Go Tlhatlogela Kwa Godimo ga Kgwebo ya Lefatshe Le go Wa ga Yone
Karolo 5—Dikgwebo Tse Dikgolo Di Gagamatsa Ditomo tsa Tsone
NTWA ya Lefatshe I e ne e ise e felefele fedi fa seemo sa itsholelo se se maswe sa Yuropa se ne se supela pele gore dikgolo di a tla. Matlhotlapelo a ne a padimola go ya bofelong jwa October 1929. Mmaraka wa New York o ne wa phutlhama phutlha. Batho ba ne ba tseana. Morago ga tiragalo eo dibanka di le makgolokgolo di ne tsa wa. Batho ba le diketekete ba ne ba latlhegelwa ke dimilione tsa diranta, mme bangwe ba bone ba ne ba ipolaya ka go itatlha go tswa kwa godimo ga dikato tse di kwa godimodimo.
Kwelotlase E Kgolo ya Itsholelo e ne ya senya itsholelo ya lefatshe lotlhe, mme ka go kgotletsa mabaka a a ileng a lere Ntwa ya Lefatshe II e ne gape ya tlisetsa lefatshe tlhakatlhakano ya sepolotiki e e neng ya latela. Moporofesara wa hisitori ebong René Albrecht-Carrié o ne a tlhalosa dingwaga tsa bo 1930 jaaka “tse mo go tsone go neng ga nna le dikudumedi gangwe le gape, mme dikudumedi tseo di nna teng jaana tlase ga maemo a a tshosang a itsholelo.”
Ka jalo, dingwaga tse di kafa tlase ga tse 20 morago ga 1914, go ne go itshupa sentle gore ditsamaiso tsa itsholelo tsa lefatshe di ne di ka se ka tsa kgona go emelana le maikarabelo a lekgolo le lesha la dingwaga. Seno se ne se na le bokao, bogolo jang ka gore go ya ka tatelano ya ditiragalo tse di mo Bibeleng le boperofeti jwa bomodimo, tetla eo Modimo o neng wa e neela motho go ipusa a sa kgorelediwe e ne ya fela ka 1914. Ka ngwaga oo wa makgaolakgang, Modimo o ne wa tlhoma bogosi jwa selegodimo jo go nna gone ga jone mo go sa bonweng ka matlho go neng go tla bontshiwa ka ditiragalo tse di bonwang ka matlho mo lefatsheng. Dingwe tsa ditshupo tseno di umakilwe mo go Mathaio kgaolo 24, Luke kgaolo 21, le Tshenolō kgaolo 6, eleng dikgaolo tseo re lo kgothaletsang gore lo di bale.
Bosupi jo bongwe jo bo tlhomologileng jo bo bontshang gore Bogosi bo tlhomilwe ke go senngwa ga lefatshe mo go ntseng go tswelela goo go dirwang ke baagi ba lona. (Tshenolō 11:18) Ereka re lebane le kgotlelo ya lefatshe lotlhe, le go senngwa ga lebebe le le sireletsang lefatshe kgatlhanong le marang a a kotsi a letsatsi, le matlhotlapelo a tikologo a a ka nnang a bakiwa ke se se bidiwang go gotela mo go feteletseng ga lefatshe, re na le lebaka le le tletseng la go swetsa ka gore boperofeti jono bo a diragadiwa mo nakong eno.
Dikgwebo Tse Dikgolo—A Ke Tsone Di Gogang kwa Pele mo go Kgotleleng?
Diphetogo tsa madirelo di ile tsa thaya motheo wa tswelelopele nngwe e e gakgamatsang—tswelelopele e e dirang gore go nne motlhofo go tlamela batho ka dilo tseo ba di batlang le tseo ba di tlhokang, go dirwe dilo ka bofefo, le gore go se ka ga tura mme kafa letlhakoreng le lengwe e baka dipula tse di nang asiti, e baka go tshologa ga dikhemikale, ebile e senya dikgwa tsa lefatshe; tswelelopele e e kgonang go dira gore bajanala ba ralale lefatshe ka difofane go ya go tlatsa leswe mo matshitshing a lewatle a a neng a kile a bo a le phepa le go ya go senya mafelo a tlholego; tswelelopele e ka ntateng ya go kgotlela phefo, dijo, le metsi e tshosetsang go re itlhaganisetsa kwa lebitleng.
