Bothata jwa go Ithuta go Leta
GO LEBEGA go ithuta go leta e le sengwe sa dilo tse di thata tse go batlegang gore batho ba di ithute. Bana ba bannye ka tlholego fela ga ba na bopelotelele. Sengwe le sengwe fela se se ba kgatlhang, ba a se batla, mme ba se batla gone jaanong! Mme jaaka motho yo o itseng yo o nang le maitemogelo, motho ga o bone sengwe le sengwe se o se batlang mo botshelong. Le e leng lefa dilo tse re di eletsang e le tse re di tlhokang thata, re tshwanetse go ithuta go letela nako e e siameng ya go ka kgotsofatsa dikeletso tsa rona. Batho ba bantsi ba ithuta thuto eno; ba bangwe ga ba ke ba ithuta le ka motlha.
Batho ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ke bone segolobogolo ba nang le mabaka a go batla go ithuta go leta. Jeremia, motlhanka mongwe wa ga Jehofa wa pele ga motlha wa Bokeresete, o ne a gatelela seno jaana: “Go molemō gore motho a sholohèlè a bè a lebèlèlè poloka ea ga Yehofa a iketlile hèla.” Moragonyana morutwa wa Mokeresete Jakobe o ne a bolela jaana: “Ke gona, ba ga echo, lo nnè pelotelele, go tsamaee Morèna a tle.”—Dikhutsahalō 3:26; Yakobe 5:7.
Jehofa o na le dinako tse a di tlhomileng tse a tla diragatsang maikaelelo a gagwe a bomodimo ka tsone. Fa re sa kgone go leta go fitlha ka nako ya gagwe e a e beileng ya go dira dilo tse di rileng, re tla nna batho ba ba sa kgotsofalang le ba ba sa itumelang, e leng selo se se tla senyang boitumelo. Fa motlhanka wa Modimo a sa itumela o tla koafala semoyeng, fela jaaka fa Nehemia a ne a bolelela batho ba naga ya gaabo a re: “Go itumela mo MORENENG ke thata ya lona.”—Nehemia 8:10, The New English Bible.
Botlhale jwa go Ithuta go Leta
Ke ga tlholego gore batho ba ba sa nyalwang kana ba ba sa nyalang ba eletse go nyalwa kana go nyala kana banyalani ba ba senang bana ba eletse go nna le bana. Mo godimo ga moo, ga go na sepe se se phoso ka go batla dilo tse di bonalang tse o di tlhokang kana tse o di eletsang. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go dumela gore thulaganyo eno ya dilo e tla tloga e fela le ka ntlha ya go bo mo thulaganyong e ntšha Modimo ‘o tla bula letsogo la gagwe mme a kgorise dikeletso tsa ditshedi tsotlhe,’ Bakeresete ba bantsi ba dirile tshwetso ya gore ba tla leta gore ba kgotsofatse dingwe tsa dikeletso tseno ka nako eo e e tshwanelang sentle.—Pesalema 145:16.
Lefa go ntse jalo, batho ba ba senang tsholofelo e e tlhomameng eno ya Bokeresete, ba ka se ka ba bona mabaka ape a go emela nako e sele. Ka ntlha ya go sa ikanye Jehofa yo e leng ene a abang “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ,” ba ipotsa gore a go botlhale go emisetsa dilo nako e e tlang e ba belaelang gore a e tla tsamaya e tla. Ba tshela ka tumelo ya gore: “A re yeñ re nweñ, gonne re coga re shwa ka moshō.”—Yakobe 1:17; 1 Bakorintha 15:32; Isaia 22:13.
Mo dinageng tse di tlhabologileng phasalatso ya kgwebo e dirisa go eletsa ga batho go batla go ikgotsofatsa gone jaanong. Batho ba kgothalediwa gore ba iphe sengwe le sengwe se ba se eletsang. Barekisi ba batla gore re dumele gore manobonobo le menate ya segompieno ke dilo tse di tlhokegang tota. Ba re ke eng fa o nna o sena tsone, segolobogolo ka go bo go na le dikarata tse o ka tsayang molato ka tsone, thulaganyo ya go duelela dilo ka dikarolo tse di rileng, le dithulaganyo tsa go “tsaya dilo gone jaanong—o duele morago” e leng dilo tse di dirang gore go kgonege gore o nne le dilo tseno tsotlhe ka nako e o di batlang ka yone? Kwantle ga moo, ‘O tshwanetse gore o nne le tsone; ineneketse! Gakologelwa, fa o sa di itumelele jaanong go ka diragala gore o se di bone gape!’ Mafoko a a tlwaelegileng a bolela jalo.
Mo letlhakoreng le lengwe, dimilionemilione tsa batho mo dinageng tse di tlhabologang ba tshela fela ka dilo tse ba di tlhokang—kana le e leng tse dinnye go feta tse ba di tlhokang. A go na le sengwe se se oketsegileng se se ka gatelelang ntlha ya gore dithulaganyo tsa batho tsa bopolotiki le tsa ikonomi ga di a itekanela e bile ga di a siama go feta seno?
Botlhale jwa go ithuta go leta bo bonwa mo ntlheng ya gore batho ba ba dimilione ba ba ganang go leta—kana bao bobotlana ba sa boneng lebaka la go leta—ba ile ba tsena mo molatong o mogolo gore ba tle ba kgotsofatse keletso ya bone ya go batla dilo gone jaanong. Maemo a a sa lebelelwang, a a ntseng jaaka bolwetsi, go tlhoka tiro, a ka nna a lere masetlapelo. Lokwalodikgang lwa kwa Jeremane e leng Frankfurter Allgemeine Zeitung lo tlhalosa gore ke eng fa go bolelwa gore go na le batho ba le milione kwa Jeremane ba ba senang matlo: “Ka mo go tlwaelegileng, go tlhoka matlo gantsi go simologa ka go tlhoka tiro kana melato e mentsi.”
Ka ntlha ya go palelwa ke go duela melato ya bone, batho bangwe ba ba madimabe ba latlhegelwa ke matlo a bone mmogo le dithoto tsa bone. Gantsi go ngomoga pelo go lere kgogakgogano mo lelapeng. Manyalo a a sa nonofang a simolola go thubega. Go tshwenyega mo maikutlong le mathata a mangwe a botsogo di tlhasela batho ba bantsi. Fa e le Bakeresete, bomoya bo ka nna mo kotsing, seo moragonyana se dirang gore motho a akanye ka tsela e e phoso le go nna le boitshwaro jo bo sa siamang. Batho bao ka boeleele ba neng ba simolola go batla sengwe le sengwe ba feleletsa ba sena sepe.
Mo go Ba Bantsi, Ke Selo Se Sesha Se Se Gwetlhang
Jesu o ne a phepafatsa sentle gore re tlhokomele gore e se re kgotsa “go bapalwa ke lehatshe, le tsieco ea mahumō, le dithatō tsa dilō tse diñwe, di hupetse lehoko.” (Mareko 4:19) Re tshwanetse gore re gakologelwe gore ga go na tsamaiso epe ya sepolotiki e e kileng ya atlega go fedisa ditlhobaelo, go akaretsa le ditlhobaelo tsa ikonomi, tse Jesu a ileng a bua ka tsone.
Bokomonisi jo dinaga tsa kwa Yuropa Botlhaba di sa tlholeng di bo batla bo ne bo lekile go dira gore dilo di lekalekane ka go dira gore ikonomi e laolwe ke Puso. Go farologana le thulaganyo e mo go yone mongwe le mongwe a ka itirelang kgwebo ya gagwe ka namana e sa laolwe ke puso, tsamaiso ya bone ya pele ya ikonomi e ne e naya batho mo dinageng tseo pabalesego e e rileng ya ikonomi e puso ya bokapitalisi gantsi e palelwang ke go e fa batho. Lefa go ntse jalo, dilo tse di tlhobaetsang tse Jesu a neng a bua ka tsone e ne e le tsa go tlhaela ga dilo tse batho ba di tlhokang le go kgorelediwa gore ba se ka ba gololesega.
Gompieno, bontsi jwa dinaga tseo di simolotse ikonomi ya go nna le dikgwebo, ka jalo, baagi ba tsone ba lebana le selo se sesha se se gwetlhang. Pego ya bosheng e bolela jaana: “Go sa itse go tlhakane le go eletsa go batla go dirisa dilo jaaka kwa dinageng tsa bophirima.” “Batho ba ba oketsegileng ba Länder e ntšha kwa Jeremane e e kwa botlhaba ba ntse ba ngokega go tsena mo molatong o o seng kana ka sepe,” ba leka go tshela ka tsela eno. Pego e oketsa jaana: “Morago ga boitumelo joo jwa ntlha jwa go bona kgololesego e ntšha ya ikonomi poifo le go itlhoboga di a anama jaanong.” Ba nna ba tlhobaetse, lefa jaanong thulaganyo ya bokomonisi e emiseditswe ke ya bokapitalisi.
Kgololesego e kgolwane ya bopolotiki le ya ikonomi e dirile gore go nne le ditsela tse disha tsa go tokafatsa ikonomi. Ka ntlha ya seo, batho ba bantsi ba raelesega go akanyetsa ka masisi kgang ya go simolola dikgwebo tsa bone kana go fudugela kwa nageng e ba ka kgonang go bona tiro e e botoka kwa go yone.
Ditshwetso tse di ntseng jalo ke kgang ya motho ka namana. Ga go phoso fa Mokeresete a batla go tokafatsa boemo jwa gagwe jwa ikonomi. A ka nna a bo a tlhotlhelediwa ke go eletsa go tlhokomela lelapa la gagwe, a lemoga gore “ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.”—1 Timotheo 5:8.
Ka jalo, ga go a siama go nyatsa ditshwetso tse ba bangwe ba di dirang. Ka nako e tshwanang, Mokeresete o tshwanetse go gakologelwa gore ga go botlhale go batla go tswa mo mathateng a ikonomi ka go dira melato e megolo e e tla mo tsenyang mo kotsing. Gape go tla bo go le phoso go batla go tswa mo mathateng a ikonomi ka tsela e e tla dirang gore a itlhokomolose boikarabelo jwa semoya le dilo tsa semoya.
Go Ithuta mo go Ba Bangwe
Mo dingwageng tse di neng tsa latela Ntwa ya Lefatshe II, diketekete tsa Bajeremane ba ne ba fuduga go tswa kwa Yuropa e e neng e tlhasetswe ke ntwa ba ya kwa dinageng tse dingwe, segolobogolo kwa Australia le kwa Canada. Ka go dira jalo ba bantsi ba ne ba kgona go tokafatsa boemo jwa bone jwa ikonomi, mme ga go na ope yo o neng a nna a sa tlhobaela ka ikonomi jaaka Jesu a ne a bolela. Ka dinako tse dingwe go rarabolola mathata a ikonomi go ne go baka a masha—go tlhologelelwa kwa gae, puo e ntšha, go tlwaela dijo tse disha, mekgwa e e farologaneng, go tlwaelana le ditsala tse disha, kana go lebana le mekgwa e e farologaneng.
Bangwe ba batho ba ba neng ba fuduga bano e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Selo se se molemo ke gore, bontsi jwa bone ga bo a ka jwa dumelela mathata a a bakiwang ke go fuduga go hupetsa bomoya jwa bone. Mme lefa go ntse jalo go na le bangwe ba ba neng ba go dumelela. Bangwe ba ne ba feekediwa ke maatla a a tsietsang a dikhumo. Go ne ga pala gore ba gatele pele mo dilong tsa puso ya Modimo fela jaaka ba ne ba eme sentle mo go tsa ikonomi.
Eleruri seno se supa ka moo go leng botlhale ka teng go sekaseka boemo jwa rona ka kelotlhoko pele re dira ditshwetso tse di ka tswang di se botlhale. Go sekamela mo dilong tse di bonalang go ka dira gore re dire go le gonnye mo tirong e e se kitlang e tlhola e boelediwa ya go dira barutwa e Bakeresete ba e abetsweng gore ba e dire. Seno se boammaaruri go sa kgathalesege gore re nna kae, ka go bo ga go na naga epe eo baagi ba yone ba sa tlhobaeleng ka ikonomi.
Go Tlhabana Ntwa E E Molemo
Paulo o ne a gakolola Timotheo jaana: “U latèlè tshiamō; le poihōmodimo, le tumèlō, le loratō, le bopelotelele, le bopelonōlō. Tlhabana ntwa e e molemō ea tumèlō, u chwarè botshelō yo bo sa khutleñ, yo u bo biledicweñ.” O ne a bolelela Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “Lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe.”—1 Timotheo 6:11, 12; 1 Bakorintha 15:58.
Go latela kgakololo e e molemo eno ke tsela e e molemolemo ya go ka atlega go fenya keletso ya go rata dilo tse di bonalang, mme tota go na le go gontsi goo Mokeresete a ka go dirang! Mo dinageng dingwe tse palo ya bareri ba Bogosi e seng kgolo teng, batho ba bantsi ba utlwile boammaaruri ka selekanyo se sennye fela. Jesu o ne a bolelela pele sentle jaana: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye.”—Mathaio 9:37.
Go na le gore ba dumelele ditlhobaelo tsa ikonomi tse di leng mo dinageng tseno go ba faposa mo tirong ya semoya e ba nang le yone, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa sebaka seno go dirisa ditshono tsotlhe tse ba nnang le tsone ka botlalo. Fa ba sena tiro ka nakwana, ba bantsi ba oketsa tiro ya bone ya go rera. Mo godimo ga go baka Jehofa, tiro ya bone gape e ba fa boitumelo jo ba bo tlhokang gore ba emelane le mathata a bone a ikonomi.
Basupi bano ba baya tiro ya go rera kwa pele mme mathata a ikonomi a tla kwa morago, se se bontsha bakaulengwe mo lefatsheng ka bophara gore ba ikaegile ka Jehofa gotlhelele gore a ba tlhokomele. O solofetsa jaana: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:33.
Fa e sa le kobamelo ya boammaaruri e tsosolosiwa ka 1919, Jehofa ga a ka a letlelela batho ba gagwe go thetheekela. O ne a ba sireletsa mo dipogisong tse di botlhoko mme mo mafelong mangwe o ne a ba sireletsa ka makgolo a dingwaga fa ba ne ba dira tiro mo sephiring. Basupi ba ga Jehofa ba iteteile sehuba gore se Diabolo a paletsweng ke go se dira ka pogiso, a ka se ka a se kgona ka maano a a boferefere a dilo tse di bonalang!
Go Ithuta go Leta mo go Sengwe le Sengwe
Diholo tsa Bogosi tse dikgolo, didirisiwa tsa go godisa modumo tse di jang madi a mantsi, Diholo tsa Kopano, le malapa a mantle a Bethele di galaletsa Modimo mme tsone ka botsone di neela bosupi jwa gore o segofatsa batho ba gagwe. Basupi ba ga Jehofa ba ba leng kwa dinageng tseo tiro e neng e thibetse kwa go tsone ka nako e telele ba ka nna ba ikutlwa gore ba santse ba na le go le gontsi go go dira gore ba tle ba fitlhelele boemo jo bo tshwanang le jwa dinaga tse dingwe. Mme se se botlhokwa go feta ke gore ba nne ba gatele pele semoyeng. Go tla nna go bonala fa nako e ntse e tsamaya gore Modimo o a ba segofatsa ka dilo tse di bonalang.
Batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba tlhoka go nna kelotlhoko gore e se ka ya re fa ba ntse ba dira dilo tse di ratwang ke bone ka bobone, ba tloga ba ikutlwa ba sa tlhole ba batla go tlhoka dilo tse di bonalang tse ba sa bolong go nna ba sena natso. Go eletsa go bona lo lekalekane fela mo go tsa ikonomi le mo loagong go a utlwala, mme batho ba ga Jehofa ga ba tlhokomologe lebaka la gore batlhanka botlhe ba Modimo ba eletsa go bona tharabololo. Difofu di eletsa go bona gape, ba ba lwaletseng ruri ba eletsa go bona botsogo jo bontle gape, ba ba tshwenyegileng maikutlo ba eletsa go bona dilo di ntse sentle gape, mme ba ba swetsweng ba eletsa go bona batho ba bone ba ba ratang gape.
Ka ntlha ya boemo jo bo leng teng, Mokeresete mongwe le mongwe ka tsela nngwe o patelesega go leta gore lefatshe le lesha la ga Jehofa le tle go rarabolola mathata a gagwe. Seno se tshwanetse go dira gore re ipotse jaana, ‘Fa e le gore ke na le dijo le diaparo, a ga ke a tshwanela go kgotsofalela dilo tseno mme ke iketleeletse go leta go bona mathata a ikonomi a rarabolotswe?’—1 Timotheo 6:8.
Bakeresete ba ba ikanyang Jehofa ka botlalo ba ka tlhomamisega gore fa ba ka iketleetsa gore ba tla leta, ba tla tloga ba bona dilo tse ba di eletsang tse ba di tlhokang. Ga go na ope yo o tla bong a ile a letela lefela. Re boeletsa mafoko ano a ga Paulo: “Lo tlhōmame, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea lona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.”—1 Bakorintha 15:58.
A tota go ithuta go leta e tshwanetse go nna bothata jo bogolo jaana?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go ithuta go leta go ka boloka botshelo jwa gago