Go Tlhatlogela Kwa Godimo ga Kgwebo ya Lefatshe Le go Wa ga Yone
Karolo 1b—Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Tlhatlhoba tsa Papadi?
GO THATA go akanya ka lefatshe le go senang dikilano tsa sepolotiki mo go lone, le go senang go khutlana ka dijabana ga bodumedi mo go lone, le leo go senang go tlhobaela ka itsholelo. Ga go letsatsi lepe le le fetang re sa amiwe ke dipolotiki, bodumedi, le papadi ka ditsela dipe tse di farologaneng. Go ne go tla felela ka tlhakantsuke fa go ne go ka ntshiwa dipinagare tseo tse tharo tsa mokgatlho wa setho.
Fa go nang le ditlhopha tsa batho di nna mmogo teng, tsamaiso nngwe ya itsholelo—taolo ya tsa mo lapeng—e a tlhokega go ba tlamela ka dithoto le ditirelo tse ba di tlhokang. (Bona lebokose le le fa tlase fano.) Ka jalo lelapa lengwe le lengwe le lwela go nna le itsholelo e e itekanetseng. Ka mo go tshwanang, itsholelo ya puso nngwe le nngwe e akaretsa dintlha tse nne tseno tsa konokono: (1) go tlhomamisa gore ke dithoto le ditirelo dife tse di tla dirwang, (2) go bona gore dithoto le ditirelo tseo di tla dirwa jang, (3) go sekaseka gore dilo tse di dirilweng di tla phatlaladiwa jang, gape le (4) go laola mabaka e le gore itsholelo e kgone go gola ka tsela e e tshwanetseng le gore e kgone go tlamela botlhe ka ditiro.
Ga se mo go ka ganediwang gore ditsamaiso tsa itsholelo tse di dirilweng ke motho di dirile gore botshelo bo nne manobonobo, ka go re tlamela ka dithoto le ditirelo tse rona ka borona re neng re sa kake ra itlamela ka tsone. Ditsamaiso tseno di ile gangwe le gape tsa tokafatsa seemo sa botshelo mo go bonalang. Ditlhaeletsano tse di tokafaditsweng di re kgonisa go fitlhelela batho mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe ka mogala mo metsotswaneng fela, mo metsotsong fela re kgona go ba romelela melaetsa e e kwadilweng, tota le gone go tsamaya go kaya diura fela re bo re kgona go bua le bone matlho a phage a lebane.
Lefa go le jalo, ga re kake ra itlhokomolosa ntlha ya gore tsa papadi di tlhotlheletsa batho ka tsela e e nang le diphelelo tse dikgolo. Yone le bodumedi le dipolotiki, di ka ama bokamoso jwa rona ka bojone.a Go a tshwanela he ka nako eno gore re tlhome ditlhaloganyo tsa rona mo karolong ya boraro ya dikarolo tse di bopang mokgatlho wa setho, eleng papadi. Go tlile jang gore e nne maatla jaana? Le gone e lebile kae? Re amega jang rona ka namana mo go seno?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsogang! e ile ya gatisa metseletsele e mebedi ya dikgang tse di neng tsa supa ka phepafalo kafa seno se ntseng jalo ka gone malebana le bodumedi le ditsamaiso tsa sepolotiki. “Religion’s Future in View of Its Past,” go tswa go January 8 go ya go December 22, 1989; “Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo,” go tswa go August 8, 1990 go ya go January 8, 1991.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Go Tlhalosa tsa Papadi
O ka nna wa go fitlhela go le thata go tlhalosa mafoko a a ntseng jaaka “papadi,” “kgwebisano,” “madirelo,” “kgwebo,” le “itsholelo.” Collins Cobuild English Language Dictionary e tlhalosa “papadi” ka bokhutshwane e re “ke ditsamaiso le dithulaganyo tse di dirisiwang go reka le go rekisa dilo.” Seno ka phepafalo se akaretsa “kgwebisano,” e eleng “tsamaiso ya go reka, go rekisa, kgotsa go ananya dithoto kgotsa ditirelo gareng ga batho, difeme, kgotsa mafatshe.” Gone ke boammaaruri, dithoto di tshwanetse go dirwa kana go rulaganngwa pele ga go ka gwebisanwa ka tsone, thulaganyo eo e itsiwe jaaka “madirelo.” Mme tiro e e amanang thata le papadi le kgwebisano e bidiwa “kgwebo.”
Fa e le “itsholelo” yone, ke “go ithuta ka tsela eo khumo e dirwang ka yone le kafa dithoto le ditirelo di dirisiwang ka gone mo setšhabeng, le kafa madi a tsone a rulaganngwang ka gone, madirelo a tsone, le kgwebisano.” Se se re thusang go tlhaloganya ka botlalo se lefoko le le se rayang ke go bo le tserwe go tswa mo Segerikeng se se neng se tlhalosa taolo ya mo lelapeng kgotsa ya dithoto tseo o nang natso.