Mo godimo ga go dira gore go nne le boranyane jo bo ileng jwa felela ka gore go senngwe lefatshe, dikgwebo tse dikgolo di ile gape tsa rotloetsa batho. Fela jaaka fa makasine wa Time o ne wa bolela jaana, “go batla khumo ka pelepele ga dikgwebo ga e bolo go nna e ntse e le selo se segolo se se bakang kgotlelo.” Motlhalefi mo go tsa itsholelo e e mabapi le ditlhare wa UN o tsopolwa a re papadi “e e seng kafa molaong ya go rema [dikgwa] e itshetlegile mo bogagapeng.”
Ditsamaiso tseo eseng tsa bokapitalise le tsone di na le molato ka mo go tshwanang. Mmegadikgang ebong Richard Hornik o ne a kwala ka 1987 gore “mo e ka nnang dingwaga tse di masomeamararo puso ya Bokomonise e ntse e busa, Peking e ne ya gatelela gore ga go kake ga kgonega gore tlase ga tsamaiso ya bosošialise ya go tokafatsa dilo go bakiwe tshenyo ya tikologo.” Mme jaanong nako e ne e setse e gorogile ya go lebagana le ditlamorago, mo eleng gore le yone China e lemoga “tshenyo e kgatelopele ya itsholelo e e bakileng mo tikologong.”
Mmegadikgang mongwe o ne a bitsa tshenyo e e lerilweng ke kgotlelo mo dingwageng tse 40 tsa tshwafatso ya Yuropa Botlhaba a re ke “sephiri sa bokomanisi se se makgapha go di gaisa tsotlhe.” Ke gone fela bosheng jaana go lemotshegang gore tshenyo e kana kang, mo go dirang gore Bitterfeld, e e dikilometara di le 50 kwa bokone jwa Leipzig, e tlhomologe ka tsela e e tlhabisang ditlhong gore e ka nna ya bo e le yone toropo e e kgotletsweng go di gaisa tsotlhe mo kgaolong e le yone e ka tswang e le e e kgotletsweng go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng.
Diphelelo tsa Kgaisano E E Setlhogo
Fela jaaka fa ditsela tseo re dirang dilo ka tsone le tsela eo re di tsibogelang ka yone e amiwa thata ke bodumedi le dipolotiki, go ntse fela jalo gore re amiwa ke dikgwebo tse dikgolo go ya bokgakaleng jo bo rileng. Tota ebile, go gagamatsa ditomo ga yone mo sethong gongwe go ka bonwa ka tsela e e botoka fa go lejwa kafa di bopang botho jwa batho ka teng.
One motheo o tsamaiso ya bokapitalise ya papadi e agilweng mo go one, eleng moya wa kgaisano e e setlhogo, o fitlhelwa gongwe le gongwe—kwa sekolong, kwa tirong, mo tsamaisong ya itlosobodutu le ya metshameko, mme fa gongwe le mo lelapeng. Go tswa bonyaneng basha ba rutwa go nna le moya wa go gaisana, gore e nne bone bommampodi, e nne bone ba tsayang sekgele. Go gatela pele mo go tsa itsholelo go tsewa e le selo sa konokono, mme go na le ditekanyetso di sekae fela tse di bontshang gore seo se ka dirwa jang. Banna le basadi ba kgothalediwa gore ba fisegele go fitlhelela mekgele, tota le ka tsela e e bontshang bogatlhamelamasisi fa go tlhokega, seno se direlwa fela gore ba nne le katlego.
Batho ba ba tsamaisang kgwebo ba rutwa gore ba nne botsalano le gore ba nne bonolo. A mme ka metlha go itshwara jalo ga bone go supa botho jwa bone jwa boammaaruri, kana a ka dinako tse dingwe ba bontsha botho jwa bone joo eseng jwa boammaaruri go fitlhelela seo ba se batlang? Erile ka 1911, mmegadikgang wa Amerika ebong Edgar Watson Howe, o ne a fa kgakololo eno: “E se ka ya re o bona monna a batla go go rekisetsa sengwe, wa gopola gore o bonolo ka tsela e e ntseng jalo ka dinako tsotlhe.”
