LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 1/8 ts. 8-13
  • Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa Botlhaba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa Botlhaba
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basupi ba ga Jehofa kwa Soviet Union
  • Botswelelopele kwa Poland
  • Kgololesego ya Bodumedi kwa Romania
  • Dikgang Tse Di Monate go Tswa kwa Hungary
  • Go Gatela Pele kwa Czechoslovakia
  • Ditebelelo tsa Nako E E Tlang
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Kgolo E E Boitshegang
    Tsogang!—1992
  • ‘Mme Lebota la Pirigana Fa Fatshe’
    Tsogang!—1991
  • Ba Ne Ba Gakgamadiwa Ke Se Ba Ileng Ba Se Bona
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 1/8 ts. 8-13

Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa Botlhaba

FA LEBOTA le Berlin le ne le wa ka November 1989, Asiaweek e ne ya bega gore “batho ba ka nna dimilione tse 2 ba Jeremane Botlhaba ba ne ba thelesegela mo karolong e e kwa bophirima jwa naga ya bone e e kgaoganeng mo malatsing a le mabedi a morago ga gore Berlin Botlhaba a bule molelwane.” Ba ne ba ya go dira eng?

Mo go ba ba nang le itsholelo e e kwa godingwana, e ne e le sebaka se se siameng sa gore ba ye go reka. Mo go ba bangwe, thatathata ba ne ba ya go bona dilo tse di rekisiwang fela le go latswa kgololesego ya bone eo ba sa tswang go e bona bosheng. Ba le bantsi ba ne ba fitlhela Basupi ba ga Jehofa mo mebileng ya Berlin le ya ditoropo tse dingwe mme ba amogela dibuka go tswa mo go bone. Fa e sale go tloga foo, bangwe ba ile ba kwalela kwa ofising ya lekala la Watch Tower Society le le kwa Selters, go bapa le Frankfurt am Main, ba arabela ka tsela e e kgatlhisang thata.

Lekwalo lengwe le ne la bolela jaana: “Ka nako ya fa ke ne ke etela Berlin Bophirima e le la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ka amogela sekaelo sa Tora ya Tebelo e le mpho e e tswang mo Basuping ba ga Jehofa bao ba neng ba le mo mmileng. Fa e sale go tloga foo, ke ile ka simolola go okomela Bibela gape, me lemororo ke na le mathata a mantsintsi, go boile go na le mongwe yo o nneelang tsholofelo le boipelo mo botshelong. Ke ne ke ka itumela thata fa ke ne ke ka bala buka ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. Gape ke ka rata go kopana le Basupi ba ga Jehofa.”

Moeti yo mongwe o ne a kwala jaana: “Fa ke ne ke tsamaya mo kgogometsong eo e yang kwa boemeladitereneng jo bogolo jwa Nuremberg, mosadi mongwe o ne a mpha dikaelo tsa Tsogang! le Tora ya Tebelo. Di ne tsa nkgatlha tota fa ke ne ke di bala. Mo malatsing a sekae a a fetileng ke ntse ke dirisa Bibela letsatsi le letsatsi gape.”

Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa tshwarwa mo metseng e megolo go ralala Yuropa Botlhaba ka selemo sa 1990. Setadiamo sa Olympia se se kwa Berlin Bophirima jaaka e ne e bidiwa ka nako eo e ne e le lefelo le kopano nngwe e neng e tshwaretswe mo go lone eo e neng e ilwe ke Basupi ba ba tswang mo merafeng e le mentsi, go kopanyeletsa le ba ba tswang kwa botlhaba jwa Jeremane. Go phopholediwa gore mo bathong ba ba 44-532 bao ba neng ba le teng, ba ba ka nnang 30 000 ba bone ba ne ba tswa kwa botlhaba jwa Jeremane. Pampiri ya dikgang e go tweng Berliner Morgenpost e ne ya bega gore go ne ga kolobediwa Basupi ba basha ba le 1 017 mo letangwaneng la Olympic le go shapelwang mo go lone, ba kolobediwa ka go nwediwa gotlhelele mo metsing, e leng tsela eo ka yone “batsayakarolo ba salang motlhala wa Bakeresete ba pele morago ka kelotlhoko.”

Go diragetse diphetogo dife kwa botlhaba jwa Jeremane? Ka March 1990 dipampiri tsa dikgang tsa Jeremane Botlhaba di ne tsa itsise gore Basupi ba ga Jehofa ba letleletswe semolao. Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Basupi ba ga Jehofa Ba Letleletswe Gape Semolao,” pampiri ya dikgang ya Jeremane Botlhaba e go tweng Mitteldeutsche Zeitung e ne ya re: “March 14 e ne ya lere bokhutlo jwa thibelo eo e neng e tsere masome a mane a dingwaga e le teng. Ka lone letsatsi leno baemedi ba Bajeremane ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go tswa mo dikagong tsa G[erman] D[emocratic] R[epublic] State Secretariat for Church Affairs ba tshotse setlankana sa semmuso mo dipateng tsa bone seo se ba letlelelang gape gore jaaka setlhopha sa tumelo ba dirise bodumedi jwa bone ka kgololesego mo teng ga GDR.”

Lekwalo lengwe leo le amogetsweng ka dikgakololo tsa ngogola le tswa kwa Mosuping mongwe kwa Leipzig le bolela jaana: “Beke e e fetileng re ne re santse re amogela dijo tsa semoya di le dinnye fela mo lefatsheng leno mme re dira jalo ka sephiri. Jaanong [March 14, 1990] re amogetswe semmuso! Mo bogautshwaneng re tla bo re laisololola mogobagoba wa lori o tletse ditone di le nnè tsa dibuka!” Ebile tota, mogobagoba wa ntlha wa lori go tsena mo Jeremane Botlhaba o ne o rwele ditone di le 25 tsa dibuka tsa Bibela, mme mo dikgweding tse pedi tse di latelang, go ne ga romelwa ditone tse dingwe tse 250. Eno ke tsela eo Basupi bao ba neng ba thibetswe go feta dingwaga tse 40 ba neng ba tshwerwe ke tlala ya semoya ka gone!

Fa re gakologelwa gore Bo-Nazi (1933-45) mmogo le Bokomonise di ile tsa leka go fedisa tiro ya Basupi kwa Jeremane, ditiro tsa bone tsa botlhaga tsa mo nakong e e fetileng le gompieno ke bosupi jo bo molemo jwa gore ba ile ba nna ba bolokile bothokgami le gore Modimo o ba segofaditse.

Basupi ba ga Jehofa kwa Soviet Union

Ka December 1989, Mikhail Gorbachev o ne a kopana le Pope John Paul II kwa Vatican. Pampiri ya dikgang ya Soviet e go tweng Pravda e ne ya bega gore Gorbachev o ne a bolela jaana kaga dipuisano tseo: “Re nnile le dipuisano tse di boteng tse di nang le mosola. . . . Re ne ra bua kaga bodumedi le diphetogo tse di malebana le jone tseo di diragalang kwa Yuropa, mo lefatsheng, le kwa Soviet Union.” L’Osservatore Romano, eleng pampiri ya semmuso ya dikgang ya Vatican, e ne ya bega gore fa a ne a buisana le mopapa Rre Gorbachev o ne a re: “Batho ba ditumelo tse dintsi, go kopanyeletsa Bakeresete, Bamoseleme, Bajuda, Ba-Buddha le ba bangwe, ba nna kwa Soviet Union. Botlhe ba na le tshwanelo ya go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa bone tsa semoya. Mo bogautshwaneng, Molao wa Kgololesego ya Segakolodi o tla simolola go dira mo nageng ya rona.”

