LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 3/1 ts. 3-4
  • A Kgaisano ke Yone Tsela ya go Atlega?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Kgaisano ke Yone Tsela ya go Atlega?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Eleruri E A Duela?
  • Kagiso ya Mogopolo mo Setšhabeng Se Se Nang le Moya wa Kgaisano
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Karolo 6—Ditlhobaelo ka tsa Itsholelo Di Tla Fela Leng?
    Tsogang!—1992
  • Tila go Tlhotlheletsa Dikgaisano—Rotloetsa Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Re Bolokwa ka Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang, e Seng ka Ditiro Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 3/1 ts. 3-4

A Kgaisano ke Yone Tsela ya go Atlega?

“A GO na sepe se se botlhokwa go gaisa go fenya.” Batho ba le bantsi gompieno ba tshela ka tsela e e dumelanang le mafoko ano, a gantsi go tweng a ne a bolelwa ke mokatisi mongwe wa kgwele ya maoto wa Moamerika, e bong Vince Lombardi. Jaanong, dinaga tse di sa tlholeng e le tsa Bokomonisi le tsone di simolotse go tlotlomatsa motheo wa kgaisano. Ga twe go dira gore kgaisano e tsene mo marekisetsong go botlhokwa gore di hume. Kwa dinageng tsa kwa Botlhaba batsadi ba le bantsi ba dira gore bana ba bone ba gaisane le bana ba bangwe ba bo ba ba romela kwa dikolong tse di rutang thata mme e le ka nako e khutshwane fela tse di ba rutang tsela e e botlhale ya go fenya ditlhatlhobo tsa ba e leng gone ba tsenang. Batsadi ba ba amegileng thata ka kgang eno ba tlhatswegile pelo gore go tsena sekolo sengwe sa maemo a a kwa godimo ke yone tsela ya go atlega mo isagweng.

Batho ba le bantsi ba dumela thata gore kgaisano ke yone tsela ya go atlega. Go ya ka se ba se dumelang, batho ba ntse ba atlega ka gonne ba gaisana le ba bangwe. “Kgaisano ya go batla go tlhatlosiwa maemo ke yone e dirang gore mekgatlho ya Japane e nne e nonofile,” go ne ga bolela jalo 65,9 lekgolong ya batlhokomedi ba mekgatlho e megolo e e neng ya tlhatlhobiwa ke lekgotla la Japane la Federation of Economic Organizations. Mme go bonala gore dikhampani tsa kwa Japane di setse di na le lobakanyana di ntse di atlega. Lefa go ntse jalo, a totatota kgaisano ke yone tsela ya go atlega?

A Eleruri E A Duela?

Batho ba ba gaisanang ba bontsha boikutlo jwa bopelotshetlha, jwa semphete ke go fete. Ba a itumela fa ba bangwe ba sa atlege, ba akanya gore seo se tla dira gore tiro ya bone e lebege e le botoka. Ka ntlha ya bopelotshetlha jwa bone, ba ka nna ba dirisa maretshwa a a ka nnang a gobatsa ba bangwe. Go batla go atlega go go ntseng jalo ka tsela ya kgaisano go tla gogela kae? Yasuo, yo o neng a tseneletse thata mo go lekeng gore a nne motho yo o botlhokwa mo khampaning ya gagwe, o gakologelwa tsela e a neng a e tsaya mo nakong e e fetileng mme o bolela jaana: “E re ka ke ne ke tletse moya wa kgaisano le gore ke nne ke akantse ka go tlhatlosiwa maemo, ke ne ke itshwantsha le ba bangwe ke bo ke ikutlwa ke le kwa godimo ga bone. Fa batho bao ba ne ba ka bewa mo boemong jo bo kwa godimo ga me ke ne ke ngongorega letsatsi le letsatsi ke ngongoregela tsela eo badiri ba neng ba tlhomiwa ka yone mo khampaning eno. Ke ne ke sena ditsala tsa mmatota.”

Moya wa kgaisano gape o ka gogela motho gore a swe pele ga nako. Jang? Mainichi Daily News ya Japane e amanya karoshi, kana loso lo lo bakiwang ke go bereka thata, le boitshwaro jwa mofuta wa A. Mofuta wa A ke mokgwa wa boitshwaro jo bo kgonang go itshokela kgatelelo e e bakiwang ke go nna o tshwaregile ka dinako tsotlhe, kgaisano, le letlhoo. Baithuti ba pelo ba Maamerika e bong Friedman le Rosenman ba amanya boitshwaro jwa mofuta wa A le bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo. Ee, moya wa kgaisano o ka baka loso.

Go gaisana kwa ditirong go ka dira gore motho a nne le malwetse a mangwe a mmele le a tlhaloganyo tota. Sekai se sengwe ke sa ga Keinosuke, yo o neng a le morekisi yo mogolo wa dingwe tsa dikgwebo tse dikgolo tsa dikoloi kwa Japane. O ne a dira rekoto ka go rekisa palogotlhe ya dikoloi di le 1 250. Setshwantsho sa gagwe se ne sa foreimiwa sa ba sa lepelediwa mo phaposing e e dirisiwang ke boto ya bakaedi kwa ntlokgolong ya khampani eo. Le mororo a ne a tlhoile go dirisa baberekikaene ka go ba gatelela gore a tlhatlosiwe maemo, khampani eno e ne ya mo dira gore a iphitlhele a le mo kgaisanong. Ka ntlha ya seo, o ne a lwala bolwetse jwa tlhagala ya mogodu le ya mala mo ngwageng o le mongwe fela. Mo go one ngwaga oo, batlhokomedi ba le 15 mo khampaning ya gagwe ba ne ba robadiwa kwa sepateleng, mme yo mongwe o ne a ipolaya.

Fa e le kwa gae, boikutlo jwa go batla go lekana le boorrasemangmang bo dira batho gore ba nne le mabela a botshelo mo kgaisanong eno e e sa feleng. (1 Yohane 2:16) Seno se solegela bagwebi fela molemo, ka go tsenya madi mo diatleng tsa babapatsi ba lefatshe.—Bapisa Tshenolō 18:11.

Le mororo moya wa kgaisano o ka nna wa dira gore tiro e dirwe ka bothakga, ga go gakgamatse go bo Kgosi Solomone a ne a lemoga seno: “Ka bōna letsapa yeotlhe; le tihō ñwe le ñwe e e bocwiriri, go re, kaga mo, motho o gopolwa ka bopelotshètla ke oa ga gabō. Me le gōna ke boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.” (Moreri 4:4) Ka jalo re ka kgona jang go boloka kagiso ya mogopolo mme re ntse re tshela le batho ba ba ratang go gaisana jaana? Go bona seno, la ntlha a re boneng kwa kgopolo eno ya kgaisano e simologileng teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela