Go Tlhatlogela Kwa Godimo ga Kgwebo ya Lefatshe Le go Wa ga Yone
Karolo3—Papadi ya Bogagapa E Itshenola Mabala
FA LEKGOLO la bo 16 la dingwaga le ne le simologa, papadi ya Yuropa e ne e busiwa ke Hanseatic League kwa bokone, le e neng e le mokgatlho wa babapatsi wa ditoropo tsa Jeremane Bokone; mme kwa bophirima e ne e le Engelane le Netherlands; mme kwa borwa e ne e le Venice.
Mo makgolokgolong a dingwaga, Venice e ne e itaola mo kgwebisanong ya menatiso ya dijo. Ditumalano tse di neng di dirilwe le Maarabia, mme morago le Ma-Turkey, di ne tsa atlega mo go tswaleleng bagaisani ba ba ka nnang teng mo ditseleng tsa kgwebisano tsa Botlhaba. Fa bangwe ba ne ba batla go gwetlha go itaola moo, ba ne ba tshwanela go batla ditsela tse disha tsa go ya kwa Botlhaba Jo Bo kwa Kgakala. Go tsoma go ne ga simologa. Mangwe a matswela a go tsoma gono e ne e le go bonwa ga mafatshe a Amerika le go gapiwa ga one.
Erile ka bo 1490 mopapa a neela Potokisi le Spain tetla ya go lwela go gapa lefatshe leo ka nako eo le neng le sa itsiwe. Mme lefa go le jalo e ne e se mabaka a bodumedi fela a a neng a kgothatsa maatla ao a mabedi a Katoliki. Moporofesara Shepard Clough o akgela jaana: “Morago ga gore ba ikabe ka dikarolo tsa lefatshe le le sa tswang go bonwa, e ne e nna semphete o a nkgagola mo go bone ba batla go bapala sepe fela mo go tsa itsholelo mo mafelong a ba sa tswang go a bona ao.” O tlatsa ka gore: “Bofefo joo babulatsela bao ba neng ba solofetse go huma ka jone bo ne bo bontsha bopelotshetlha jo bo senang selekanyo. Seno e ne e le tlhaloso e e kgatlhang thata ya boikaelelo jwa go tlhotlhomisa le jwa megopolo ya go dira dilo e gompieno e nang le tlhotlheletso mo lefatsheng la Bophirima.” Go gwalalela gauta le go batla maloko a kereke go ne ga kgokgoeletsa bafenyi ba Ma-Spain go thopa Lefatshe le Lesha leo.
Ka nako eo, Netherlands e ne e gola go nna mankge mo go tsa papadi, e le tiragalo e go neng go se na ope wa bonkwenkgoga ba papadi yo o neng a ka e kgoreletsa. Tota ebile, ka lekgolo la bo 17 la dingwaga, go ne go itshupa fa e le Engelane e le yosi fela e e neng e ka kgona go lepalepana le Madatšhe. Dikgaisano mo go tsa itsholelo di ne tsa ya magoletsa. Mo dingwageng tse 30 fela, ka 1618, Maesemane ba ne ba menaganya palo ya dikepe tsa bone sebedi; erile mo bogareng jwa lekgolo la bo 17 la dingwaga, dikepe tsa babapatsi ba Madatšhe di bo di feta gane ka palo tsa Italy, Potokisi, le Spain di kopantswe.
Ka jalo boremelelo jwa papadisano mo Yuropa bo ne jwa fuduga go tswa kwa Mediterranean go ya kwa mafatsheng a a mo lotshitshing lwa Atlantic. Clough o ne a e bitsa “phetogo ya papadi” le “nngwe ya dikhuduga tse dikgolo mo hisitoring,” mme a re e ne ya dira “tswelelopele ya itsholelo mo go ileng ga dira gore sepolotiki le ngwao tsa Yuropa Bophirima e nne tshosoerweleng mo ngwaong ya Bophirima.”
Mebusomegolo Ga E Bopiwe ka Tsela ya Tshiamo Fela
Erile ka 1602 Madatšhe a kopanya dikhampani di le dintsi tsa kgwebisano tse di neng di tsamaisiwa ke babapatsi ba bone mme ba bopa Dutch East India Company. Mo dingwageng tse di ileng tsa latela, mo godimo ga go nna le katlego e e seng kana ka sepe ya papadi kwa Japane le Java, e ile ya ntsha Potokisi kwa jaanong go bidiwang Malaysia Bophirima, Sri Lanka, le Moluccas (Spice Islands). Clough a re, “fela jaaka Mapotokisi le Ma-Spain, [Madatšhe] ba ne ba batla go ikgagapelela melemo ya kgwebisano le Botlhaba.” Mme seo ga se gakgamatse! Kgwebisano e ne e tsenya madi a mantsi mo eleng gore erile ka lekgolo la bo 17 la dingwaga, Netherlands ya bo e le lone lefatshe le le humileng go gaisa fa go lekanngwa ka madi a kgaoganngwa ka ditlhogo tsa batho mo Yuropa Bophirima. Amsterdam e ne ya nna boremelelo jwa tsa madi le kgwebisano tsa mafatshe a Bophirima.—Bona lebokose, tsebe 32.
Denmark le Fora di ne tsa dira dikhampani tsa mofuta oo. Mme ya ntlha, le e e bileng ya felela e le yone e e nonofileng go gaisa, e ne ya simololwa ka 1600, e go neng go twe English East India Company. E ne ya emisetsa Mafora le Mapotokisi kwa India. Kwa morago Maesemane ba ne gape ba di goga kwa pele mo go tsa papadi kwa Tšhaena.
Ka nako eo, mo Karolong e e kwa Bophirima ya Lefatshe, Dutch West India Company e ne e gweba ka sukiri, motsoko, le boboa. Mme erile morago ga gore Maesemane ba tseye Hudson’s Bay Company kwa Canada ka 1670, ba ne ba tlhagafalela go batla tsela ya bokone bophirima e e yang kwa Pacific, ereka ba ne ba gwebisana le mafatshe a a bapileng le Hudson Bay.
Mmegadikgang ebong Peter Newman a re go betabetana ga Hudson’s Bay Company le nngwe ya tse di gaisanang nayo, eleng North West Company, “e ne e le ga kgwebo go lwelwa marekisetso le boboa, mme erile go ise go e kae ga bo go fetoga e nna go batla thata le naga. . . . Ba ne ba rarabolola kgang eo ka tshololo ya madi.” Ba ba ileng ba amega thata ke Maindia ba dikhampani tseo di neng di gwebisana le bone. A re, “go ne go rekwa boboa ka bojalwa,” mme a tlatsa ka gore “yone kgwebisano eno ya bojalwa e ne ya fetola malapa go nna matagwa le go senya ngwao ya Seindia.”a
Ka tsela e e ntseng jalo ga nna le mebusomegolo e mebedi e e nonofileng e e nang le tlhotlheletso, e e sa agiwang ka tsela ya tshiamo fela—mme gape le ka tshololo ya madi! Papadi ya bogagapa e ne e itshenola mabala. Fela jaaka The Columbia History of the World e bolela: “Madatšhe le Maesemane ba ne ba paoganya mawatle a lefatshe e le baemedi ba dikhampani tsa papadi . . . Mo dikhampaning tseno moya wa go dira dipoelo e ne e le one konokono.”—Mokwalo o mosesane o dirilwe ke rona jalo.
Go Dira Dipoelo ka go Ja Ba Bangwe Ntsoma
Go tloga ka lekgolo la bo 16 go ya go la bo 18 la dingwaga tsamaiso ya itsholelo e e neng e bidiwa 1mercantilism e ne ya tlhotlheletsa thata dikgopolo mo Yuropa. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “[Tsamaiso ya mercantilism] e ne e gatelela gore go kokoanya khumo, bogolo jang khumo ya gauta, e ne e le selo sa botlhokwa go di gaisa mo maikemisetsong a setšhaba. . . . Maikemisetso a kgwebo a a neng a laolwa ke kgopolo eno ya mercantilism go tsamaisa itsholelo a ne a papametse: eleng go kgothaletsa gore go rekisediwe mafatshe a mangwe, go kgoreletsa go reka kwa mafatsheng a mangwe, le go amogela gauta e le tuelelo ya dipoelo tsa thekiso.”