E le go diragatsa mafoko ao, ka September 1990 kgotlatheomolao ya Soviet e ne ya rebola molao oo o letlelelang gore go nne le kgololesego ya segakolodi. Karolo 3 ya molao ono go ya kafa o gatisitsweng ka gone e bolela jaana: “Tumalanong le tshwanelo ya kgololesego ya segakolodi, moagi mongwe le mongwe o itirela diphetso kaga kamano ya gagwe le bodumedi, o na le tshwanelo ya gore a ka diragatsa bodumedi bongwe le bongwe a le nosi kana a na le ba bangwe kana gore a seka a diragatsa bope, o na le tshwanelo ya go ka bua le go anamisa dilo tseo a di dumelang malebana le kamano ya gagwe le bodumedi.”

Go na le Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete kwa Soviet Union bao ba lebeletseng go diragadiwa ga kgololesego ya bodumedi. (Bona tsebe 22.) Mo Dikopanong tsa 1990 tsa “Puo E E Itshekileng,” baemedi ba ba fetang 17 000 ba ba neng ba tswa kwa Soviet Union ba ne ba tsenetse thulaganyo ya Se-Russia kwa Warsaw ba emetse Basupi botlhe ba ba anameng go ralala Soviet Union. Ba lebeletse go bona nako eo ka yone go tla bong go kgonagala gore ba tshware dikopano kwa Soviet Union.

Botswelelopele kwa Poland

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba letlelelwa semolao kwa Poland ka May 1989. E sale go tloga ka nako eo go ile ga tlhomiwa ofisi ya lekala, mme dikago tse dikgolwane di a agiwa go bapa le Warsaw. Pelepele, makgolokgolo a Basupi ba basha ba ne ba tsenngwa mo dikgolegelong ka ntlha ya kgang ya boitlhaodi jwa Bokeresete. Jaanong ba letlelelwa go se tsenelele tirelo ya sesole le gore ba seka ba otlhaiwa fa ba ka tsisa setlankana se se tshwanetseng.

Dikopano tseo di neng di tshwerwe kwa Poland ka 1989 le 1990 di ile tsa nna motswedi o mongwe o mogolo wa kgothatso mo Basuping ba koo. Pego nngwe e bontsha gore palo ya Basupi ba ba tlhagafetseng kwa Poland e ile ya oketsega kgwedi le kgwedi mo ngwageng o o fetileng, mme go ile ga nna le tlhora e ntšha e e kwa godimo ga 97 000. Kwantle ga pelaelo Poland e tla tloga e nna morafe wa bo 12 oo o nang le Basupi ba ba fetang 100 000.a Bao ba neng ba tsile Segopotsong sa loso lwa Morena ka April e ne e le batho ba le 188 861.

Kgololesego ya Bodumedi kwa Romania

Basupi ba kwa Romania ba ne ba itumelela go utlwa gore ba dumeletswe semolao ka April 1990 go ka tshwara dipokano. (Bona lebokose, le le mo tsebeng 13.) Moragonyana fela ga foo go ne ga rulaganngwa dikopano tsa potologo go ralala naga eo, mme mo go nngwe ya mo metseletseleng ya tsone go ne ga tla batho ba feta 44 000, lemororo go ne go na le Basupi ba ka nna 19 000 fela mo nageng eno ka nako eo. Eleruri baagi ba le bantsi ba Romania ba arabela molaetsa wa Bogosi.

Dikopano tsa Kgaolo tse di nang le setlhogo sa 1990 sa lefatshe lotlhe se se reng “Puo E E Itshekileng” di ne tsa tshwarwa mo ditoropong tsa Brasov le Cluj-Napoca. Thulaganyo e ne e tsamaisiwa ka Se-Romania le ka Se-Hungary. Go ne go tsile batho ba ba fetang 36 000, mme ga kolobediwa ba le 1 445.

Go simolola ka tokololo ya January 1, 1991, Tora ya Tebelo ya Se-Romania e ne ya simolola go gatisiwa nako e le nngwe fela le ya Seesemane mme e gatisiwa ka mebalabala.

Gaufi fela le koo kwa Bulgaria, koo bodumedi jwa Eastern Orthodox bo atileng thata teng, Basupi ga ba ise ba amogelwe semolao mme lefa go ntse jalo ba hira diphaposi tseo ba ka tshwarelang dipokano tsa phuthego mo go tsone. Ba ba ka fetang makgolo a mabedi ba ne ba tsaya loeto go ya kwa Salonika, e e mo Greece, ba ela Kopano ya “Puo E E Itshekileng” eo e neng e tshwerwe ka Se-Bulgaria le ka Segerika.

Dikgang Tse Di Monate go Tswa kwa Hungary

June 27, 1989, e ne e le letsatsi leo le se kitlang le lebalwa ke Basupi ba kwa Hungary. Pampiri ya dikgang ya Magyar Nemzet e ne ya itsise jaana: “Ofisi ya Puso ya Dikgang tsa Dikereke e boletse gore phuthego ya bodumedi ya Basupi ba ga Jehofa mo Hungary, go ya ka molao o o tsisang kgololesego ya bodumedi, jaanong ke setlhopha sa bodumedi seo se amogelwang semolao.” Dikgang tseo di ne tsa begiwa mo seromamoeng le mo thelebisheneng. Baagi ba Hungary ba ne ba utlwa gore Jehova Tanúi (Basupi ba ga Jehofa) jaanong tiro ya bone e amogetswe semolao.

Gore di akaretse le dikarolo tse dikgolo tsa naga, Dikopano tsa “Puo E E Itshekileng” di ne tsa tshwarwa kwa Pecs, Miskolc, Debrecen, le Budapest. Batho ba ka nna 2 000 bao ba neng ba bua Se-Hungary ba ne ba tla ba tswa kwa Czechoslovakia le kwa Soviet Union. Go otlelela kutlwano ya boditšhabatšhaba eo e leng teng mo gare ga Basupi ba ga Jehofa, setlhopha sa baemedi ba le 700 se ne sa tla se tswa kwa Finland. Palo ya batho botlhe bao ba neng ba tsile mo Hungary e ne e le 21 568, go kopanyeletsa le baemedi ba ba fetang 2 000 bao ba neng ba tswa Romania.

Fa e sale ka January 1990, Basupi ba kwa Hungary ba ntse ba amogela dimakasine tsa bone tsa mebala yotlhe ka metlha, di ranotswe nako e le nngwe fela go dirisiwa tsa Seesemane.

Go Gatela Pele kwa Czechoslovakia

Mo nageng eno e ntle ya dithaba tse di makeketa le dipoa tse di nang le mmu o o nonneng, Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile ka go thusa baagelani ba bone gore ba ithute ka mo go oketsegileng kaga Bibela. Pego nngwe eo e neng e bua ka tiro ya bone e bolela jaana: “Tiro e dirwa fela phatlalatsa mme go tshwarwa dipokano tse dikgolo.”

Morago ga diphetogo se dikgolo tse di diragetseng kwa Jeremane Botlhaba tseo di simolotseng fa 1989 a ya bokhutlong, Basupi ba ba kwa Czechoslovakia ba ne ba tsaya kgato ka bonako tota mme ba rulaganya motseletsele wa dikopano tsa potologo ka dikgwedi tsa go simolola ka April go ya go fitlha ka June 1990. Ka ntlha ya seno, e le lantlha, go ne ga nna le dipego tse di itumedisang tsa babegadikgang kaga Basupi. Mo nakong eno, go na le Basupi ba ba fetang 21 000 kwa Czechoslovakia, mme ka 1990 go ne ga tla batho ba le 40 295 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Diphuthego tse di fetang halofo di setse di hira mafelo ao di ka kopanelang mo go one, mme diphuthego di le 12 di bile di na le Diholo tsa tsone tsa Bogosi.

