LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 12/8 ts. 21-25
  • Bibela E Ne ya Lwantsha Bolwetsi Pele ga Saense E ka Dira Jalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bibela E Ne ya Lwantsha Bolwetsi Pele ga Saense E ka Dira Jalo
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bibela E Itshetlela mo Thibelong
  • “Buka E E Boammaaruri Tota mo Saenseng”
  • Mathata A A Amang Tlhaloganyo le Mmele
  • Seabe Se Ngaka E Nang Naso
  • Ntlhanyana ya go go Tlhaba Podi Matseba
  • Kalafi ya Segompieno—E ka Fitlhelela go le Kana Kang?
    Tsogang!—2001
  • A go Botlhokwa Gore o Tlhopha Kalafi Efe?
    Tsogang!—2001
  • Botsogo
    Tsogang!—2013
  • Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 12/8 ts. 21-25

Bibela E Ne ya Lwantsha Bolwetsi Pele ga Saense E ka Dira Jalo

Nako le nako fa go umakiwa Bibela gompieno, batho ba le bantsi bao ba sa e itseng ba e tlhokomologa fela jaaka sengwe seo se sa tshwanelang go tsena ka ditsebe tsa bone. Ga ba batle go bula megopolo ya bone gore ba lemoge gore se motho wa segompieno a se lemogileng maloba fela jaana kana se a santseng a tlile go se lemoga, esale e se bolela diketekete tsa dingwaga tse di fetileng. Seno se ntse jalo malebana le ditiragalo tsa lefatshe, puso, saense ya go ithuta ka dinaledi, tikologo, thuto ka dilo tsa tlholego, thuto ka botshelo, le go ithuta ka tlhaloganyo. Seno se ntse jalo gape le ka bolwetsi.

BIBELA ke buka ya botshelo. Ga go na buka epe e nngwe kana dibuka tse dingwe tse dintsi tse di kileng tsa dirisiwa mo dikarolong tse dintsintsi jaana tsa botshelo jaaka yone. Pholo e e molemo le botshelo ke dilo tse di atamalaneng thata, ka jalo ga go a tshwanela go re gakgamatsa go bo Bibela e tshotse melaometheo e mentsi jaana e e malebana le pholo. Bibela e umaka malwetsi a le mantsi, a a ntseng jaaka bolwetsi jwa lepero, jwa ditlhagala (hemorrhoids), jwa podulogo ya metsi (edema) le jwa mala.—Duteronome 24:8; 28:27; Luke 14:2; 1 Timotheo 5:23.

Go rutiwa ka bolwetse jwa mmele ga se sone selo sa konokono se se neng sa dira gore Bibela e kwalwe. Lefa go ntse jalo, tshedimosetso eo e re e nayang e boammaaruri go ya ka saense ebile e molemo gore re e tlhatlhobise gape. Mmele wa motho o ne wa gakgamatsa mopesalema wa bogologolo, mme o ne a kwala jaana malebana le one: “Gonne [Jehofa] u bopile diphilō tsa me: ua mpipa ke le mo sebopeloñ sa ga mmè. Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ: dia gakgamatsa, ditihō tsa gago: me go mo, mōea oa me oa go itse sentlè. Popègō ea me ga ea ka ea gu hitlhègèla, yale ka ke dihwa mo bosaitsiweñ, ka ke bopiwa ka maatlametlo kwa tlhatse tlhase ga lehatshe. Matlhō a gago a na a bōna go nna ga me ke e se ke bopege, me mo lokwaloñ loa gago go no go kwadilwe ditokololō cotlhe tsa me, tse di ne di nntse di bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le morōrō go no go e se go nne epè ea cōna.”—Pesalema 139:13-16.

Lemororo lesea le le saleng mo sebopelong le bipilwe mo lefifing le le mo sebopelong, Jehofa o a le bona ebile o bona le marapo fa a ntse a gola mo go sone. Mo go ene “lehihi le lesedi ke mo go chwanañ hèla.” (Temana ya 12) Ga go na sepe se se fitlhegileng mo go Jehofa. Go ya ka tsa kalafi, lesea leo le santseng le le mo sebopelong le bipilwe mo go mmalo ka samorago mme ka gone mmele wa mmalo ga o le gane jaaka mmele wa motho yo mongwe. Lefa go ntse jalo, boammaaruri jo bo bontshiwang ke pesalema eno ga se selo sa tsa kalafi go na le moo ke sa semoya, eleng gore Jehofa o bona sengwe le sengwe, le eleng se se leng mo lefifing la sebopelo.

Go tloga ka nako ya go ima, ‘ditokololo tsotlhe tsa mmele wa rona di kwadilwe,’ mo molawaneng wa ditogwana tsa tsalo tse di mo seleng ya lee le le setseng le ungwisitswe le le mo sebopelong sa ga mmè. Gape, go lepa nako ‘malebana le malatsi ao di tshwanetseng go bopega ka one,’ gore nngwe le nngwe e nne mo e tshwanetseng teng, go ikaegile ka ditshupanako tse dintsi tsa botshelo tse re nang le tsone tse di leng mo ditogwaneng tsa tsalo.

Mopesalema Dafide o ne a sa itse ka dintlha tseno tsotlhe tsa saense, mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a di itse, ene yo o mo tlhotlheleditseng go kwala pesalema, ka gonne ke ene wa ntlha go bopa motho. Batshwayadiphoso ba maemo a a kwa godimo ba ganela gore Dafide ke ene a kwadileng seno, mme lefa go ntse jalo le e sita le bone ba tshwanelwa ke gore ba dumele gore pesalema eo e kwadilwe makgolokgolo a dingwaga pele ga ga Keresete.

Bibela E Itshetlela mo Thibelong

Fa re tlhatlhobisa melao ya Modimo e e neng ya neelwa Iseraele ka Moshe makgolo a le 15 a dingwaga pele ga Keresete, go bonala gore selo sa konokono seo se neng se otlelelwa mo Molaong oo malebana le pholo ka phepafalo e ne e le thibelomalwetsi. Ka sekai, mo go Duteronome 23:13, go bolelwa jaana: “Me mo dibolaoñ tsa gago u tseè phañ; me a go dihalè go re, ha u ile ntlè, u èpè ka eōna, me u retologè u bipè mantlè a gago.” Molao ono o o malebana le gore mantle a bipiwe e ne e le molao wa thibelo wa maemo a a kwa godimo thata go ka itshireletsa mo malwetsing a a bakiwang ke dintshi salmonellosis, shigellosis, typhoid, le malwetsi a mangwe a mantsi a mala a a ntseng a bolaya diketekete tsa batho gompieno mo dikarolong tse molaomotheo oo o sa tseweng tsia gone.

Lefitiko kgaolo 11 e bontsha molaomotheo wa gore bolwetsi bo ka anamisiwa ke ditshenekegi, ke dipeba, mme, se se botlhokwa segolobogolo, ke metsi a a leswe. Ntlha eno ya metsi a a leswe e supela ka setu fela molaomotheo o o reng bolwetsi bo bakiwa ke ditshedinyana tse di sa bonaleng, mo go bontshang gore Bibela esale e bua ka dilo tseno pele thata fela ga Leeuwenhoek (1683) kana Pasteur (wa lekgolo la bo 19 la dingwaga). Go ka buiwa ka se se tshwanang ka go tswalelelwa, mo go laetsweng mo go Lefitiko kgaolo 13 malebana le bolwetsi jwa lepero.

Go ilediwa ga dijo mo go kwadilweng mo go Lefitiko 11:13-20 gantsi go ne go akareletsa ditshedi tse di tshelang ka tse dingwe, tse di ntseng jaaka dintsu, digootsane, le merubisi, le ditshedi tse di jang sengwe le sengwe, tse di ntseng jaaka legakabe le lenong. Ereka e le tsone tse di kwa godimo mo lenaaneng la ditshedi tse di tshelang ka tse dingwe, di ja dilekanyo tse dikgolo tsa botlhole. Diphologolo tse di kwa tlase mo lenaaneng leno la diphologolo tse di tshelang ka tse dingwe di ja botlhole jono ka dilekanyo tse eseng tsa sepe, lemororo diphologolo tseo di leng kwa godimo mo lenaaneng leno la ditshedi tse di tshelang ka tse dingwe tsone kafa letlhakoreng le lengwe di bo ja ka dilekanyo tse di kwa godimo thata. Molao wa ga Moshe o ne o letlelela gore go jewe dingwe tsa diphologolo tse di neng di ja dimela ebile di ne di seyo mo lenaaneng la ditshedi tse di tshelang ka tse dingwe tse di nang le botlhole jo bontsi. Dinama dingwe tse di neng di ilediwa di ne di na le ditshedinyana tse botshelo jwa tsone bo ikaegileng ka tse dingwe di le mo marobanyaneng a nama tse di jaaka tse di bakang bolwetsi jwa trichinosis.

