Go Tlhatlogela Kwa Godimo ga Kgwebo ya Lefatshe Le go Wa ga Yone
Karolo 4—Diphetogo tsa Madirelo—Di Ne tsa Tlisa Eng?
DIPHETOGO tsa madirelo di ne tsa simologa mo lekgolong la bo 18 la dingwaga mme tsa fetola lefatshe jaaka dilo di sekae di ne di ile tsa le fetola pele ga tsone. Kitso ya boranyane, madi a a lekaneng, go nna teng ga diretala, go nna le kgonego ya go ka rora diretala tseno le tse di dirilweng ka tsone kwantle ga ditshenyegelo tse dikgolo—tseno le tse dingwe tse di neng di tlhokafala pele ga go ka nna le tswelelopele mo madirelong di ne jaanong tsa nna teng mo Engelane. Seno se ne sa tsala koketsego e e gakgamatsang le e e neng ya diragala ka bofefo ya go dirwa ga dithoto.
Lefa go le jalo, ditiragalo tse di neng di diragetse go le pele, di ne tsa bulela seno tsela. Magala, a a neng a le ntletsentletse kwa Borithane, a ne a simolola go dirisiwa jaaka setuki. Mo godimo ga moo, ka nako ya fa Lefatshe la Yuropa le ne le kgautlhagantswe ke dintwa tsa bodumedi, Engelane yone e ne e sa ritibetse. Lefatshe leo gape le ne le na le tsamaiso ya dibanka ya maemo a a kwa godimo. Le go kgaogana ga lone le Kereke ya Roma Katoliki go ne go na le tema ya gone, ereka Boporotesetanta bo ne bo gatelela gore go nne le go ema sentle ka bofefo mo itsholelong, ka go dira jalo ba leka go dira legodimo gone mo lefatsheng mo, jaaka go ka tualo.
Go simolola ka dingwaga tsa bo 1740, palo ya batho ba Borithane e ne ya gola fela thata. Madirelo a ne a tshwanetse go batla ditsela tse disha tsa go itepatepanya le koketsego ya dilo tse di tlhokegang. Kgoro ya botso e ne e itshupa ka phepafalo e le ya go dirisa dimatšhini tse dintsi le tse di botoka. Fa jaaka dibanka di ne di ntse di rulaganya madi a go simolola dikgwebo tse disha, matshutitshuti a babereki a ne a ologela kwa madirelong a a tletseng ka dimatšhine. Makgotla a babereki a a neng a kile a bo a kganetswe, jaanong a ne a letleletswe semolao. Babereki ba Borithane, ba ba neng ba sa kgorelediwe thata ke melao ya makgotla a babapatsi jaaka babereki ba kwa Lefatsheng la Yuropa, ba ne ba duelwa go ya ka tiro eo ba e dirileng. Seno se ne sa ba rotloetsa le go feta gore ba batle mekgwa e e botoka ya go dira dithoto ka bofefo.
Borithane e ne gape e na le badiri ba ba rutetsweng tiro sentle. Moperofesara Shepard B. Clough a re “diyunibesithi tsa Glasgow le Edinburgh di ne di sena thaka mo dikgannyeng tsa dipatlisiso le ditekeletso tsa boranyane fa lekgolo la bosomerobedi la dingwaga le ne le ela go fela.” Ka jalo, diphetogo tsa madirelo di ne tsa anamela kwa Yuropa le kwa United States, Borithane e le yone e e di gogang kwa pele. Mo mafatsheng a a tlhabologang kgang eno e santse e tsweletse le gompieno.
Bomaswe jwa Diphetogo Tseno
The Columbia History of the World e a re, ka ntata ya dikgatelopele tseno, “go ne go tlhabiwa kgobe ka mmitlwa kwa ditoropong tsa Engelane, mme seno se bonwa ka maemo a botshelo a a tokafetseng, mokgwa o o neng o gola wa go leba dilo ka tsela e e rileng fela, le go oketsega ga boikgogomoso le go itshepa.” Borithane e ne gape “ya nna nkwenkgoga mo go tsa bosole, bogolo jang jwa lewatle, mo go ileng ga e neela thata mo ‘mererong’ ya lefatshe.” Go kgona ditiro dingwe tsa madirelo fela thata go ne ga kgonisa lefatshe leo go nna le maatla a a fetang a mafatshe ao le iteisanang borathana le lona mo go tsa itsholelo. Diphiri tsa lona tsa madirelo di ne di le botlhokwa fela thata mo eleng gore go bile ga dirwa melao ya go thibela gore di se ka tsa itsiwe ke mang le mang.