Go ne ga tshwarwa kopano kwa Prague ka August 1990, mme ga tla batho ba le 23 876, mme ga kolobediwa ba le 1 824. E le gore setadiamo se tle se lebege sentle ka nako ya kopano, Basupi ba ba fetang 9 500 ba ne ba ithaopa mme ba senya go feta dioura tse 58 000 ba se phepafatsa ba bo ba se penta. Moemedi wa TV ya Czechoslovakia o ne a akgela ka gore: “Re kile ra etela dikokoano di le dintsi, mme re kgatlhiwa thata ke thulaganyo ya lona mo setadiamong mo. Go thata go dumela gore ke lantlha lo rulaganya kokoano e e ntseng jaana.” Moeti mongwe o ne a re: “Ke kgatlhiwa ke bomoya jwa lona, dikamano tse di botsalano le lorato mo gare ga bakaulengwe ba lona. Ke tsile jaaka tsala fela; mme ke tsamaya ke le tsala e kgolo le go feta.”

Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di gatisiwa ka mebalabala ka dipuo tsa Se-Czechoslovakia le Se-Slovakia, mme Tora ya Tebelo e tswa nako e le nngwe fela le ya Seesemane ka dipuo tseno ka bobedi jwa tsone. Fa re gakologelwa kafa go neng go ntse ka teng ka nako ya thibelo go feta fela ngwaga e le nngwe e e fetileng, tseno ke diphetogo tse di kgatlhisang tota.

Ditebelelo tsa Nako E E Tlang

Basupi bao ba rerang mo dinageng tseo mo go tsone batho ba basha ba godisitsweng ka thuto ya gore ga go na Modimo ba na le ditebelelo dife? Pego nngwe e bega jaana: “Batho ba le bantsi ba mo lefifing tota kaga Bibela le Modimo. Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore batho ga ba a tlhakanngwa tlhogo ke dithuto tsa bodumedi tse di tshwanetseng go latlhiwa. Go bonala thobo e tla nna kgolo.”

Ka jalo, ke molaetsa ofe o o tswang mo Bibeleng oo Basupi ba ga Jehofa ba nang le one go o bolelela batho ba Yuropa Botlhaba? Setlhogo se se latelang se tla fa karabo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a A mangwe a a 11 ke Borithane, Brazil, Canada, Fora, Italy, Japane, Jeremane, Mexico, Nigeria, Philippines, le United States.

[Lebokoso mo go tsebe 8, 9]

Kgololesego ya Bodumedi e Tsile!

Tse di latelang ke dikakgelo tsa Basupi bao ba tswang kwa go se e kileng ya bo e le Jeremane Botlhaba bao ba neng ba ile kwa Kopanong ya “Puo E E Itshekileng” kwa Berlin, ka July 1990.

“Leina la me ke Lydia. Ke na le dingwaga tse robedi, mme ke tswa kwa GDR [German Democratic Republic]. Ke itumela thata go bo ke tsile kopanong eno ya kgaolo ka gonne ngwaga o o fetileng, melelwane e ne e sa bulwa. Re ne ra tshwanelwa ke gore re keteke Segopotso mo sephiring. Jaanong re gololesegile! Fa batho botlhe ba simolola go opela, ke ne ka gelela dikeledi. Ke itumese thata mo e leng gore ke tsile go tlotla kaga seno kwa sekolong!”

“Re leboga tota ebile re anaanela go bo re le baeng ba ga Jehofa mono mo Berlin mme re le mo gare ga bakaulengwe ba ditšhaba tse di farologaneng.”—Bernd.

“Lebaka la go bo bakaulengwe ba GDR le bone ba ne ba tsaya karolo mo thulaganyong le tlhagisa ntlha e e kgethegileng eno: eleng gore Jehofa o thapisa batho ba gagwe le go ba dira gore ba tshwanelege lefa ba thibetswe.”—Gottfried.

