Bojalwa Pono ya Mokeresete ke Efe ka Jone?
“EMAÑ eo o nañ le khutsègō? e mañ eo o nañ le bohutsana? e mañ eo o nañ le dikgañ? e mañ eo o nañ le nōnōrègō? e mañ eo o nañ le dinthō tsa lehèla? e mañ eo o nañ le bohibidu yoa matlhō? Ke ba ba diègañ bobe mo boyalweñ yoa mofine.” (Diane 23:29, 30) Ee, Bibela e bolela gore dino tse di tagang di ka nna le matswela a a bosula tota a a etsang: go bona dibaka, boitshwaro jwa matlhabisaditlhong, maitseo a go tlhoka tlhaloganyo, bothata jwa botsogo, mathata a lelapa, le e leng khumanego.
Elatlhoko gore ditemana tse di fa godimo tsa Bibela di bua ka bao “ba diègañ bobe” mo bojalweng jwa mofine, matagwa a a tshwakgogileng! Mo go bano, bojalwa bo tshwana le botlhole, jo gantsi bo kgoberang mebele ya bone le tlhaloganyo. (Diane 23:32-35) Batho ba ba nwang bojalwa thata ba ka tlhoka boikgapo mme ba simolola go dira dilo tseo ka gale ba ka di tlhabelwang ke ditlhong. Ka gone Bibela e tlhagisa jaana: “Se nnè mo banwiñ ba boyalwa yoa mofine, le mo go ba ba bogagaru mo go yeñ nama. Gonne motagwi le eo o tlabuèlañ diyō ba tla humanèga: le kōtselō e tla apesa motho dikatana.” (Diane 23:20, 21) Botagwa gape bo balelwa mo ‘ditirong tsa nama,’ tseo di ka thibelang motho go tsena mo Bogosing jwa Modimo.—Bagalatia 5:19, 21; 1 Bakorintha 6:10.
‘Ga go Botlhale’—Mo go Bomang?
A seno se raya gore Bakeresete ba thibelwa gotlhelele go nwa bojalwa? Go tweng ka polelo ya moruti yole, yo o umakilweng mo setlhogong se se tlang pele ga seno, eo a bolelang gore e thailwe mo go Diane 20:1, ya gore “banna ba ba botlhale ga ba nwe bojalwa jwa mofine gotlhelele.” Phetolelo ya King James e tlhalosa temana eno jaana: “Bojalwa jwa mofine ke mosotli, bojalwa jo bo loileng bo utlwisa botlhoko: mme yo o tsiediwang ke jone ga a botlhale.” Gape, Bibela ga e kgalemele ba ba nwang bojalwa jwa mofine mme, go na le moo e kgalemela, bao ba tsiediwang ke jone! “Ba ba diègañ bobe mo boyalweñ yoa mofine” le ‘banwi ba bagolo ba bojalwa jwa mofine’—bano ke bone ba ba ‘seng botlhale.’
Gape, elatlhoko Isaia 5:11, 22. Ditemana tseno di balega jaana: “Iya, a bo go latlhèga ba ba phakèlèlañ go latèla boyalwa yo bo loileñ, ba ba tsènèlwa ke bosigo thata go tsamaee bo bo bo ba gotetse! Iya! a bo go latlhèga ba ba gañkahalañ mo go nweñ boyalwa yoa mofine, le bana ba nonohō ea go tlhakanya mayalwa a a loileñ.” Isaia fano o kgala eng? A ga se go nwa mo go feteletseng, ke gore, go nwa ‘go tswa maphakeleng’ go fitlha “bosigo thata”?
Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo—ba ba tshwanang le Aberahame, Isake, le Jesu—go bolelwa fa ba ne baa nwa bojalwa jwa mofine ka tekanyetso. (Genesise 14:18; 27:25; Luke 7:34) Gape, Bibela e umaka bojalwa jwa mofine gareng ga masego a a tswang kwa go Jehofa. (Genesise 27:37; Duteronome 11:14; Isaia 25:6-8) Bibela gape e bontsha gore bojalwa jwa mofine fa bo nowa ka tekanyetso bo ka nna le matswela a a molemo. Bojalwa jwa mofine ‘bo ipedisa pelo ea motho,’ go ne ga bolela jalo mopesalema. (Pesalema 104:15) Moaposetoloi Paulo o ne a akantsha Timotheo jaana: “U se tlhole u le monwi oa metse [a a leswe], me u nnè u nwè boyalwanyana yoa mofine ka ntlha ea mala a gago, le makōa a gago a mantsi.”—1 Timotheo 5:23.
Bojalwa jwa Mofine kana Matute a Moretlwa?
Bangwe ba tatalala gore “boyalwa yoa mofine” jo go buiwang ka jone mo ditemaneng tseno tsa Bibela e ne e le matute a moretlwa fela. Lefa go ntse jalo, Cyclopedia ya McClintock and Strong, e re gakolola gore “Bibela ga e farologanye gareng ga bojalwa jo bo tagang le matute a moretlwa—ga gona gope fa e lebisang mo pharologanyong eo kana go e umaka.” Tumalanong le seno, mo Bibeleng “boyalwa yoa mofine” bo bolelwa e le seno sa tagi ebile bo amanngwa le “boyalwa yo bo loileñ.”—Genesise 9:21; Luke 1:15; Duteronome 14:26; Diane 31:4, 6.
Ka mo go kgatlhisang, kgakgamatso ya ntlha ya ga Jesu e ne e le go fetola metse go nna bojalwa jwa mofine. Polelo ya Bibela e bua jaana: “Me ea re molebalebi oa modihō a leka . . . boyalwa yoa mofine, me a sa itse kwa [bo] cwañ gōna . . . a bitsa monyadi, a mo raea, a re, Batho botlhe ba tle ba bèe boyalwa yo bo monate pele; me e re batho ba sena go nwa thata, hoñ ba bèe yo bo señ monate: me wèna, boyalwa yo bo monate, u bo boloketse lobaka lono.” (Yohane 2:9, 10) Ee, “boyalwa yo bo monate” joo Jesu a neng a bo dira e ne e le bojalwa jwa mofine jwa mmatota.
Tota, baeteledipele ba bodumedi ba ba iponang tshiamo ba motlha wa ga Jesu ba ne ba mo nyaletsa go nwa bojalwa jwa mofine gangwe le gape. Jesu o ne a bua jaana: “Yohane Mokolobetsi o tsile, a sa ye senkgwè, a sa nwe boyalwa yoa mofine; me loa re, O na le badimo. Morwa Motho o tsile, a ya, a nwa; me loa re, Bōnañ motho eo o tshikhiri, le mo nwa boyalwa!” (Luke 7:33, 34) Pharologanyo e ne e le efe gareng ga go nwa ga ga Jesu bojalwa le go sa nweng ga ga Johane fa e le gore Jesu o ne aa nwa matute a moretlwa a a sa tageng fela? Gakologelwa, go ne ga bolelwa gore Johane o ne a se “ketla a nwa boyalwa yoa mofine, leha e le boyalwa yo bo loileñ.”—Luke 1:15.
Ka phepafalo, Jesu gaa ka a kgala go nowa ka tekanyetso ga dino tsa tagi. Mo motlheng wa gagwe go nowa ga bojalwa jwa mofine e ne e le karolo ya go keteka moletlo wa Tlolaganyo.a Mme bojalwa jwa mofine jwa mmatota bo ne jwa tswelela go dirisiwa mo Selalelong sa Morena, seo se neng sa emela Tlolaganyo.
Kakanyetso e a Tlhokega
Jalo Bibela ga e iletse go nowa ga dino tse di tagang. Mo mabakeng a mantsi gore a motho o ka nwa bojalwa jo bo loileng kana nnyaa ke se motho o ka se ikatlholelang. Lefa go le jalo, Bibela e kgala botagwa fela thata, gammogo le go ja bobe ka go re: “Se nne mo banwiñ ba boyalwa yoa mofine [ba ba nwang bojalwa jwa mofine thata, NW]. . . . go ba ba bogagaru mo go yeñ nama. Gonne motagwi le eo o tlabuèlañ diyō ba tla humanèga.” (Diane 23:20, 21) Ka gone, batho botlhe ba tshwanetse go bontsha teka-tekanyo le boikgapo. “Me se tagweñ ke boyalwa, ka bo na le tlhapeo, me lo tladiwè ka Mōea.” Gakologelwa, boikgapo ke nngwe ya maungo a moya wa Modimo.—Baefesia 5:18; Bagalatia 5:19-23.
Tota, go tsena mo mathateng a bojalwa ga go tlhoke gore motho a bo a tagilwe. Bukana e e kwadilweng ke ba U.S. National Institute kaga Kgobololo ya Diokobatsi e re gakolola jaana: “Fa motho aa nwa bojalwa, bo fetela mo tshilong ya dijo bo bo bo ya kwa ditshikeng tsa madi mme bo bo bo fetela kwa bobokong ka bonako. Bo simolola go nyahatsa dikarolo tsa boboko tse di laolang go akanya le boikutlo. Motho wa go nna jalo o ikutlwa a lokolosegile, a gololesegile.” Boikutlo jono jwa go ‘lokolosega’ bo ka tsenya motho mo boitsholong jo bo diphatsa.
Bodiphatsa jo bongwe bo nna gone fa go tliwa mo go kgweetseng. Go ya ka ditekanyetso dingwe, batho ba le 25 000 mo United States fela ba swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya dikotsi tse di bakiwang ke bakgweetsi ba ba tagilweng. Ka mo go bonalang, batho ba le bantsi ba nyatsa fela thata kafa bojalwa bo ka koafatsang go akanya ga bone ka teng. Mme Bakeresete ba tsaya botshelo e le mpho e e tswang kwa go Jehofa. (Pesalema 36:9) A go tla bo go dumalana le pono eno gore motho a beye botshelo jwa gagwe le jwa ba bangwe mo kotsing, ka go kgweetsa fa go akanya ga gagwe go koafaditswe ke bojalwa? Ka gone, Bakeresete ba le bantsi ba feditse ka gore ba seka ba tshwara bojalwa gotlhelele fa ba kgweetsa.
Gape Mokeresete o amega kafa go nwa ga gagwe go ka amang ba bangwe ka teng. Kwantle ga pelaelo ke sone se balebedi ba Bakeresete, batlhanka ba bodihedi, le basadi ba ba godileng ba kgothalediwang botlhe go sa ‘lemalele bojalwa jo bontsi.’ (1 Timotheo 3:2, 3, 8; Tito 2:2, 3) Lefa motho mongwe a ka tswa a amogela dino tsa tagi kwantle ga bothata bope, o tla elatlhoko gore a nne tekatekanyo mo go nweng ga gagwe e le gore a seka a tlhotlheletsa yo mongwe ka tsela e e phoso, le gone ga a na a leka go pateletsa mongwe yo o sa batleng bojalwa go bo nwa. Gape Bibela ya re: “go le go ya nama, go le go nwa boyalwa yoa mofine, le gotlhe mo oa ga eno o kgopiwañ ka gōna, go molemō go kgaogana nagō.”—Baroma 14:21.
Mabaka a mangwe a ka ba a dira gore go seka ga nowa bojalwa gotlhelele. Elatlhoko go ima. International Herald Tribune (kgatiso ya Paris) e ne ya tsopola patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Unibesithing ya North Carolina (U.S.A.) mme ya bega gore “go nwa bojalwa thata gangwe fela mo masimologong a go ima go ka felela ka tshenyo e e maswe ya mmele le tlhaloganyo ya ngwana yo o golang.” Basadi ba tshwanetse go akanyetsa ka masisi dikotsi tseno tse di ka nnang tsa diragala ka masisi tsa go nwa fa ba imile.
Bao ba sa belong go nna matagwa kana ba na le tshekamelo ya go sa leka-lekanye ba ka go bona go le botoka go tlogela go nwa gotlhelele.b Gape go ka nna botoka ka tsela e e tshwanang go tila go nwa fa pele ga mongwe yo o tshwakgotsweng ke bojalwa kana yo segakolodi sa gagwe se kgalang go nwa. Mme go nwa dino tse di tagang pele ga dipokano tsa Bokeresete kana fa motho a le mo tirong ya go rera phatlalatsa go tla bo go sa tshwanela. Balefi ba bogologolo ba ne ba baya sekao mo go seno ka go ithiba gotlhelele fa ba bereka mo tempeleng.—Lefitiko 10:8-10.
Kwa bokhutiong, go tshwanetswe ga tlotliwa melao ya lefatshe. Mo dinageng tse dingwe bojalwa ga bo letlelelwe gotlhelele. Mo go tse dingwe, bo letlelelwa fela mo bagoding ba dingwaga tse di rileng. Mokeresete o tshwanetse go utlwa melao eno ya “babusi ba bagolo.”—Baroma 13:1.
Legale, gore a o tla nwa dino tsa tagi kana nnyaa kana gore o tla nwa go le gogolo kana go le gonnye go le kana kang ke se motho o ka se ikatlholelang, Modimo o galalediwa fa re dirisa tlhaloganyo mme re tlhopha tsela ya go leka-lekanya dilo ka go rata. Ka gone, latelang tsela e e botlhale eno e le gore “leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ,” lo tle lo ‘dihele tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’—1 Bakorintha 10:31.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo Palasetine, moretlwa o ne o golwa fa selemo se fela. Lefa go ntse jalo, Tlolaganyo ya Sejuda le Selalelo sa Morena, di ne di ketekwa ka letlhafula—morago ga dikgwedi tse thataro. Matute a moretlwa a kgona go bela ka tlholego fela, kwantle ga go tshelwa sepe.
b Dingaka di akantsha gore fa tlhatlhobo e supile fa motho a tshwakgotswe ke bojalwa o tshwanetse go bo tlogela gotlhelele. Bona Awake! ya July 8, 1982.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Mokeresete o ka nna a fetsa ka gore a seka a nwa dino tsa tagi ka baka la segakolodi sa yo mongwe