Ka sekai, erile Samuel Slater a tlogela Borithane ka 1789 o ne a itoba ereka badiri ba madirelo a matsela ba ne ba sa letlelelwe go fudugela kwa mafatsheng a sele. O ne a tlola melao e e kganelang go ntshiwa mo lefatsheng leo ga ditogamaano tsa madirelo a matsela ka go tshwara ka tlhogo ditshwantsho tsotlhe tsa motšhini o o otlhang matsela wa Borithane. Seno se ne sa dira gore a kgone go aga madirelo a a otlhang tlhale a ntlha go nna teng kwa United States.
Molao wa go sa rothise mmutla madi ka diphiri tsa kgwebisano o santse o le teng. Makasine wa Time o akgela ka gore “dikhampani le mafatshe di tsoma diphiri tsa kgwebo jaaka ditlhapi tsa dishaka ekete o kare di a tsenwa ka nako ya dijo.” Go utswa kitso ya yo mongwe go ka go bolokela nako e ntsi eo o neng o ka e senya mo dipatlisisong ka ditshenyegelo tse di seng kana ka sepe. Ka jalo “e ka tswa se se dirilweng e le molemo kana borotho jo bo butswang ka ponyo ya leitlho, dikhampani di tshwenyegile fela thata le go feta pele ka go batla ditsela tsa go bipa diphiri tsa tsone tsa kgwebisano.” Mongwe yo o direlang jaaka mohiri mo madirelong mangwe a electronics o ne a dumalana jaana: “Mo go tsa kgwebo ga se bogagapa ke tlang lo bone. Fa o ka tshwara fa lefureng sentle, khumo ya gago e tla rotha ka menwana go ise go ye kae.”
Madirelo a go otlhiwa ga matsela a re bontsha bomaswe jwa kgatelopele ya itsholelo. E ne ya re fa mekgwa e mesha ya go otlha tlhale e ne e dira gore go kgonege go otlha tlhale ka dimatšhini, go batlega ga tlhale go tswa mo diretaleng go ne ga gola. Mme go ne go tlhokega nako e ntsi go e baakanya ka matsogo mo eleng gore e ne e sa kgone go tlisiwa ka selekanyo seo e neng e batlega ka sone. Mme, erile ka 1793, Eli Whitney o ne a tlhama motšhini o o fulang tlhale o bo o e photha. Mo dingwageng tse 20 fela setlhare sa tlhale sa bo se lengwa ka bogolo jo bo fetang jwa pele ka makgetlo a le 57 mo U.S.! Mme fela jaaka Moporofesara Clough a bolela, selo seno se se neng sa tlhangwa ke Whitney se ne sa dira gore “go okediwe masimo le go dirisiwa ga Maaferika jaaka makgoba.” Clough o tlhalosa gore, le mororo motšhini o o fulang tlhale o bo o e photha “o ne o na le mosola, o ile wa kgotletsa go tlhoka kutlwano goo go ileng ga nna teng gareng ga dikgaolo tsa Bokone le Borwa, goo e neng ya re kgabagare ga felela ka Ntwa gareng ga Dikgaolo tseo.”
Diphetogo tsa madirelo di ile tsa thusa mo go nneng teng ga tsamaiso ya madirelo a matona a a laolwang ke bahumi. E ne e le bahumi fela ba ba neng ba ka kgona go reka dimatšhini tse di turang, tse bogolo jwa tsone le bokete jwa tsone bo neng bo tlhoka gore di beiwe mo dikagong tsa sennafoo, tse di agilweng sentle. Dikago tseo di ne di agilwe koo eleng gore maatla a ne a le teng le koo diretala di neng di ka isiwa teng ka ditshenyegelo tse di kwa tlase. Ka jalo dikgwebo di ne di ganelela mo go kgobokaneleng mo mafelong a magolo a madirelo.
Go dirisiwa mo itsholelong ga maatla—a e neng e le metsi pele mme kwa morago ya nna phofodi—a a neng a tlhokega go tsamaisa dimatšhini a ne a tlhoka gore go dirisiwe di le dintsi ka nako e le nngwe fela. Ka jalo madirelo a ne a gola. Mme fa a ntse a gola jaana, kamano ya batho yone e ne ya ngotlega. Bathapiwa ba ne ba sa tlhole ba berekela batho; ba ne jaanong ba berekela dikhampani.
Fa dikgwebo di ntse di gola, go palelwa ke go di bonela madi le gone go ne ga gola. Dikgwebo tse di tshwaraganetsweng di ne tsa ata, le tse dingwe tse di tshwaraganetsweng ka tsela e e sa patikeng thata semolao mo maloko a ka nnang a somoga nako nngwe le nngwe, tse di neng tsa thaega lantlha ka lekgolo la bo 17 la dingwaga, di ne tsa itsetsepela. (Bona lebokose.) Mme lefa go ntse jalo seno se ne sa dira gore thata e felele e le mo diatleng tsa batho ba sekae fela, ereka beng ba dikgwebo kgotsa ba ba tsentseng seatla mo go tsone, ba ne ba na le taolo e potlana mo botsamaising jwa tsone. Borakgwebo ba ba neng ba direla jaaka baokamedi ba dikhampani tse dintsi kgotsa dibanka ba ne ba na le thata e eseng kana ka sepe. Clough o bua ka “bookamedi jo bo mapatlapatla” jo a reng ka jone “setlhophanyana sa batho se kgona go rulaganya tsela eo dikgwebo di ka bonang madi ka yone, se kgona go gana go adima bagaisani ka sone madi, mme se ka nna le thata mo eleng gore se ka rulaganya le melao ya bogoromente le gone go menola mebuso e e sa e siamelang.”—Mokwalo o mosesane ke wa rona.
Ka jalo, diphetogo tsa madirelo di ne tsa neela papadi thata e e oketsegileng. A mme e ne e tla dirisiwa ka tshwanelo?
A Ke Kgwebo E E Gololesegileng Kana E E Laolwang?
Bokapitalise bo ne jwa ata fela thata kwa Engelane. Bokapitalise, joo gape bo itsiweng jaaka tsamaiso ya kgwebo e e gololesegileng kana itsholelo e e laolwang ke seemo sa mmaraka, bo ile jwa humisa ba bantsi fela thata le go dira seemo se se gaisang sa botshelo mo hisitoring.
Lefa go ntse jalo, tota le baemanokeng ba batona ba tsamaiso ya bokapitalise ba dumela gore e na le makoa a yone. Ka sekai, go gola ga itsholelo ga se mo go ka ikanngwang mo tsamaisong ya bokapitalise. Go sa tlhomama ga yone gangwe le gape go baka go gola le go wa ga itsholelo, go atlega le go phutlhama ga dikgwebo. Go khubula mo go kileng ga bo go bakiwa ke maemo a a tswang koo jaaka dintwa le maemo a bosa jaanong go ka bakiwa ke itsholelo ka boyone.
Bokoa jwa bobedi ke gore le mororo e dira dithoto tse dintle, gantsi tsamaiso ya bokapitalise e nna le ditlamorago tse di maswe—mosi, leswe le le diphatsa, kana seemo se se sa siamang sa kwa tirong. Diphetogo tsa madirelo di ne tsa baya seno mo pepeneneng, ka go tlatseletsa mo go se se bidiwang go gotela ga lefatshe le ditlamorago tsa gone tse di sa batlegeng.a
Mathata a boraro a bokapitalise ke gore ga bo tlhomamise gore khumo kana dilo tse di dirilweng di kgaoganngwe ka tekatekanyo. Ka sekai fela, bona kwa United States. Ka 1986 malapa a koo a a humanegileng a eleng nngwe tlhanong ya batho ba koo a ne a amogela selekanyo se se kwa tlase ga 5 lekgolong sa madi otlhe a lefatshe leo, fa nngwe tlhanong ya malapa a a humileng go gaisa otlhe a ne a amogela madi a a batlileng go tshwara 45 lekgolong ya madi otlhe a lefatshe leo.