Kgaisano e tsala boikutlo jwa go eletsa dilo tsa ba bangwe, jwa go nna lefufa, le bogagapa. Batho ba ba atlegang ba ka nna ba simolola go ikgopola gore ba botoka, mo go felelang ka gore ba ikgogomose le go nna marota. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba agang ba latlhegelwa, ba ka nna ba felela ba itshoga, mo go ka nnang ga dira gore ba felele ba itlhobogile. Fa ba lebagane le dikgatelelo tseo tsa kgaisano tse ba ka se keng ba kgona go lepalepana le tsone, ba ka nna ba itlhophela gore ba tlogele, joo eleng boikutlo jo bo thusang go tlhalosa lebaka la go bo go ipolaya go oketsegela pele jaana mo bathong ba ba santseng ba le basha mo mafatsheng mangwe.
Ka ntateng ya go palelwa ke go neela mongwe le mongwe tse a di tlhokang mo botshelong ka tsela e e lekalekaneng, ditsamaiso tsa itsholelo tse di tlhaelang di ka nna tsa dira gore botho jwa batho bo fetoge go nna ba ba sa anaaneleng, ba ba bopelotshetlha, le ba ba sa kgathaleleng ba bangwe kafa letlhakoreng le lengwe kgotsa go ba ila, go ikutlwela botlhoko, kana go nna le bonokwane kafa go le lengwe. Ka go goleletsa madi le dithoto kwa godimo le go di baya mo boemong jwa bodingwana, papadi e ka kgona go amoga batho bomoya jwa bone ka tsela e e motlhofo fela.
Nonofo E E Tsietsang ya Madi
Morago ga gore madi a simolole go dirisiwa mo sethong, a ne a itswakatswakanya le mokgatlho otlhe wa batho mme ka tsela e e ntseng jalo a laola tsela eo batho ba dirisanang ka yone. Tsamaiso ya ditlhotlhwa e ne ya manega boleng jwa madi mo dithotong le mo dilong tseo di direlwang ba bangwe. Mme go ise go e kae sengwe le sengwe se ne sa simolola go lejwa go lebilwe gore se ja bokae, madi jaanong e nna one selekanyo se boleng jwa dilo bo neng bo lekanngwa ka sone. Lefa go le jalo, seno se ne sa sira boammaaruri jo bo bolelwang sentle ka tsela e e molemo ke pina eno, jwa gore “dilo tse di molemo mo botshelong di bonwa mahala.”
Le batho tota ba ne ba simolola go sekasekwa go ya ka gore ba na le bokae, ba atlholwa go itshetlegile ka gore ba amogela bokae kgotsa ba na le dithoto tse di kana kang. Mmegadikgang ebong Max Lerner o ne a lemoga seno ka 1949, fa a ne a kwala jaana: “Ka mokgwa wa rona re dira banna ba ba nang le madi a mantsintsi bommampodi, mme ebile ga re reetse fela se ba se buang ka se tota ba se itseng, mme gape re reetsa le botlhale jwa bone ka kgang nngwe le nngwe e e ka tswang e buiwa mo lefatsheng.” Bosheng jaana mmegadikgang mongwe o ne a bontsha go sa itumedisiwe ke kgopolo e e ratwang thata ke tautona wa U.S. ya gore boleng jwa motho bo ikaegile ka khumo eo a nang nayo. Mmegadikgang yono o ne a lemoga fa seno e le “sesupo sa go tseelwa kwa godimo ka tsela e e sa tlhokafaleng ga go batla dilo tse di bonalang mo go neng ga dira gore dingwaga tsa bo 1980 e nne ‘Lesome la dingwaga leo mo go lone batho ba ileng ba nna le tshekamelo ya go rata dilo tse di bonalang,’ e le nako eo ka yone motho a atlholwang le go itsiwe go ya ka dithoto tseo a nang natso.”
Go baya madi thata kwa pele le dilo tse a ka di rekang go itshupa go dira gore dikamano magareng ga batho di fetoge selo seo se seng botlhokwa go le kalo. Lekawana lengwe leo le neng le tswa kwa Bangladesh, le ne le na le ntlha fa le ne le akgela jaana morago ga gore le ye kwa Yuropa wa bokapitale: “Batho ba mono ba kgatlhegela dilo go gaisa kafa ba kgatlhegelang batho ka gone; rona kwa gae re kgatlhegela batho go gaisa kafa re kgatlhegelang dilo ka gone.”
