Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo
Karolo 7—Go Batlana le Mokgele wa Konokono (Utopia) ka Tsela ya Dipolotiki
Bosošialise: ke tsamaiso ya bojammogo eo e buelelang gore dilo tsa ntshodikuno di tshwanetse tsa nna tsa Puso ebile e le yone e di laolang mme ebile ke eo makomonisi ba e lebang jaaka karolo eo e fa gare ga bokapitalise le bokomonisi; Bokomonisi: ke tsamaiso ya bosošialise eo e buelelang gore go se ka ga nna le ditlhopha tsa bahumi le bahumanegi, gore dilo tsa ntshodikuno mmogo le metswedi ya dijo di tlhakanelwe ke botlhe, le gore dilwana tsa itsholelo di abiwe ka tekatekano.
DITLHAMANE tsa Segerika di bolela ka modimo mongwe wa Bagerika o o bidiwang Cronus, oo ka nako ya puso ya one Greece e neng e le mo motlheng wa go tlhaba kgobe ka mutlwa. “Botlhe ba ne ba na le seabe ka tekatekano mo dilong tseo di neng di tlhakanetswe ke botlhe, go ne go sena dilo tseo eleng tsa motho ka namana, mme go ne go rena kagiso le kutlwano go sena sepe seo se di tshwenyang,” go tlhalosa jalo Dictionary of the History of Ideas. One motswedi oo wa tshedimosetso o tlatsa ka go re: “Metlhala ya ntlha ya bosošialise e tlhaga mo selelong sa go lelela ‘Motlha’ o o latlhegileng ‘wa go Tlhaba Kgobe ka Mutlwa.’”
Lefa go ntse jalo, e ne ya se ka ya nna go fitlhela mo masimologong a masome a dingwaga a lekgolo la dingwaga la bo 19 mmogo le mo bogareng jwa tsone bosošialise bo ileng jwa tlhagisa nko ya jone jaaka mokgatlho wa segompieno wa sepolotiki. Bo ne jwa amogelwa ka atla tsoopedi, segolobogolo kwa Fora, eleng koo Menolopuso e Kgolo ya Fora e neng e ile ya reketlisa dikgopolo tsa ka nako eo thata. Koo, jaaka fa go ne go ntse kwa dinageng tse dingwe tsa Yuropa, Phetogo E Kgolo mo go tsa itsholelo e ne ya baka gore go nne le mathata a a masisi a loago. Batho ba ne ba siametse go ka amogela kgopolo ya gore fa dilo tsa ntshodikuno e nna tsa batho botlhe mo boemong jwa gore e nne tsa batho ka namana seo se ne se tla kgonisa batho ka bontsi gore ba nne le seabe se se lekanang mo maungong a tiro e e tlhakanetsweng.
Bosošialise ga se kgopolo e ntšha. Borramatlhale ba Magerika ebong Aristotle mmogo le Plato ba ne ba kwala ka jone. E ne ya re moragonyana ga moo, ka nako ya Diphetogo tse Dikgolo tsa Boporotesetanta tsa lekgolo la bo 16 la dingwaga, Thomas Müntzer, eleng moruti wa Mokatoliki wa kwa Jeremane yo o neng a batla gore go nne le diphetogo tse di tseneletseng, o ne a batla gore baagi e nne ba ba senang ditlhopha tsa ba ba humileng le ba ba humanegileng. Mme lefa go ntse jalo go ne go sa dumalanwe le dikgopolo tseno tsa gagwe, segolobogolo fa a ne a ikuela gore go dirisiwe dikgoka go tlisa diphetogo tseno, fa go tlhokafala, e le gore go ke go fitlhelelwe mokgele ono. Mo lekgolong la bo 19 la dingwaga, monna mongwe wa Mo-Wales ebong Robert Owen, monna wa Mofora ebong Étienne Cabet mmogo le Pierre-Joseph Proudhon, mmogo le palo e ntsi ya batho ba bangwe bao ba neng ba batla gore go nne le diphetogo mo loagong, bao magareng ga bone go neng go na le baruti ba ba tumileng, ba ne ba ruta gore bosošialise tota ke leina le lengwe la Bokeresete.
