Ba Utlwa Molaetsa wa Eng?
O NE o ka rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jang? O batla bana ba gago ba nna le isagwe e e ntseng jang? A o ne o ka tlhopha go nna le pholo e e itekanetseng ebile o sa swe, fa go ne go ka kgonega?
O ne o ka araba dipotso tseo jang? Bontsi jwa batho, go sa kgathalesege gore ke ba bodumedi bofe kana gore ba na le pono efe kaga dipolotiki, ba ne ba tla batla go tshela mo lefatsheng le le nang le kagiso le tsotlhe tseo di tlhokwang. Ba ne ba tla itumelela lefatshe le le nang le tshiamo e e feletseng le kutlwano. Koo go neng go tla bo go sena ditiro tse di fapogileng; ebile go sena melao e e farologaneng o mongwe e le wa bahumi o mongwe e le wa batlhoki.
Mme kwantle ga pelaelo, o ka rata gore bana ba gago ba nne le dijo tse di lekaneng, legae le le itumetseng, le thuto e e siameng. Ka mantswe a mangwe, o ne o ka rata go tlhomamisa gore wena le bana ba gago lo nne le isagwe e e tlhomameng. Mme fa o ne o ka fiwa sebaka, o ne o tla itlhophela gore o nne le pholo e e itekanetseng le gore o tshele ka lobaka lo loleele lo lo lekaneng gore o ka diragatsa dikeletso tsa gago tsotlhe tse di siameng le dilo tsotlhe tse o batlang go di fitlhelela, le eleng gone gore o itumelele botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le nang le kagiso, la paradaise.
Seno sotlhe ga se toro fela e e ka sekeng e diragale. Ke molaetsa wa Bibela oo Basupi ba ga Jehofa ba o rerang lefatshe ka bophara, go kopanyeletsa le kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba.
Tsholofelo ya Mmatota ya Bibela Malebana le Isagwe
Dipolelelopele tse di ikanyegang tsa Bibela tseo di kwadilweng makgolokgolo a dingwaga a a fetileng di ne tsa bolelela ditiragalo tsa mo lekgolong la rona la bo 20 la dingwaga pele, ‘dintwa le medumo ya dintwa’ tsa rona; go nna le ‘dithoromo tsa lefatshe le mebopamo mo mafelong mangwe le mangwe’ ga rona; ‘go pitlagana ga merafe e raranngwa, le go idibadiwa ga batho ba idibadiwa ke poifo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng’ ga rona; ‘go senya le go kgotlela lefatshe’ ga rona.—Luke 21:10-33; Tshenolō 11:18.
Lefa go ntse jalo, ditiragalo tseno tsotlhe le tse dingwe tse dintsi ke sesupo sa nnete sa gore lefatshe le lesha la Modimo la tsholofetso le lone le setse le le gaufi. Seno se kopanyeletsa “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha,” ke gore, bolaodi jo bosha jwa lefatshe lotlhe, puso ya selegodimo, le setšhaba se se fetotsweng sa mo lefatsheng ‘seo go tla agang tshiamo mo go sone.’ Se raya lefatshe le lesha le mo go lone ‘go se kitlang go tlhola go nna botlhoko, loso, lefa e le selelo.’—Isaia 65:17-25; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4.
Ka phepafalo, ga go na tsamaiso epe ya sepolotiki, go sa kgathalesege gore e ikanyega le go dira ka natla go le kana kang, eo e ka kgonang go diragatsa thulaganyo e e ntseng jalo. Ke Molaodi wa lobopo fela, eleng Jehofa Modimo, yo o nang le keletso le nonofo ya go diragatsa seno. Ke ka lone lebaka leo Morwawe, ebong Jesu Keresete, a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele ba re: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.
Go rata ga Modimo ke gore lefatshe le tshwanetse go nna lejana le le phatsimang mo lobopong, mme go agile lelapa la batho le le ratang kagiso mo go lone. Go ise go e kae Modimo o tla tsaya kgato go diragatsa seno. E tla bo e le kgato ya go phepafatsa eo e tla tlosang leswe lotlhe le le mo lefatsheng le bao ba leswefatsang lefatshe. Mefuta yotlhe ya kgotlelo, e ka ne e le ya sebele kana ya boitsholo, e tla fedisiwa mo lefatsheng. Go tla sala bomang? Jesu o ne a re: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.”—Mathaio 5:5; Tshenolō 16:14-16.
A o batla go nna mongwe wa ba ba pelonomi bao Modimo o tla ba segofatsang? He ikopanye le Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang mo tikologong ya gaeno mme o kope thuto ya mahala ya Bibela, o sa patelediwe ke ope. Iponele ka bowena gore “go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ” ke eng. Mme o bo o go diragatsa.—Baroma 12:2.