Boikutlo jono jwa go rata madi thata gape bo dira gore tiro e se ka ya nna selo sa botlhokwa go le kalo, bo e dira gore e nne selo sa go fitlhelela dikeletso tsa rona fela, gore e nne mokgweleo mme e se ka ya tlhola e nna selo se se itumedisang. Batho ba a bereka, mme eseng ka maikaelelo a gore ba bone boipelo ka ntlha ya go fitlhelela sengwe kgotsa a gore ba itumelele go fa ba bangwe dilo tseo ba di tlhokang, mme go na le moo ba bereka ka maikaelelo a gore ba bone madi fela. Totatota boikutlo jono bo amoga motho boipelo ka ntateng ya gore “go aba go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.
A O Batla Gore Dikgwebo Tse Dikgolo Di Bope Botho jwa Gago?
Dikgatelopele tsa boranyane le boitseanape tse di ileng tsa kgonagala ka ntateng ya go lemoga melao ya tlholego eo e tlhodilweng ke Modimo le go e dirisa di ile gantsi tsa solegela setho molemo. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela fela thata go dirwa ga mekgwa ya segompieno ya go gatisa le ditlhaeletsano le tsa mesepele tse di tokafetseng tse di ba kgonisang gore ba kgone go dira tiro ya bone ya go rera ka tsela eo e leng gore e ne e ka se kgonege fa e ne e se ka tsone.—Mathaio 24:14.
Lefa go le jalo, ga go kake ga ganediwa gore go kgona go dira molemo mo go lerilweng ke kgatelopele eno go ile ga senngwa leina ke batho bao ba ileng ba iteseletsa gore botho jwa bone bo bopiwe ka tsela e eseng ya bomodimo ke bodumedi jwa maaka, dipolotiki tse di sa siamang, le tsamaiso e e sa tlhamalalang ya itsholelo.
A o batla gore go kgona ga gago go dira molemo go senngwe ke botho jo bo sa bopiwang sentle—botho jwa gago? A o tlile go letlelela papadi ya bogagapa go go tlhomela mekgwa e e itshetlegileng felafela ka ditekanyetso tsa madi? o e letlelela gore e dire gore lorato lwa madi le dithoto di nne selo se segolo mo botshelong jwa gago go na le dikamano tsa gago le batho ba bangwe? o e letla go go amoga bomoya jwa gago?
Ereka papadi esale ka e gagamaditse ditomo tsa yone mo sethong fa esale ka 1914, a go na le tsela e ka yone re ka e thibelang gore e se ka ya bopa botho jwa rona? Ee, e teng! Mo godimo ga gore setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono se re bolelele gore tsela eno ke efe, se tla re tlhalosetsa kafa go ka kgonagalang ka teng gore re bone letsatsi leo ka lone setho se tla kgonang go kgwa moya le go bolela jaana: “Ditlhobaelo Tse Di Bakwang ke Madi—Jaanong Di Fedile!”
[Lebokoso mo go tsebe 23]
Dikgwebo Tse Dikgolo Di Thusa go Tshwaya ‘Metlha ya Bofelo’
Ka go bopa botho jwa batho, dikgwebo tse dikgolo di ile tsa thusa mo go neeleng bosupi jwa ‘metlha ya bofelo’ jaaka e tlhalosiwa mo go 2 Timotheo 3:1-4: Me itse seo, go re, mo metlheñ ya bohèlo go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ [go akaretsa le bothata jwa go fenya ditlhobaelo tsa itsholelo]. Gonne batho ba tla nna . . . Baithati: Batho ba ba ratang dilo tse di bonalang ba ikgopola ba le bosi, tota o eleng mokgwa o o kgothalediwang ke phasalatso ya tsa papadi, ka go bolela jaana: ‘O tshwanelwa ke se se molemolemo. Itirele molemo ka bowena. Selo seo o tshwanetseng wa se ela tlhoko pele ke se se solegelang wena ka bowena molemo’
Barati ba madi: Rametlae wa Amerika ebong Mark Twain o kile a re: “Batho bangwe ba obamela maemo, ba bangwe ba obamela bagaka, ba bangwe ba obamela thata, ba bangwe ba obamela Modimo, . . . mme botlhe fela ba obamela madi”
Babelahadi, le baipegi: Radipolotiki mongwe wa Jeremane o ne a bolela jaana fa a bua ka go goga dinao ga difeme dingwe tsa dikhemikale fa di bolelelwa gore di emise go kgotlela: “Ke fitlhela boikutlo jo bogolo joo ba nang le jone e le jo bo maswe fela thata. Ke go ikgogomosa ka ntateng ya go nna le thata”
Ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ: Mokwadi wa Moesemane ebong Thomas Fuller o ne a re, “Dikhumo di go dira gore o eletse dilo le go feta go na le gore di go dire gore o kgotsofale” mme, “Kgwebisano le papadi ya letsatsi le letsatsi gantsi e seoposengwe mo tsietsong”
Ba sena loratō lwa tlhōlègō: Difeme tse ka ntateng ya go batla dipoelo di rekisetsang mafatshe a a tlhabologang didirisiwa tse eleng gore di kganetswe ka molao mo mafelong a mangwe kgotsa di agang madirelo a a diphatsa mo mafatsheng a eleng gore ga a na melao e e gagametseng ya ipabalelo di supa tota fa di sa kgathalele matshelo a ba bangwe go le kalo
Ba ba sa ichwareleñ e le bapateletsi: Motlhalefedi wa tsa itsholelo ebong Adam Smith o ne a re “papadi, e ka tlholego e tshwanetseng go nna selo se se dirang gore merafe e utlwane le gore e fetoge ditsala, le gore go nne jalo mo gare ga batho, e ile ya fetoga selo se segolo se se bakang gore go nne le dikilano le dikgaogano”
Ba sena boithibō, ba le bogale: Go reka go feta selekanyo ka sekoloto, go reka go feta selekanyo ka credit card, le mogopolo wa gore “reka gompieno, o tla duela nako e e tlang,” o o kgothalediwang ke babapatsi e le gore ba ke ba iponele dipoelo ka one, o bontsha go tlhoka boithibo; ditsamaiso tse dingwe tsa papadi di dirisa makoa a batho mme ka jalo di itirele dipoelo ka diokobatsi, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, le go betšha
E se barati ba molemō gopè, e le baoki: Pampiri ya dikgang ebong The German Tribune e a re: “Fa go lebanweng le ditlamorago tse di boitshegang tsa go lwantsha kgotlelo ya tikologo teng, ditekanyetso tsa boitsholo di ka wela kwa tlase fela thata.” Go motlhofo mo bathong ba ba senang ditekanyetso tsa boitsholo go tsietsa ba bangwe e le gore ba kgone go iponela dipoelo ka namana
Ba ba tlhogoethata: Ditlhopha tse di nonofileng, jaaka tse di buelelang ditlhobolo le motsoko, di dirisa madi a a seng kana ka sepe ka botlhogo e thata di leka go laola maikemisetso a sepolotiki gore a dire gore dithekiso tsa bone di tswelele di ntse di le kwa godimo, le mororo dilo tseno tse ba di dirileng di le kotsi mo botsogong le mo pabalesegong ya batho
Ba ba ikgogomosañ: Dilo tse motho a nang le tsone ga se lebaka la gore motho a nne boikgogomoso, le mororo ba ba ratang dilo tse di bonalang ba bua jalo. Radinaane mongwe wa Mogerika ebong Aesop o ne a re: “Go itshupa ke selo se se bokoa go ka se dirisetsa go bontsha boleng jwa botho jo bo ka kwa teng”
Barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo: Papadi ya boitlosobodutu e gatelela thata gore go ijesiwe monate le gore bomoya bo kgaphelwe kwa thoko mme ka go dira jalo e dirile gore go nne le losika lwa batho ba ba tshwakgotsweng ke go batla go ijesa monate le go iitumedisa
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Kgwebo e kgolo e thusitse mo go direng Yuropa gore e nne lefatshe le le ka tswang e le lona le le kgotletsweng go a gaisa otlhe mo lefatsheng