Mekgele ya Konokono ya ga Marx le More
Mme lefa go ntse jalo “ga go na ope wa babueledi bano ba bosošialise,” go bolela jalo buka ya tshupiso eo e umakilweng fa godimo, “yoo a neng a nna le tlhotlheletso e e tshwanang le eo Karl Marx a neng a nna le yone, yoo dibuka tse a di kwadileng di neng tsa fetoga leje la kgokgotsho la go akanya ga bosošialise mmogo le ditiro tsa jone.”a Marx o ne a ruta gore ka ntlha ya go kgaratlha goo go dirwang ke batho bao ba nang le ditlhopha tsa ba ba humileng le ba ba humanegileng, hisitori e nna e gatela pele kgato ka kgato; fela fa tsamaiso ya sepolotiki e e molemolemo e sena go bonwa, hisitori ya go ya ka kgopolo eo e tla fela. Tsamaiso eno e e molemolemo e tla rarabolola mathata ao batho ba mo nakong e e fetileng ba neng ba na le one. Mongwe le mongwe o tla nna mo kagisong, ka kgololesego, le ka katlego, go sa tlhole go tlhokega gore go nne le dipuso kana le mephato ya sesole.
Seno se utlwala ka tsela e e tshwanang ka mo go gakgamatsang le seo moeteledipele yo o botlhale wa sepolotiki wa kwa Borithane ebong Sir Thomas More a neng a se tlhalosa ka 1516 mo bukeng ya gagwe ya Utopia. Lefoko leno, leo eleng leina la Segerika leo More a le itiretseng, le bolela “lefelo le le seong” (ou-topos), mme go ka diragala gore gongwe maikaelelo a gagwe e ne e le go le dirisa ka tsela e e tshegisang gore le utlwale jaaka lefoko leno le le tshwanang le lone eleng eu-topos, leo le kayang “lefelo le le molemo.” Utopia [mokgele wa konokono] oo More a neng a kwala ka one e ne e le naga eo a neng a e ikakanyetsa fela (lefelo leo le seong) eleng leo, lefa go ntse jalo, e neng e le naga e e molemolemo (lefelo le le molemo). Ka gone, “Utopia” (mokgele wa konokono) jaanong e bolela “lefelo le le molemolemo thata segolobogolo mo melaong, mo pusong, mmogo le mo maemong a loago.” Buka ya ga More e ne e le kgalo e e phepafetseng sentle kgatlhanong le maemo a tsa itsholelo le a loago ao a neng a se molemolemo go le kalo ao a neng a le teng ka motlha wa gagwe kwa Yuropa, segolobogolo kwa Engelane, mme ao e neng ya re morago ga moo a tlatseletsa mo goreng go nne le bosošialise.
Dikgopolo tsa ga Marx gape di ne di bontsha maikutlo a ga rramatlhale wa Mojeremane ebong Georg Wilhelm Friedrich Hegel. Go ya ka Dictionary of the History of Ideas, “bosošialise jwa ga Marx jo bo neng bo bolelela matlhotlhapelo pele, jo bo nang le bodumedi kafa teng bo ne bo bopilwe ke go sha thutobomodimo ya Bokeresete leina le lesha ka tsela ya borramatlhale ga ga Hegel.” Ka ntlha ya boitemogelo jono joo a neng a na le jone malebana le “thutobomodimo ya Bokeresete jwa go batla gore go nne le diphetogo tse di tseneletseng,” go tlhalosa jalo mokwadi Georg Sabine, Marx o ne a na le “kgono ya go ikuela ka tsela e e maatla thata ya boitshwaro, a tshegediwa ke tumelo ya gagwe eo e neng e na le bodumedi kafa teng. E ne e se sepe fela fa e se boikuelo jwa gore go tsenwe mo mogwantong wa tlhabologo le wa se se tshwanetseng.” Bosošialise e ne e le tlhotlheletso e e maatla eo e neng e tlile go nna teng mo isagweng; gongwe, bangwe ba ne ba ithaya ba re e ne e le Bokeresete bo gwantela phenyong ka leina le lesha!
Tsela ya go Tswa kwa Bokapitaleng go Ya Mokgeleng wa Konokono
Marx o ne a tshela go fitlhela a gatisa bolumo ya gagwe ya ntlha fela ya dikgatiso tsa gagwe tsa Das Kapital. Tse pedi tsa bofelo e nngwe ya tsone e ne ya kwalwa le go gatisiwa ka 1885 mme e nngwe ka 1894 ke moemanokeng wa gagwe yo mogolo, ebong Friedrich Engels, rramatlhale wa bosošialise wa Mojeremane. Das Kapital e ne ya tsaya matsapa a go tlhalosa hisitori e e amanang le bokapitale, eleng tsamaiso ya tsa itsholelo e e tshwanang le e e mo dipusong tsa boemedi tsa temokeratiki tsa mofuta wa kwa Bophirima. Ereka bokapitale bo theilwe mo kgwebong e e sa laolweng mmogo le mo kgaisanong eo Puso e senang seatla mo go yone, Marx o tlhalosa gore bokapitale bo naya batho dilo tsa ntshodikuno mmogo le go anamisiwa ga tsone gore e nne tsa bone ka namana. Go ya ka Marx, bokapitale bo dira gore go nne le setlhopha sa batlotlegi mmogo le setlhopha sa babereki, bo baka gore go nne le letlhoo magareng ga ditlhopha tseno ka bobedi jwa tsone mme seo se felela ka gore sa babereki se gatelelwe. Marx o ne a dirisa dikgatiso tsa boraikonomi ba ba tlwaelegileng go ka tshegetsa maikutlo a gagwe, mme a bolela gore bokapitale tota ga bo na temokeratiki, le gore bosošialise ke jone mokgele wa konokono mo pusong ya temokeratiki, bo solegela batho molemo ka go rotloetsa gore go nne le tekatekano le kgololesego mo gare ga batho.
Mokgele oo wa konokono o ne o tla fitlhelelwa fela fa bahumanegi ba sena go ema ka dinao le go tlisa diphetogo ka dikgoka mme ba tlose kgatelelo ya bahumi mo godimo ga bone, ba tlhoma seo Marx a neng a se bitsa “puso ya bokgokgontshi ya bahumanegi.” (Bona bokose, tsebe .) Lefa go ntse jalo, maikutlo a gagwe a ne a fetoga fa nako e ntse e tsamaya. O ne a simolola go dumela dikgopolo di le pedi tse di farologaneng tsa go tlisa diphetogo, e nngwe e le ya go di tlisa ka dikgoka mme e nngwe e le e e tsayang lobaka, mme di diragala ka bonya. Seno se ne sa tsosa potso e e kgatlhisang.
A Mokgele wa Konokono O Ne O Tla Fitlhelelwa ka go Tlisa Diphetogo ka Dikgoka Kana ka go Di Letla Gore Di Itlele Fela ka Iketlo?
Lefoko “bokomonisi” le tswa mo go la Selatina eleng communis, leo le kayang “selo se se tlhakanetsweng, seo eleng sa botlhe.” Jaaka bosošialise, bokomonisi bo bolela gore kgwebo fa e se kafa tlase ga puso seo se felela ka gore go nne le go tlhoka mmereko, lehuma, go sa tlhomamang ga kgwebo, le go sa utlwaneng magareng ga badiri le bathapi. Tharabololo ya mathata ano ke gore mahumo a morafe a abiwe ka tekatekano le ka tsela e e nang le tshiamo.
Mme le fa go ntse jalo fa lekgolo la bofelo la dingwaga le ne le fela, baemanokeng ba ga Marx ba ne ba setse ba sa utlwane malebana le gore go ka fitlhelelwa jang mekgele eno eo go dumalanweng ka yone. Mo masimologong a bo 1900, karolo eo ya mokgatlho wa bosošialise eo e neng e sa dumalane le gore diphetogo di tlisiwe ka dikgoka mme o buelela gore go berekelwe mo teng ga tsamaiso ya temokeratiki e e nang le palamente e ne ya nna le maatla, mme ya fetoga seo jaanong se bidiwang bosošialise jwa temokeratiki. Jono ke bosošialise joo gompieno bo fitlhelwang kwa dinageng tsa temokeratiki tse di ntseng jaaka Federal Republic of Germany, Fora, le Borithane. Mo maikemisetsong le mo maikaelelong otlhe a one, makoko ano ga a batle kgopolo ya mmatota ya Bo-Marxist mme seo a se kgatlhegelang fela ke gore a bopele baagi ba one naga e e humileng.
Lefa go ntse jalo, moemanokeng mongwe yo o tlhoafetseng wa ga Marx yoo a neng a dumela thata gore mokgele wa konokono wa bokomonisi o ne o ka fitlhelelwa fela ka go tlisa diphetogo ka dikgoka e ne e le Lenin. Dithuto tsa gagwe, mmogo le Bo-Marxist, ke tsone motheo wa bokomonisi jo bo tlwaelegileng jwa segompieno. Lenin, eleng leina leo a neng a le itšha mo boemong jwa la Vladimir Ilich Ulyanov, o ne a tsalwa ka 1870 kwa lefelong leo jaanong eleng Soviet Union. Ka 1889 o ne a fetoga moemanokeng wa Bo-Marxist. Morago ga 1900, fa a sena go nna lobaka lo lo rileng a tshediseditswe molelwane kwa Siberia, o ne a nna nako e telele a le kwa Yuropa Bophirima. Ka nako ya fa puso ya bo-czar e ne e sena go menolwa, o ne a boela kwa Russia, a tlhoma Lekoko la Russia la Bokomonisi, mme o ne a etelela Menolopuso ya Ba-Bolshevik pele. Morago ga moo o ne a direla jaaka moeteledipele wa Soviet Union go fitlhela a swa ka 1924. O ne a leba Lekoko la Bokomonisi jaaka setlhopha se se laolang se se laegileng thata, sa bamenolapuso bao ba sireletsang bahumanegi. Ba-Menshevik ba ne ba se ka ba dumalana le seo.—Bona bokose, tsebe .
Pharologano eo e leng teng magareng ga mokgwa wa go tlisa diphetogo ka dikgoka le wa go di letla gore di itlele ka bonya ga e tlhole e lemotshega sentle. Ka 1978 buka ya Comparing Political Systems: Power and Policy in Three Worlds e ne ya akgela jaana: “Bokomonisi ga bo na maikutlo a a tshwanang malebana le kafa go ka fitlhelelwang mekgele ya Bosošialise ka gone. . . . Dipharologano tseo di leng gone magareng ga Bokomonisi le Bosošialise jwa Temokeratiki di fokotsegile thata.” Jaanong, ka 1990, mafoko ano a na le bokao jo bo oketsegileng jaaka fa bokomonisi bo diragalelwa ke diphetogo tse di boitshegang jaana kwa Yuropa Botlhaba.
Bokomonisi Bo Busetsa Bodumedi
“Re tlhoka ditekanyetso tsa semoya tsa boitshwaro . . . Ditekanyetso tsa boitshwaro tseo bodumedi bo ileng jwa di anamisa mmogo le go nna le tsone go ralala makgolo a dingwaga di ka thusa mo tirong ya go ntšhafatsa dilo le kwa nageng ya rona.” Ga se batho ba le kalo bao ba neng ba akanya gore ba tla tsamaya ba utlwa mafoko ano a tswa mo molomong wa mokwaledikakaretso wa Lekoko la Bokomonisi la Soviet Union. Mme lefa go ntse jalo ka November 30, 1989, Mikhail Gorbachev o ne a dira kitsiso eno e e gakgamatsang e e bontshang go fetola maikutlo malebana le tsela eo a lebang bodumedi ka yone ka nako ya fa a ne a etetse Italy.
A seno gongwe se tshegetsa kgopolo ya gore Bakeresete ba pele e ne e le makomonisi ka bobone, ba dirisa mofuta mongwe wa bosošialise jwa Bokeresete? Batho bangwe ba dira maiphako ano, ba supa Ditihō 4:32, eo e bolelang jaana ka Bakeresete ba kwa Jerusalema: “Me dilō cotlhe ba ne ba di tlhakanetse.” Lefa go ntse jalo, patlisiso e bontsha gore seno e ne e le thulaganyo ya nakwana fela eo e neng e bakilwe ke maemo a tshoganyetso, eseng tsamaiso e e nnelang ruri ya bosošialise jwa “Bokeresete.” Ka gonne ba ne ba kgaogana dilo tse di bonalang tseo ba neng ba na natso ka tsela ya lorato, “le gōna ga bo go se opè mo go bōnè eo o tlhōkañ.” Ee, “ga abèlwa moñwe le moñwe, kaha o tlhōkañ ka gōna.”—Ditihō 4:34, 35.
“Glasnost” le “Perestroika”
Fa esale go tloga ka dikgwedi tsa fa dingwaga tsa bo 1989 di ne di ya bofelong, Soviet Union mmogo le dipuso ka yone tse dingwe tsa Bokomonisi tsa kwa Yuropa Botlhaba di ile tsa nna le mathata a a jesang kgakge a sepolotiki. Ka lesego ka ntlha ya mokgwa wa go busa wa glasnost, kana go bua puo phaa, diphetogo tseno di bonwe ke mang le mang. Batho ba Yuropa Botlhaba ba ile ba batla gore go nne le diphetogo tse dikgolo tseo, go ya bokgakaleng jo bo rileng, ba ileng ba di newa. Baeteledipele ba bokomonisi ba ile ba dumalana gore go tlhokafala gore go nne le tsamaiso e e akanyetsang batho mmogo le go ba utlwela botlhoko mme ba ile ba ikuela gore go “tlhagisiwe bosošialise jwa mofuta o mongwe, jo bo bo tlhabologileng le jo bo nang le katlego go feta jwa ga jaanong,” Jaaka fa rraikonomi mongwe wa kwa Poland a ile a tlhalosa seno jalo.
Yo mogolo mo baeteledingpele bano ke Gorbachev, yoo, ka bonako fela morago ga a sena go rwala marapo ka 1985, a ileng a simolola kgopolo ya perestroika (go aga sesha). Ka nako eo a neng a etetse kwa Italy ka yone, o ne a buelela perestroika a re e botlhokwa go ka fitlhelela dikgwetlho tsa dingwaga tsa bo 1990. O ne a bolela jaana: “Ereka dinaga tsa bosošialise di tsene mo tseleng ya go dira diphetogo tse di tseneletseng, di kgabaganya mola oo go pota ka kwa ga one go se kakeng ga kgonega go ka boela morago kwa dilong tsa nako e e fetileng. Lefa go ntse jalo, go phoso go ganelela mo go boleleng, jaaka fa ba le bantsi ba kwa Bophirima ba bolela, gore seno ke go wa ga bosošialise. Mo boemong jwa seo, go bolela gore bosošialise mo lefatsheng bo tla latela kgatelopele ya jone go ya pele ka dibopego tse dintsi.”
Ka gone baeteledipele ba bokomonisi ga ba a iketleeletsa go ka dumalana le tlhaloso eo e dirilweng ngogola ke mmegadikgang ebong Charles Krauthammer, yoo o neng a kwala jaana: “Potso eno e e ganang go ka arabega eo rramatlhale mongwe mongwe wa dipolotiki a sa bolong go amega ka yone fa esale go tloga ka Plato—eleng ya gore ke puso efe eo e leng ya mofuta o o botoka go di phala tsotlhe?—e arabilwe. Morago ga dingwaga di le dikete di le mmalwa re ntse re leka mofuta mongwe le mongwe wa tsamaiso ya sepolotiki, re konela sekete seno sa dingwaga re na le kitso e e tlhomameng ya gore re bone seo re sa bolong go nna re se batla mo pusong ya temokeratiki e e sa gateleleng batho, e e makoko mantsi ya bokapitale.”
Lefa go ntse jalo, lekwalodikgang la Jeremane eleng Die Zeit le dumalana fela kwantle ga go etsaetsega malebana le kafa puso ya temokeratiki ya mofuta wa Bophirima e nang le leina le le maswe ka gone, e lebisa tlhokomelo go “go tlhoka tiro, go tswa makgoba a dinotagi mmogo le a diokobatsi, boaka, go fokodiwa ga dithuso tsa loago, go fokodiwa ga makgetho le ditlhaelo tsa matlotlo,” mme morago ga moo le bo le botsa jaana: “A tota ono ke one mokgatlho wa batho oo o senang le fa e le phosonyana oo ka metlha o ileng wa nna wa bona phenyo kgatlhanong le bosošialise?”
Seane sengwe se se tlwaelegileng se bolela gore mmampodi ga a ipone se se mo tlhogong. Ke mofuta ofe tota wa puso ya motho eo e ka kgonang go ka kgala diphoso tsa e nngwe? Mabaka a bontsha gore puso ya motho eo e senang lefa e le phosonyana—eleng mokgele wa konokono—ga e yo. Borradipolotiki ba santse ba batlana le “lefelo le le molemo.” E santse e le “lefelo le le seong” go ka bonwa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Marx, yoo o tsetsweng ke batsadi bao eleng Bajuda ka 1818 kwa go seo ka nako eo e neng e le Prussia, o tsene sekolo kwa Jeremane a bo a bereka jaaka mmegadikgang gone koo; morago ga 1849 o ne a nna karolo e ntsi ya botshelo jwa gagwe a le kwa Lontone, eleng koo a swetseng teng ka 1883.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
MAFOKO A A TLHALOSANG BOSOŠIALISE LE BOKOMONISI
BA-BOLSHEVIK/BA-MENSHEVIK: Social Democratic Labor Party ya kwa Russia eo e tlhomilweng ka 1898 eo e neng ya kgaogana go nna ditlhopha di le pedi ka 1903; Ba-Bolshevik, fa le tsewa fela jaaka le ntse le bolela “maloko a bontsi,” ba ba neng ba le kafa tlase ga ga Lenin, ba ne ba rata go ka boloka lekoko leno le le lebotlana, le na le palo e e kwa tlase ya badiradiphetogo ba ba laegileng; Ba-Menshevik, leo le kayang “maloko a ba ba palopotlana,” ba ne ba rata gore lekoko la bone le nne le maloko a le mantsi le dirisa mekgwa ya setemokeratiki.
BATLOTLEGI/BADIDI: Marx o ne a ruta gore badidi (eleng setlhopha sa babereki) se ne se tla menola batlotlegi (eleng setlhopha sa bahumi, go akaretsa le bao ba nang le difeketori), ba bo ba tlhoma “puso ya bokgokgontshi ya badidi,” ka gone ba dira gore go se ka ga nna le ditlhopha tsa bahumi le tsa bahumanegi mo setšhabeng.
COMINTERN: Khutshwafatso ya Communist International (kana, Third International), eleng lekgotla leo le neng la tlhongwa ke Lenin ka 1919 go ka rotloetsa bokomonisi; le ne la phatlaladiwa ka 1943, la First International le ne la nna gone pele ga lone (1864-76), eleng leo le neng la tsala ditlhopha di le dintsi tsa bosošialise tsa kwa Yuropa, la Second International le lone le ne la nna teng pele ga lone (1889-1919), leo eleng palamente ya boditšhabatšhaba ya makoko a bosošialise.
LEKWALO LA BOIKEMISETSO LA BOKOMONISI: Polelo eo e neng ya dirwa ke Marx le Engels ya melao ya konokono ya bosošialise jwa saense eo e nang le lobaka lo lotelele e direla jaaka motheo wa makoko a Bosošialise le a Bokomonisi a kwa Yuropa.
BOKOMONISI JWA YUROPA: Bokomonisi jwa makoko a Bokomonisi a kwa Yuropa Bophirima; ao a ikemetseng ka nosi mo boeteledingpele jwa Soviet ebile a iketleeleditse go dira a le seoposengwe le dipuso tse dingwe, bo bolela gore “puso ya bokgokgontshi ya badidi” ga e sa tlhole e tlhokafala.
BOSOŠIALISE JWA SAENSE/JWA MOKGELE WA KONOKONO: Mafoko ao a neng a dirisiwa ke Marx go farologanya dithuto tsa gagwe, tseo a neng a bolela gore di theilwe mo patlisisong e e dirilweng ka tsela ya saense mo hisitoring le mo mekgweng eo bokapitalisi bo dirang ka yone mmogo le dithuto tsa bosošialise tseo eleng tsa go fitlhelela mokgele wa konokono fela tseo di neng di rutwa ke baenyanapele ba gagwe.