LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 4/8 ts. 13-15
  • Karolo 6—Ditlhobaelo ka tsa Itsholelo Di Tla Fela Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 6—Ditlhobaelo ka tsa Itsholelo Di Tla Fela Leng?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sedirisiwa Se Se Molemolemo go Di Gaisa Tsotlhe
  • A go Gaisana mo go tsa Itsholelo go a Tlhokega?
  • Ikgolole Gore O Bone Sengwe Se Se Botoka!
  • Bothata jwa go Ithuta go Leta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Karolo 5—Dikgwebo Tse Dikgolo Di Gagamatsa Ditomo tsa Tsone
    Tsogang!—1992
  • A Kgaisano ke Yone Tsela ya go Atlega?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Kagiso ya Mogopolo mo Setšhabeng Se Se Nang le Moya wa Kgaisano
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 4/8 ts. 13-15

Go Tlhatlogela Kwa Godimo ga Kgwebo ya Lefatshe Le go Wa ga Yone

Karolo 6—Ditlhobaelo ka tsa Itsholelo Di Tla Fela Leng?

FA FELA papadi ya bogagapa e santse e tsweletse ka go gagamaletsa setho ditomo, ditlhobaelo ka tsa itsholelo di tla tswelela. Tseo ke dikgang tse di sa jeseng di welang. Se se itumedisang ke gore go gagamatsa ditomo ga yone go tla tloga go fedisiwa, ka jalo go fedisetswe ruri ditlhobaelo ka tsa itsholelo. Jaaka fa re bua jaana Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le nnè ba itsise ba bangwe ka mafoko ano a a molemo go ralala lefatshe lotlhe.—Bona bokoso e e mo tsebeng 14.

Sedirisiwa Se Se Molemolemo go Di Gaisa Tsotlhe

Boikaelelo jwa ipapatso—mo itsholelong—ke go rekisa dilwana tse di dirilweng kgotsa ditlamelo. Go rotloetsa thekiso ya dilwana, batho ba tshwanetse go tlhotlhelediwa go reka. Diboto tsa ipapatso, dipampiri tsa dikgang, dimakasine, radio, le thelebishene, re sa bue sepe ka dikwalo tse di fa tse di tenang tse di romelelwang batho tsa ipapatso di dirisiwa go fitlhelela boikaelelo jono.

Mokgwa o o raraaneng wa ipapatso wa motlha wa segompieno wa thelebishene o farologana fela thata le melaetsa e e neng e goelediwa phatlalatsa ke babapatsi bogologolo kwa Gerika. Mme boikaelelo jwa ipapatso—jo eleng go tlhotlheletsa batho—ga bo ise bo fetoge. Go tlhamiwa ga motšhini o o gatisang o dikologa ke Johannes Gutenberg go ne ga bulela mekgwa e mesha ya go ipapatsa phatlalatsa mo eleng gore erile ka 1758 mokwadi yo mogolo wa Moesemane ebong Samuel Johnson o ne a ka kwala jaana: “Go ipapatsa go setse go ntsifetse fela thata mo eleng gore ga go sa tlhole go elwa tlhoko go tsentswe moko dinameng, mme ka jalo go ile ga dira gore go tlhokege go gapiwa kgatlhego ka go godisa thatathata ditsholofetso ka tsela ya go itse go bua fa gongwe ka go galaletsa mo go feteletseng kgotsa ka go gogomosa maikutlo.” Re ka gopola gore Johnson o kwadile mafoko ano gompieno fela jaana, ka 1992.

Go ipapatsa go ne ga tshelwa mafura gape ke diphetogo tsa madirelo. Dilo tse di seng kana ka sepe tse disha tse di dirilweng tse diphetogo tsa madirelo di neng tsa dira gore di nne teng di ne di tlhoka bareki, ba jaanong ba neng ba ka kgona go fitlhelelwa ka magokaganyane a dipampiri tsa dikgang le dimakasine. Fa nako e ntse e tla, radio le thelebishene di ne jaanong tsa kgona go fitlhelela batho ba bantsi. Go bapatsa ka bogone go ne ga fetoga kgwebo. Dikgwebo tse di bapatsang di ne tsa simologa bogologolo ka bo 1812, fa Reynell and Son e ne e bulwa kwa Lontone.

Fa go ipapatsa go le boammaaruri, go re itsise ka dilo tse di dirilweng le ditlamelo tse di ka kgonang go re thusa tse di nang le mosola tse di leng teng, go tla bo go dira tiro e ntle. Legale, go tla bo go sa nna jalo fa go tlola melelwane e e tshwanetseng, mme go re hepisa gore re reke dilo tseo re sa di tlhokeng ebile di re biletsa dikoloto tse di bokete go di rwala fela ka ntateng ya go batla go ijesa monate ka nako eo. Mokwadi mongwe o ne a e tlhalosa jaana, “go loleme le borethe, go a go rapela, go go fa mabaka, go a goa,” mme a tlatsa ka gore: “Ekane re a lemoga kgotsa ga re lemoge, go ipapatsa, go re ama rotlhe, ka tsela e e molemo kgotsa e e sa siamang.”

Ba ba nang le gone gore ba ka reka gantsi ba kgoromelediwa ke mabaka ao tota a senang lepele le morago. Batho ba ba bapatsang gantsi ba kgothaletsa mabela; ba ikuela mo maikutlong. Ba ka nna ba bua le maaka. Mme se se maswe le go feta, ba ka nna ba fitlha dilo tse di maswe kgotsa tse di diphatsa ka dithoto tse ba di dirileng, mme ka tsela e e ntseng jalo ba bontsha gore ga ba kgathalele batho ba bangwe—mo gotlhe go dirwa fela ka ntateng ya go bo go gaisanwa mo go tsa itsholelo.

A go Gaisana mo go tsa Itsholelo go a Tlhokega?

O ka nna wa ikutlwa, jaaka bontsi bo ikutlwa gore kgaisano e a tlhokega gore go ke go nne le tswelelopele. Ee, tota ebile, mo nakong ya gompieno, kgaisano e e senang matsoketsane ya itsholelo e ka sireletsa moreki ka mokgwa mongwe. Mme lefa go le jalo buka nngwe ya thuto ebong Psychology and Life e belaela gore a tota kgaisano “ke selo se se tlhokegang mo bathong,” ka go botsa jaana: “A re ka bona boitumelo fela ka go gata ba ba iteetsweng mo melaleng?”

Le mororo buka eno e tlhalosa gore batho ba ba godiseditsweng mo setšhabeng se go nang le kgaisano e ntsi mo go sone gantsi “ba tsibogela kgwetlho ya go fenya mongwe ka bone,” e bontsha gore go gaisana ga se selo se motho a tsalwang ka sone. Tota ebile, kwa bofelong, go gaisana ga go busetse sepe. Ditshekatsheko di bontsha gore “e tsala boikutlo jwa gore o fenye go sa kgathalesege gore eng ke eng jo eleng boikutlo jo gantsi bo sa siamelang go dirwa ga tiro e e duleng diatla.”

Ka sekai, kgaisano e ka kgona gore e tsale go tshaba go palelwa. Mme kana poifo, e ka tswa e le kwa sekolong, kwa tirong, kgotsa golo gongwe fela, ga e thuse mo go reng tiro e dirwe sentle. Mo godimo ga moo, kgaisano e ka nna ya gogela mo go reng o tsietse kgotsa o dire dilo ka matsoketsane. Baithuti bao eleng gore ba tletse moya wa kgaisano wa go batla maduo a a kwa godimo ba ka nna ba latlhegelwa ke boikaelelo jo bo tshwanetseng jwa thuto: eleng go ba baakanyetsa gore ba tle ba nne maloko a a botoka le a a nang le matswela a setšhaba.

Ka nako e e neng e kwalwa ka yone ka bo 1930, buka e go tweng Psychology and Life e ne ya fa sekai ka Samoa gore ke setšhaba se se senang kgaisano e e kalokalo. E tlhalosa jaana, “batho baa bereka le go boloka tseo ba di dirileng mo mabolokelong a morafe koo mongwe le mongwe a ka kgonang go ya go tsaya selekanyo se a se tlhokang teng,” e tlatsa ka gore: “Dipego tsa batho ba ba ithutang ka batho di bontsha gore batho ba ba ntseng jalo ba itumetse fela jaaka ba ba itebang ba le nosi ba ba leng teng mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.”

Ka jalo, ga go tlhokafale gore tsamaiso ya itsholelo e e nang le mosola ebile e atlegile ka dinako tsotlhe e bo e le e e itshetlegileng ka kgaisano. Kgang ya rakgwebo mongwe yo o atlegileng ke gore lefa ntswa gongwe kgaisano e ka nna botlhokwa go rotloetsa batho ba ba senang maitemogelo, batho ba ba nang le maitemogelo bone ba tshwanetse gore ba se ka ba nna le bothata mo go kgothalediweng go dira tiro ka boyone. Boipelo bo ka bonwa ka go ithuta, ka go nna motho yo o kgonang go tlhama dilo, ka go dira gore ba bangwe ba itumele, le ka go tokafatsa dilo le go lemoga mekgwa e mesha ya go dira dilo.

Ka jalo, go a utlwala he, go bo kgakololo e e botlhale ya Bibela e re: “A re se nne boipelahaco hèla, re se ka ra rumolana, ra dihèlana ka bopelotshetlha.”—Bagalatia 5:26; Moreri 4:4.

Ikgolole Gore O Bone Sengwe Se Se Botoka!

Go itshupa sentle gore Satane o dirisa papadi ya bogagapa jaaka sedirisiwa sa gagwe go fitlhelela dikeletso tsa gagwe. Ka go tsosa ditlhobaelo ka tsa itsholelo, o gagamaletsa setho ditomo le go feta. Go tlhobaela ka go bona kgotsofalo ya dilo tse di bonalang go kgaphela ntle go fitlhelela dilo tse di tlhokafalang tsa semoya. Mogopolo wa gore dilo tse di rekilweng di tshwanetse go dirisiwa di bo di latlhiwa o o kgothalediwang ke papadi o ama tikologo ka tsela eo eseng yone. Boikutlo jwa yone jwa gore go rua sengwe le sengwe mme ebile o se rue gone jaanong bo dira gore batho ba tlhoke boitumelo le go bona kgotsofalo. Tota ebile, dilo tseo re di tlhokang ka boammaaruri mo go tsa itsholelo, fa di sa lokwe ka melaometheo ya Modimo, kwa bofelong di fetoga go nna tsa go ikgatlhegela, mme di felele ka bogagapa.

Lefa go le jalo, bogagapa le go ikgatlhegela mo go feteletseng, ke mefuta mengwe ya kobamelo ya medimo ya disetwa, e e sa itumediseng Modimo. (Bakolosa 3:5) Batho ba ba iteseletsang gore botho jwa bone bo amiwe ka tsela eo eseng yone ke papadi, ba ntse jaaka ba ba galaletsang bodumedi jwa maaka le ba ba buelelang puso ya motho, ba tsamaya mo tseleng e e diphatsa. Ba itsenya mo kotsing ya gore ba iphitlhele ba sa amogelesege fa pele ga Modimo. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Me lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono [go kopanyeletsa le ditlhobaelo ka tsa itsholelo], me letsatsi yeuō [la katlholo ya ga Jehofa] ya lo wèla ka choganeco yaka seru.”—Luke 21:34.

Bao ba batlang go nna Bakeresete ba tshwanetse go ikgolola mo botshwarong jwa ditsamaiso tsa itsholelo tseo di sa itekanelang ka go gana gotlhelele mokgwa o di o tlhotlheletsang le go beela kwa thoko mekgele ya itsholelo ya bopelotshetlha. Botho jwa batho bo tshwanetse go bopiwa ke Mmopi mothatayotlhe, eseng ke morena madi. Go tshwanetse ga lwelwa go bontsha boikanyegi ka dinako tsotlhe. Motho o tshwanetse go kgotsofatswa ke seo a nang naso, eseng go batla mo go oketsegileng ka dinako tsotlhe.—Baefesia 5:5; 1 Timotheo 6:6-11; Bahebera 13:18.

E le gore ba tle ba kgone go baya dilo tse di botlhokwa kwa pele, Bakeresete ba tshwanetse go sekaseka mekgele ya bone mo botshelong ka dinako tsotlhe. (Bafilipi 1:9, 10) Seno se itshupa mo mefuteng ya tiro eo ba e kgethang le mofuta wa thutego o ba o batlelang bana ba bone. Ga ba lebale gore “gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe. Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” Ka nako tsotlhe ba nna ba gakologetswe gore fa lefatshe leno le feta, papadi ya lefatshe e tla phutlhama mo eleng gore yone le baemanokeng ba yone ga ba kitla ba rula.—1 Yohane 2:16, 17.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

Ga go Na go Nna le Ditlhobaelo ka tsa Itsholelo mo Bogosing jwa Modimo

Ga go kitla go nna le go tlhatloga ga ditlhotlhwa mo go tsalwang ke go tlhaela ga dijo: “Lehatshe lo ntshitse totahalō ea yeōna: Modimo, eboñ Modimo oa rona tōta, o tla re segōhatsa.” “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.”—Pesalema 67:6; 72:16.

Ga go kitla go nna le dikoloto tsa go duela dingaka: “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla.”—Isaia 33:24; 35:5, 6.

Go tla bo go sena dirente tse di kwa godimodimo kgotsa dikoloto tsa matlo tse di kwa godimodimo: “Me ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele.”—Isaia 65:21, 22.

Batho ga ba kitla ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa bahumi le bahumanegi: “Me o tla atlhola ha gare ga dichaba di le dintsi, o tla kgalemèla merahe e e thata e e kwa kgakala. . . . me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Mika 4:3, 4.

Ga re kitla re tlhaela sepe seo re se tlhokang: “Me ba ba batlañ Yehofa, bōnè, ga ba ketla ba tlhōka sepè se se molemō.” “U huporolola seatla sa gago, me o kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.”—Pesalema 34:10; 145:16.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ditlhobaelo ka tsa itsholelo di tla bo di fediseditswe ruri mo Bogosing jwa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela