SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 45
PINA 111 Mabaka a Rona a go Ipela
Tswelela o Itumetse fa o Tlhokomela Mongwe
“Ba ba jalang peo ka dikeledi ba tla roba ba goa ka boitumelo.”—PES. 126:5.
SE GO BUIWANG KA SONE
Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dikakantsho dingwe tse di tla go thusang gore o tswelele o itumetse fa o tlhokomela tsala kgotsa mongwe wa lelapa yo o tsofetseng kgotsa yo o lwalang.
1-2. Jehofa o ikutlwa jang ka wena fa e le gore o tlhokomela mongwe yo o lwalang kgotsa yo o tsofetseng? (Diane 19:17) (Bona le ditshwantsho.)
MOKAULENGWE mongwe wa kwa Korea yo o bidiwang Jin-yeol a re: “Nna le mosadi wa me re na le dingwaga di feta 32 re nyalane. Go setse go fetile dingwaga di le tlhano ke mo tlhokomela ka gonne a tshwerwe ke Parkinson’s disease. Bolwetse jono bo dira gore a se ka a kgona le go itshikinya. Ke rata mosadi wa me fela thata, e bile ke itumelela go mo tlhokomela. Bosigo bongwe le bongwe, o robala mo bolaong jwa kwa bookelong jo bo mo ntlong ya rona. Ke robala go bapa le ene re tshwarane ka diatla.”
2 A o tlhokomela motsadi, monna kgotsa mosadi wa gago, ngwana kgotsa tsala? Boammaaruri ke gore o itumelela go mo thusa ka gonne o mo rata. Gape o dira jalo ka gonne o rata Jehofa. (1 Tim. 5:4, 8; Jak. 1:27) Mme gone, o ka tswa o lebana le dikgwetlho tse batho ba bangwe ba sa itseng ka tsone. Tota e bile, ka dinako dingwe o ka tsaya gore ga go na ope yo o tlhaloganyang gore o ikutlwa jang. Batho ba ka go bona o smaela, mme gone ba sa itse gore ka dinako dingwe o a bo o hutsafetse thata mo e bileng o lela. (Pes. 6:6) Le fa batho ba bangwe ba sa itse gore o lebana le eng, ka metlha Jehofa ene o a itse. (Bapisa le Ekesodo 3:7.) Tsela e o ikutlwang ka yone le se o se dirang se botlhokwa thata mo go ene. (Pes. 56:8; 126:5) O bona sengwe le sengwe se o se direlang motho yo o mo tlhokometseng. O tsaya seo e le sekoloto se a go kolotang sone, mme o solofetsa gore o tla go duela.—Bala Diane 19:17.
A o tlhokomela mogodi kgotsa mongwe yo o lwalang? (Bona serapa 2)
3. Ke dikgwetlho dife tse Aborahame le Sara ba ka tswang ba ile ba lebana le tsone fa ba tlhokomela Tera?
3 Baebele e na le dikai tsa banna le basadi ba le bantsi ba ba ileng ba tlhokomela batho ba bangwe. Bangwe ba bone ke Aborahame le Sara. Fa ba ne ba tswa kwa Ure rraagwe e bong Tera, o ne a na le dingwaga di ka nna 200. Mme gone, o ile a tsamaya le bone. Ba ile ba tsamaya dikilometara di ka nna 960 go ya kwa Harana. (Gen. 11:31, 32) Ga go pelaelo gore Aborahame le Sara ba ne ba rata Tera, mme ba ka tswa ba ile ba lebana le dikgwetlho tsa go mo tlhokomela, segolobogolo fa ba ne ba le mo loetong. Go ka tswa go ne go le thata gore Tera a tseye loeto ka dikamela kgotsa ditonki ka gonne a ne a tsofetse. Aborahame le Sara le bone ba tshwanetse ba bo ba ne ba lapa thata ka dinako dingwe. Mme gone, Jehofa o ile a ba naya maatla a ba neng ba a tlhoka. Fela jaaka a ile a thusa Aborahame le Sara, le wena o tla go thusa gore o tswelele o tlhokomela motho yo o mo ratang.—Pes. 55:22.
4. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
4 Go tla nna motlhofo gore o tlhokomele motho yo o mo ratang fa o itumetse. (Diane 15:13) Gopola gore o ka kgona go nna o itumetse tota le fa o na le mathata. (Jak. 1:2, 3) Ke eng se se ka go thusang gore o nne o itumetse? O ka thusiwa ke go nna o ikaega ka Jehofa le go mo kopa gore a go thuse go bona dilo tse di ka dirang gore o itumele. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse dingwe tse di ka thusang batho ba ba tlhokometseng ba bangwe gore ba tswelele ba itumetse. Gape re tla bona gore ba bangwe ba ka ba thusa jang. Mme pele ga foo, a re boneng gore ke eng fa batho ba ba tlhokometseng ba bangwe ba tshwanetse go nna ba itumetse le gore ke dikgwetlho dife tse di ka ba tseelang boitumelo.
GORENG GO KA NNA THATA GORE O NNE O ITUMETSE FA O TLHOKOMETSE MONGWE?
5. Goreng batho ba ba tlhokomelang ba bangwe ba tlhoka gore ba nne ba itumetse?
5 Fa batho ba ba tlhokomelang ba bangwe ba felelwa ke boitumelo, go ka nna motlhofo gore ba lape. (Diane 24:10) Mme fa ba lapile, ba ka se ka ba nna le maatla a ba a tlhokang go thusa ba ba ba tlhokomelang. Ke dikgwetlho dife tse di ka dirang gore ba ba tlhokomelang ba bangwe ba felelwe ke boitumelo?
6. Goreng bangwe ba ba tlhokometseng batho ba ba ba ratang ba nna le letsapa le le tseneletseng?
6 O ka tswa o na le letsapa le le tseneletseng. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Leah a re: “Tota le fa dilo di tsamaya sentle, gantsi fa letsatsi le phirima ke ikutlwa ke imetswe e bile ke se na maatla. Ka dinako dingwe ga ke na le maatla a go araba melaetsa e ke e kwaletsweng.” Batho ba ba tlhokomelang ba bangwe ga ba na nako ya go robala mo go lekaneng kgotsa ya go itapolosa. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Inés a re: “Ga ke kgone go robala. Gantsi fa go le bosigo, ke tsoga morago ga diura dingwe le dingwe di le pedi gore ke ye go tlhokomela matsale. Go setse go fetile dingwaga nna le monna wa me re sa kgone go ya go iphokisa phefo gope.” Bangwe ba batho ba ba tlhokomelang ba bangwe, ga ba kgone go fetsa nako le ditsala tsa bone kgotsa go dira dikabelo dingwe mo phuthegong ya ga Jehofa ka gonne ba tlhokomela bangwe ba ba ba ratang. Seo se dira gore ba jewe ke bodutu le gore ba hutsafale ka gonne ba sa kgone go dira dilo tsotlhe tse ba neng ba ka batla go di dira.
7. Goreng bangwe ba ikutlwa molato kgotsa ba hutsafala?
7 O ka tswa o ikutlwa molato kgotsa o hutsafala. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Jessica a re: “Gantsi ke tsaya gore ke tshwanetse go dira se se fetang se ke se dirang go thusa Papa. Fa ke ikhutsa, ke ikutlwa molato.” Batho bangwe ba ba tlhokomelang batho ba ba ba ratang ba ikutlwa molato ka gonne ka dinako dingwe ba sa itumelele boemo jo ba leng mo go jone. Ba bangwe ba tshwenyega ka gore ga ba dire mo go lekaneng go thusa batho ba ba ba ratang. Ba bangwe bone ba ikutlwa molato ka gonne ba tlhabile motho yo ba mo tlhokomelang ka mafoko fa ba ne ba tlaletswe. (Jak. 3:2) Ba bangwe ba hutsafala fa ba bona motho yo ba mo ratang a lwala le go feta. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Barbara a re: “Selo se se nkutlwisang botlhoko thata ke go bona motho yo ke mo ratang a nna bokoa letsatsi le letsatsi.”
8. Tlotla ka maitemogelo a a bontshang gore go leboga go ka ama jang batho ba ba tlhokomelang ba bangwe.
8 O ka tswa o tsaya gore batho ba bangwe ga ba lebogele se o se dirang. Goreng? Ka gonne ba sa go leboge kgotsa ba sa go akgolele tiro e o e dirang le dilo tse o itimang tsone. Go leboga batho ba ba tlhokomelang ba bangwe go ka ba kgothatsa tota. (1 Bathes. 5:18) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Melissa a re: “Ka dinako dingwe ke a lela ka gonne ke tlaletswe. Mme fa motho yo ke mo tlhokomelang a nthaya a re, ‘Ke lebogela sengwe le sengwe se o ntirelang sone,’ seo se dira gore ke itumele! Mafoko ao a nthusa gore mo letsatsing le le latelang, ke tsoge ke na le maatla a go mo thusa gape.” Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Ahmadu le mosadi wa gagwe ba tlhokomela setlogolo sa bone se se lwalang thata. O tlhalosa kafa ba ikutlwang ka gone fa setlogolo sa bone se ba leboga. A re: “Setlogolo sa rona ga se lemoge matsapa otlhe a re a tsayang go se tlhokomela. Mme gone, re a itumela fa a re leboga kgotsa a re bolelela gore o a re rata.”
KE ENG SE SE KA GO THUSANG GORE O TSWELELE O ITUMETSE?
9. Ke eng se se ka go thusang go lemoga dilo tse o ka kgonang go di dira le tse o ka se kgoneng go di dira?
9 Lemoga dilo tse o ka kgonang go di dira le tse o ka se kgoneng go di dira. (Diane 11:2) Ga se ka metlha re nang le nako kgotsa maatla a go dira sengwe le sengwe se re batlang go se dira. Ka jalo, o tshwanetse go dira tshwetso ya gore ke eng se o ka kgonang go se dira. Mme ka dinako dingwe ga o ka ke wa kgona go dira dilo tse batho ba bangwe ba ka batlang gore o di dire. Fa seo se direga, o se ka wa ikutlwa molato. O a bo o bontsha gore o lemoga gore go na le dilo tse o ka kgonang go di dira le tse o ka se kgoneng go di dira. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Jay a re: “Ga re kgone go dira dilo tsotlhe ka nako e le nngwe. Fa o itse gore go na le dilo tse o ka se kgoneng go di dira e bile o sa ipateletse go di dira, o tla tswelela o itumetse.”
10. Goreng o tshwanetse go nna le temogo fa o tlhokomela mongwe yo o lwalang? (Diane 19:11)
10 Nna le temogo. (Bala Diane 19:11.) Fa o na le temogo, o tla ritibala fa motho yo o mo tlhokometseng a bua kgotsa a dira sengwe se se go utlwisang botlhoko. Motho yo o nang le temogo o leka go tlhaloganya gore ke eng fa mongwe a itshwara ka tsela nngwe e e rileng. Malwetse mangwe a ka dira gore motho a bue kgotsa a dire dilo dingwe tse a neng a ka se ka a di dira fa a ne a sa lwale. (Mor. 7:7) Ka sekai, motho yo o neng a bua ka bonolo e bile a le pelonomi a ka nna a simolola go ngangisana le wena kgotsa a ka nna a simolola go ngongorega thata kgotsa go galefa. Fa o tlhokomela mongwe yo o lwalang thata, go ka nna molemo gore o ithute ka bolwetse joo. Go tlhaloganya bolwetse jwa motho yo o mo tlhokomelang, go ka go thusa go lemoga gore ke jone jo bo dirang gore a bue kgotsa gore a dire dilo dingwe tse di go utlwisang botlhoko.—Diane 14:29.
11. Ke dilo dife tsa botlhokwa tse o tshwanetseng go ipha nako ya go di dira letsatsi le letsatsi fa o tlhokomela mongwe? (Pesalema 132:4, 5)
11 Iphe nako ya go nonotsha botsala jwa gago le Jehofa. Ka dinako dingwe o ka tlhoka go beela ditiro tse dingwe kwa thoko gore o kgone go dira “dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafil. 1:10) Sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata ke go nonotsha botsala jwa gago le Jehofa. Kgosi Dafide o ne a dira gore go obamela Jehofa go tle pele mo botshelong jwa gagwe. (Bala Pesalema 132:4, 5.) Ka tsela e e tshwanang, go botlhokwa gore le wena o beele nako kwa thoko gore o bale Baebele le gore o rapele. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Elisha a re: “Go rapela le go akanyetsa kwa teng ka dipesalema, go nthusa gore ke tswelele ke itumetse. Thapelo ke botshelo jwa me. Ke rapela Jehofa ka makgetlo a le mantsi mo letsatsing gore a nthuse go ritibala.”
12. Goreng go le botlhokwa gore ba ba tlhokomelang batho ba bangwe ba tlhokomele botsogo jwa bone?
12 Iphe nako ya go tlhokomela botsogo jwa gago. Batho ba ba nnang ba le makgabe a dipapetla, jaaka batho ba ba tlhokomelang ba bangwe, ga ba je sentle ka gonne ba se na nako ya go ya dishopong gore ba reke dijo tse di nang le dikotla le go di apaya. Mmele wa gago o tlhoka dijo tse di nang le dikotla le gore o ikatise. Ka jalo le fa o se na nako e e kalo, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o je dijo tse di nang le dikotla le gore o ikatise ka metlha. (Baef. 5:15, 16) Mo godimo ga moo, iphe nako e e lekaneng ya go robala. (Mor. 4:6) Baitse ba a re go robala go thusa boboko gore bo intšhafatse. Setlhogo sengwe sa kalafi se a re go robala mo go lekaneng go ka thusa motho gore a se ka a tlhobaela thata le gore a ritibale fa go le thata. Gape o tlhoka nako ya gore o itlose bodutu. (Mor. 8:15) Kgaitsadi mongwe yo o tlhokomelang mongwe o tlhalosa se se mo thusang gore a nne a itumetse. A re: “Fa maemo a bosa a siame, ke leka go ya kwa ntle le go itumelela go nna go se kae mo letsatsing. Gape ke dira thulaganyo ya gore letsatsi le le lengwe kgwedi le kgwedi ke fetse nako ke na le tsala ya me re dira sengwe se ke se itumelelang.”
13. Go tshega go thusa jang? (Diane 17:22)
13 O se ka wa lebala go tshega. (Bala Diane 17:22; Mor. 3:1, 4) Go tshega go dira gore o se ka wa tlhobaela thata. Fa o tlhokomela mongwe, ga se ka metlha dilo di ka tsamayang jaaka o rulagantse. Mme gone, fa o itlwaetsa go tshega le mo maemong ao, ga o ka ke wa utlwa botlhoko thata. Gape fa o tshega le motho yo o mo tlhokomelang, lo tla ratana le go feta.
14. Go bua le tsala e o e tshepang go ka go tswela mosola jang?
14 Bua le tsala e o e tshepang. Tota le fa o ka tswa o dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nne o itumetse, ka dinako dingwe o ka tlhobaela. Fa seo se direga, o ka bua le tsala e o e tshepang e o itseng gore e tla go reetsa e bo e go kgothatsa gore o itumele gape, go na le gore e go tshwayatshwaye diphoso.—Diane 17:17; 12:25.
15. Go tlotla ka dilo tse lo tla di dirang kwa Paradaiseng go tla go thusa jang gore o itumele?
15 Akanya ka dilo tse wena le motho yo o mo tlhokometseng lo tla di dirang mmogo kwa Paradaiseng. Gopola gore ga o ka ke wa nna o tlhokometse mogodi kgotsa molwetse go ya go ile. Kwa tshimologong, Jehofa o ne a sa re bopela gore re dire tiro eno. (2 Bakor. 4:16-18) Mo nakong e e tlang, re tla bo re tshela “botshelo jwa mmatota.” (1 Tim. 6:19) Fa wena le motho yo o mo tlhokometseng lo tlotla ka dilo tse lo tla di dirang mmogo kwa Paradaiseng, lo tla itumela. (Isa. 33:24; 65:21) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Heather a re: “Gantsi ke bolelela batho ba ke ba tlhokomelang gore go ise go ye kae, re tla bo re roka mmogo, re taboga mmogo e bile re palama dibaesekele mmogo. Re tla bo re apeela batho ba ba tla bong ba tsositswe borotho le dijo tse di monate. Nna le batho ba ke ba tlhokomelang re leboga Jehofa ka ntlha ya dilo tse a solofetsang gore o tla re direla tsone.”
BA BANGWE BA KA THUSA JANG?
16. Re ka thusa jang ba ba tlhokomelang ba bangwe? (Bona le setshwantsho.)
16 Thusa ba ba tlhokomelang ba bangwe gore ba nne le nako ya go ikhutsa. Bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba ka ithaopela go thusa ba ba tlhokomelang ba bangwe. Seo se ka dira gore ba kgone go ikhutsa le gore ba nne le nako ya go dira dilo dingwe tse ba tlhokang go di dira. (Bagal. 6:2) Baboledi bangwe ba itiretse thulaganyo ya beke le beke ya gore ke mang yo o tla thusang. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Natalya yo o tlhokomelang monna wa gagwe yo o golafetseng, a re: “Mokaulengwe mongwe mo phuthegong ya rona o tla gangwe kgotsa gabedi mo bekeng go tla go fetsa nako le monna wa me. Ba bereka tshimo mmogo, ba tlotla mmogo e bile ka dinako dingwe ba leba di-movie mmogo. Monna wa me o itumelela dinako tseo fela thata e bile seo se mpha nako ya gore ke kgone go dira dilo tse ke tlhokang go di dira, jaaka go phutholola dinao.” Mo maemong mangwe, bangwe mo phuthegong ba ka ithaopela go tlhokomela motho yo o lwalang bosigo gore motho yo o mo tlhokomelang a kgone go robala.
O ka thusa jang mongwe yo o tlhokometseng mogodi kgotsa molwetse? (Bona serapa 16)a
17. Re ka thusa jang batho ba ba tlhokomelang ba bangwe ka nako ya dipokano?
17 Thusa ba ba tlhokomelang ba bangwe fa dipokano di tsweletse. Bangwe ba ka tswa ba sa kgone go reetsa sentle fa ba le kwa dipokanong le kwa dikopanong ka gonne ba nna ba tshwaregile ka go tlhokomela mogodi kgotsa mongwe yo o lwalang. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka ithaopela go bapa le mogodi kgotsa molwetse yoo fa thulaganyo e tsweletse kgotsa mo karolong nngwe ya yone. Fa motho yo o lwalang kgotsa mogodi a sa kgone go tswa mo ntlong, o ka ithaopela go tsena dipokano le ene kwa legaeng la gagwe gore motho yo o mo tlhokomelang a kgone go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi.
18. Ke eng gape se re ka se direlang ba ba tlhokomelang ba bangwe?
18 Akgola ba ba tlhokomelang ba bangwe le go ba rapelela. Ka metlha bagolwane ba tshwanetse go kgothatsa ba ba tlhokomelang ba bangwe. (Diane 27:23) Rotlhe fela mo phuthegong re tshwanetse go akgola ba ba tlhokomelang ba bangwe. Gape re ka kopa Jehofa gore a nne a ba naya maatla le go ba thusa gore ba itumele.—2 Bakor. 1:11.
19. Ke eng se re ka nnang re lebile pele go bona se direga?
19 Go ise go ye kae, Jehofa o tla tlosa dilo tsotlhe tse di dirang gore re boge e bile di re hutsafatsa. Bolwetse le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. (Tshen. 21:3, 4) “Motho yo o tlhotsang o tla tlolaka jaaka kgama.” (Isa. 35:5, 6) Ga go kitla go tlhola go nna le ope yo o bogang ka ntlha ya botsofe kgotsa ka gonne a bona mongwe yo a mo ratang a tsofala kgotsa a lwala. “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa.” (Isa. 65:17) Mme fa re sa ntse re emetse gore Jehofa a diragatse dilo tse a re solofetsang tsone, re ka tlhomamisega gore ga a ka ke a re latlha. Fa re nna re mo kopa gore a re neye maatla, o tla re thusa go ‘itshokela dilo tsotlhe re le pelotelele e bile re itumetse.’—Bakol. 1:11.
PINA 155 O a Re Itumedisa
a TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bokgaitsadi ba babedi ba basha ba sala le kgaitsadi yo o godileng gore motho yo o mo tlhokomelang a kgone go phutholola dinao.