re lebogela go bo re thusa ka go tlhokomela. Mafokonyana fela a kgothatso a ka go nonotsha go tswelela pele ka nako ya fa o ikutlwa o lapile kana o tshwenyegile thata.” Baebele e bolela jaana: “Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.” (Diane 12:25) Batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya gore o tlhoka go kgothadiwa. Ka jalo, ka dinako tse dingwe, go ka nna ga tlhokega gore o bolelele ba bangwe ka “boimelesego” jwa pelo ya gago e le gore ba tle ba bue “lefoko le le molemo” la kgothatso le wena. Lefa go ntse jalo, fa e le gore go ikutlwa o tshwenyegile thata go tswelela pele kana go gakala thata, go ka nna molemo fa o ka ya ngakeng.
Go tlalelwa. O ka nna wa ikutlwa o tlaletswe fa o lebane le bolwetse jo bo koafatsang motho. Amogela maemo ao jaaka a ntse. Lemoga dilo tse o ka se kgoneng go di dira—ga o ka ke wa kgona go laola boitekanelo jwa molwetse, lefa go ntse jalo o ka kgona go mo thusa ka kutlwelobotlhoko. Se solofele gore wena, molwetse kana ba ba go thusang ba tla dira dilo ka tsela e e itekanetseng. Go nna le mogopolo o o lekalekaneng ga go ne go fokotsa go ikutlwa o tlaletswe fela mme gape go tla go tlhofofaletsa tiro. Ka botlhale, batho ba le bantsi ba ba kileng ba tlhokomela moratwa mongwe ba gakolola jaana: Ithute go itebaganya le letsatsi le le lengwe ka nako.—Mathaio 6:34.
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
“Itebaganye le dilo tse di go boifisang o bo o di laole. Gantsi motho o boifa thata se se ka nnang sa direga go feta se tota se tla diregang”
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Mafoko A Kgothatso A Batlhokomedi
“SE ITETLE go ngomoga pelo ka ntlha ya maikutlo a a sa siamang kaga gago. A na le go tlela motho fa a le mo maemong a a ntseng jalo. Mme gone o se ka wa loba tsela e o ikutlwang ka yone. Bolelela mongwe gore o ikutlwa jang, mme fa o ka kgona, iphe nako ya boikhutso—etela golo gongwe go sekae—gore o tle o ikutlwe o lapologetswe.”—Lucy, yo tiro ya gagwe mo tleliniking e ileng ya akaretsa go thusa batlhokomedi ba le bantsinyana le balwetse.
“Fa go na le bangwe mo lapeng kana ditsala ba ba ka thusang e bile ba rata go dira jalo, ba letle go go thusa. Go botlhokwa gore o neye ba bangwe tshono ya go go thusa.”—Sue, yo o neng a oka rraagwe pele ga a bolawa ke Hodgkin’s disease.
“Leka go nna motho yo o ratang go tshegisa.”—Maria, yo o neng a thusa go tlhokomela tsala ya gagwe e a neng a e rata e e neng ya bolawa ke kankere.
“Ipoloke o nonofile semoyeng. Tsalana thata le Jehofa, mme o rapele o sa kgaotse. (1 Bathesalonika 5:17; Jakobe 4:8) O a re thusa le go re gomotsa ka moya wa gagwe, Lefoko la gagwe, batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng le ka ditsholofetso tsa gagwe. Leka go dira dilo ka thulaganyo ka fa o ka kgonang ka teng. Ka sekai, go a thusa go dira thulaganyo ya gore a nwe melemo leng le lenaane la batho ba ba tlileng go thusa.”—Hjalmar, yo o neng a thusa monna wa ga kgaitsadie yo o neng a tloga a swa.
“Ithute gotlhe mo o ka go kgonang ka mofuta wa bolwetse jwa molwetse. Seo se tla go thusa gore o itse gore o ka lebelela eng mo molwetseng le mo go wena le kafa o ka tlhokomelang molwetse ka teng.”—Joan, yo monna wa gagwe a tshwerweng ke Alzheimer’s disease.
“Itse gore go na le batho ba ba ileng ba kgona go itshokela seo pele ga gago le gore Jehofa a ka go thusa go itshokela sengwe le sengwe se se ka diregang.”—Jeanny, yo o neng a tlhokomela monna wa gagwe pele ga a swa.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Go okobatsa dilo tse di go boifisang, dira dipatlisiso thata ka bolwetse ka mo o ka kgonang ka teng
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go buisana le tsala e e tlhaloganyang go ka go imolola thata