Makoa a bokapitalise a ne a se ka a fitlhega, jaaka fa bo ne bo aloga ka diphetogo tsa madirelo. Banna ba ba tshwanang le bo Karl Marx ba ne ba bo kgala, ba re bo emisediwe ka tsamaiso ya itsholelo e e laolwang ke puso kana e e rulaganngwang ke puso. Ba ne ba buelela mogopolo wa gore goromente o tshwanetse go tlhoma mekgele ya go dirwa ga dithoto, a laole ditlhotlhwa tsa dilo, a bo a tsamaise kgwebo ka tsela e e tla itlhokomolosang go leba motho ka namana. Mme jaaka go ntse gompieno, tsamaiso eno ga e sa tlhole e kgatlha ope, morago ga e sena go lekelediwa kwa Soviet Union le kwa Yuropa Botlhaba ka dingwaga di le masomesome. Itsholelo e e laolwang e dira sentle fa go tlhokega gore go dirwe ditogamaano tsa lepotapota, jaaka ka nako ya ntwa kana fa go dirwa dithulaganyo tsa didirisiwa tse di rorisediwang kwa lefaufaung. Fela fa e le mo tsamaisong ya letsatsi le letsatsi ya botshelo, e tlhaelela kgakala.
Lefa go le jalo, baemanokeng ba bokapitalise ba a dumalana, fela jaaka go dirile Adam Smith, yo bo ikaegileng thata ka thuto ya gagwe, gore go tsenya letsogo ga goromente mo itsholelong ga go kake ga tilwa gotlhelele. Gore go kgonwe go ka rarabolola mathata a a tshwanang le a koketsego e e sa laolesegeng ya ditlhotlhwa le go tlhoka mebereko ka katlego e e rileng, ke goromente a tshwanetseng go lebana le one. Ke gone ka moo, merafe e mentsi e e nang le tsamaiso ya kgwebo e e gololesegileng e ileng ya furalela bokapitalise jwa thoothoo mme ya dirisa tsamaiso e e tlhakaneng ya itsholelo.
Ka ntata ya tiragalo eno 1990 Britannica Book of the Year e bonela seno pele: “Go lebega e kare kgabagare . . . ditsamaiso tsa itsholelo di ka nna tsa latlhegelwa ke dingwe tsa dipharologanyo tsa tsone tse dikgolo tseo di neng di itsege ka tsone mo nakong e e fetileng mme go na le moo di tlile mo seemong se eleng gore dintlha tsa itsholelo ya mmaraka le e e laolwang di tla dirisiwa mmogo ka selekanyo se se farologaneng. Merafe e ka nna ya bo e santse e ka tswelela e ikaya e le ya bokapitalise kgotsa ya bojammogo, mme lefa go le jalo e tla bo e ka nna ya bo e bontsha mekgwa e e tshwanang ya go rarabolola mathata a yone a itsholelo fela jaaka gongwe e tla bo e santse e supa dipharologanyo tse dikgolo.”
E Na Le Seabe mo go Direng Mathata
Erile ka 1914, Ntwa ya Lefatshe I ya bo e simologa. Fela jaaka seno se ne se diragala, papadi ya bogagapa ke fa e ipapanne sentle go rulaganya ka ditlhobolo, dikoloi tsa ntwa, le difofane tse mafatshe a a neng a lwantshana a a neng a di tlhoka mme e le tseo diphetogo tsa madirelo di neng di dirile gore go kgonege go ka di dira.
The Columbia History of the World e a re le mororo “kgatelopele ya madirelo e thusitse mo go rarabololeng mathata a mantsi a senama a motho,” e ile gape “ya nna le seabe mo mathateng a loago a a maswe fela thata ebile a raraane.”
Gompieno, dingwaga tse 78 go tswa go 1914, re na le mabaka a mantsi go feta le pele a go dumalana le mafoko ano. Ka mo go tshwanelang he, setlhogo se se latelang mo motseletseleng ono ke se se reng “Dikgwebo Tse Dikgolo Di Gagamatsa Ditomo tsa Tsone.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Awake! ya September 8, 1989.
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Dimmaraka—Tshimologo le Bowelo jwa Tsone
Mo lekgolong la bo 17 la dingwaga, go simolola kgwebo e ntšha ka go kopanya madi a bagwebi ba le mmalwa e ne e le selo se se tlwaelegileng. Diabe tsa mmaraka di ne di rekisiwa ka tlhotlhwa e e rileng. Thulaganyo eno ya go pataganela kgwebo go ile ga bolelwa gore ke nngwe ya dilo tse dikgolo tse di kileng tsa tlhangwa mo tsamaisong ya kgwebo. Maesemane ba ne ba lekeletsa dithulaganyo tsa mofuta oo di le dintsinyana mo dingwageng tsa bo 1500, mme di ne tsa anama morago ga go bopiwa ga English East India Company ka 1600.
Fela jaaka fa palo ya dikhampani tse di pataganetsweng e ne e ntse e gola, go ne ga nna fela jalo le ka go tlhokega ga batsereganyi ba mmaraka. Kwa tshimologong ba ne ba kopana le ba ba dirisanang le bone mo mafelong a a farologaneng, fa gongwe e le kwa mafelong a go nwelwang kofi kwa go one. Mme morago, mafelo a kananyo a ne a tlhongwa e le ao a neng a tla thusa ka mafelo a a tlhomameng a go ka berekelwang dilo tsa mmaraka mo go one. London Stock Exchange e ne ya simololwa ka 1773. Mme gongwe e kgologolo mo tsone tsotlhe mo lefatsheng ke ya kwa Amsterdam, e bangwe ba reng e butswe ka 1642, kgotsa e ka tswa e le e e kwa Antwerp, e bangwe ba bolelang fa esale e le teng go tloga ka 1531.
Dikhampani tse di tshwaraganetsweng di ka nowa moro ka ditsela tseno: di thusa ka madi a a lekaneng go ka tsamaisa dikgwebo tse ditona; di fa batho ka kakaretso sebaka sa go dirisa madi le eleng a tota eseng a sepe; di fokotsa ditatlhegelo go mongwe le mongwe wa ba ba tsentseng letsogo ka nako e go tsogang mathata ka yone; di letlelela gore ba ba nang le diabe ba bone madi ka bofefo ka go rekisa karolo kgotsa diabe tsotlhe tsa bone; mme gape di letlelela gore diabe di ka abiwa jaaka boswa.
Lefa go le jalo, go khubula mo go neng go sa solofelwa ga ditlhotlhwa tsa mmaraka go ka raya mathata. Gape, jaaka fa seno se supilwe ke ditiragalo tsa bosheng tsa Wall Street, go ka nna ga dirisiwa maretshwa a a seng kafa molaong mo mmarakeng, tseo gongwe di dirwang ka dikgwebisano tsa sephiri, mokgwa o tota ebileng e le o o ntseng o ata. Batho ba dirisa kana ba rekisa kitso ya se se tlileng go diragala pele ga se diragala—fa gongwe e le kitso e e leng malebana le go kopanngwa ga dikhampani dingwe mo go tla tlogang go diragala—mme ka go dira jalo ba iponela dipoelo ka go rekisiwa ga diabe tsa difeme tseo. Tsala ya rre mongwe yo o neng a latofalediwa go dira seno ka 1989 o ne a re seno se tsalwa ke bopelotshetlha. Le mororo mo mafatsheng a le mantsi go tsewa dikgato tsa go kganela kgwebisano ya sephiri, makasine wa Time o ne wa akgela jaana: “Melao e le yosi ga e a lekana go rarabolola bothata jono.”
Bothata jono bo tla rarabololelwa ruri ka nako ya letsatsi la katlholo la ga Jehofa le le ntseng le atamela ka bofefo. Selefera le gauta di tla bo di sena mosola, le mebaraka le ditumalano tsa teng di tla bo di sena mosola fa e se wa go kwalwa ga tsone mo dipampiring tse di kwaletsweng mo go tsone fela. Esekiele 7:19 e a re: “Ba tla latlhèla selefera sa bōnè mo mebileñ, gouda ea bōnè e tla nna yaka selō se se itshekologileñ.” Sefania 1:18 e tswelela ka go bolela gore: “Go le selefera sa bōnè, le gouda ea bōnè, ga di kake tsa ba golola mo motlheñ oa bogale yoa ga Yehofa.”
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go tlhamiwa ga motšhini o o fulang tlhale o bo o e photha go ne ga baka go ntsifala ga bokgoba
[Motswedi wa Setshwantsho]
The Old Print Shop/Kenneth M. Newman