Go diragadiwa ga maikemisetso ano gantsi go ne go felela ka ditshiamololo tse di maswe. Mafatshe a dikoloni a ne a jewa ntsoma fa gauta ya one e ne e tsewa go ya go solegela molemo lefatshe le le a busang. Ka bokhutshwane fela, tsamaiso ya mercantilism e supa boikgagapeledi, moya wa bopelotshetlha o o saleng o rotloetswa ke tsa papadi go tswa fela kwa tshimologong ya yone, e leng moya o o santseng o le teng le letsatsing leno.
Go ne go na le ba ba nyatsang tsamaiso ya mercantilism, mongwe wa ba ba itsegeng ba ba neng ba dira jalo ke monna wa Mosekotšhe yo o neng a bidiwa Adam Smith. Smith yo o neng a le motlhalefedi wa tsa loago ebile a itse itsholelo ya sepolotiki, o ne a kwala mo patlisisong eo e neng e dirilwe malebana le tsa itsholelo ka 1776 e e neng e na le setlhogo se se reng An Inquiry Into the Nature and Causes of the Wealth of Nations. Lemororo Smith a ne a sa dumalane le tsamaiso ya mercantilism, o ne a se ka a kgala go dira dipoelo o di direla go ikgotsofatsa. Go na le moo, o ne a re batho ba gogwa ke “lebogo le le sa bonaleng” le le ba kgoromeletsang go tsenelela dikgaisano mo go tsa itsholelo ba gwalaleletse go ikgotsofatsa; mme a re go batla go ikgotsofatsa gone moo, go ka solegela setšhaba ka kakaretso molemo.
Smith o ne a buelela mogopolo wa laissez-faire (Sefora: “mma ba itirele”), e le mogopolo o o reng mebuso e tshwanetse go tsaya karolo e potlana ka mo go ka kgonagalang mo mererong ya itsholelo ya batho ka namana. Mme ka tsela e e ntseng jalo a tlhalosa ka phepafalo mogopolo o o tlwaelegileng wa bokapitale.
Bokapitale, eleng yone tsamaiso e gompieno e di gogang kwa pele, mme le jaaka bangwe ba bua, eleng yone tsamaiso ya itsholelo e e atlegileng go gaisa, mo go yone batho ba kgona gore dithoto e nne tsa bone ka namana, go na le kgwebisano e e gololesegileng gareng ga batho ka bongwe kgotsa dikhampani tse di gaisanang go bona dipoelo. Hisitori ya bokapitalise jaaka re bo itse gompieno e simologile ka lekgolo la bo 16 la dingwaga kwa ditoropong tsa bogare le kwa bokone jwa Italy, mme legale medi ya jone yone e tswa kgakala thata. Professor Emeritus wa Histori ebong Elias J. Bickerman o tlhalosa gore “tiriso ya lefoko la sekgoa ‘capital’ mo go tsa itsholelo, go tswa mo go la Selatine caput, le le rayang ‘tlhogo,’ le tswa mo go la Sebabelona leo le lone le neng le raya ‘tlhogo’ mme ebile le na le bokao jo bo tshwanang mo go tsa itsholelo.”
Papadi e itshenola mabala fa go tla mo go gwalaleleng go ikgotsofatsa ka namana kgotsa jaaka setšhaba. Ka sekai, ga e a ka ya ikgogona go swaetsa boammaaruri. The Collins Atlas of World History e a re: “Modiri wa dimmapa o ile a tsaya karolo mo togamaanong ya papadi, mme mo mabakeng a mangwe a bo a nna legolegwa ka ntata ya one. Mafelo a ba ileng ba a bona a ne a itshupa a na le khumo e eseng kana ka sepe. A modiradimmapa o ne a tla letlelelwa go neela lefatshe tshedimosetso eno? A e ne e se gore bogolo a e fitlhele bape fela ba ba neng ba ka nna bagaisani? . . . Ka lekgolo la lesome le bosupa la dingwaga, Dutch East India Company e ne ya se ka ya anamisa dikwalo tse di neng di ka neela bagaisani ka yone tshedimosetso.”
Papadi e ne ya dira se se maswe le go feta. Go tloga ka lekgolo la bo 17 go ya go la bo 19 la dingwaga, e ne ya gweba ka go rekisa Maafrika a a fopholediwang go nna dimelione di le some jaaka makgoba, bao diketekete tsa bone di ileng tsa swela mo tseleng go ya kwa mafatsheng a Amerika. Buka ya ga Alex Haley e go tweng Roots, le motshameko wa yone wa thelebishene wa 1977, di ile tsa supa kafa tiragalo eno e neng e le maswe ka gone.
Ditena tsa Kago—Di Ne Di Tla Dirisiwa Jang?
Go tswa fela kwa tshimologong ya hisitori ya setho, motho yo o sa itekanelang o ile a ithuta dilo ka go nna a lekeletsa. Ba ile ba lemoga boammaaruri jwa motheo jwa saense, eseng ka go senolelwa ke Modimo, nnyaa mme e ne e le ka go tsaya matsapa ba batlisisa kgotsa fa gongwe ka go bo wela ba sa solofela, eleng boammaaruri jo ba ileng ba bo dirisa go tlhama dilo tse disha. Erile ka 1750, fa Great Britain e simolola go tlogela itsholelo e e ikaegileng ka temothuo jaanong e tsena mo go e eleng gore madirelo le tiriso ya dimatšhine ke tsone konokono, dingwe tsa dilo tseno tse di tlhamilweng—fela jaaka ditena tsa kago—di ne di le teng go dirisiwa mo go ageng lefatshe le lesha.
Lefetlho, le le neng le sale le itsege kwa Iran le kwa Afghanistan bogologolong jole ka lekgolo la borataro kgotsa la bosupa la dingwaga C.E., le ne la baakanyetsa tsela ya go bonwa le go dirwa ga metswedi e mengwe ya maatlatiriso. A mme papadi ya bogagapa e ne e tla itetla go ithontsha dipoelo tse di kwa godimo e le gore e tlhomamise gore metswedi eno ga e diphatsa, ga e kgotlele, le gore e ka ikanngwa? Kgotsa a e ne e tlile go dirisa mathata a tlhaelo ya maatlatiriso go itsholegela molemo—gongwe ebile e le yone e a dirang—go itirela dipoelo?
Mosidi wa tlhobolo, o o neng wa tlhamiwa kwa China ka lekgolo la bolesome la dingwaga, e ne ya nna thuso mo meepong le mo ditirong tsa kago. A mme papadi ya bogagapa e ne e tla nna le moya wa setho le bopelokgale jwa go ikgogona go o dirisa go dira dibetsa tse di neng di tla humisa badiri ba tsone ka go fedisa matshelo a batho?
Tshipi, e gongwe e neng e le teng kwa China fa esale ka lekgolo la borataro la dingwaga C.E., ke yone e tlileng pele ga setale se e neng e le sone se neng se tla dirisiwa go aga lefatshe la motlha ono. A mme papadi ya bogagapa e ne e tla itetla go fokotsa dipoelo e le gore e tle e kgoreletse kgotlelo, dikotsi, le go pitlagana mo go neng go tla tla le motlha wa madirelo?
Seo se ne se tla itshupa fa nako e ntse e tsamaya. Lefa go le jalo, ditena tseno tsa kago le tse dingwe di ne di tla thusa mo go lereng diphetogo mo lefatsheng, tse eleng gore ka botsone, di ne di tla thusa go gogela go sengwe se lefatshe le neng le ise le ko le se bone pele. Bala ka seno mo setlhogong sa rona se se latelang: “Diphetogo tsa Madirelo—Di Ne Tsa Tlisa Eng?”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Sengwe gape se se neng sa amiwa thata ke papadi ya bopelotshetlha kwa Lefatsheng le Lesha e ne e le dinare tse di dimilione tse 60 tsa Amerika Bokone tse, tota ka boammaaruri, ba neng ba di fetsa losika, mme gantsi ba ipatlela matlalo le maleme fela.
[Lebokoso mo go tsebe 32]
Kgwebo ya Dibanka
B.C.E.: Ditempele tsa bogologolo tsa Babelona le Gerika di ne di tshwarela batho madi a ditshipi go ba a bolokela; jaanong ereka batho ba ne ba sa batle madi a bone ka nako e le nngwe fela, a mangwe a ne a kgona go adimiwa ba bangwe.
Dingwaga tsa Bogareng: Mokgwa wa dibanka wa motlha ono o ne wa simologa, o ne wa simololwa ke babapatsi ba Mantariana ba ba neng ba neeletsa baruti ba ba neng ba tsamaya go ba ela le makwalo a a supang boemo jwa madi go tswa lefatsheng le lengwe go ya go le lengwe; kwa Engelane badiri ba gauta ba ne ba simolola go lopa morokotso mo mading a ba neng ba a adima batho a ba neng ba a neetswe go a boloka.
1408: Tsamaiso e ba bangwe ba reng ke yone e tsamaiso ya motlha ono wa dibanka e simolotseng ka yone e ne ya simololwa kwa Genoa, Italy, mme ya latelwa ke tse di tshwanang nayo kwa Venice (1587) le Amsterdam (1609). Raditiragalo mongwe a re “go neelwa ga ditlamelo ka matsetseleko ke Banka ya Amsterdam go ne ga tlatseletsa mo go direng gore Amsterdam e nne boremelelo jwa tsa madi mo lefatsheng lotlhe.”
1661: Banka ya Stockholm, e e neng ya tswa mo Bankeng ya Amsterdam, e ne ya simolola go neela dikwalo tsa banka (ditsholofetso tsa banka gore e tla duela yo o tshwereng lekwalo loo), mokgwa o erileng kwa morago Maesemane ba o tlhabolola.
1670: Kwa Lontone, go ne ga simololwa thulaganyo e e neng e le ya ntlha ya mofuta wa yone, e ka yone go duelana diakhaonto le madi a a lo tshwanetseng go neng go dirwa; go simololwa ga tšheke jaaka re e itse gompieno, gape mo ngwageng one ono, go ne ga kgonisa motho yo o beileng madi go isa dirasiti tsa madi a a beilweng kwa dibankeng tse dingwe kgotsa karolo ya madi a a mo saletseng go batho ba bangwe.
1694: Go tlhongwa ga Banka ya Engelane, e leng banka e e neng ya fetoga e e di gogang kwa pele mo tirisong ya madi a dipampiri (ke yone e e neng ya dira madi a dipampiri).
1944: Go ne ga dirwa Banka ya Meraferafe ya go Ikaga Sesha le Ditlhabololo, e gape e bidiwang Banka ya Lefatshe, e leng setheo se se kgethegileng se se amanang thata le Lekgotla la Merafe E E Kopaneng se se diretsweng go thusa mafatshe ka madi a eleng maloko gore a ikage sesha le go a dirisa mo ditirong tsa ditlhabololo.
1946: Go ne ga tlhongwa Lekgotla la tsa Madi la Meraferafe go “rotloetsa tirisanommogo mo go tsa madi, go itshekisa tsamaiso ya tsa madi, go godisa kgwebisano; go fitlhelela tharabololo ya mathata a ditirisano tsa papadi tsa mafatshe.”—The Concise Columbia Encyclopedia.
1989: Delors Plan e akantsha gore European Community e dirise madi a le mangwe fela le gore e tlhome Banka ya Yuropa ka bo 1990.
1991: Go ne ga bulwa Banka ya Yuropa ya go Ikaga Sesha le Ditlhabololo, e le setheo se se theilweng ka 1990 ke ditšhaba di le 40 go neela thuso ya madi go aga sesha itsholelo e e koafetseng ya Yuropa Botlhaba.