Lefashe le Lesha le Modimo a le Solofeditseng
BAEBELE, Lefoko la Modimo le le kwadilweng, e re naya tsholofelo fa e re: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:13.
“Magodimo a masha” ke eng? Baebele e a amanya le go busa. (Ditiro 7:49) “Magodimo a masha” ke puso e ntšha e e tla busang lefatshe. E ntšha ka gonne e tla emisetsa tsamaiso ya go busa ya gone jaanong; gape ke kgato e ntšha e e tla tsewang mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo. Ke Bogosi jo Jesu a neng a re ruta go bo rapelela. (Mathaio 6:10) E re ka Modimo e le Motswedi wa jone mme a nna kwa legodimong, bo bidiwa ‘bogosi jwa magodimo.’—Mathaio 7:21.
“Lefatshe le lesha” ke eng? Ga se polanete e ntšha, ka gonne Baebele e bua ka tlhamalalo gore lefatshe le tla nna le banni ka bosakhutleng. “Lefatshe le lesha” ke setšhaba se sesha sa batho. Le tla bo le le lesha ka gonne baikepi ba tla bo ba kgaotswe. (Diane 2:21, 22) Batho botlhe ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ba tla tlotla le go ikobela Mmopi e bile ba tla tshela tumalanong le se a se batlang. (Pesalema 22:27) Batho ba ditšhaba tsotlhe ba kopiwa gore ba ithute dilo tseo tse a di batlang mme ba tshele tumalanong le tsone gone jaanong. A o dira jalo?
Mo lefatsheng le lesha la Modimo, mongwe le mongwe o tla tlotla go busa ga gagwe. A go rata Modimo go go tlhotlheletsa gore o mo ikobele? (1 Johane 5:3) A seo se a bonala mo legaeng la gago? kwa tirong kana kwa sekolong? mo tseleng e o tshelang ka yone?
Mo lefatsheng leo le lesha, batho ba tla nna seoposengwe ba obamela Modimo wa boammaaruri. A o obamela Mmopi wa legodimo le lefatshe? A kobamelo ya gago e dira gore o utlwane le baobamedi mmogo le wena ba ditšhaba tsotlhe, ditso le dipuo?—Pesalema 86:9, 10; Isaia 2:2-4; Sefania 3:9.
[Lebokoso mo go tsebe 17]
Modimo yo o Solofetsang Dilo Tseno
Ke Mmopi wa magodimo a re a bonang le polanete e e bidiwang Lefatshe. Ke ene yo Jesu Keresete a neng a re ke “Modimo yo o esi wa boammaaruri.”—Johane 17:3.
Batho ba bantsi ba tlotla medimo e ba e itiretseng. Ba bangwe ba le bantsintsi ba ikobela ditshwantsho tse di sa tsheleng. Ba bangwe ba galaletsa ditheo tsa batho, difilosofi tsa go rata dithoto kgotsa dikeletso tsa bone. Le batho ba ba ipolelang gore ba dirisa Baebele ga ba tlotle leina la yo e mmitsang “Modimo wa boammaaruri.”—Duteronome 4:35.
Mmopi o bua jaana, a itebisitse mafoko ano: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” (Isaia 42:5, 8) Leina leno le tlhaga makgetlho a ka nna 7 000 mo Baebeleng mo dipuong tse e neng e kwadilwe ka tsone la ntlhantlha. Jesu Keresete o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.”—Mathaio 6:9.
Modimo wa boammaaruri ke motho wa mofuta ofe? O itlhalosa e le yo o “kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri” le yo o sa gololeng batho ba ba robang melao ya gagwe ka boomo gore ba se ka ba otlhaiwa. (Ekesodo 34:6, 7) Tsela e a neng a dirisana ka yone le batho mo nakong e e fetileng e bontsha gore mafoko ao a boammaaruri.
Leina leno le mong wa lone o tshwanetse go itshepisiwa, kgotsa go tsewa a le boitshepo. Jaaka Mmopi le Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe, o tshwanelwa ke gore re mo utlwe le gore re mo obamele ka botlalo. A wena o a mo utlwa e bile o a mo obamela?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
“Magodimo a Masha le Lefatshe le Lesha” di Tla Tlisa Diphetogo Dife?
Lefatshe le tla fetolwa go nna Paradaise Luke 23:43
Setšhaba sa lefatshe lotlhe se mo go Johane 13:35;
sone batho ba ditšhaba tsotlhe, ba Tshenolo 7:9, 10
ditso tsotlhe, ba dipuo tsotlhe ba tla
kopanngwang ke lorato
Kagiso ya lefatshe lotlhe, polokesego Pesalema 37:10, 11;
ya mmatota ya batho botlhe Mika 4:3, 4
Tiro e e kgotsofatsang, nala ya dijo Isaia 25:6; 65:17, 21-23
Bolwetse, botlhoko, loso di Isaia 25:8;
tla fedisiwa Tshenolo 21:1, 4
Lefatshe le le seoposengwe mo go Tshenolo 15:3, 4
obameleng Modimo wa boammaaruri
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]
A o Tla Solegelwa Molemo?
Modimo ga a ka ke a aka!—Tito 1:2.
Jehofa o bolela jaana: “Lefoko la me . . . Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.
Jehofa o setse a dira “magodimo a masha le lefatshe le lesha.” Puso ya selegodimo e setse e busa. Go setse go theilwe motheo wa “lefatshe le lesha.”
Fa Tshenolo e sena go tlhalosa dingwe tsa dilo tse di molemo tse “magodimo a masha le lefatshe le lesha” di tla di direlang batho, e nopola Modimo ka boene, Molaodi wa Lobopo lotlhe, a re: “Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.” Gape, a re: “Kwala, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.”—Tshenolo 21:1, 5.
Potso ya botlhokwa ke gore, A re dira diphetogo tse di tlhokegang gore re tsewe re tshwanelwa ke go nna karolo ya “lefatshe le lesha” le le laolwang ke “magodimo a masha”?