“Go itaya magofi le go opela go ne ga bontsha gore mongwe le mongwe o ne a itumetse. E ne e le modumo fela o mogolo wa leshalaba o o amang maikutlo. Abo Jehofa o tshwanetse a bo a ile a itumela thata jang ne!”—Egon.

“Morago ga gore ke kolobediwe bakaulengwe ba bangwe ba ne ba mpotsa gore a metsi a ne a le tsididi thata. Ke ne ke ka ba araba fela ke re ga ke itse. Tshegofatso ya ga Jehofa e ne e le bothitho mo e leng gore ga ke a ka ka utlwa gore metsi a ne a le botsididi bo kae.”—Heidrun.

“Go thata go tlhalosa tirisanommogo eo e neng e le teng magareng ga rona fa re le kwa diphaposing tsa marobalo! Re ne re kopane re tswa kwa dinageng tse di farologaneng eleng Denmark, Mozambique, Engelane, California, borwa jwa Jeremane, Spain, GDR—rotlhe re ne re opela mmogo, mme rotlhe re ne re bua ‘puo e e itshekileng.’”—Jutta.

“Re ne re tlhola re anegela bana ba rona kaga dilo tseo re neng re di gakologelwa kaga dikopano tsa Berlin tsa 1958 le 1960, tseo e nnileng tsone tsa bofelo tseo re neng ra kgona go di ya. Mme jaanong seo re sa tswang go se bona se feta kgakala dilo tsotlhe tseo re di gakologelwang le tseo re neng re di solofetse.”—Wolfgang.

“Seo se re kgatlhileng thata ke fa batho ba ba diketekete ba emelela mme ba opela go baka Jehofa, bogolo jang fa go opelwa pina e e tswalang le fa go rapelwa thapelo e e konelang. Re ne re sa tlhole re kgona go itshoka mme ra rothisa dikeledi.”—Monika le Reinhard.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

“Tshiamololo E ne Ya Baakanngwa”

Kafa tlase ga setlhogo seo go ne ga begwa kgang nngwe mo lekwalopakeng la Romania la Tineretul liber (Basha Ba Ba Gololesegileng) la August 11, 1990. E ne e bolela jaana: “Ee, tshiamololo e ne ya baakanngwa. Lekgotla la bodumedi le le tlhapadiwang thata eleng ‘Basupi ba ga Jehofa,’ bao ba ileng ba tshegetsa bothokgami jwa bone jaaka balatedi ba ga Keresete mo dingwageng tse di fetang 40, ba amogetswe semolao, ka jalo ba amogela tshono go tswa mo pusong ya gore molao o ba tseye jaaka ba ba amogelesegang. Jaaka mokgatlho o o dirang mo lefatsheng lotlhe, mokgatlho ono o dira tiro ya one o le kafa tlase ga kaelo le tumelelo ya Setlhopha Se Se Laolang mme o dira mo dinageng le mo ditlhaketlhakeng di le 210.” Pego eno e ne ya konela ka go itsise kaga dikopano tsa August tsa kwa Brasov le kwa Cluj-Napoca.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Ditiragalo tsa kwa dikopanong: (go tswa kafa molemeng kwa tlase, go ya kwa godimo) go gololwa ga bukana e ntšha kwa Warsaw; Dirala tsa Hungary le Romania, kwa Budapest; ba kwala dintlha, kwa Berlin; go baakanngwa ga setadiamo pele ga kopano, kwa Prague

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Ditiragalo tsa kwa dikopanong (go tswa kafa molemeng, go ya kwa godimo) kolobetso, kwa Romania; setadiamo, kwa Prague; lelapa le tshotse buka ya “Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo” kwa Berlin; sebui kwa Budapest; ba tlhatlhoba Bibela kwa Poland

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela