LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 11/8 ts. 22-23
  • A Modimo O Kgala go Dirisiwa ga Bojalwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo O Kgala go Dirisiwa ga Bojalwa?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisiwa ga Bojalwa mo Bibeleng
  • A O Ka Bona Boipelo le Melemo ya Pholo mo go Jone?
  • Tekatekanyo le Boikgapo Di A Tlhokega
  • Bojalwa Pono ya Mokeresete ke Efe ka Jone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A go Phoso go Nwa Bojalwa?
    Tsogang!—2006
  • A go Nwa Bobe go Maswe go le Kalo Tota?
    Tsogang!—2004
  • Bojalwa
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 11/8 ts. 22-23

Kgopolo E E mo Bibeleng

A Modimo O Kgala go Dirisiwa ga Bojalwa?

‘BOJALWA e santse e le bothata jo bogolo jo bo sa eletsegeng jo batho ba tshwanetseng go lwantshana le jone—o seka wa tshwenyega ka seokobatsi sa crack, sa smack, sa acid, le sa marijuana. Bojalwa bo baka dintsho di le dintsi le dikgaogano tsa batho go gaisa tiriso ya diokobatsi tsotlhe tse dingwe di kopantswe.’ Ano e ne e le maikutlo a a neng a bolelwa kwa kopanong ya bo 31 e e tshwarwang morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse tharo ya World’s Woman’s Christian Temperance Union kwa Canada dingwaga di le pedi tse di fetileng.

Batho bao ba ba neng ba tsenetse kopano eno ba bona tshenyo e e tshosang ya pholo le botshelo jwa motho e e bakiwang ke go dirisiwa ga bojalwa mo go ntseng go golela pele lefatshe ka bophara, mmogo le dimilionemilione tsa diranta tseo dipuso tsa batho di di senyang ngwaga le ngwaga go lwantsha botagwa. Batho ba le bantsi ba ba dirang seno ka maikaelelo a a molemo, ba bolela gore molao o thibele dino tsotlhe tsa tagi, ereka ba tlhatswegile pelo gore Modimo o kgala tiriso ya tsone. A mme lefa go ntse jalo Bibela e tshegetsa kgopolo eno?

Go Dirisiwa ga Bojalwa mo Bibeleng

Modimo o ne wa solofetsa batho ba one ba ba kutlo jaana bogologolo tala: “Mabolokèlō a gago a tla tlala letlōtlō, le dithatholèlō tsa gago di tla penologa boyalwa yo bosha.” (Diane 3:10) Ee, ke Ena yo o re neileng setlhare sa mofine se se ungwang, a ba a re naya le sebediso se se khurumetsang morara fa o setse o le gaufi le go ka dira bojalwa.

Tsela ya go dira bojalwa jo bo monate e ne ya tlhalosiwa go se gonene ke moperofeti wa Modimo Isaia. Fa a ne a lebelela masego a lefatshe le lesha le le tlang la tshiamo pele, Isaia o ne a kwala jaana: “Yehofa oa mashomōshomō o tla baakanyetsa dichaba cotlhe . . . modihō oa mayalwa a mafine a a itshekileñ . . . oa mayalwa a a itshekileñ a a tlhōtlhegileñ sentlèntlè.” (Isaia 25:6) Badiri ba bojalwa ba ba nang le boitemogelo ba itse gore bojalwa ‘jo bo itshekileng,’ jo bo sa kgoberewing fa bo ntse bo bela ka lobaka lo loleele, fa nako e ntse e ya seo se dira gore bo itsheke, bo nne lonko monate le gore bo nne le tatso e e monate.

A O Ka Bona Boipelo le Melemo ya Pholo mo go Jone?

Modimo o ne a bontsha ka boipelo mmogo le melemo ya pholo e e ka bonwang go tswa mo bojalweng. Moperofeti wa gagwe Jothame o ne a bua ka “bojalwa jo bosha jo bo itumedisang Modimo le batho.” (Baatlhodi 9:13, NW) Kgosi Solomone o ne a kwala ka tsela e a ka ‘itumedisang nama ya gagwe ka gone le eleng ka bojalwa.’ (Moreri 2:3) Mme mo polelong e e itsegeng thata ya mokete wa lenyalo wa kwa Kana, mo kgakgamatsong ya gagwe ya ntlha, Jesu o ne a fetola metsi a mantsi gore e nne “bojalwa jo bo monate thata,” e le go ipedisa baeng ba ba neng ba le mo lenyalong.—Yohane 2:6, 7, 10, The New English Bible.

Se se bontshang gore Jesu o ne a lemoga kafa bojalwa bo ka dirisiwang jaaka molemo ka gone go bonala sentle mo setshwantshong sa gagwe sa Mosamaria yo o molemo. Fa a ntse a fapa dintho tsa monna mongwe yo o neng a gobetse, Mosamaria yo o molemo o ne a di tshela “loukwane le boyalwa yoa mofine.” (Luke 10:30-34) Moaposetoloi Paulo ka go akantsha Timotheo yo mmotlana go ‘nwa bojalwanyana jwa mofine ka ntlha ya mala a gagwe le makoa a gagwe a mantsi’ go dumalana sentle le seo se lemogilweng bosheng jaana sa gore bojalwa bo botlhokwa jaaka dijo le mo kalafing.—1 Timotheo 5:23.

Dr. Salvatore P. Lucia, yo pele e kileng ya bo e le porofesara kwa Yunibesithing ya California School of Medicine, o ne a bontsha mo bukeng ya gagwe ya Wine and Your Well-Being gore “bojalwa ga se fela gore [ke] seno sa tagi se eleng sejo sa bogologolo go di feta tsotlhe mme mo godimo ga moo ke sengwe se se alafang se se botlhokwatlhokwa se se ntseng se dirisiwa go ralala hisitori ya motho.” Mme mankge mongwe yo o batlang go itse thata ka dikotla ebong Janet McDonald o ne a bolela gore bojalwa fa bo nowa ka tekanyo bo lebega bo lapolosa thata, bo dira gore motho a nne le keletso ya dijo, ebile bo thusa go silwa ga dijo mo mmeleng le go gopiwa ga diminirale mo dijong tse di jelweng.

Tekatekanyo le Boikgapo Di A Tlhokega

Lefa go ntse jalo, go dirisa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang go ile ga tlisa tlalelo e kgolo mo bathong ba le bantsi, go sa kgathalesege dintlha tse di ntseng jalo tse di molemo tse di bolelwang malebana le bojalwa le tagi tse di fitlhelwang mo Bibeleng le mo kalafing ya lefatshe. A seno se dira gore Modimo a ikarabelele mo matlhotlhapelong otlhe a a ileng a latela ka ntlha ya go dirisa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang? Phapaanong le seno, mo Lefokong la gagwe, Bibela, o ile a ntsha dikaelo ka botlalo tse di laelang kafa bojalwa bo ka dirisiwang ka gone le go sa bo dirise sentle.

Ka sekai, akanya ka tlhagiso e e latelang eno e e nonofileng e e mabapi le go sa dirise mpho eno ka tshwanelo: “Se nne mo banwiñ ba boyalwa yoa mofine, le mo go ba ba bogagaru mo go yeñ nama.” Eleruri seno ga se reye gore Modimo o itumedisiwa fela ke ba ba jang merogo fela mme ba sa nwe bojalwa, le gone ga se gore temana eno e kgala bao ba dirisang bojalwanyana bo sekae fela kana bao ba jang nama ka tekatekanyo. Go na le moo, tlhagiso eno ya Bibela e kgatlhanong le go ineela mo go jeng le mo go nweng ka mo go feteletseng. Seno se phepafetse sentle jaaka fa seane se sengwe se bolela jaana: “E mañ eo o nañ le khutsègō? e mañ eo o nañ le bohutsana? e mañ eo o nañ le dikgañ? e mañ eo o nañ le ñōñōrègō? e mañ eo o nañ le dinthō tsa lehèla? e mañ eo o nañ le bohibidu yoa matlho? Ke ba ba diègañ bobe mo boyalweñ yoa mofine.”—Diane 23:20, 29, 30.

Bakwadi ba Bibela ebong Petere le Paulo ba ne ba gakolola Bakeresete ba pele mabapi le tekatekano ka go ba gakolola go tila ‘go nwa bojalwa ka mo go feteletseng’ le gore ba se ka ba ‘tagwa ke bojalwa.’ Jaaka moaposetoloi a ne a tlhagisa, tlhagiso eno e ne e tshwanetse ya tsewa ka mo go masisi: ‘Matagwa ga a kitla a rua bogosi jwa Modimo.’ Ka mantswe a mangwe, ba ba tlwaetseng go dirisa dino tsa tagi ka mo go sa tshwanelang ga ba amogelwe ke Modimo ebile ga ba ne ba bona botshelo jo bo sa khutleng.—1 Petere 4:3; Baefesia 5:18; 1 Bakorintha 6:9, 10.

Ka gone, fa batho ba palelwa ke go ikgapa fa ba nwa bojalwa ba tshwanetse go bo tila gotlhelele. (Bapisa Mathaio 5:29, 30.) Kwantle ga go koafatsa mo mmeleng, go tswelela pele o ikaegile ka bojalwa go ka dira gore o gobale mo go maswe semoyeng. Ke ka moo Modimo o re tlhagisang ka tsela e e botlhale kgatlhanong le go ineela mo dinong tsa tagi ka mo go feteletseng.

Go farologana le kafa motho yo o iletsang go nowa ga bojalwa a lebang dilo ka teng, Bibela ga e tlhoke gore, kana le eleng go bontsha gore, batho ba ithibe gotlhelele mo bojalweng kana mo dinong tsa tagi. (Duteronome 14:26) Mopesalema o bua jaana ka Jehofa: “O tlhogisetse dikgomo boyañ, le eōna merōgō go nna thushō ea batho; gore a tlè a ntshè diyō mo mbuñ: Le boyalwa yoa mofine yo bo ipedisañ pelo ea motho.” Eleruri, Modimo o ile a dira bojalwa ka boikaelelo jo bo molemo le jo bo tlotlegang, fa bo nowa ka tekatekano.—Pesalema 104:14, 15.

[Motswedi wa Setshwantsho]

L’ Absinthe by Edgar Degas, 1877—E.R.L./Sipa Icono

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela