LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 1/8 ts. 3-6
  • ‘Mme Lebota la Pirigana Fa Fatshe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Mme Lebota la Pirigana Fa Fatshe’
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ntwa ya Molomo E Fedile?
  • Puso ya Temokeratiki E Na le Ditlamorago tsa Yone Tse Di Seng Monate
  • Mafoko a Konokono, Diphetogo tsa Konokono
  • Go Kopanngwa Sesha ga Jeremane—A Ke Tshegofatso Kana Ke Phutso?
  • Kafa Diphetogo Tseno Di Ka go Amang ka Gone
  • Kgolo E E Boitshegang
    Tsogang!—1992
  • Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa Botlhaba
    Tsogang!—1991
  • A Tsela eo Maemo a Dilo a Leng ka Yone e Molemo Jaaka fa e Bonala?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ba Ne Ba Ipela Kwa Yuropa Botlhaba
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 1/8 ts. 3-6

‘Mme Lebota la Pirigana Fa Fatshe’

“KE MANG yo o neng a ka dumela seno?” “Ga ke ise ke ko ke tsamaye ke akanye gore seno se tla diragala ke santse ke tshela!” Dikakgelo tseno di bakilwe ke eng? Di bakilwe di go senngwa ga Lebota la Berlin leo le neng le sa bewe sebete le dilo tsotlhe tseo le neng le di emela, goo go simologileng ka November 1989.a Baagi ba Berlin Botlhaba ba ne ba thelesegela mo Berlin Bophirima, bangwe ba bone ba batla go ikutlwisa dilo tse di itumedisang tse di tlhwatlhwakgolo tsa bokapitalise mme ba bangwe ba batla go boa ba kopana le ba malapa a bone gape.

Go senngwa moo ga lebota leno go ne ga bulela bontsi tsela. Ba le bantsi ba ne ba akanya gore Yuropa Botlhaba e ne e ka se ke e tlhole e tshwana le pele gape.

A Ntwa ya Molomo E Fedile?

Selo se se tlhomologileng thata go feta go wa ga Lebota la Berlin e nnile go wa ga lebota la kgopolo leo le neng le kgaoganya Botlhaba le Bophirima. Ka tshoganyetso fela Ntwa ya Molomo ga e sa tlhole e le teng gotlhelele. Jaaka fa kolonele wa pele wa Sesole sa United States ebong David Hackworth a kwadile go Newsweek jaana: “Ntwa ya Molomo e fedile. Le eleng batho bao ba nang le kilo e e boteng ya go ka bolaya mokomonise go itshireletsa ba a dumela gore e fedile.”

Go ya ka pampiri ya Jeremane e go tweng Stuttgarter Zeitung, le eleng NATO (North Atlantic Treaty Organization), mo kokoanong eo e neng e tshwaretswe kwa Lontone July 1990, e ile ya dumela gore Ntwa ya Molomo e khutlile. Kafa tlase ga setlhogo se se reng “kgolagano ya Atlantic E Laela Motlha wa Ntwa ya Molomo la Bofelo,” The German Tribune e tsopola pampiri ya Stuttgart e re: “Morago ga dingwaga di le 41 tsa dikgotlhang [le merafe ya dinaga tse di welang go Soviet] baeteledipele ba ba 16 ba Nato ba ne ba bula tsela ya gore go dirisiwe leano le lesha mme ba laetse motlha wa ntwa ya molomo la bofelo. . . . letlhoo le ne le tla emisediwa ka tirisanommogo . . .Polokesego le boitsetsepelo . . . di ne di se kitla di tlhola di tlhomamisiwa fela ka sesole mme e leng ka mokgwa wa go nna tekatekanyo, wa go buisana le wa go nna le tirisanommogo mo Yuropa yotlhe.” Yuropa ga e sa tlhole e le lefelo la dikgotlhang tse di thibelang kagiso mme jaanong mafatshe a Botlhabagare ke one a fetogileng go nna lefelo leno.

Puso ya Temokeratiki E Na le Ditlamorago tsa Yone Tse Di Seng Monate

Puso ya temokeratiki, e go tweng mo go yone batho ba itlhophela se ba se batlang, ke mofuta o o ratwang wa dipolotiki mo malatsing ano. Mme mo e ka nnang mongwe le mongwe o ya le bontsi mo kgannyeng eno. Mme lefa go ntse jalo go na le ditlamorago tse di seng monate mo go seno. Dikamano tse di botoka magareng ga Botlhaba le Bophirima jo bo nang le puso ya temokeratiki e e nang le bokapitalise ga di itlele fela go sena mathata. Bakwadi ba Asiaweek ba akgetse jaana: “Dinaga tsa se jaanong tota se ka se keng sa bidiwa mafatshe a a elwang go Soviet di mo nthagarageng ya tsa ikonomi . . . Puso ya temokeratiki e salwa morago ke ditlamorago tse di seng monate . . . Puso ya temokeratiki e na le dinonofo di le dintsi tse di tlhokegang, mme boitsetsepelo jo bo feletseng ga se nngwe ya tsone.” Ke bomang bao ba welwang ke ditlamorago tse di seng monate tsa diphetogo tseno tse di dirang gore go nne le setšhaba se se nang le kgololesego e kgolwane, sa puso ya batho ka batho, jaaka se bidiwa?

Dimilione tsa batho kwa Poland, Jeremane botlhaba, le kwa mafelong a mangwe ba lemoga gore go fetoga go tswa mo ikonoming e e laolwang felo go le gongwe go ya mo tsamaisong ya papadi e e senang dithibelo kwa tshimologong go tla le go tlhoka ditiro le bohutsana. Fa madirelo a ntse a leka go tokafala le go oketsa kgaisano mo gare ga one, go nna le dilo tse dintsintsi go feta tekano go a itelekela. Dikarolo tse dingwe tsa setšhaba le tsone di amega tota mo go seno—eleng madirelo a sesole le a dibetsa. Ka tsela efe?

Jaaka fa go tshabana le go ilana mo go neng go le fa gare ga Botlhaba le Bophirima go fela jaana, tlhokafalo ya gore go nniwe le masole a mantsintsi le yone e a fokotsega. Masole a le dikete di le makgolokgolo le malapa a bone jaanong ba tla tshwanelwa ke gore ba tlwaele botshelo jo eseng jwa sesole le dikgatelelo tsa jone. Dipaakanyetso tsa madi tseo di neng di diretswe itshireletso di ka nna tsa tshwanelwa ke gore di fokodiwe. Diotoro tse di yang kwa madirelong a dibetsa di ka nna tsa fokotsega, mme badiri ba tsone ba ka nna ba tshwanelwa ke gore ba dire mofuta o sele wa dilwana. Babereki ba ka nna ba tshwanelwa ke gore ba fetole mebereko mme ba ithute mekgwa e mesha ya go dira dilo.

Phetogo eno e e gakgamatsang ebile e kopakopanya dilo ya kwa Yuropa Botlhaba e dirile gore go nne le seemo se sesha gotlhelele sa boditšhabatšhaba. Seno sotlhe se diragetse jang?

Mafoko a Konokono, Diphetogo tsa Konokono

Selo sa konokono mo diphetogong tseno e nnile boikutlo jo bosha jwa go sa itshunye nko jo bo bontshitsweng ke Soviet Union. Mo nakong e e fetileng letshogo la go tlhaselwa ga Hungary (1956) le Czechoslovakia (1968) ke Soviet le ne la thibela matsholo a a batlang diphetogo a Yuropa Botlhaba gore a seka a rokgonyega. Mme go bo Poland ka dingwaga tsa bo 1980 a ne a itemogela kgwetlho ya mokgatlho wa Solidarity le go fetoga ga morafe ka iketlo o fetogela mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho go ne ga bontsha gore maikemisetso a pele a Soviet a go tsenelela ka sesole a ne a fetogile. Boitemogelo jwa Poland bo ne jwa supa gore dithako tse di nonofileng tsa Sekomonise di ne di simolola go reketla le gore phetogo ya kagiso, ya ka iketlo e ne e ka kgonega, mme go na le ditlamorago tse di seng monate. Mme lefa go ntse jalo ke eng seo se dirileng gore seno sotlhe se kgonagale?

Go ya ka baakgedi bangwe ba tsa dipolotiki, selo sa konokono mo diphetogong tsotlhe tsa Yuropa Botlhaba e nnile maikemisetso a a botlhokwa thata a bao ba etelelang pele kwa Soviet Union kafa tlase ga kaelo ya tautona wa U.S.S.R., ebong Mikhail Gorbachev. Ka February 1990 o ne a re: “Lekoko la Bokomonisi la Soviet le simolotse perestroika [go bopa setšhaba sesha] mme la tsweledisa kgopolo le maikemisetso a yone. Diphetogo tse dikgolo tse di feletseng tseo di akaretsang dikarolo tsotlhe tsa botshelo le mefuta yotlhe ya batho di ile tsa tlhomiwa mo nageng eno ka one maikaelelo ano. . . . diphetogo tsa ka pele, tseo popego le tlhago ya tsone di sa tlwaelegang, di diragala go ya ka thulaganyo eno ya perestroika.”

Jaaka fa Asiaweek e akgetse jaana: “Gompieno, lemororo go na le dipoelomorago dingwe, boikuelo [jwa ga Gorbachev] jwa go batla glasnost (go nna le maikutlo a a bulegileng) le perestroika (go bopa dilo sesha) di ile tsa kgothatsa batho bao ba ratang diphetogo kwa Hungary, Poland le go ralala Mafatshe a a welang go Soviet.” Mafoko ano a mabedi a konokono a Se-Russia, eleng glasnost le perestroika, a tsene mo tlotlofokong ya lefatshe fa e sale ka Gorbachev a tsaya marapo a puso kwa Soviet Union ka 1985. A dirile gore go nne le boikutlo jo bosha malebana le puso mo mafatsheng a Sekomonise.

Moakgedi wa tsa sepolotiki ebong Philippe Marcovici, fa a ne a kwala mo lokwalopakeng lo lo tshegetsang ngwao lwa Fora lo go tweng Le Quotidien de Paris kaga diphetogo tsa kwa Czechoslovakia, o ne a re diphetogo tseno di diragetse “ka thuso ya Moscow, ka gonne selo se le sengwe se phepafetse: eleng gore Ma-Soviet ga ba a ka ba letlelela gore seo se diragale fela; ba ile ba tlhomamisa gore Czechoslovakia, jaaka dipuso tse dingwe tsa temokeratiki, e tswe mologapeng loo e neng e tswaletswe mo go lone. . . . Kwa Prague le kwa Berlin Botlhaba, dipopelelo tse dikgolo di ile tsa fefosa diphetogo; batho ba ba neng ba gwantela kwa mebileng ba ne ba pateletsa babusi gore ba ineele mme ba role tiro.”

Diphelelo e ile ya nna gore, jaaka e kete go thunya ga Thaba ya St. Helens ya sepolotiki, puso ya temokeratiki le boipuso di ile tsa anama le Yuropa Botlhaba yotlhe mo nakong ya dikgwedi di sekae fela—Poland, Jeremane Botlhaba, Hungary, Czechoslovakia, Bulgaria, le Romania.

Go Kopanngwa Sesha ga Jeremane—A Ke Tshegofatso Kana Ke Phutso?

Eo ke potso eo ba le bantsi kwa Yuropa jaanong ba e sekasekang. Mafatshe a mabedi a Jeremane a ile a tlhoma kutlwano mo go tsa madi ka July 1990 mme a fitlhelela kutlwano mo go tsa dipolotiki ka October. E re ntswa seno se dira gore dimilione di ipele, gape se dira gore ba le bantsi kwa Yuropa ba rorome. Seno se kopanyeletsa bangwe ba ba kwa Jeremane botlhaba bao ba ka nnang ba tshwanelwa ke gore ba tlogele magae a bone mme ba a neele beng ba one ba pele bao ba leng kwa Jeremane bophirima. Go sa kgathalesege go bo baeteledipele bangwe ba Borithane ba ile ba nna le dingongorego dingwe kwa thoko, setlhogo sengwe se segolo sa pampiri ya dikgang ya Borithane se boletse jaana: “Re Tla Tshwanelwa Fela Ke Gore Re Tshepe Jeremane E E Tsetsweng Sesha Eno.”

Ereka Soviet Union e ne ya tlhaselwa mo go botlhoko mo go neng ga baka ditshenyegelo tse dintsi e tlhaselwa ke Napoléon (1812) le Hitler (1941) kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II e ne ya batla go tlhomamisa gore e tla sireletsega ka go tlhoma karolo e e sireletsang mo Yuropa Botlhaba. Ka jalo, setlhopha sa dinaga di le robedi tsa Yuropa Botlhaba tsa Sekomonise tse di welang go Soviet se ne sa tlhongwa dingwaganyana di sekae morago ga 1945.b Jaanong Soviet Union e ikutlwa e sa tshosediwa mo go kalo ke Jeremane kana ke United States, mme go itsetsepela ga sekatshipi ka mafatshe ao e neng e ikaegile ka one pele jaanong go repile. Go lebega ekete Garetene ya Tshipi, eo e neng ya bolelwa ke Churchill ka 1946, e nyeletse, mme jaanong lesedi le lesha le kgona go tsena.

Kafa Diphetogo Tseno Di Ka go Amang ka Gone

Re setse re umakile mangwe a matswela a tsa ikonomi a diphetogo tseno di nnileng le one mo mafatsheng a mantsi—ditiro tse disha, maemo a masha, le mekgwa e mesha ya go bereka mo go ba bangwe. Mo go ba bangwe ba le bantsi seno se tla tsisa go tlhoka tiro le go sokola. Tseno le tsone ke dingwe tsa ditlamorago tsa kgopolo ya go nna le lefatshe le le nang le papadi e e senang dithibelo—go tsena tse ditšhotšha tse di dinaka di a haralala.

Mo letlhakoreng le lengwe, go fetogela mo pusong ya temokeratiki go letlelela batho kgololesego e e oketsegileng ya go sepela. Mme seo se dira gore bojanala jwa boditšhabatšhaba bo kgonagale. Jaaka dinaga tse dingwe (ka sekai, Spain le Italy) di ile tsa itemogela mo dingwageng tse 30 tse di fetileng, bojanala jwa go etela mafatshe a sele bo ka tokafatsa bothata jwa dikoloto tsa theko le thekiso jwa puso nngwe le nngwe thata. Dimilione tsa batho ba ba kwa Bophirima ba eletsa thata go etela metse e e itsegeng thata mo hisitoring ya Yuropa Botlhaba, metse eo maina a yone a gopotsang nako e e fetileng ya kgalalelo—Budapest, Prague, Bucharest, Warsaw, le Leipzig, fa go umakwa e sekae fela. Gape batho ba batla go etela kwa Leningrad, kwa Moscow, le kwa Odessa ka kgololesego. Fela jalo, batho ba ba tswang Yuropa Botlhaba ba batla go etela kwa Bophirima. Eleruri, bojanala jwa boditšhabatšhaba bo thusa go tlosa dithibedi tsa tlhaolele le botlhokakitso. Jaaka fa bajanala ba le bantsi ba lemogile, go ikhutsa fa lotshitshing lwa lewatle o bapile le batho bao go tweng e kile ya ne e le baba ba gago go ka dira gore ka bonako fela go lebalwe ka kilo.

Go na le ntlha e nngwe kaga Lebota leno le le oleng eo e kgatlhang dimilione tsa batho—eleng kgonagalo ya gore ba kopane ka tshosologo le badumedi ka bone ba merafe e mengwe. Seno se tla kgonega go ya bokgakaleng bofe? Ke diphetogo dife mo go tsa bodumedi tseo di diragalang kwa Yuropa Botlhaba? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka potso eno le tse dingwe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lebota la Berlin, le le neng le le boleele jwa dikilometara tse 47, le le neng le kgaoganya Berlin Botlhaba le Berlin Bophirima, le ne la agiwa ke Jeremane Botlhaba ka 1961 ka maikaelelo a go kgoreletsa go fudugela ga batshabi ka bontsi kwa Bophirima.

b Mafatshe a a robedi ao e ne e le Czechoslovakia, Hungary, Romania, Bulgaria, Poland, Jeremane Botlhaba, Albania, le Yugoslavia.

[Mmapa mo go tsebe 5]

(For fully formatted text, see publication)

JEREMANE

Berlin

YUGOSLAVIA

HUNGARY

POLAND

ROMANIA

CZECHOSLOVAKIA

ALBANIA

BULGARIA

U.S.S.R.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela