Puso E E Theilweng mo Motlhabeng, mo Lookwaneng, le mo Bodumeding
KE NAGA efe e kgolo jaaka Yuropa Bophirima, e e nang le baagi ba le dimilione tse 12 fela, ebile e batlile e nna sekaka fela yotlhe? Ke puso efe e e neng ya tlhomiwa ka 1932, ya bona dilekanyo tse dikgolo tsa lookwane ka 1938, mme ya fetoga ya boraro go di feta tsotlhe mo lefatsheng e e ntshang lookwane lo lo sa phepafadiwang? Ke puso efe e e tsayang Koran jaaka molaotheo wa yone ebile e le lefelo la metse e mebedi ya Iselamo e e tlotlwang thata le ditempele tsa gone?
Karabo go dipotso tseno tsotlhe ke gore ke Puso ya Saudi Arabia, e go busang Kgosi Fahd Bin Abdul Aziz mo go yone. Ka disekwere kilomitara tse 2 240 000 tse e nang natso ka bogolo, e tsaya bontsi jwa sekasetlhaketlhake sa Arabia, e na le Lewatle le Lehibidu kafa bophirima, Lewatle la Arabia kafa borwa, le Kgogomelo ya Arabia kafa botlhaba.
Go tlile jang gore ke bo ke na le kgatlhego jaana mo nageng eno ya Searabia? Mo pampiring nngwe ya dikgang ke ne ka bona taletso nngwe ya go ya dipontshong kwa New York City e e neng e rulagantswe ke goromente wa Saudi Arabia. Ke ne ka kgatlhegela go itse mo gontsi ka batho bano ba setso se se farologaneng ebile ba na le tsela e e farologaneng ya botshelo. Mme ereka ke ka nna ka seka ka tsamaya ka ya Saudi Arabia, ke ka ntlha yang he ke sa letle gore Saudi Arabia e nne yone e tlang mo go nna?
Saudi Arabia—Wa Bogologolo le wa Sesheng
E ne ya re ka bofefo fela fa ke tsena mo lefelong la dipontsho, ke ne ka lemoga gore sengwe le sengwe se ile sa dirwa e le go dira gore batho ba rate naga eno ya Arabia. Gongwe le gongwe go ne go na le baithuti ba yunibesithi ya Saudi eo eleng kwa U.S. ba direla jaaka bakaedi ba ba tlwaelanyeng sentle le tiro eo. Botlhe ba ne ba apere thobe ya mofuta wa teng, e leng seaparo se setelele, se sesweu seo se batlileng go tshwana le purapura ebile se fitlha kwa maotong. Gape mongwe le mongwe wa bone o ne a apere ghutra e e mmala o mohibidu le bosweu, kana tuku, eo e neng e bofilwe ka mogala o montsho o tshophilwe gabedi gore e seka ya suta. Botlhe ba ne ba bua Sekgoa se se phepa ebile ba ne ba araba potso epe fela eo nna kana mongwe o sele a neng a ka kgatlhegela go e botsa ba dira jalo ka maitseo thata.
E ne ya re fa ke fetsa karolo e go gorogelwang mo go yone eo lesedi la yone le neng le le letobo, eo go neng go na le ditshwantsho tsa lelapa la segosi la Saudi mo go yone mmogo le pontsho ya diselaete ka mefuta tsa kafa Saudi Arabia e lebegang ka teng, ke ne ka fetela mo karolong e e latelang eo e neng e na le ditshwantsho tsa kafa go tshelwang ka teng ka tsela ya setso ya Searabia le kwa Bedouin. Tente e ntsho ya kwa Bedouin e ne e le mo pontshong le didirisiwa tsotlhe tsa botshelo jwa bone jwa go kgarakgatshega. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya tswelelopele mo boranyaneng jwa segompieno, mokgwa wa go tshela wa kwa Bedouin, le go tshola baeng mo ba tumileng ka gone, go ntse go a nyelela.
Karolo e e latelang ya loeto leno e ne e gakolola motho ka maatla a bodumedi ao a tlhotlheletsang le go laola botshelo jwa Saudi Arabia—Boiselamo.a
Mecca, Kaaba, le Koran
Buka e e boitshepo ya Boiselamo, eleng Koran, “e tsewa jaaka molaotheo wa [Saudi Arabia] ebile e neela ditekanyetso tsa boitshwaro le kaelo,” go bolela jalo bukana nngwe ya semmuso. Pamfolete nngwe e bontsha gore: “Puso e dira melao ya yone ya loago, ya sepolotiki, le ya tsa itsholelo tumalanong le dithuto tsa Boiselamo.” Lemororo go ne go na le dikaelo di le mmalwa tsa mokwalo wa seatla tsa Koran tseo di neng di bontshiwa mo karolong eno, kgang e kgolo ya karolo eno e ne e le kaga loeto lwa sedumedi lwa go ya kwa motseng wa Mecca (ka Searabia, Makkah) ka tempele ya one e kgolo le Kaaba fa gare. Tseno di ne di bontshiwa ka ditshwantsho tsa tsone tse dikgolo.
Kaaba yone, e leng kago e kgolo e dintlha tsotlhe tsa yone di lekanang e e dirilweng ka lentswe ebile e khurumeditswe ka letsela le lentsho le le bokete, kgatiso nngwe ya Seiselamo e e tlhalosa jaaka “lefelo la kobamelo leo Modimo o neng wa laela Aberahame le Ishimaele gore ba le age dikete tse nnè tsa dingwaga tse di fetileng.”b Ka gone Boiselamo (jo bo neng jwa simololwa ke moperofeti Muḥammad mo lekgolong la bosupa la dingwaga C.E.) bo iphaka gore bo amana le Aberahame, tlhogo ya letso yoo eleng moenyanapele wa Bojuda le Bokeresete. Ka jalo ke nngwe ya ditsamaiso tse tharo tse dikgolo tsa bodumedi tseo di dumelang gore go na le Modimo o le mongwe fela.
Totatota Kaaba e agilwe mo gare ga lefelo le legolo, le le khutlonne le le kwa ntle leo le leng karolo ya tempele e kgolo ya Mecca. Mo loetong lwa sedumedi (ḥajj) lwa ngwaga le ngwaga, Mamoselema a feta milione a kokoanela koo go ya go rapela le go dikologa Kaaba eo makgetlo a le supa. Momoselema mongwe le mongwe yo o itekanetseng sentle mo mmeleng o go tsaya jaaka tshwanelo gore a tseye loeto lono bobotlana gangwe fela mo botshelong. Pontsho eno gape e ne e na le setshwantsho sa tempele e kgolo ya Medina (ka Searabia, Madinah), eleng lefelo le Muḥammad a fitlhetsweng mo go lone.
Se se neng se kgatlhisa segolobogolo e ne e le ditswalo tse dikgolo tse di kgabisitsweng tsa Kaaba tseo di neng di le mo pontshong. Ka tlwaelo fela, ke Mamoselema fela ba ba ka yang go bona dilo tseno, ereka e le bone fela ba ba letlelelwang go tsena mo tempeleng ya Mecca. Go ne go se motlhofo go ka dumela gore e ne e le tsone tse di neng di dirisiwa ka mmatota go fitlhela mokaedi a tlhalosa gore ke ditswalo tseo di neng di dirisiwa go tloga ka 1942 go ya go 1982, eleng nako eo di neng tsa emisediwa ka tse disha ka yone. Di dirilwe ka gouta le selefera ebile di kgabisitswe ka dikabetlana tsa gouta tseo di nang le ditemana tsa Koran tse di kwadilweng ka puo ya Searabia. Mo leboteng lengwe le le fa gaufi go ne go akgega kiswah, kana garetene e ntsho e e boima, e e dirisiwang go khurumetsa Kaaba, e kgabisitswe ka ditsopolo di le mmalwa tsa Koran di kwadilwe ka gouta.
Botshelo jwa Segompieno kwa Saudi Arabia
Fa ke ntse ke tsweletse le loeto leno, go ne go na le dilo tsa mmatota tse di bopilweng sesha tse o ka di bonang mo mebileng ya teng, go na le baitseanape ba loga diphate le ba bangwe ba thula tshipi go dira didirisiwa tsa mo lapeng. Bataki ba bangwe ba ne ba bereka ka matlalo go dira ditlhako tsa Searabia tsa mosomelwana. Yo mongwe o ne a dira serubi sa dinonyane se se tlwaelegileng sa dikgong. Lefa go le jalo yo mongwe o ne a bopa dilwana tsa letsopa fa leotwaneng le le bopang dipitsa le go dirisiwang leoto go le berekisa.
Kgabagare ke ne ka tla mo karolong eo e neng e tlotlomatsa dilo tse Saudi Arabia wa segompieno a di fitlheletseng. Go ne go iponatsa sentle gore go bonwa ga lookwane go ile ga fetola itsholelo ya Saudi le boemo jwa botshelo jwa morafe. ARAMCO (Arabian American Oil Company) e ne ya bona lookwane lo lontsi ka 1938. Mabotlolo a sekao a seedi seno se sentsho a ne a le mo pontshong. Bukana ya kompone eo e bontsha jaana: “Aramco jaanong e na le bathapiwa ba le 43 000, didiba di ka nna 550 tse di ntshang lookwane, dikilomitara tse 20 500 tsa mesele eo leokwane le tsamayang ka yone le diphaepe tsa lone mmogo le madirelo a a kgaoganyang peterolo le lookwane.”
Ga go gakgamatse go bo ka e na le motheo o o tiileng go le kalo wa itsholelo, dibukana tsa tshedimosetso di ka bolela gore Saudi Arabia e tlamela dikolo di ka nna 15-000 le mafelo a mangwe a thuto ao a direlang baithuti ba feta dimilione tse 2,5. Mongwe le mongwe o bona thuto ya mahala go ya go fitlha le kwa yunibesithing tota. Mme go na le diyunibesithi di le supa.
Legale, lookwane ga se lone fela leo go ikaegilweng ka lone kwa Saudi Arabia. Ditiro tse dikgolo tsa go nosetsa di ile tsa wediwa, mme temothuo e ile ya atlega go fitlha mo go reng naga eo e romela ntle ditlhapi, dikoko, korong, maungo a mokolwane, merogo, le dikuno tsa maši le tse dingwe tsa temothuo.
Kgomo Ga E Ke E Ntsha Boloko Jotlhe
Ke ne ka wetsa loeto lwa me lwa kwa “Saudi Arabia” lo lo ntsereng dioura tse tharo ke kgatlhilwe thata ke diphitlhelelo tsa morafe o mmotlana thata ono. Ke ne ka ipotsa gore dilo di ka bo di farologane go le kana kang fa e ne e le gore morafe mongwe le mongwe ka mo go tshwanang o ka bo o segofaditswe ka metswedi e e ntshang peteroleamo kana metswedi e mengwe e e botlhokwa ya tlholego e e tlhokwang ke lefatshe lotlhe.
Etswa gone ke fitlhetse loeto lono e le le le rutang go le gontsi, ke ne ka patelesega go lemoga dilo dingwe tse di neng di seo mo lefapheng la bodumedi. Ke ne ka seka ka utlwa sepe ka lentswe la mmatota la Kaaba, eleng sedumedi se sentsho seo se obamelwang ke Mamoselema bao ba etelang kwa Mecca. Pele ga Boiselamo bo tlhomiwa, lentswe leno “le ne le sisimogiwa jaaka pheko,” go bolela jalo Philip K. Hitti go History of the Arabs ya gagwe. Go dumelwa gore fa Ishimaele a ne a aga Kaaba sesha, o ne a amogela lentswe le lentsho leno go tswa go moengele Gabariele.
Se sengwe se se neng se seo mo dipontshong tseno ke gore ke ne ke sa ka ka bona go umakiwa sepe mabapi le maphata a magolo a mabedi a Iselamo, e leng Sunni le Shia. Go kgaogana gono go sa le go simologa kwa batlhatlhaming ba ga Muḥammad mme go ikaegile ka go farologana ga ditlhaloso tse di leng malebana le gore ke bomang bao eleng baruaboswa ba gagwe ba ba tshwanetseng ba semoya—a go latelana moo go tla ka losika lwa ga Muḥammad jaaka fa Mamoselema a Shiite a bolela kana a go ikaegile ka go tlhophelwa tiro eo jaaka fa bontsi jwa Masunni ba bontsha? Basaudi ke ba lekoko le le gagamatsang dilo la Wahhabi la setlhopha sa Hanbali, seo e leng sone setlhopha se se itsetsepetseng go feta tse nnè tsa Mamoselema a Masunni.
Se se neng se seo segolobogolo mo dipontshong tseno e ne e le basadi ba Searabia. Ke ne ka tseela gore gongwe go tlogelwa gono ga bone e ne e le ka ntlha ya tlhaloso e e gagametseng ya Saudi ya melao ya Seiselamo e e mabapi le karolo e basadi ba nang nayo mo botshelong jwa setšhaba.
Fa ke tswa mo lefelong leno la dipontsho, ke ne ka tshwanelwa ke gore ke gakologelwe seane se se reng kgomo ga e ke e ntsha boloko jotlhe. Mo mmileng kwa ntle, go ne go na le bangongoregi ba Maarabia ba ntse ba ntsha dipamfolete tse di bolelang ka ditiro tse di setlhogo le tsa go sa ikanyege tsa kwa Saudi Arabia ebile ba kgala naga eno ka ntlha ya go tlhoka tsamaiso ya puso ya batho ka batho ga yone (ga go na molaotheo wa lefatshe kana palamente teng). Go ne ga dira gore ke lemoge gore go ya ka batho ba bangwe motlhaba, lookwane, le bodumedi ga se tsone fela. Mme bobotlana ke ne ke na le pono e e phepafetseng ka botshelo jwa kwa Saudi Arabia le ka tlhotlheletso eo Boiselamo bo nang nayo mo bathong ba gone.—Re e filwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona motlotlo ka botlalo oo o leng mabapi le Boiselamo, bona buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1990, kgaolo 12, “Boiselamo—Tsela ya go Amana le Modimo ka Boikobo.”
b Ga go na gope mo Bibeleng mo go umakiwang gone sengwe mabapi le tiragalo eno kana mabapi le gore Aberahame o kile a nna gone kwa Mecca wa bogologolo.—Genesise 12:8–13:18.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 16]
(For fully formatted text, see publication)
SAUDI ARABIA
Mecca
IRAN
IRAQ
SUDAN
Lewatle le Lehibidu
Lewatle la Arabia
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
(Go tloga kafa molemeng) Mabati a Kaaba, motaki wa Moarabia, le mokwalo wa Searabia o go kgabisiwang ka one
[Motswedi wa Setshwantsho]
David Patterson