Go thibela ga Bibela gore go se ka ga dirisiwa madi ka tsela e e sa tshwanelang, mo go neng ga akarediwa mo dikarolong tse dintsi tsa Molao wa ga Moshe, jaanong morago ga dingwaga tse 3 500 go itshupa go utlwala go ya ka tsa kalafi. (Genesise 9:4; Lefitiko 3:17; 7:26; 17:10-16; 19:26; Duteronome 12:16; 15:23) Go ilediwa gono go boeleditswe gape mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete mo go Ditihō 15:20, 29 le 21:25. Kalafi e leka gore e fokotse go dirisiwa ga madi a a abilweng mo thulaganyong ya go ntsha leswe le le mo mading la diphilo, mo metšhineng ya pelo le makgwafo, le mo karong ka kakaretso. Bolwetse jwa sebete ka mefuta ya jone e mentsi, AIDS, bolwetsi jwa cytomegalovirus, le malwetsi a mangwe a mantsintsi a a tshelanwang ka madi a nna a ntse e le kgakololo e e boifisang mo bathong ba ba botlhale ka tsela ya lefatshe bao ba itlhokomolosang melao ya Modimo.

Go itshidila mmele go botlhokwa gore motho a nne le pholo e e molemo, mme Bibela e a dumela le yone gore go na le mesola. Go itshidila mmele ka matlhagatlhaga ka makgetlo a le mararo mo bekeng ka metsotso e ka nna 20 mo ikatisong nngwe le nngwe go ka fokotsa dikotsi tse di ka nnang teng mo pelong le mo tsamaisong ya madi. Go oketsa mofuta wa HDL wa cholesterol o o sireletsang, go go fa maatla a a oketsegileng, mme gape go dira gore mmele wa gago o temeke le gore o nne le pholo e e molemo. Bibela, lemororo le yone e dumela kafa go itshidila mmele go leng botlhokwa ka gone, ga e go beye kwa pele ga dilo tse di botlhokwa thata mo go goleng semoyeng: “Go tshikinya mmele go molemō mokutshane; me poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.”—1 Timotheo 4:8.

Melao ya boitsholo e e mo Bibeleng e direla jaaka selo sa konokono se se thusang go sireletsa kgatlhanong le malwetsi a a tshelanwang a tlhakanelodikobo, ao kwantle ga pelaelo a neng a le teng mme gape bakanoki ba neng ba sa a lemoge kana ka gongwe ba sa belaele gore a ka tswa a le teng ka makgolokgolo a dingwaga.—Ekesodo 20:14; Baroma 1:26, 27; 1 Bakorintha 6:9, 18; Bagalatia 5:19.

“Buka E E Boammaaruri Tota mo Saenseng”

Hippocrates e ne e le ngaka ya Mogerika ya mo lekgolong la botlhano le la bone la dingwaga B.C.E. yo jaanong a itsegeng jaaka “rre wa tsa kalafi,” mme lefa go ntse jalo bontsi jwa seo Bibela e se bolelang kaga malwetsi se ne sa kwalwa ke Moshe, mo e ka nnang dingwaga di le sekete pele ga moo. Lefa go ntse jalo, sa botlhokwatlhokwa, The AMA News e ne ya gatisa lekwalo lengwe le le neng le tswa kwa ngakeng nngwe le le neng le bolela jaana: “Babatlisisi ba ba rutegileng thata ba tsa kalafi ba jaanong ba dirang tiro e e molemolemo ba fitlheletse phetso ya gore Bibela ke buka e e boammaaruri tota ya saense. . . . Dilo tsa mmatota tse di diragalang mo botshelong, go tlhatlhobelwa bolwetsi, kalafi ya bolwetsi, le kalafi e e thibelang bolwetsi go ya kafa di boletsweng ka gone mo Bibeleng ke tsa maemo a a kwa godimo thata ebile di ikanyega go gaisa dithuto tsa ga Hippocrates, tse bontsi jwa tsone di santseng di ise di itshupe kafa di leng boammaaruri ka gone, mme ebile tse dingwe di ile tsa fitlhelwa di se boammaaruri gotlhelele.”

Dr. A. Rendle Short mo bukeng ya gagwe ya The Bible and Modern Medicine, morago ga fa a sena go tlhalosa gore melao ya boitekanelo ya merafe e e neng e nna go dikologa Iseraele wa bogologolo e ne e se ya maemo a a kwa godimo go le kalo fa e le gore e ne e le gore gone tota e ne e le gone, o ne a re: “Ka gone go a gakgamatsa go bo mo bukeng e e tshwanang le Bibela jaana, e go latolwang gore ga e na saense, e bo e na le melawana ya boitekanelo, gape se se gakgamatsang ke gore morafe ono o o neng o sa tswa go falola mo bokgobeng, o o neng o aga o tlhaselwa ke baba le go isiwa botshwarwa gangwe le gape, o bo o ne o na le molawana wa botlhale le o o utlwalang go le kana wa pholo mo dibukeng tsa one tsa peomolao.”

Mathata A A Amang Tlhaloganyo le Mmele

Bibela e ile ya itshupa e le ya maemo a a kwa godimo mo go tsa kalafi ka ntlha ya tsela eo e lemogang ka gone kafa mathata mangwe a pholo a amanang ka gone le mathata a a amang tlhaloganyo le mmele ka gone bogologolo pele ga seo se dumelwa ke bontsi mo go tsa kalafi. Go feta moo, se Bibela e se tlhalosang malebana le kafa tlhaloganyo e nang le seabe ka gone mo bolwetseng jo bo iponatsang mo mmeleng e santse e le sekao se se tlhaloganyesegang sentle. Diane 17:22 e bolela jaana: “Pelo e e nntseñ mokete ke kalahō e e molemō: me mōea o o phatlogileñ o omeletsa marapō.” Ela tlhoko gore ga re atlhole ope fano, mme seo re se dirang ke go bolela dintlha fela. Seno ga se tlhagiso ya gore go bolelelwe motho yo o tlaletsweng mo maikutlong gore a tlogele go hutsafala, jaaka ekete seo se ne se le motlhofo go le kalo go se dira.

Go nna le boikutlo jo bo siameng go a thusa; go nna o tshwenyegile ga go a siama ebile go a gobatsa. “Boimèlèsègō mo peduñ ea motho bo tlo bo e inamise: me lehoko ye le molemō le e ipedise.” (Diane 12:25) Kgaolo 18, temana 14, ya Diane e tshwanelwa ke gore re akanye ka yone: “Pelo ea monna e tle e mo ichokisetse seèmèra sa gagwè; me mōea o o phatlogileñ o ka kakatlololwa emañ?” Lekwalo leno le akantsha gore kgono ya motho ya gore a itshokele bolwetsi jo bo rileng jwa mmele e ka nna ya okediwa ke fa a itshetlega ka maatla ao a a bonang go tswa mo dilong tsa semoya.

James T. Fisher, ngaka ya tlhaloganyo, o ne a bolela jaana mabapi le kafa Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng e leng botlhokwa ka gone mo tlhaloganyong: “Fa o ne o ka tsaya dikwalo tsotlhe tsa semolao tse di kileng tsa tsamaya tsa kwalwa ke baithutatlhaloganyo ba ba itseng tiro ya bone go gaisa le dingaka tsa tlhaloganyo tseo eleng ditswerere mo tirong ya tsone eleng dikwalo tseo ba kileng ba tsamaya ba di kwala malebana le kgang ya pholo e e molemo ya tlhaloganyo—fa o ne o ka di tlhakanya, le go di tokafatsa, le go tlosa mafoko a a sa tlhokafaleng mo go tsone—fa o ne o ka tsaya tshedimosetso yotlhe e e botlhokwa o bo o tlogela mafoko a sa one eleng go natetsha puo fela, ebile fa o ne o ka dira gore tshedimosetsonyana eno e e sa tswakanngwang le sepe ya kitso e e phepa ya saense e bolelwe ka bokhutshwane ke mmoki mongwe yo eleng setswerere go gaisa baboki botlhe bao ba leng teng, o ne o tla nna le tshobokanyo e e bosula ebile e sa felela ya Thero ya kwa Thabeng. Mme ebile e ne e tla tlhaelela kgakala fa e ne e ka bapisiwa le Thero ya kwa Thabeng.”—A Few Buttons Missing, tsebe 273.

Tsela eo re ikutlwang ka yone mo mmeleng le mo tlhaloganyong e ka tlhotlheletsa boemo jwa rona jwa mmele, mme lefa go ntse jalo seno ga se bolele gore tota motho o a bo a sa lwale ka tsela ya mmatota. Ka gone go botlhokwa gore selo sa ntlha o leke go thusa ka dilo tse di tlhokiwang ke mmele mme bobotlana o lemoge bolwetsi jono, mme mo godimo ga moo o ntse o kgothaletsa yo o lwalang gore a nne le maikutlo a a siameng, eleng seo se tla mo thusang gore a itshoke. Seno se botlhokwa segolobogolo ka nako ya fa gongwe go ka tswa go sena kalafi epe e e tlhomameng mo tsamaisong eno ya dilo ya gompieno.

Morago ga fa Adame a ne a sena go leofa, loso e ne ya nna selo sa mmatota se batho botlhe ba se ruileng. (Baroma 5:12) Ka gone, gantsi ga go a tshwanela gore re nyatse bomoya jwa motho ka ntlha ya bolwetsi jwa gagwe jo bo rileng. Seno se botlhokwa gore re nne re se gakologetswe fa re berekana le mathata a batho bao ba leng bokoa mo maikutlong.

Seabe Se Ngaka E Nang Naso

Bakeresete ba tshwanetse ba dirisana jang le dingaka mmogo le kalafi ya segompieno? Fa re tlhatlhobisa mo Bibeleng, re fitlhela gore ga go na sepe se se theilweng mo Dikwalong se se bontshang gore dingaka di tseelwe kwa godimo kana se se bontshang gore re lebe boranyane jwa tsa kalafi jaaka tsholofelo ya konokono ya go bona pholo e e molemo. Go na le moo, go na le bosupi jo bo fapaaneng le seno. Mareko o re bolelela ka “mosadi eo o sa leñ a bobola ka go chologa madi” ka dingwaga di le dintsi yo o neng “a bogile dilō di le dintsi ka diñaka di le dintsi, a bile a hedisitse dilō cotlhe tsa gagwè, me a sa bone thusègō epè, me bogolo botlhoko bo golèla pele hèla.” (Mareko 5:25-29) Lemororo gantsi bolwetsi jono jo bo tlwaelegileng bo alafiwa ka katlego fela gompieno, malwetsi a le mantsi a santse a sa alafesege, ebile go santse go tsweletswe pele go lemogiwa malwetsi a mangwe a mantsi a masha a a sa alafesegeng.

Lefa go ntse jalo, Bibela ga e tshegetse kgato e e feteletseng e e farologaneng le eno eo ba bangwe ba ileng ba e tsaya bao ba lebang mokgwa o o tlwaelegileng wa tsa kalafi jaaka selo se se seng mosola go le kalo kana se se senang mosola ka gope. Ba bangwe ba tseela ngaka kwa tlase mme e nne bone ba itseelang kwa godimo kana ba tseele kwa godimo ditsela tse dingwe tse di sa tsamaisaneng le tsa kalafi tse di ka nnang tsa tswa di le mo fesheneng ka nako e e rileng. Mo go Bakolosa 4:14, tsela e Luke a tlhalosiwang ka yone jaaka ngaka “e e rategañ” kwantle ga pelaelo e ne e lebisitse go ditshwanelego tsa gagwe tsa semoya go na le bokgoni joo a neng a na le jone mo go tsa kalafi. Lefa go ntse jalo, tshiamelo eo a neng a nna nayo ya go kwala karolo nngwe ya Dikwalo Tse Di Boitshepo a dira jalo tlase ga tlhotlheletso go lebega go ne go ka se ka ga diragala gore e neelwe motho yo mekgwa eo a neng a e dirisa ya tsa kalafi e ne e se e e tshwanetseng kana e sa dumalane le Dikwalo.

Go na le bosupi jo bo tletseng jo bo akantshang gore Luke o ne a dirisa mekgwa ya tsa kalafi e e neng e tshwanetse mo motlheng wa gagwe, a dirisa mareo a a kgethegileng le mokgwa wa tsa kalafi wa go tlhalosa dilo o o akantshang gore o ne a ile a tlhotlhelediwa ke Hippocrates. Lemororo Hippocrates a ne a se boammaaruri ka dinako tsotlhe, gone o ne a leka go dira gore mokgwa wa gagwe wa go alafa e nne o o nang le tlhaloganyo ebile o ne a kgala tumelobotlhodi le dithuto tsa bodumedi jwa maaka mo go tsa kalafi. Gape, setshwantsho sa ga Jesu se se motlhofo se se mo go Luke 5:31 se se reng, “Ba ba itekanetseñ ga ba dihe ñaka sepè: ha e se ba ba lwalañ hèla,” se ne se tla bo se sena bokao fa e le gore go ne go sa tshwanela gore ba ba nang le boitemogelo mo go tsa kalafi ba ka nna le mosola mongwe mo go berekaneng le malwetsi.

