Kgolo E E Boitshegang
BASUPI BA GA JEHOFA ga ba ise ba ko ba tsamaye ba nne matshosetsi go basimegi ba sepolotiki ba mafatshe a ba tshelang mo go one, mme ebile seno jaanong se a tlhaloganngwa. Pampiri ya dikgang ya Krasnoyarskiy Komsomolets fa e ne e akgela ka nngwe ya dikopano tse di neng di tshwerwe selemo seno kwa Soviet Union, e ne ya akgela jaana: “Banna ba ba gagamaletseng mekgwa e e rileng ya go busa ba lefatshe la rona e ne ya re kgabagare ba lemoga gore batho ba ga Jehofa ga ba matshosetsi mo molaong le tolamo ya setšhaba ka tsela epe.”
Pampiri ya dikgang ya Soviet eleng Vostochno-Sibirskaya Pravda ka go tshwana e ne ya bega gore: “Ereka mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa e le wa sedumedi fela, ga ba tseye karolo go dikgotlhang tsa sepolotiki mme ebile ga ba kgothaletse maloko a bone go ema nokeng lekoko lepe la bopolotiki, mme go na le moo ba ema se Bibela e se laelang nokeng mmogo le Mokwadi yone, Jehofa Modimo.”
Kgolo mo Dingwageng tsa Pele
Basupi ba ga Jehofa ba sale ba ntse ba tlhagafetse ka masomesome a dingwaga kwa Yuropa Botlhaba. Erile mo dingwageng tsa bofelo tsa bo 1930, ke fa Romania e setse e na le bone ba feta dikete tse pedi, Poland e ne e setse e na le sekete, mme Czechoslovakia le Hungary di ne di setse di na le makgolokgolo, mme Yugoslavia e ne e setse e na le ba le tsopana. Lemororo lefatshe le letona la Soviet Union le ne le na le palo e potlana fela, seno se ne sa fetoga ka ponyo ya leitlho.
Motlhalefedi wa merero ya tsa Soviet, Walter Kolarz, o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Religion in the Soviet Union gore Basupi ba bangwe ba tsene mo Russia “ka dinaga tse Soviet Union e neng ya di gapa ka 1939-40, koo go neng go na le ditlhopha tse dinnye tse di tlhagafetseng tsa Basupi ba ga Jehofa gone.” Ka jalo he, Basupi ba ba neng ba nna kafa dikarolong tse di mo botlhaba tsa Poland, Czechoslovakia, le Romania ba ile ba iphitlhela ba tlhomolotswe, ka ponyo ya leitlho jaaka go ne go ka tualo, jaanong e le karolo ya Soviet Union!
Tsela e nngwe e e tlhomologileng e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tsenngwa ka yone mo Soviet Union e ne e le ka dikampa tsa pogisetso tsa Jeremane. Jang? Ee, erile ka Ntwa ya Lefatshe II, magolegwa a Ma-Russia a ne a iphitlhela a tlhatlhetswe mmogo le diketekete tsa Basupi ba kwa Jeremane. Majeremane ano a ne a tlhatlhetswe mo dikampeng ka ntata ya go bo ba ne ba eme ba tsepame mo go bolokeng maitlhomo a Bokeresete a boitlhaodi. (Yohane 17:16; 18:36) Ba ne ba itlhophela go boga le go swa go na le go tlola molao wa Modimo ka go tsena mo sesoleng sa ga Hitler ka gonne ka go dira jalo ba ne ba tla nna le molato wa go bolaya Bakeresete ka bone mo mafatsheng a mangwe kana le eleng molato wa go bolaya motho mongwe o sele fela.—1 Yohane 3:10-12.
Ka jalo he, jaaka fa Kolarz a kwadile, “dikampa tsa pogisetso tsa Jeremane di ile tsa nna mongwe wa metswedi e molaetsa wa Basupi ba ga Jehofa o ileng wa fitlha mo Russia ka yone, lefa gongwe seno se utlwala e le selo se go leng thata go se dumela. O ne wa isiwa koo ke magolegwa a a neng a golegilwe kwa Jeremane a Ma-Russia ba ba neng ba kgatlhiwa thata ke bopelokgale le thokgamo ya ‘Basupi’ mme gongwe ke ka lone lebaka leo ba ileng ba gogelwa ke thuto ya bone.” Kwa kampeng ya basadi ya Ravensbrück e le yosi, go begwa fa bontsi jwa basha ba Ma-Russia bo ile jwa amogela molaetsa wa Bibela o o neng o itsisiwe ke Basupi ba ga Jehofa.
Morago ga ntwa, magolegwa a a tswang Yuropa Botlhaba ba ba neng jaanong e le Basupi ba ga Jehofa ba ne ba boela kwa dinageng tsa bone. Fa ba tsena koo ba ile ba ruta ka tlhagafalo gore puso ya Bogosi jwa Modimo ke yone fela tsholofelo ya go bona kagiso e e nnelang ruri. Ka jalo he, palo ya Basupi kwa Yuropa Botlhaba e ne ya gola ka tsela e e gakgamatsang. Ka April 1946, go ne go setse go na le ba ba fetang dikete tse nne ba ba neng ba rera kwa Soviet Union, mme palo eno ka bofefo fela e ne ya menagana sebedi. Erile ka September 1946, Basupi ba kwa Romania ba ne ba tshwara kopano kwa Bucharest e e neng ya tliwa ke batho ba ba ka tshwarang 15 000.
Moragonyana fela ga moo, Go Dipisana ga Botlhaba le Bophirima go ne ga simologa, mme seno se ne sa thibela mesepele le ditlhaeletsano gareng ga Yuropa Botlhaba le Bophirirma. Mo godimo ga moo, basimegi ba puso ba basha kwa Yuropa Botlhaba ba ne ba simolola go nna kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Se se botlhoko ke gore, ba ne ba tsaya gore Basupi ba diphatsa, ka jalo bontsi bo ne jwa tlhatlhelwa mo kgolegelong. Lemororo go ne go na le mathata ano, ka 1951, Czechoslovakia e ne e na le Basupi ba ba tlhagafetseng ba le 3 705; Hungary, 2 583; Yugoslavia, 617; mme Poland e na le ba ba fetang 15 000.
Kgolo E Ne ya Tswelela, go Sa Kgathalesege Kganetso
Erile ka 1967, Maurice Hindus a kwala ka Basupi ba ga Jehofa mo bukeng ya gagwe e go tweng The Kremlin’s Human Dilemma. Se a neng a se bua se ne se le malebana le Basupi ba kwa Soviet Union le ba kwa dikarolong tse dingwe tsa Yuropa Botlhaba. “Lemororo ba dira ka go iphitlha, ba a tsongwa mme fa ba tshwarwa ba newa katlholo e e gagametseng ya kgolegelo. Go leka go ba emisa gone ke go bapalela mo go e e letshoba. Fa ba pinyelediwa ntlheng e nngwe, ba kwetoga kwa go e nngwe . . . Ba lebega ba le thata go nyelediwa fela jaaka mapodisi a Soviet.”
Ka dikgakologo tsa 1951, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Soviet Union ba ne ba welwa ke seru se se maswe. Ba ba fetang dikete tse supa ba bone ba ba tswang mo dikgaolong tsa Soviet tse di kwa Yuropa ba ne ba tshwarwa mme ba isiwa kwa dikgolegelong tse di kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe leo, go akaretsa Siberia le Vorkuta, kgakala fela kwa bokone kwa. Gone ga felela ka eng?
Kolarz o ne a re, “seno e ne e se bokhutlo jwa ‘Basupi’ kwa Russia, go na le moo e ne e le tshimologo ya go bulegelwa ke sebaka se sesha mo tirong ya bone ya go rera. Tota ba ne ba leka le go anamisa tumelo ya bone kwa diteishaneng tse ba neng ba ema mo go tsone fa ba ya kwa ba neng ba isiwa lejwa teng. Ka go ba koba Mmuso wa Soviet o ne o sa itse se o se dirileng gonne ka go dira jalo o ne wa dira namane e tona ya tiro go ba thusa go anamisa tumelo ya bone. Go tswa mo metseng ya bone e e kwa thoko ‘Basupi’ ba ne ba tlisiwa mo lefatsheng le le atlhameng, lefa ntswa leo e ne e le lefatshe le le maswe la dikampa tsa pogisetso le bokgoba.”
Mo Teng le ka kwa Ntle ga Dikgolegelo
Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba se ka ba itsemeletsa go rera le fa ba ne ba bogisiwa, Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa Soviet Union ba ile ba dira fela jalo. (Ditihō 5:42) Helene Celmina, Mo-Latvia yo o neng a tlhatlhetswe mo kgolegelong ka ditatofatso tsa melato mengwe, a re mo karolong ya kampa eno ya kotlhaelo ya Potma e a neng a tlhatlhetswe mo go yone go simolola ka 1962 go ya go 1966, go ne go na le magolegwa a ka nna 350. O ne a re, “ba ba ka tshwarang sephatlo sa bone e ne e le Basupi ba ga Jehofa.” Celmina o ne a kwala mo bukeng ya gagwe e go tweng Women in Soviet Prisons ka se a neng a se bona mo kampeng eo:
“Dibuka go tswa kwa Brooklyn di goroga ka metlha, di sa senyega ebile di goroga ka bontsi ka ditsela tse e leng gore lefa e se tsa kafa molaong di rulagantsweng sentle . . . Go ne go sena ope yo o neng a tlhaloganya gore dibuka tseno tse di ilediwang di ne di tsena jang mo nageng eno ya diterata tse di mmitlwa le eo go kopana ga batho go neng go le ka sewelo thata teng—le gone di tswa kwa United States! Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo ne jwa atlholelwa dingwaga tse di lesome ba goga ka ngakale fela ka go bo ba fitlhetswe ka dikaelo di sekaenyana fela tsa makasine wa Tora ya Tebelo mo dikamoreng tsa bone. Ereka batho ba tshwarelwa go fitlhelwa ka dikgatiso tseno, go a utlwala go bo babusi ba tlhobaela le go galefa ka ntlha ya go bo dibuka tseno di le teng mo kampeng.”
Ka thuso ya ga Jehofa, go ne go sena sepe seo se neng se ka emisa go anamisiwa ga dijo tseno tsa semoya! Celmina o ne a akgela jaana: “Ga go na ope yo o ileng a lemoga gore [Tora ya Tebelo] e tsena jang mo kampeng. Se se teng ke gore, morago ga katlholo, legolegwa lengwe le lengwe le tsolwa ditswalo tsotlhe le bo le phuruphutshiwa ka botlalo. Legolegwa lengwe le lengwe fa le goroga kwa kampeng le boela gape le phuruphutshiwa ka botlalo, le mo memenong tota. Disutukeise di a tlhatlhobiwa go bona gore a ga di na maalo a mabedi. Ga go na moeng ope yo o letliwang go tsena mo kampeng kwantle ga mabaka a a utlwalang. Fa magolegwa a ntshiwa mo tikologong ya kampa go ya go bereka kwa masimong, ba dikaganyediwa ke badisa ba tshwere ditlhobolo mme ebile ga go letliwe motho ope go ba atamela. Legolegwa lengwe le lengwe le phuruphutshiwa ka botlalo fa ba boela kwa kampeng mo maitseboeng. Mme lefa go ntse jalo go sa kgathalesege go bewa leitlho mo go kana, dibuka tsa Brooklyn di ntse di goroga kwa babading ba tsone.”
Mo godimo ga moo, Bakeresete ba ba tlhagafetseng ba ba neng ba se mo dikgolegelong tsa Soviet ba ne ba gatela pele mo tirong ya bone ya go rera le go ruta phatlalatsa. Seno se ne sa itshupa ka dikgatiso le difilimi tse di neng di dirilwe go leka go tlhobosa bodihedi jwa bone. Ka sekai, ka 1978 go ne ga gatisiwa buka ya The Truths About Jehovah’s Witnesses, mme jaaka go ne go tlhalositswe mo ketapeleng ya yone, boikaelelo jwa yone e ne e le “go ruta thuto ya go sa dumeleng mo Modimong mo balateding ba mokgatlho ono wa bodumedi.”
Mokwadi ebong V. V. Konik, o ne gape a bontsha gareng ga tse dingwe gore Basupi ba ga Jehofa gantsi ba tshwarela dipuo tsa bone tsa phatlalatsa kwa diphitlhong le kwa manyalong. O ne a kwala jaana, “ka sekai, erile ka August 1973, mo motseng wa Krasnaya Polyana, mo kgaolong ya Krasnodarskiy, go ne go na le lenyalo la maloko a mabedi a mokgatlho ono, le le neng le tlilwe ke batho ba ka tshwara 500. Bareri ba le barataro ba ne ba buisana le bone, mme dipuo tsa bone di ne di gasiwa ka digoagoe tse pedi. Go tsweng foo ga bo go nna le terama e e supang kafa Basupi ba ga Jehofa ba buisanang ka teng le batho ba ditumelo di sele le ba ba sa dumeleng mo Modimong.”
Ee, go sa kgathalesege go bo tiro ya bone e ne e thibetswe, Basupi ba ga Jehofa go kgabaganya Yuropa Botlhaba ba ne ba tswelela ka go rera ka matlhagatlhaga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ba ikobela taelo ya seperofeti ya ga Keresete. (Mathaio 24:14) Kgabagare, ka May le June 1989, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba letliwa semolao kwa Poland le Hungary, ka April 1990 kwa Romania, ka March 1991 kwa Soviet Union, mme kwa Bulgaria ka July 1991. Mme le kwa Czechoslovakia tiro ya bone e tswelela e sa kgorelediwe ka gope.
Batlakopanong Ba Ba Itumetseng
Morago ga tshedimosetso eno, gongwe jaanong o ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa diketekete tse di masome tsa batlakopanong kwa Yuropa Botlhaba ba ne ba itumetse mo go kana—ba ne ba lela, ba tlamparelana, ba opa diatla, le go tsholeletsana matsogo go kgabaganya mabala.
Budapest, Prague, le Zagreb di ne di tlhophilwe jaaka “dikopano tsa boditšhabatšhaba,” ka jalo dithulaganyo di ne tsa dirwa go bonela bonno diketekete tse di masome tsa batlakopanong go tswa kwa mafatsheng a sele. Kwa Soviet Union, dikopano di ne di tshwaretswe mo ditoropong tse supa mme ba ba neng ba le teng ba ne ba tshwara 74-252; kwa Poland go ne go na le ba le 131 554 mo dikopanong tsa bone tse 12; mme ba le 34 808 ba ne ba nna teng kwa dikopanong tse 8 tsa kwa Romania. Lemororo Basupi ba ne ba se ka ba kgona go tshwarela kopano kwa Bulgaria, ba ba ka tshwarang makgolo a mararo go tswa koo ba ne ba kgabaganyetsa molelwane kwa Thesalonika, Gerika, koo ba ileng ba ipelela thulaganyo ka puo ya segabone gone.
Go baakanyetsa le go amogela batlakopanong ba ba dikete tse dintsintsi e ne e se kgetsi e potlana mo Basuping ba kwa Yuropa Botlhaba. Akanya fela: Kwa Soviet Union, go ne go ise go ko go tsamaye go tshwarwe dikopano tse di tshwanang le tseo! Mme fa e le go amogela baeng ba ba diketekete tse di masome, jaaka go dirile Basupi ba kwa Budapest le Prague, e ne e le namane e tona ya tiro. Mo godimo ga moo, akanya ka kopano e e neng e tshwaretswe kwa Zagreb ka nako ya fa matshosetsi a ntwa ya maraganateng a ne a okame koo ebile go ne go utlwala go thunya kwa kgakala!
Ee ruri, o tla itumelela go bala pego e e latelang ka dikopano tseno.
[Dimmapa mo go tsebe 19]
(For fully formatted text, see publication)
MAFELO A MARARO A DIKOPANO TSA BODITŠHABATŠHABA LE A DIKOPANO TSE SUPA TSE DI NENG DI LE KWA SOVIET UNION DI NENG DI TSHWARETSWE MO GO ONE
SOVIET UNION
TALLINN
KIEV
LVOV
CHERNOVTSY
ODESSA
POLAND
JEREMANE
CZECHOSLOVAKIA
PRAGUE
AUSTRIA
HUNGARY
BUDAPEST
ROMANIA
YUGOSLAVIA
ZAGREB
BULGARIA
ALBANIA
ITALY
GERIKA
TURKEY
[Mmapa]
SOVIET UNION
ALMA-ATA
USOLYE-SIBIRSKOYE