Go Golela ga Me mo Toropong Nngwe ya Afrika
Dilekanyo tseo palo ya baagi di golang ka tsone kwa dinageng tsa Afrika tse di kwa borwa jwa Sahara ke dingwe tsa tse di kwa godimo thata mo lefatsheng. Gantsi, mosadi mongwe le mongwe kwa dinageng tseo o tshola bana ba ba fetang ba le barataro. Lehuma, maemo a tikologo ao a ntseng a senyegela pele, le letlhoko la dikungo tsa tlhago di oketsa bothata fela. Pego e e kaga gore botshelo bo utlwala jang kwa karolong eo ya lefatshe ke eno mme e tla ka motho wa teng ka namana.
KE GOLETSE mono, mo toropong e kgolo ya Afrika Bophirima. Re ne re le bana ba le supa mo lelapeng, mme lefa go ntse jalo ba le babedi ba ne ba tlhokafala ba sa le bannye. Legae la rona e ne e le kamoreborobalo le phaposi eo go amogelelwang baeng mo go yone tse di hirilweng. Mmè le Rre ba ne ba robala mo kamoreng ya borobalo, mme rona bana re ne re robala mo diphateng fa fatshe mo phaposing eno, basimane kafa letlhakoring le lengwe la phaposi eno mme basetsana bone kafa go le lengwe.
Jaaka fa go ne go ntse ka batho ba bantsi bao re neng re agisane nabo, re ne re sena madi a a lekaneng, ebile ka metlha re ne re sena sengwe le sengwe seo re neng re se tlhoka. Ka dinako tse dingwe go ne go bile go sena le eleng dijo tse di lekaneng. Mo mosong, gantsi re ne re sena sepe sa go ja kwantle ga reisi e e neng e omositswe eo e sa leng ya sala maloba. Ka dinako tse dingwe le eleng yone reisi eo e ne e seo. Go farologana le jaaka fa batho bangwe ba akanya gore rralapa, jaaka e le ene yo o amogelang madi, o tshwanetse go tsholelwa thata go gaisa ba bangwe, mme a latelwe ke mosadi wa gagwe mme bana bone ba fiwe makgaritlha, batsadi ba rona bone ba ne ba tle ba tsamae ba sa ja mme ba re letle rona bana gore re kgaogane bonnyane joo bo neng bo le gone. Ke ne ka anaanela go intsha setlhabelo ga bone.
Nako ya Fa Ke Ne Ke Simolola go Tsena Sekolo
Batho bangwe mo Afrika ba dumela gore basimane ke bone fela bao ba tshwanetseng go tsena sekolo. Ba dumela gore ga go tlhokege gore basetsana ba tsene sekolo ka gonne ba a nyalwa mme ba bo ba tlhokomelwa ke banna ba bone. Batsadi ba me ba ne ba sa dumalane le pono eo. Re ne ra romelwa sekolong rotlhe fela ka botlhano jwa rona. Mme lefa go ntse jalo seno e ne e le bothata jwa madi mo batsading ba me. Dilo tse di tshwanang le diphensele le se go kwalelwang mo go sone e ne e se bothata jo bo kalo, mme lefa go ntse jalo dibukakgakololo tsone di ne di ja madi a a seng kana ka sepe, mmogo le tsone diaparo tsa sekolo tse re neng re patelediwa go di apara.
Ke ne ke sena ditlhako ka nako ya fa ke ne ke simolola go ya sekolong. Ke ne ke sena tsone go fitlhelela ka ngwaga wa me wa bobedi kwa sekolong se segolo, fa ke ne ke na le dingwaga di le 14, e leng nako eo ka yone batsadi ba me ba neng ba kgona go di nthekela. Legale o gakologelwe gore seno ga se bolele gore ke ne ke sena ditlhako gotlhelele. Para e le nngwe fela eo ke neng ke na nayo ke eo ke neng ke e rwala fa ke ya kerekeng, ebile ke ne ke sa letlelelwe go di rwala fa ke ya sekolong kana fa ke ya kwa mafelong ape fela a mangwe. Ke ne ke tshwanetse gore ke ye ka la ga Moshe teng. Ka dinako tse dingwe rre o ne a kgona go reka dithekete tsa bese, mme ka nako eo a neng a sa kgone go di reka ka yone, re ne re tshwanela gore re ye sekolong re bo re bowe re tsamaya ka dinao. E ne e ka nna dikilometara di le tharo go ya le di le tharo gape gobowa.
Letsatsi la go Tlhatswa Diaparo le go Ya go Ga Metsi
Re ne re tlhatswetsa diaparo tsa rona mo molapong. Ke gakologelwa ke ya gone le mmè, yo o neng a tshotse kgamelo, sesepa, le diaparo. Kwa molapong, mmè o ne a tle a tlatse kgamelo ka metsi, a tsenye diaparo mo teng ga yone, mme a di tshase sesepa. Go tswa foo o ne a tle a itantshe diaparo tseno mo mafikeng a a borethe mme a di pule mo metsing a molapo. Morago ga moo o ne a di ala mo mafikeng a mangwe gore di ome ka gonne di ne di le bokete thata go ka ya gae ka tsone di le metsi. Ke ne ke le mmotlana ka nako eo, ka gone ke ne ka fiwa tiro ya go disa diaparo tse di omang tseno gore ope a se ka a di utswa. Mmè ke ene yo o neng a dira bontsi jwa tiro.
Batho ba ka tlala seatla fela ba ne ba tsenyediwa dipeipi tse di isang metsi kwa magaeng a bone, ka gone e nngwe ya ditiro tsa me e ne e le go ya go ga metsi ka kgamelo go tswa kwa pompong e e kwa ntle, eo e neng e bidiwa gore ke standpipe. Bothata e ne e le gore mo pakeng eo go sa neng pula ka yone, di-standpipe di le dintsi di ne di notlelwa go dira gore metsi a se ka a senngwa. Ka lekgetlo lengwe, re ne ra tlhola letsatsi lotlhe re sena metsi a go nwa. Ka re lefa e le lerothodinyana! Ka dinako tse dingwe ke ne ke tshwanelwa ke gore ke tsamaye dikilometara di le dintsi ke tsomana le metsi ao a ka tlalang kgamelo fela. Go rwala metsi mo tlhogong ya me ke tsamaya dikgala tse ditelele jalo go ne ga mphetsa moriri oo kgamelo e neng e dula mo go one. Ka re ke ne ke na le lefatlha fa ke na le dingwaga di le lesome! Ke itumelela gore moriri oo o ne wa tlhoga gape.
Bana Jaaka Selo Se Se Sireletsang
Fa ke akanya ka nako e e fetileng, ke ka bolela gore seemo sa rona sa botshelo se ne se le botoka, gongwe se ne se bile se le botoka thata go gaisa sa mo karolong eo re nnang mo go yone ya Afrika. Ke itse malapa a mangwe a le mantsi ao seemo sa one sa botshelo se neng se le kwa tlase thata go gaisa sa rona. Ditsala di le dintsi tsa me tsa kwa sekolong di ne di tshwanela gore di rekise kwa mmarakeng pele sekolo se tsena le fa se sena go tswa e le gore ba tle ba tlisetse malapa a kwa ga bone madi. Ba bangwe ba ne ba sa kgone go nna le sepe sa go ja mo mosong pele ba ya sekolong, mme ba ne ba tle ba tswe kwa gae di gwaile mme ba tlhole kwa sekolong letsatsi lotlhe ba sena dijo. Ke gakologelwa makgetlo a le mantsi gore mongwe wa bana bano o ne a tle a tle go nkopa ka nako ya fa ke ne ke ja borotho jwa me kwa sekolong. Ka gone ke ne ke tle ke kgaogane nae lenathwana.
Go sa kgathalesege mathata le matshwenyego a a ntseng jalo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba rata go nna le malapa a magolo. “Ngwana a le mongwe go tshwana le fa a seyo,” batho ba le bantsi ba rata go bolela jalo. “Bana ba le babedi ke ngwana a le mongwe, bana ba le bane ke ba le babedi.” Seno ke ka ntlha ya gore selekanyo sa go swa ga masea ke se se kwa godimo go gaisa mo lefatsheng. Batsadi ba a itse gore lemororo bana bangwe ba bone ba tla swa, bangwe ba bone ba tla tshela, ba tla gola, ba tla bona tiro, mme ba lere madi gae. Ka gone ba tla bo ba le mo boemong jwa go ka tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng. Selo seo se botlhokwa thata kwa nageng e e nang le mathata a tshireletsoloago.—Jaaka go boletse Donald Vincent.