Ga go na motheo ope wa Dikwalo wa gore go nniwe le kgopolo e e feteletseng ya go kgala go dirisiwa ga melemo e e lwantshang malwetsi, e e lwantshang go ata ga megare, kana eo e okobatsang ditlhabi fa go bonala go tlhokafala gore go dirisiwe tsone. Yeremia 46:11 le 51:8 di tlhalosa ka boroku jo bo alafang jwa Gileade jo go ka nnang ga diragala gore bo bo bo ne bo na le maatla a go okobatsa ditlhabi ebile bo le mosola mo go lwantsheng megare. Ga go na boemo bope jwa Dikwalo kana jwa dithuto tsa motheo jo bo leng kgatlhanong le go nwa melemo.

Lefa go ntse jalo, melemo e e seng kana ka sepe e e lwantshang malwetsi ga e ise e kgone go ka lepalepana le kotsi e e tswelelang pele e le teng ya go ka tsenwa ke bolwetsi jo bo tshelanwang jo bo rwalwang ke dintshi, monang, le dikgopa—tseo eleng tsone dilo tsa konokono tse di bakang loso lefatshe ka bophara. Badiri ba tsa kalafi ba ile ba tshwanelwa ke gore ba boele kwa morago mme ba simolole go dirisa melaometheo ya konokono ya Bibela ya go latlha mantle ka tsela e e bolokesegileng, ya go sireletsa metswedi ya metsi, ya go thibela ditshinekegi tse di rwalang malwetsi, le go itlhokomela mo go kgomaneng le motho yo mongwe le go itlhokomela mo go kgomaneng ga seatla le molomo. Malobanyana fela jaana ka bo 1970, baoki le dingaka ba ne ba aga ba gakololwa ka matshwao a a neng a matareditswe mo go tlhapelwang diatla gone kwa kokelong le mo malaong a balwetsi a a reng: “Tlhapa Diatla”—e eleng yone tsela ya konokono ya go thibela go anamisiwa ga bolwetsi.

Ntlhanyana ya go go Tlhaba Podi Matseba

Bao ba neelanang ka kgakololo ya tsa kalafi—e ka tswa e le ngaka, ngaka e e berekanang le marapo, ngaka ya homeopath, kana tsala e e dirang dilo ka maikaelelo a a molemo mme lefa go ntse jalo e sena kitso e e kalo—ba rwala boikarabelo jo bogolo nako le nako fa ba gakolola motho mongwe yo o lwalang. Seno se ntse jalo segolobogolo fa e le gore kgakololo eo e ba e neelang ke e e gobatsang kana e e tlhakanyang tlhogo, e e dirang gore motho a se ka a rata kalafi e e rileng, kana e e ka diyang motho yo o lwalang gore a ka bona thuso e gantsi e ileng ya nna le katlego. Go na le ditlhagiso di le dintsi mo Bibeleng tse di malebana le ba ba alafang mmogo le bao ba alafiwang gore ba ithibe mo go tsietseng le mo tirisongbadimo mo go seo motho ka namana a ka nnang a tswa a batlana le thuso ka tlhoafalo mo go sone. Gakologelwa Diane 14:15: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: me senokopèla se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.”

A melaometheo e e bontshitsweng mo Dikwalong Tse Di Boitshepo e mosola go ka dira gore motho a nne le pholo e e molemo gompieno? Fela jaaka fa boikaelelo jo bogolo jwa Molao wa ga Moshe e ne e le thibelobolwetse, go ntse jalo le gompieno, ditsela tsa thibelobolwetse tse di dirisiwang mo go tsa kalafi di ile tsa itshupa di le mosola thata go gaisa tseo boikaelelo jwa tsone jo bogolo eleng go alafa bolwetse. Thuto ya segompieno ya World Health Organization ya go leka go tlhoma kalafi ya segompieno mo dinageng tse di iseng di tlhabologe ke eno: “Thibelo e phala kalafi.”

Kwa bofelong, Mokeresete o tshwanetse a leba pholo ka tsela e e bontshang tlotlo, le e e bontshang go lebela dilo kwa pele ka maikaelelo a go dirisetsa pholo e e molemo go galaletsa Modimo mo tirong e e ipedisang ya Bogosi. Mme kafa tlase ga puso eo ya Bogosi, re solofetswa jaana: “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”—Isaia 33:24.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

“Popègo ea me ga ea ka ea gu hitlhègèla, yale ka ke dihwa mo bosaitsiweñ”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela