Go Tlhatlogela Kwa Godimo ga Kgwebo ya Lefatshe Le go Wa ga Yone
Karolo 1a—Go Laolwa ke Ditlhobaelo Tse Di Malebana le Madi
“Lemororo batsadi ba re naya botshelo, madi ke one fela a bo bolokang.”—The Japanese Family Storehouse; kana, The Millionaires’ Gospel, e e kwadilweng ke Ihara Saikaku.
A O KILE wa tlhoka madi fela thata? Kgotsa a o kile wa iphitlhela o sena madi a a lekaneng go ka duelela sengwe sa botlhokwa? Kgotsa a o kile wa bona lelapa la gago le tlhoka dijo kana le tlhoka diaparo tse di lekaneng? Didikadike tsa batho gompieno di ka araba dipotso tseo ka ee. Ba tlhaloganya sentle gore go tlhobaela ka madi go raya eng.
Akanya fela kafa rre yo o sa berekeng a tshwenyegang ka gone ka ntlha ya melomonyana e a tshwanetseng go e fepa le dikoloto tse a tshwanetseng go di duela. Akanya fela kafa mmè yo o lapileng a eme mo moleng wa go batla dilwana tse di thata go bonwa e bo e re kwa morago a bo a fitlhela dishelofo di sena sepe kana ditlhotlhwa tsa tsone di le kwa godimo fela thata a ikutlwang ka gone. Akanya fela kafa rakgwebo yo kgwebo eo a leng mo go yone e tlogang e wa a nnang mo tlalelong ka gone kana akanya fela kafa goromente e e kgaratlhelang go intsha mo dikolotong tse e nang natso tsa dibilione tsa diranta e nnang kafa tlase ga kgatelelo ka gone.
Tota ebile mo malatsing ano le mafoko fela a a rileng a tsosa tlhobaelo. Lotseno (madi, dithoto, kana dilo tse o tlamelwang ka tsone go duelela tiro e o e dirileng, kana tiriso ya ditsompelo tse dingwe) lwa rona lo ka nna lwa tswa lo le kwa tlase mo e leng gore seemo sa rona sa botshelo (seemo sa itsholelo se re tlwaetseng go tshela mo go sone) se tshosediwa ke seo ka tsela e e masisi. Seno se ka bakwa ke go tlhoka mebereko, ke go wela tlase mo go botlana kana mo gogolo ga itsholelo (dipaka tsa fa kgwebo e wetse kwa tlase, mo go ya ntlha go se maswe thata, mme mo go e e umakilweng morago go le maswe tota), kana go ka bakwa ke inflation (go tlhatloga ga ditlhotlhwa go go diragalang fa tsela e dilo di rekwang ka yone e fekeetsa selekanyo sa dilo tse di rekwang, se se raya gore madi a rona a reka dilo di sekae fela). Ka ntata ya madi a a tlhaelang a re nang nao ga re kake ra tlhola re kgona go emelelana le ditlhotlhwa tsa itshetso (ditshenyegelo tsa go reka dithoto le tsa go duelela ditirelo tseo re di tlhokang letsatsi le letsatsi).
Maatla Ao Dikgatelelo tsa Itsholelo Di Nang Nao
Motswedi mongwe wa tshedimosetso o bolela jaana, Kwelotlase e Kgolo ya Itsholelo ya dingwaga tsa bo 1930 e ne e le matlhotlhapelo a itsholelo a a neng a “ama lefatshe lengwe le lengwe le dikarolo tsotlhe tsa botshelo, tsa loago le tsa sepolotiki, tsa mo gae le tsa boditšhabatšhaba.” Dikgatelelo tsa itsholelo di ne tsa itshupa kafa di leng maatla ka gone ka go nonotsha makgotla a kganetso a sepolotiki kwa Jeremane le Italy, go go ileng ga thusa go dira gore Ntwa ya Lefatshe II e tsoge. Go ne ga nna fela jaaka fa John K. Galbraith a ile a kwala mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Money: Whence It Came, Where It Went: “Adolf Hitler o ne a tsaya marapo a puso kwa Jeremane kwa tshimologong ya 1933. Go atlega ga gagwe go tshwanetse ga amanngwa fela thata le go tlhoka mebereko go gogolo le go ngotlega go go neng go ama thata ga dituelo, madi a a amogelwang, ditlhotlhwa le boleng jwa dithoto.” Galbraith o oketsa ka go re, fa a ne a akgela malebana le koketsego ya ditlhotlhwa e e neng ya diragala kwa United States ka nako eo: “Go sa kgathalesege kafa madi a leng botlhokwa ka gone, ga go na ope yo o neng a ka belaela seo se neng se kaiwa ke go boifa go a neng a go tsosa.”
Diphetogo tsa sepolotiki tse di neng tsa jwelelela le Yuropa Botlhaba kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo 1980 di ne di tlhotlhelediwa fela thata ke mabaka a tsa itsholelo. Mabaka a a tshwanang le ao gantsi ke one a atlholang gore mmu wa sekara o ya go wela ka kae mo dipusong tsa temokeratiki tsa kwa Bophirima, koo batho ba teng, jaaka go sale go ntse go buiwa, ba dirang ditlhopho ba laolwa ke dikgang tse di amang madi a ba nang nao.
Kgatelelo ya itsholelo gantsi e dirisediwa go leka go pateletsa mebuso gore e fetole ditsamaiso tsa yone. Ka jalo he, fa gongwe, dikiletso tsa itsholelo mo metlheng eno di dirisiwa ka tsela e e tshwanang le eo go dikanyediwa ke masole go neng go ntse ka yone bogologolo. Go ne ga itshupa go na le katlego e e rileng fa ka 1986, Yuropa, Japane, le United States di ne di dirisa dikiletso tsa itsholelo kgatlhanong le Afrika Borwa go ngongoregela tsamaiso ya yone ya tlhaolele. Lefa ntswa go bonala go ne ga se ka ga nna le katlego e e kalo, erile ka 1990 lefatshe ka bophara, jaaka fa le emelwa ke Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, le ne la gagamaletsa Iraq dithapo mo go tsa itsholelo.
Lefa go le jalo, mokgwa o o dirisiwang o itshupa sentle fela ka phepafalo. Mokwadi wa Mofora ebile e le mogakolodi wa ga tautona, Jacques Attali a re, ‘babapatsi ba eme mo boemong jwa mephato ya sesole mo lefatsheng.’ Mme makasine mongwe wa dikgang le one o ne wa akgela jaana: “[Mo mafatsheng a le mantsi] go nna maatla mo go tsa itsholelo go ile ga tseela go nna maatla mo sesoleng sebaka jaaka selo se se botlhokwa go ka tsewa tsia.”
A go Laola Ke Madi Gono go A Fokotsega?
Matlhotlhapelo a tlholego, bolwetse, le bokebekwa di kgoreletsa tsa itsholelo mo go maswe. Go ka nna jalo le ka dikoloto le ditlhaelo tsa tekanyetsokabo. Go ya ka The Collins Atlas of World History, “go kolotana ga merafe [mo mafatsheng a a tlhabologang] go gogolo thata mo e leng gore ka nako tse dingwe lefatshe le ne le eme fela mo losing lwa go welwa ke seru se segolo mo go tsa itsholelo, le lehuma le le ntseng le golela pele, le boitlhobogo le matshosetsi a tlhakatlhakano a le ka a lereng, a ntse a tlhobaetsa eleruri.”
Lefa mebuso mengwe e le mo bothateng jwa go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go go sa kgonweng go tlisiwa kafa tlase ga taolo, e mengwe yone e lomile ka meno go leka go thibela seemo seo. Go tlhoka pabalesego go itshupa ka go sa tlhomamang ga marekisetso a dishere. Go tlhaselwa ke bolwetse ka tshoganetso ga moeteledipele wa sepolotiki, kana le e sita le magatwe a a senang lepele le morago, di ka senya matlotlo ka nakonyana ya diura di sekae fela. Go wa ga Wall Street ka October 1987—mo go neng go le maswe le go feta ga ka 1929—go ne ga kaiwa fa e ne e le beke e e maswe go di gaisa tsotlhe mo historing ya tsa madi. Dithoto tsa boleng jo bo ka nnang diranta di le dimilione di le dikete di ka nna 1 059 di ne tsa nyelela gotlhelele. Mmaraka o ne wa rula, lefa go le jalo bomankge ba re mareledi a magolo a sale pele. Mmegadikgang George J. Church o ne a kwala jaana, “lefatshe le beye pelo mafisa fela gore le ka motlha le se ka la ba la diragalelwa ke go phutlhama goo ga makgaolakgang ga tsamaiso ya tsa madi.”
Go na le go repisa, go laolwa ke dikgatelelo tsa itsholelo le ditlhobaelo tse di tsalwang ke seo go lebega go oketsega. Jalo he a e tla bo e le go leba dilo sentle fa re akanya gore bokhutlo bo ka nna jwa bo bo se kgakala?